< Bahebera 11 >

1 Tumelo ke eng? Ke tsholofelo e e tlhomameng ya gore se re se batlang se tlaa diragala. Ke tlhomamiso ya gore se re se solofetseng se re letetse, le fa re sa se bone ka matlho a senama.
德是所希望之事的擔保,是未見之事的確證。
2 Batho ba Modimo mo malatsing a bogologolo ba ne ba itsege ka ntlha ya tumelo ya bone.
因這信德,先人們都曾得了褒揚。
3 Ka tumelo, ka go dumela Modimo, re itse gore lefatshe le dinaledi, tota a ke re dilo tsotlhe, di dirilwe ka taolo ya Modimo; le gore di dirilwe ka dilo tse di sa bonweng. (aiōn g165)
因著信德,我們知道普世是藉天主的形成,看得見的是由看不見的化成的。 (aiōn g165)
4 E ne e le ka ntlha ya tumelo gore Abele a reetse Modimo a bo a ntsha setlhabelo se se neng sa itumedisa Modimo go gaisa sa ga Kaene. Modimo o ne wa amogela Abele wa bo wa supa jalo ka go amogela mpho ya gagwe; mme le fa Abele a sa bolo go swa, re santse re ka ithuta dithuto mo go ene ka go ikanya Modimo.
因著信德,亞伯爾向天主奉獻了比加音因高貴的祭品;因著信德,因著信德,亞伯爾被褒揚為義人,因為有天主為衪的供品作證;因這信德,衪雖死了,卻仍發言。
5 Enoke le ene o ne a ikanya Modimo, mme ka moo Modimo o ne wa mo tseela kwa legodimong a sa swa, ka tshoganetso o ne a tsamaya gonne Modimo o ne wa mo tsaya. Pele ga tiragalo e, Modimo o ne o rile o itumetse thata jang ka Enoke.
因著信德,哈諾客被接去了,叫他不見死亡,世人也找不著他了,因為天主已將他接去;原來被接去之前,已有了中悅天主的明證
6 Ga o kake wa itumdisa Modimo kwa ntle ga tumelo, kwa ntle ga go ikaega mo go One. Le fa e le mang yo o batlang go tla kwa Modimong o tshwanetse go dumela gore go na le Modimo le gore o duela ba ba o batlang ka boammaaruri.
沒有信德是不可能中悅天主的因為凡接近天主的人,應該信衪存在,且信衪對信衪的人是賞報者。
7 Noa le ene e ne e le mongwe yo o neng a ikanya Modimo. Erile a utlwa tlhagiso ya Modimo ka malatsi a a tlang, Noa a o dumela le fa go ne go sena sekai sepe sa morwalela, mme kwa ntle ga go senya nako a aga araka (ntlo e e kokobalang) mme a boloka ba ntlo ya gagwe. Ka go dumela mo Modimong Noa o ne a supa boleo jwa lefatshe lotlhe le go sa dumeleng ga lone, le le ganneng go reetsa, mme ka ntlha ya tumelo ya gagwe o ne a nna mongwe wa ba Modimo o ba amogetseng.
因著信德,諾厄對尚未見得的事得了啟示,懷著敨畏製造了方舟,為自己的家庭;因著信德,衪定了世界的罪,且成了由信德得正義的承繼者。
8 Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme erile Modimo o mo raya o re a huduge mo ga gabo a ye kgakala kwa lefatsheng le lengwe le o le mo solofeditseng, Aberahame a dumela. A tsamaya, a sa itse tota le kwa a neng a ya teng.
因著信德,亞巴郎一蒙召選,就聽命往他將要承受為產業的地方去了:他出走時,還不知道要到那裏去。
9 Mme erile le a goroga kwa lefatsheng le Modimo o le mo solofeditseng, a nna mo megoping (ditante) jaaka moeti fela, jaaka Isake le Jakobe ba le bone Modimo o ba solofeditseng jaaka Aberahame.
因著信德,他旅居在所應許的地域,好像是在外邦,與有同樣恩許的承繼人依撒格和雅各伯寄居在帳幕內,
10 Aberahame o ne a dira jaana gonne o ne a letetse Modimo ka tlhomamiso go mo lere kwa lefelong le le nonofileng la selegodimo le modiri le moagi wa lone e leng Modimo.
因為他期待著那有堅固基礎的城,此城的工程師和建築師是天主。
11 Sara, le ene o ne a na le tumelo, mme ka ntlha ya yone tumelo e, o ne a bona nonofo ya go nna le ngwana ntswa a ne a tsofetse, gonne o ne a lemoga gore Modimo o o mo solofeditseng, o tlaa diragatsa tsholofetso ya one.
