< Bahebera 2 >
1 Jalo re tshwanetse go reetsa sentle thata boammaaruri jo re bo utlwileng, e seng jalo re ka tloga ra tswa mo go jone.
อโต วยํ ยทฺ ภฺรมโสฺรตสา นาปนียามเห ตทรฺถมสฺมาภิ รฺยทฺยทฺ อศฺราวิ ตสฺมินฺ มนำสิ นิธาตวฺยานิฯ
2 Gonne ka melaetsa e e tswang kwa baengeleng e aga e le boammaaruri le batho ba ne ba aga ba otlhaelwa go tlhoka go e obamela,
ยโต เหโต ทูไต: กถิตํ วากฺยํ ยทฺยโมฆมฺ อภวทฺ ยทิ จ ตลฺลงฺฆนการิเณ ตสฺยาคฺราหกาย จ สรฺวฺวไสฺม สมุจิตํ ทณฺฑมฺ อทียต,
3 se se re dirang gore re itheye re re re ka falola ke eng fa re tlhokomologa poloko e kgolo e, e e anamisiwang ke Morena Jesu ka sebele, ebile e tsile mo go rona ka ba ba mo utlwileng a bua?
ตรฺหฺยสฺมาภิสฺตาทฺฤศํ มหาปริตฺราณมฺ อวชฺญาย กถํ รกฺษา ปฺราปฺสฺยเต, ยตฺ ปฺรถมต: ปฺรภุนา โปฺรกฺตํ ตโต'สฺมานฺ ยาวตฺ ตสฺย โศฺรตฺฤภิ: สฺถิรีกฺฤตํ,
4 Modimo ka malatsi otlhe o ntse o re kaela gore melaetsa e, e boammaaruri ka ditshupo le dikgakgamatso le ka ditiro tsa nonofo tse di farologanyeng le ka go naya ba ba dumelang dineo tsa botlhokwa tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo; ee, Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona dineo tse di ntseng jalo.
อปรํ ลกฺษไณรทฺภุตกรฺมฺมภิ รฺวิวิธศกฺติปฺรกาเศน นิเชจฺฉาต: ปวิตฺรสฺยาตฺมโน วิภาเคน จ ยทฺ อีศฺวเรณ ปฺรมาณีกฺฤตมฺ อภูตฺฯ
5 Mme lefatshe le le tlang le re buang ka lone ga le na go laolwa ke baengele.
วยํ ตุ ยสฺย ภาวิราชฺยสฺย กถำ กถยาม: , ตตฺ เตนฺ ทิวฺยทูตานามฺ อธีนีกฺฤตมิติ นหิฯ
6 Nnyaa, gonne mo lokwalong lwa Dipesalema Dafide o raya Modimo a re, “Kana motho e bo e le eng fa o tshwenyega thata ka ene? Le Morwa Motho yo o mo tlotlang thata ke mang?
กินฺตุ กุตฺราปิ กศฺจิตฺ ปฺรมาณมฺ อีทฺฤศํ ทตฺตวานฺ, ยถา, "กึ วสฺตุ มานโว ยตฺ ส นิตฺยํ สํสฺมรฺยฺยเต ตฺวยาฯ กึ วา มานวสนฺตาโน ยตฺ ส อาโลจฺยเต ตฺวยาฯ
7 “Gonne le fa o mo dirile go nna monnye mo baengeleng ka lobakanyana, jaanong o mo rwesitse kgalalelo le tlotlo.
ทิวฺยทตคเณภฺย: ส กิญฺจินฺ นฺยูน: กฺฤตสฺตฺวยาฯ เตโชเคารวรูเปณ กิรีเฏน วิภูษิต: ฯ สฺฤษฺฏํ ยตฺ เต กราภฺยำ ส ตตฺปฺรภุเตฺว นิโยชิต: ฯ
8 Ebile o mo tlhomile go nna motlhokomedi wa sengwe le sengwe se se leng teng. Ga gona sepe se se tlogetsweng”. Ga re ise re bo re bone gotlhe mo go diragala,
จรณาธศฺจ ตไสฺยว ตฺวยา สรฺวฺวํ วศีกฺฤตํ๚ " เตน สรฺวฺวํ ยสฺย วศีกฺฤตํ ตสฺยาวศีภูตํ กิมปิ นาวเศษิตํ กินฺตฺวธุนาปิ วยํ สรฺวฺวาณิ ตสฺย วศีภูตานิ น ปศฺยาม: ฯ
9 mme re bona ene Jesu, yo ka lobakanyana a neng a le kwa tlase ga baengele go le gonnye, jaanong a rwesiwa kgalalelo le tlotlo ke Modimo gonne o re bogetse ka loso. Ee, gonne ka kutlwelobotlhoko ya Modimo e kgolo, Jesu o ne a utlwa loso ka ntlha ya batho botlhe mo lefatsheng lotlhe.
