< Bahebera 3 >

1 Jalo he, bakaulengwe ba Modimo o lo itlhaoletseng, lona ba lo tlhophetsweng legodimo, ke batla gore jaanong lo akanye ka Jesu yo, yo e leng Morongwa wa Modimo ebile e le Moperesiti yo Mogolo wa tumelo ya rona.
کەواتە ئەی خوشک و برایانی پیرۆز، ئێوە کە لە بانگەوازی ئاسمانی بەشدارن، سەیری عیسا بکەن کە نێردراو و سەرۆکی کاهینانی دانپێدانانمانە.
2 Gonne Jesu o ne a ikanyega mo Modimong o o mo tlhophileng go nna Moperesiti yo Mogolo, fela jaaka Moshe le ene a ne a dira mo tlung ya Modimo ka go ikanyega.
ئەو دڵسۆز بوو بەرامبەر ئەو خودایەی کە دەستنیشانی کرد، هەروەک موسا لە هەموو ماڵی خودا دڵسۆز بوو.
3 Mme Jesu o na le kgalalelo e kgolo go gaisa Moshe, fela jaaka motho yo o agang ntlo e ntle a galalediwa thata go gaisa jaaka ntlo ya gagwe e galalediwa.
عیسا بۆی دانرا شایانی شکۆیەکی زیاتر بێت لە موسا، وەک چۆن دروستکەری خانووێک ڕێزی لە خودی خانووەکە زیاترە.
4 Le batho ba le bantsi ba ka aga matlo, mme Modimo ke One fela o o dirileng dilo tsotlhe.
لەبەر ئەوەی هەموو خانووێک کەسێک دروستی کردووە، بەڵام ئەوەی هەموو شتێکی دروستکردووە خودایە.
5 Legale, Moshe o dirile tiro e ntle a dira mo tlung ya Modimo, mme o ne a le motlhanka fela; le tiro ya gagwe e ne e le ya go supa thata le go bolela dilo tse di neng di tlaa diragala kwa morago.
موسا وەک خزمەتکارێکی دڵسۆز لە هەموو ماڵی خودا بوو و شایەتی بۆ ئەو فەرمایشتانە دەدا کە لە داهاتوودا خودا دەیفەرموو.
6 Mme Keresete, Morwa Modimo yo o ikanyegang, ke motlhokomedi yo o feletseng tota wa ntlo ya Modimo. Mme rona Bakeresete re ntlo ya Modimo, o nna mo go rona! Fa re tshegetsa bopelokgale jwa rona go ya bokhutlong le boitumelo jwa rona le boikanyo mo Moreneng.
بەڵام مەسیح وەک کوڕەکە لەسەر ماڵی خودا دڵسۆزە، ئەو ماڵەش ئێمەین، ئەگەر دەستبگرین بەو متمانە و هیوایەی کە شانازی پێوە دەکەین.
7 Mme ere ka Keresete a le mogolo thata, Mowa O O Boitshepo o re tlhagisa go mo reetsa, go ela tlhoko go utlwa lentswe la gagwe gompieno, le go itsa dipelo tsa rona go nna kgatlhanong nae, jaaka bana ba Iseraele ba ne ba dira. Ba ne ba ithatafatsa dipelo go nna kgatlhanong le lorato lwa one ba bo ba o ngongoregela mo sekakeng a santse a ba leka.
لەبەر ئەوە، وەک ڕۆحی پیرۆز دەفەرموێ: [ئەمڕۆ، کاتێک گوێتان لە فەرمایشتی ئەو دەبێت،
8
دڵی خۆتان ڕەق مەکەن وەک لە یاخیبوونەکە ڕوویدا، لە ڕۆژانی تاقیکردنەوە لە بیابان.
9 Mme Modimo o ne wa nna pelotelele mo go bone ka dingwaga di le masome a le mane, le fa ba ne ba leka bopelotelele jwa one mo go utlwisang botlhoko; o ne wa nna wa ba direla dikgakgamatso tse di kgolo gore ba bone.
لەوێ باوباپیرانتان ئەزموونیان کردم و تاقییان کردمەوە، هەرچەندە بۆ ماوەی چل ساڵ کردارەکانی منیان بینی.
