< Bahebera 6 >

1 A re khutliseng go tlhola re ntse re boelela selo se le sengwe fela gangwe le gape, ka malatsi otlhe re ruta dithuto tsele tsa pele kaga Keresete. Go na le moo, a re tsweleleng pele mo dilong tse dingwe re bo re gole mo go tlhaloganyeng ga rona, jaaka Bakeresete ba ba nonofileng ba tshwanetse go nna. Tota ga re tlhoke go tswelela re buela pele ka boeleele jwa go leka go bolokwa ka go nna tshiamo, kgotsa ka botlhokwa jwa tumelo mo Modimong;
Διὸ ἀφέντες τὸν τῆς ἀρχῆς τοῦ Χριστοῦ λόγον ἐπὶ τὴν τελειότητα φερώμεθα, μὴ πάλιν θεμέλιον καταβαλλόμενοι μετανοίας ἀπὸ νεκρῶν ἔργων, καὶ πίστεως ἐπὶ Θεόν,
2 ga lo tlhoke go rutelwa pele ka kolobetso le dineo tsa semowa le tsogo ya baswi le tshekiso ya bosakhutleng. (aiōnios g166)
βαπτισμῶν διδαχὴν, ἐπιθέσεώς τε χειρῶν, ἀναστάσεώς νεκρῶν, καὶ κρίματος αἰωνίου. (aiōnios g166)
3 Mme fa Modimo o ka re leta, re tlaa tswelela pele mo dilong tse dingwe jaanong.
καὶ τοῦτο ποιήσομεν, ἐάνπερ ἐπιτρέπῃ ὁ Θεός.
4 Ga go thuse sepe go leka go lo busetsa mo Moreneng gape fa lo kile lwa tlhaloganya Mafoko a a Molemo lwa ba lwa lekeletsa dilo tse di molemo tsa legodimo lwa ba lwa nna le seabe mo Moweng O O Boitshepo,
Ἀδύνατον γὰρ τοὺς ἅπαξ φωτισθέντας γευσαμένους τε τῆς δωρεᾶς τῆς ἐπουρανίου καὶ μετόχους γενηθέντας Πνεύματος Ἁγίου
5 lo bile lo itse ka fa Lefoko la Modimo le leng molemo ka teng, lwa ba lwa ikutlwela dinonofo tse dikgolo tsa lefatshe le le tlang, (aiōn g165)
καὶ καλὸν γευσαμένους Θεοῦ ῥῆμα δυνάμεις τε μέλλοντος αἰῶνος, (aiōn g165)
6 mme jaanong lo tsogologetse Modimo. Ga lo kake lwa kgona go ikwatlhaya gape fa lo kokotetse Morwa Modimo mo mokgorong ka go mo gana, lo mo tsholeditse go sotlwa le go tlhabisiwa ditlhong mo pepeneneng.
καὶ παραπεσόντας, πάλιν ἀνακαινίζειν εἰς μετάνοιαν, ἀνασταυροῦντας ἑαυτοῖς τὸν Υἱὸν τοῦ Θεοῦ καὶ παραδειγματίζοντας.
7 Fa tshimo e netswe ke dipula tse dintsi, mme dijalo tse dintle di tlhoga, lefatshe leo le bonye tshegofatso ya Modimo e wela mo go lone.
γῆ γὰρ ἡ πιοῦσα τὸν ἐπ’ αὐτῆς ἐρχόμενον πολλάκις ὑετόν καὶ τίκτουσα βοτάνην εὔθετον ἐκείνοις δι’ οὓς καὶ γεωργεῖται, μεταλαμβάνει εὐλογίας ἀπὸ τοῦ Θεοῦ·
8 Mme fa le tswelela go mela mesetlho le mitlwa, go akanngwa gore ga le a siama ebile le emetse katlholo le go nyelediwa ka molelo fela.
ἐκφέρουσα δὲ ἀκάνθας καὶ τριβόλους ἀδόκιμος καὶ κατάρας ἐγγύς, ἧς τὸ τέλος εἰς καῦσιν.
9 Ditsala tse di rategang, le fa ke bua jaana, ga ke dumele tota gore se ke se buang se raya lona. Ke tlhomamisa gore lo ungwa maungo a mantle a a tsamaelanang le poloko ya lona.
Πεπείσμεθα δὲ περὶ ὑμῶν, ἀγαπητοί, τὰ κρείσσονα καὶ ἐχόμενα σωτηρίας, εἰ καὶ οὕτως λαλοῦμεν.
10 Gonne Modimo ga o patike. O ka lebala jang tiro ya lona e e bokete e lo e o direlang, kgotsa wa lebla tsela e lo neng lo tle lo supe ka yone ka fa lo o ratang ka teng, mme ebile lo sa ntse lo tshwere lo dira jalo ka go thusa bana ba one?
οὐ γὰρ ἄδικος ὁ Θεὸς ἐπιλαθέσθαι τοῦ ἔργου ὑμῶν καὶ τῆς ἀγάπης ἧς ἐνεδείξασθε εἰς τὸ ὄνομα αὐτοῦ, διακονήσαντες τοῖς ἁγίοις καὶ διακονοῦντες.
