< Bahebera 5 >

1 Moperesiti yo mogolo wa Sejuta ke motho fela jaaka mongwe le mongwe, mme o tlhophetswe go buelela batho botlhe le Modimo mo ditirong tsa bone.
Every high priest is appointed from among men to represent them in matters relating to God, to offer gifts and sacrifices for sins.
2 O neela Modimo dimpho tsa bone ebile o o abela madi a diphologolo tse di ntshiwang setlhabelo go bipa dibe tsa batho le tsa gagwe ka sebele.
He is able to deal gently with those who are ignorant and misguided, since he himself is beset by weakness.
3 Mme ka ntlha ya gore ke motho, o ka neneketsa batho ba bangwe sentle, le fa ba le dieleele ba sa itse sepe, gonne le ene o dikaganyeditswe ke tsone dithaelo tseo ebile o tlhaloganya mathata a bone sentle thata.
That is why he is obligated to offer sacrifices for his own sins, as well as for the sins of the people.
4 Selo se sengwe se se tshwanetseng go gakologelwa ke se, ga go na motho ope yo o ka nnang moperesiti yo mogolo fela ka ntlha ya gore o batla go nna ene. O tshwanetse go bilediwa tiro e ke Modimo fela jaaka o ne wa bitsa Arone.
No one takes this honor upon himself; he must be called by God, just as Aaron was.
5 Ke gone ka moo Keresete a neng a seka a itlhopha go nna mo tlotlong ya go nna Moperesiti yo mogolo; nnyaa, o ne a tlhophiwa ke Modimo. Modimo o ne wa mo raya wa re, “Morwaaka, gompieno ke go tlotlile.”
So also Christ did not take upon Himself the glory of becoming a high priest, but He was called by the One who said to Him: “You are My Son; today I have become Your Father.”
6 Gape ka nako e nngwe o ne wa mo raya wa re, “O tlhophilwe go nna moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a le mangwe fela a boperesiti le Melekisedeke.” (aiōn g165)
And in another passage God says: “You are a priest forever in the order of Melchizedek.” (aiōn g165)
7 Mme le fa go ntse jalo, erile Keresete a sa le mo lefatsheng a kopa Modimo, a rapela ka dikeledi le mowa o o thubegileng, a rapela ene fela yo o tlaa mo gololang mo losong lo lo neng lo sa solofediwa. Mme Modimo o ne wa ultwa dithapelo tsa gagwe ka ntlha ya keletso ya gagwe e e nonofileng ya go eletsa go ikobela Modimo ka dinako tsotlhe.
During the days of Jesus’ earthly life, He offered up prayers and petitions with loud cries and tears to the One who could save Him from death, and He was heard because of His reverence.
8 Mme le fa Jesu a ne a le Morwa Modimo, o ne a tshwanetse go ithuta ka ditiragalo tse di neng di mo diragalela gore go ikoba go ne go utlwala jang, fa go ikoba go ne go raya go boga.
Although He was a Son, He learned obedience from what He suffered.
9 Erile a sena go itshupa fa a itekanetse mo maitemogelong a gagwe, Jesu a nna Moabi wa Poloko ya bosakhutleng mo go botlhe ba ba mo ikobelang. (aiōnios g166)
And having been made perfect, He became the source of eternal salvation to all who obey Him (aiōnios g166)
10 Gonne gakologelwang gore Modimo o mo tlhophile go nna Moperesiti yo Mogolo a lekana le Melekisedeke ka maemo.
and was designated by God as high priest in the order of Melchizedek.
11 Go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke eletsa go di bua mo go one mabaka a, mme o ka re ga lo a reetsa, jalo go thata go lo dira gore lo tlhaloganye.
We have much to say about this, but it is hard to explain, because you are dull of hearing.
12 Ga lo bolo go nna Bakeresete ka lobaka lo lo leele jaanong, e bile lo tshwanetse lo ka bo lo ruta ba bangwe, mme mo boemong jwa moo lo boetse kwa morago kwa maemong a lo tlhokang mongwe go ipuseletsa go lo ruta gape metheo ya ntlha ka Lefoko la Modim. Lo tshwana le bananyana ba ba ka nwang mashi fela, ba sa gola mo go lekanyeng go ja dijo tse di loileng.
Although by this time you ought to be teachers, you need someone to reteach you the basic principles of God’s word. You need milk, not solid food!
13 Mme fa motho a santse a tshela ka mashi fela go supa gore ga a ise a gatele pele thata mo botshelong jwa Sekeresete, ebile ga a itse thata ka pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula. E santse e le Mokeresete yo mmotlana fela!
For everyone who lives on milk is still an infant, inexperienced in the message of righteousness.
14 Ga lo kitla lo kgona go ja dijo tse di loileng tsa semowa lo bo lo tlhaloganya dilo tse di kwa teng-teng tsa Lefoko la Modimo go fitlhelela lo nna Bakeresete ba ba botoka lo bo lo ithuta go itse pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula ka go itlwaetsa go dira tshiamo.
But solid food is for the mature, who by constant use have trained their senses to distinguish good from evil.

< Bahebera 5 >