因著信德,連石女撒辣雖然過了適當的年齡,也蒙受了懷孕生子的能力,因為她相信那應許者是忠信的。
12 Ke gone ka moo chaba yotlhe e duleng mo go Aberahame, yo o neng a tsofetse thata go ka nna le e leng ngwana a le mongwe fela, tota chaba e e nang le didikadike tsa batho tse di senang palo, ba bontsi jwa bone bo lekanang le dinaledi tsa legodimo le motllhaba wa lotshitshi lwa lewatle.
為此由一個人,且是由一個已近於死的人,生了子孫,有如天上的星辰那麼多,又如海岸上的沙粒那麼不可勝數。
13 Batho ba ba tumelo ba ke ba umakileng, ba sule ba ise ba amogele gotlhe mo Modimo o neng o go ba solofeditse; mme ba ne ba go bona go ba letetse kwa pele mme ba itumela, gonne ba ne ba dumela gore lefatshe leno ga se legae la bone tota mme e le baeng fela mo go lone.
這些人都懷著信德死了,沒有獲得所恩許的,只由遠處觀望,表示歡迎明認自己在世上只是外方人和旅客。
14 Mme go bonala fela sentle gore e ne e re fa ba bua jalo, ba bo ba solofetse legae la bone tota kwa legodimong.
的確,那些說這樣話的人,表示自己是在尋求一個家鄉。
15 Fa ba ne ba rata, ba ka bo ba ne ba boela kwa morago kwa dilong tse di molemo tsa lefatshe leno.
如果他們是懷念所離開的家鄉,他們還有返回的機會;
16 Mme ga ba a ka ba dira jalo. Ba ne ba tshelela legodimo. Jaanong Modimo ga o tlhajwe ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone, gonne o ba agetse motse wa selegodimo.
其實他們如今所渴望的,實是一個更美麗的家鄉,即天上的家鄉。為此,天主自稱是他們的天主,不以他們為羞恥,因為衪已給他們準備了一座城。
17 Erile o santse o mo leka, Aberahame o ne a nna a ikanya Modimo le ditsholofetso tsa one, mme ke gone a ntsha Isake morwawe tshupelo, a bo a ipaakanyetsa go mmolaela mo sebesong sa ditlhabelo;
因著信德,亞巴郎在受試探的時候,獻上了依撒格,就是那承受了恩許的人,獻上了自己的獨生子;
18 ee, go bolaya le e leng Isake, yo ka ene Modimo o neng o solofeditse go naya Aberahame chaba yotlhe ya losika lwa gagwe!
原來天主曾向他說過:『只有由依撒格所生的,才稱為你的後裔。』
19 O ne a dumela gore fa Isake a ka swa Modimo o tlaa mo tsosa mo losong; mme ke sone se tota se neng sa diragala seo, gonne mo mogopolong wa ga Aberahame, Isake o ne a tshwanetse go swa, mme o ne a tsoga mo losong!
他想天主也有使人從死者中復活的能力,為此他又把依撒格得了回來以作預像。
20 E ne e le ka tumelo mo Isake a neng a itse gore Modimo o tlaa naya bomorwawe ba babedi masego, ka lobaka lo lo tlang, ebong Jakobe le Esau.
因著信德,依撒格也關於未來的事是有福的,因為祝福了雅各伯和厄撒烏。
21 Ka tumelo erile Jakobe a setse a tsofetse ebile a tloga a a swa, a segofatsa bomorwa Josefe boo-babedi fa a ema ka dinao a rapela, a itshegeleditse ka thobane ya gagwe.
因著信德,臨死的雅各伯祝福了若瑟的每一個兒子,也扶著若瑟的扙頭朝拜了天主。
22 Gape e ne e le ka tumelo mo Josefe erileng a tla a tloga a a swa, a bua ka tlhomamiso gore Modimo o tlaa ntsha batho ba Iseraele mo Egepeto; o ne a tlhomamisa kgololo ya bone mo e leng gore o ne a ba raya a re ba mo solofetse go tsaya marapo a gagwe fa ba tsamaya.
因著信德,臨終的若瑟提及以色列子民出離埃及的事,並對他自己的骨骸有所吩咐。
23 Batsadi ba ga Moshe le bone ba ne ba na le tumelo. Erile fa ba bona gore Modimo o ba file ngwana yo o sa tlwaelesegang, ba ikanya Modimo gore o tlaa mmoloka mo losong lo kgosi e lo laotseng, mme ba mo fitlha dikgwedi di le tharo, ebile ba sa boife.
因著信德,梅瑟一誕生就被他父母隱藏了三個月,因為他們見嬰孩俊美,便不怕君王的諭令。
24 E ne e le ka tumelo mo Moshe erileng a gola, a gana go tsewa jaaka setlogolwana sa kgosi, mme a itlhophela go boga le batho ba Modimo mo boemong jwa go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobakanyana.