11 Re eletsa thata gore lo tle lo amogele tuelo ya lona e e itekanetseng.
ἐπιθυμοῦμεν δὲ ἕκαστον ὑμῶν τὴν αὐτὴν ἐνδείκνυσθαι σπουδὴν πρὸς τὴν πληροφορίαν τῆς ἐλπίδος ἄχρι τέλους,
12 Mme ka o itse se se lo emetseng mo malatsing a a kwa pele, ga o kitla o lapisiwa ke go nna Mokeresete, le fa e le go tshwakgafala go tshwana le ba ba amogelang tsotlhe tse Modimo o di ba solofeditseng ka ntlha ya tumelo ya bone e e nonofileng le bopelotelele.
ἵνα μὴ νωθροὶ γένησθε, μιμηταὶ δὲ τῶν διὰ πίστεως καὶ μακροθυμίας κληρονομούντων τὰς ἐπαγγελίας.
13 Sekai ke se, go ne ga nna tsholofetso ya Modimo mo go Aberehame: Modimo o ne wa ikana ka leina la One, gonne go ne go se na ope yo mogolo yo Modimo o neng o ka ikana ka ene,
Τῷ γὰρ Ἀβραὰμ ἐπαγγειλάμενος ὁ Θεός, ἐπεὶ κατ’ οὐδενὸς εἶχεν μείζονος ὀμόσαι, ὤμοσεν καθ’ ἑαυτοῦ,
14 gore o tlaa segofatsa Aberahame gangwe le gape, o bo o mo fa ngwana wa mosimane, o bo o mo dira rara wa chaba e kgolo ya batho.
λέγων Εἰ μὴν εὐλογῶν εὐλογήσω σε καὶ πληθύνων πληθυνῶ σε·
15 Jalo Aberahame a leta ka bopelotelele go fitlhelela lwa bofelo Modimo o mo naya ngwana wa mosimane, ebong Isake, fela jaaka o ne o solofeditse.
καὶ οὕτως μακροθυμήσας ἐπέτυχεν τῆς ἐπαγγελίας.
16 Fa motho a ikana, o a bo a bitsa mongwe yo o fa godimo ga gagwe ka maemo gore a mo pateletse go dira se a se solofeditseng kgotsa go mo otlhaya fa a gana go se dira; maikano a fedisa manganga otlhe.
ἄνθρωποι γὰρ κατὰ τοῦ μείζονος ὀμνύουσιν, καὶ πάσης αὐτοῖς ἀντιλογίας πέρας εἰς βεβαίωσιν ὁ ὅρκος·
17 Modimo le One o ne wa itlama ka maikano, gore ba o ba solofeditseng go ba thusa, ba tlhomamise sentle thata le gone ba seka ba belaela gore a ruri Modimo o se nke o tloga o fetogela ditsholofetso tsa One.
ἐν ᾧ περισσότερον βουλόμενος ὁ Θεὸς ἐπιδεῖξαι τοῖς κληρονόμοις τῆς ἐπαγγελίας τὸ ἀμετάθετον τῆς βουλῆς αὐτοῦ ἐμεσίτευσεν ὅρκῳ,
18 O re neetse tsholofetso ya One le maikano, e le dilo tse pedi tse re ka di dumelang gotlhelele, gonne ga go kgonege gore Modimo o bue maaka. Jaanong botlhe ba ba tshabelang kwa go One go ba boloka ba ka kgothatsega sesha fa ba utlwa kaga ditsholofetso tse, tse di tswang kwa Modimong; ebile jaanong ba ka itse, kwa ntle ga go belaela, gore Modimo o tlaa ba neela poloko e o e ba solofeditseng.
ἵνα διὰ δύο πραγμάτων ἀμεταθέτων, ἐν οἷς ἀδύνατον ψεύσασθαι Θεόν, ἰσχυρὰν παράκλησιν ἔχωμεν οἱ καταφυγόντες κρατῆσαι τῆς προκειμένης ἐλπίδος·
19 Tsholofetso e e tlhomamisegang e ya go bolokwa ke seitsetsepelo se se nonofileng se se ikanyegang sa mewa ya rona, se re gokaganya le Modimo ka bo One ka fa morago ga sesiro sa boitshepo sa legodimo,
ἣν ὡς ἄγκυραν ἔχομεν τῆς ψυχῆς ἀσφαλῆ τε καὶ βεβαίαν καὶ εἰσερχομένην εἰς τὸ ἐσώτερον τοῦ καταπετάσματος,
20 kwa Keresete a tsamaetseng kwa pele teng go re rapelela a le mo maemong a gagwe e le Moperesiti wa rona, a le mo tlotlong le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke. (aiōn g165)
ὅπου πρόδρομος ὑπὲρ ἡμῶν εἰσῆλθεν Ἰησοῦς, κατὰ τὴν τάξιν Μελχισέδεκ ἀρχιερεὺς γενόμενος εἰς τὸν αἰῶνα. (aiōn g165)

< Bahebera 6 >