10 Mme Modimo wa re, “Ke ne ke ba gakaletse thata, gonne dipelo tsa bone di ne di aga di lebile go sele mo boemong jwa gore di lebe kwa go nna, le gone ga ba ise ba ke ba bone ditsela tse ke neng ke batla ba tsamaya ka tsone.”
لەبەر ئەوە لەو نەوەیە تووڕە بووم، فەرمووم: «دڵیان هەر بەرەو گومڕایی دەڕوات و ڕێگای منیان نەناسی.»
11 Mme Modimo wa ba gakalela, wa ikana gore ga o kitla o ba leseletsa go tla kwa lefelong la one la boikhutso.
بۆیە لە تووڕەییمدا سوێندم خوارد: «نایەنە ناو حەسانەوەی من.»]
12 Ke gone tlhokomelang dipelo tsa lona, bakaulengwe ba ba rategang, e se re kgotsa lwa fitlhela gore le tsone di bosula ebile ga di dumele di lo gogela kgakala le Modimo o o tshelang.
خوشکان، برایان، ئاگاداری خۆتان بن، نەوەک یەکێکتان دڵێکی خراپ و بێباوەڕی هەبێت کە لە خودای زیندوو هەڵبگەڕێتەوە.
13 Buisa-nyang ka dilo tse malatsi otlhe nako e santse e lo atlegetse, gore le fa e le ope wa lona a seka a thatafalela Modimo, a foufaditswe ke tsietso ya sebe.
بەڵکو هەموو ڕۆژێک یەکتری هانبدەن، ئەوەندەی پێی دەگوترێ [ئەمڕۆ،] تاکو کەستان بە فێڵی گوناه دڵی ڕەق نەبێت.
14 Gonne fa re ikanyega go ya bokhutlong, re ikanya Modimo fela jaaka re ne ra dira fa re simolola go nna Bakeresete, re tlaa nna le seabe mo go tsotlhe tse e leng tsa ga Keresete.
بووینەتە هاوبەشی مەسیح، ئەگەر هەتا کۆتایی دەستبگرین بەو متمانەیەی لە سەرەتاوە هەمانە.
15 Mme jaanong ke nako. Lo seka lwa ba lwa lebala tlhagiso e e reng, “Fa lo utlwa lentswe la Modimo gompieno le bua le lona, se o thatafaletseng dipelo tsa lona jaaka bana ba Iseraele ba ne ba dira fa ba o tsogologela mo sekakeng.”
وەک چۆن گوتراوە: [ئەمڕۆ، کاتێک گوێتان لە فەرمایشتی ئەو دەبێت، دڵی خۆتان ڕەق مەکەن وەک لە یاخیبوونەکە ڕوویدا.]
16 Mme e ne e le bomang batho ba ke buang ka bone, ba ba neng ba utlwa lentswe la Modimo le bua le bone mme ba otsogologela? Ke ba ba neng ba tswa kwa Egepeto ba eteletswe pele ke Moshe.
جا کێن ئەوانەی بیستیان و یاخیبوون؟ ئایا هەموو ئەوانە نەبوون کە لە میسر بە ڕابەرایەتی موسا هاتنە دەرەوە؟
17 Mme e ne e le mang yo o neng a gakatsa Modimo mo dingwageng tsele tsotlhe tse di masome a le mane? E ne e le bone batho ba, ba ba neng ba leofa mme ka ntlha ya go leofa ba swela mo sekakeng.
خودا بۆ ماوەی چل ساڵ لە کێ تووڕە بوو؟ ئایا لەوانە نەبوو کە گوناهیان کرد و لە بیاباندا تەرمەکانیان کەوت؟
18 Mme Modimo o ne o bua le mang fa o ikana o re ga ba kitla ba tsena mo lefatsheng le o le solofeditseng batho ba one? O ne o bua le botlhe ba ba neng ba sa o utlwe.
خودا سوێندی لە کێ خوارد کە ناچێتە حەسانەوەکەی؟ ئایا لەوانە نەبوو کە یاخیبوون؟
19 Gape ke eng fa ba ne ba sa tsene? Ke ka ntlha ya gore ba ne ba sa o ikanye.
هەر بۆیە دەبینین لەبەر بێباوەڕییان نەیانتوانی بچنە شوێنی حەسانەوەکەی.

< Bahebera 3 >