< Bahebera 13 >

1 Tswelelang ka go ratana ka lorato lwa boammaaruri lwa sekaulengwe.
caritas fraternitatis maneat
2 Lo seka lwa lebala go nna pelonomi mo go ba eleng baeng, gonne bangwe ba ba kileng ba dira jaana ba ne ba tshogana ka ba tshotse baengele ba sa itse gore a ke bone.
hospitalitatem nolite oblivisci per hanc enim latuerunt quidam angelis hospitio receptis
3 Lo seka lwa lebala ba ba mo kgolegelong. Bogang le bone jaaka o ka re le lona lo mo kgolegelong nabo. Tlhakanelang kutlobotlhoko le ba ba sotlwang, gonne lo itse gore tshotlego e utlwala jang.
mementote vinctorum tamquam simul vincti et laborantium tamquam et ipsi in corpore morantes
4 Tlotlang lenyalo la lona le maikano a lone, lo bo lo nne phepa; gonne ruri Modimo o tlaa otlhaya botlhe ba ba bosula kgotsa ba ba dirang boaka.
honorabile conubium in omnibus et torus inmaculatus fornicatores enim et adulteros iudicabit Deus
5 Ikgogeng mo go rateng madi; itumeleleng se lo nang naso. Gonne Modimo o rile, “Ga ke kitla, ke go tlogela le fa e le go go latlha.”
sint mores sine avaritia contenti praesentibus ipse enim dixit non te deseram neque derelinquam
6 Ke gone ka moo re ka buang kwa ntle ga pelaelo kgotsa poifo re re, “Morena ke mothusi wa me mme ga ke boife sepe se motho fela o ka se ntirang.”
ita ut confidenter dicamus Dominus mihi adiutor non timebo quid faciat mihi homo
7 Gakologelwang baeteledipele ba lona ba ba lo rutileng Lefoko la Modimo. Akanyang kaga bomolemo jotlhe jo bo duleng mo matshelong a bone, lo bo lo leke go ikanya Morena fela jaaka ba mo ikanya.
mementote praepositorum vestrorum qui vobis locuti sunt verbum Dei quorum intuentes exitum conversationis imitamini fidem
8 Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane, wa gompieno, le wa bosakhutleng. (aiōn g165)
Iesus Christus heri et hodie ipse et in saecula (aiōn g165)
9 Ke gone lo se ka lwa gapiwa mewa ke dithuto tse dintsha tsa seeng. Nonofo ya lona ya semowa e tla e le neo e e tswang kwa Modimong, ga e tswe mo melaong e e itiretsweng ya go ja dijo dingwe, tsamaiso e e sa thusang ka sepe ba ba neng ba e dirisa.
doctrinis variis et peregrinis nolite abduci optimum enim est gratia stabiliri cor non escis quae non profuerunt ambulantibus in eis
10 Re na le sebeso, mokgoro o Keresete o neng a ntshiwa setlhabelo mo go one, kwa ba ba tswelelang ka go batla poloko ka go obamela melao ya Sejuta ba ka sekeng ba thusiwa teng.
habemus altare de quo edere non habent potestatem qui tabernaculo deserviunt
11 Ka fa tsamaisong ya melao ya Sejuta moperesiti yo mogolo o ne a lere madi a diruiwa tse di bolailweng mo felong ga boitshepo e le setlhabelo sa sebe, mme morago ga moo ditoto tsa diruiwa tseo di ne di fisediwa ka molelo ka kwa ntle ga metse.
quorum enim animalium infertur sanguis pro peccato in sancta per pontificem horum corpora cremantur extra castra
12 Ke gone ka moo a neng a boga a ba a swela ka kwa ntle ga motse kwa madi a gagwe a neng a tlhatswa dibe tsa rona teng.
propter quod et Iesus ut sanctificaret per suum sanguinem populum extra portam passus est
13 Ke gone a re tsweleng kwa go ene kwa ntle ga motse (ke gore, kwa ntle ga dikgatlhego tsa lefatshe leno, re ineele go nyadiwa) go boga nae teng koo, re rwele kgobo nae.