ตถาปิ ทิวฺยทูตคเณโภฺย ย: กิญฺจินฺ นฺยูนีกฺฤโต'ภวตฺ ตํ ยีศุํ มฺฤตฺยุโภคเหโตเสฺตโชเคารวรูเปณ กิรีเฏน วิภูษิตํ ปศฺยาม: , ยต อีศฺวรสฺยานุคฺรหาตฺ ส สรฺเวฺวษำ กฺฤเต มฺฤตฺยุมฺ อสฺวทตฯ
10 Mme go ne go siame ebile go tlhamaletse gore Modimo o o tlhodileng sengwe le sengwe ka ntlha ya kgalalelo ya one, o leseletse Jesu go boga, gonne ka go dira jaana o ne o lere bontsintsi jo bogolo jwa batho ba Modimo kwa legodimong; gonne go boga ga gagwe go dirile Jesu moeteledipele yo o senang selabe, yo o nonofileng go ba lere mo polokong ya bone.
อปรญฺจ ยไสฺม เยน จ กฺฤตฺสฺนํ วสฺตุ สฺฤษฺฏํ วิทฺยเต พหุสนฺตานานำ วิภวายานยนกาเล เตษำ ปริตฺราณาคฺรสรสฺย ทุ: ขโภเคน สิทฺธีกรณมปิ ตโสฺยปยุกฺตมฺ อภวตฺฯ
11 Rona ba re itshepisitsweng ke Jesu, jaanong re na le Rara a le mongwe nae. Ke sone se Jesu a sa tlhabiweng ke ditlhong go re bitsa barwaa-rraagwe.
ยต: ปาวก: ปูยมานาศฺจ สรฺเวฺว เอกสฺมาเทโวตฺปนฺนา ภวนฺติ, อิติ เหโต: ส ตานฺ ภฺราตฺฤนฺ วทิตุํ น ลชฺชเตฯ
12 Gonne mo lokwalong lwa Dipesalema a re, “Ke tlaa bua le barwa rre kaga Modimo Rara, mme re tlaa opela dipako tsa one mmogo.”
เตน ส อุกฺตวานฺ, ยถา, "โทฺยตยิษฺยามิ เต นาม ภฺราตฺฤณำ มธฺยโต มมฯ ปรนฺตุ สมิเต รฺมเธฺย กริเษฺย เต ปฺรศํสนํ๚ "
13 Ka lobaka longwe o ne a re, “Ke tlaa baya tshepo ya me mo Modimong ga mmogo le barwa rre.” Mme gape ka lobaka longwe a bua a re, “Bonang, ke fano le bana ba Modimo o ba nneetseng.”
ปุนรปิ, ยถา, "ตสฺมินฺ วิศฺวสฺย สฺถาตาหํฯ " ปุนรปิ, ยถา, "ปศฺยาหมฺ อปตฺยานิ จ ทตฺตานิ มหฺยมฺ อีศฺวราตฺฯ "
14 Ka rona bana ba Modimo, re le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, le ene o ne a nna nama le madi ka go tsalwa mo setshwanong sa motho; gonne o ne a ka swa fela fa e le motho mme mo go sweng a fenya nonofo ya ga diabolo yo o neng a na le nonofo ya loso.
เตษามฺ อปตฺยานำ รุธิรปลลวิศิษฺฏตฺวาตฺ โส'ปิ ตทฺวตฺ ตทฺวิศิษฺโฏ'ภูตฺ ตสฺยาภิปฺราโย'ยํ ยตฺ ส มฺฤตฺยุพลาธิการิณํ ศยตานํ มฺฤตฺยุนา พลหีนํ กุรฺยฺยาตฺ
15 Ke gone fela ka tsela eo, a neng a ka golola ba ka ntlha ya poifo ya loso ba neng ba ntse ba tshela botshelo jwa bone jotlhe e le magolegwa mo letsho-gong le legolo le le tsweletseng pele.
เย จ มฺฤตฺยุภยาทฺ ยาวชฺชีวนํ ทาสตฺวสฺย นิฆฺนา อาสนฺ ตานฺ อุทฺธารเยตฺฯ
16 Rotlhe re itse gore o ne a sa tla e le moengele mme e ne e le motho ee, Mojuta.
ส ทูตานามฺ อุปการี น ภวติ กินฺตฺวิพฺราหีโม วํศไสฺยโวปการี ภวตีฯ
17 Mme go ne go tlhokega gore Jesu a nne jaaka rona, barwa-rraagwe, gore a tle a nne Moperesiti yo Mogolo wa rona yo o kutlwelo-botlhoko mo go rona ebile a ikanyega mo Modimong, go tlhabantsha dibe tsa batho.
อโต เหโต: ส ยถา กฺฤปาวานฺ ปฺรชานำ ปาปโศธนารฺถมฺ อีศฺวโรทฺเทศฺยวิษเย วิศฺวาโสฺย มหายาชโก ภเวตฺ ตทรฺถํ สรฺวฺววิษเย สฺวภฺราตฺฤณำ สทฺฤศีภวนํ ตโสฺยจิตมฺ อาสีตฺฯ
18 Gonne e re ka ene ka sebele a bogile ebile a tsamaile mo thaelong, o itse gore go utlwala jang fa re bogisega ebile re raelwa, mme o nonofile thata go re thusa.
ยต: ส สฺวยํ ปรีกฺษำ คตฺวา ยํ ทุ: ขโภคมฺ อวคตเสฺตน ปรีกฺษากฺรานฺตานฺ อุปกรฺตฺตุํ ศกฺโนติฯ