exeamus igitur ad eum extra castra inproperium eius portantes
14 Gonne lefatshe leno ga se legae la rona; re lebeletse legae la rona la bosena-bokhutlo kwa legodimong.
non enim habemus hic manentem civitatem sed futuram inquirimus
15 Ka thuso ya ga Keresete re tlaa tswelela re ntshetsa Modimo setlhabelo sa rona sa kgalaletso ka go bolelela ba bangwe kaga kgalalelo ya leina la gagwe.
per ipsum ergo offeramus hostiam laudis semper Deo id est fructum labiorum confitentium nomini eius
16 Lo se ka lwa lebala go dira tshiamo le go abalana se lo nang naso le ba ba tlhokang, gonne ditlhabelo tse di ntseng jaana di itumedisa Modimo thata.
beneficientiae autem et communionis nolite oblivisci talibus enim hostiis promeretur Deus
17 Ikobeleng baeteledipele ba lona ba semowa lo bo lo ineele go dira se ba se buang. Gonne tiro ya bone ke go tlhokomela mewa ya lona, mme Modimo o tlaa ba atlhola ka fa ba dirang tiro e ka teng. Dirang gore ba bolelele Morena ka lona ba itumetse mme e seng ka bohutsana, gonne le lona lo tlaa boga kaga dilo tseo.
oboedite praepositis vestris et subiacete eis ipsi enim pervigilant quasi rationem pro animabus vestris reddituri ut cum gaudio hoc faciant et non gementes hoc enim non expedit vobis
18 Re rapeleleng, gonne segakolodi sa rona se siame mme re batla go tswelela fela jalo.
orate pro nobis confidimus enim quia bonam conscientiam habemus in omnibus bene volentes conversari
19 Nna tota ke tlhoka dithapelo tsa lona thata gone jaanong gore ke tle ke tle kwa go lona ka bofefo.
amplius autem deprecor vos hoc facere ut quo celerius restituar vobis
20 A jaanong Modimo wa kagiso, o o tsositseng Morena wa rona Jesu mo losong, o lo neye tsotlhe tse lo di tlhokang go dira go rata ga One. A ene yo o Modisa yo mogolo wa dinku ka kgolagano e e sa khutleng fa gare ga Modimo le lona, yo o kanetseng ka madi a gagwe, a ntshe mo go lona ka nonofo ya ga Keresete tsotlhe tse di mo itumedisang. A Kgalalelo e nne kwa go ene ka metlha le metlha Amen. (aiōn g165, aiōnios g166)
Deus autem pacis qui eduxit de mortuis pastorem magnum ovium in sanguine testamenti aeterni Dominum nostrum Iesum (aiōnios g166)
aptet vos in omni bono ut faciatis voluntatem eius faciens in vobis quod placeat coram se per Iesum Christum cui gloria in saecula saeculorum amen (aiōn g165)
22 Bakaulengwe, tswee-tswee reetsang ka bopelotelele se ke se buileng mo lokwalong lo, gonne ke lokwalo lo lo khutshwane.
rogo autem vos fratres sufferatis verbum solacii etenim perpaucis scripsi vobis
23 Ke batla gore lo itse gore Mokaulengwe Timotheo o dule mo kgolegelong; fa a tla kwano ka bofefo, ke tlaa tla le ene go lo bona.
cognoscite fratrem nostrum Timotheum dimissum cum quo si celerius venerit videbo vos
24 Ntumedisetsang baeteledipele ba lona botlhe le badumedi ba bangwe koo. Bakeresete ba ba kwano ba ba tswang kwa Itale ba a lo dumedisa. A tshegofatso ya Modimo e nne le lona lotlhe. Salang sentle.
salutate omnes praepositos vestros et omnes sanctos salutant vos de Italia
gratia cum omnibus vobis amen

< Bahebera 13 >