因著信德,梅瑟長大以後,拒絕被稱為法郎公主的兒子,
他寧願同天主的百姓一起受苦,也不願有犯罪的暫時享受,
26 O ne a bona gore go botoka go bogela Keresete yo o solofetsweng go na le go rua mahumo otlhe a Egepeto, gonne o ne a solofetse tuelo e kgolo e Modimo o neng o tlaa e mo naya.
因為他以默西亞的恥辱比埃及的寶藏更為寶貴,因為他所注目的是天主的賞報。
27 Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo mo a ileng a tswa mo lefatsheng la Egepeto a sa boife bogale jwa kgosi. Moshe o ne a nna a tsamaya; go ne go bonala ekete o bona Modimo o na le ene teng koo.
因著信德,他不害怕君王的憤怒,而離開了埃及,因為他好像看見了那看不見的一位,而堅定不移。
28 Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a dumela gore Modimo o tlaa boloka batho ba one jaaka a ba laotse go bolaya kwana, ka fa Modimo o neng o ba laotse go dira ka teng le go kgatsha madi mo mepakong ya dikgoro tsa matlo a bone, gore Moengele yo o boitshegang wa Loso wa Modimo a se ka a ama ngwana ope wa ntlha wa mosimane mo malapeng ao, jaaka o ne wa dira mo Baegepetong.
因著信德,他舉行了逾越節,行了灑血禮,免得那消滅首生者觸犯以色列子民的首生者。
29 Batho ba Iseraela ba ne ba ikanya Modimo ba bo ba ralala Lewatle le Lehibidu jaaka o ka re ba tsamaya mo mmung o o omeletseng. Mme erile Baegepeto ba ba neng ba ba setse morago ba leka go le kgabaganya, ba nwela botlhe.
因著信德,他們渡過了紅海,如過旱地;埃及人一嘗試,就被淹沒了。
30 E ne e le tumelo e e neng ya ribegetsa dithako tsa Jeriko batho ba Iseraela ba sena go di dikologa malatsi a supa, jaaka Modimo o ne o ba laotse.
因著信德,耶利哥城牆,被繞行七天之後,就倒塌了。
31 Ka tumelo Rahabe wa seaka o ne a seka a swa le botlhe ba bangwe mo motseng wa ga bone fa ba ne ba gana go reetsa Modimo, gonne o ne a dumela Modimo le thata ya One, gonne o ne a amogela ditlhola ka kagiso.
因著信德,妓女辣哈布平安地接待了偵探,沒有同抗命的人一起滅亡。
32 Mme he, ke santse ke tlhoka go bua go le kae? Go ka tsaya nako e telele thata go boelela dipolelo tsa tumelo ya ga Gideone le Baraka le Samesone le Jefethe le Dafide le Samuele le baporofiti botlhe.
此外,我還說什麼呢﹖我的確沒有足夠時間再論述基德紅、巴辣克、三松、依弗大、達味和撒慕爾以及眾先知的事:
33 Batho ba botlhe ba ne ba ikanya Modimo mme ka ntlha ya go o ikanya ba fenya dintwa, ba diga dipuso, ba busa batho ba bone sentle, mme ba amogela se Modimo o neng o se ba solofeditse; ba ne ba sireletsega mo go gagolakweng ke ditau mo mengobong;
他們藉著信德征服列國,執行正義,得到恩許,杜往獅子的口,
34 le mo boubelong, Bangwe ka tumelo ya bone, ba falotse mo losong lwa chaka. Bangwe ba ne ba nonotshiwa gape morago ga bokoa jwa bone le bolwetse. Ba bangwe ba ne ba fiwa nonofo e kgolo mo ntweng; ba ne ba dira gore mephato ya ntwa e sie e ba tshabe.
熄滅烈火的威力,逃脫利劍,轉弱為強,成為戰爭中的英雄,擊潰外國的軍隊。
35 Mme basadi bangwe, ka tumelo, ba amogela ba ga bone ba ba rategang, ba ba neng ba sule. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ikanya Modimo, mme ba betswa go fitlhelela ba a swa. Ba itlhophela go swa go na le go furalela Modimo gore ba gololesege, ba tshepha gore ba tlaa tsogela botshelong jo bo botoka moragonyana.
有些女人得了她們的復活,有些人受了酷刑拷打,不願接受釋放,為獲得更好的復活;
36 Bangwe ba ne ba tshegwa, ba fatolwa mekwatla ka dithupa, mme ba bangwe ba ne ba golegelelwa ka dikeetane mo dikgolegelong.
另有些人受了淩辱和鞭打,甚至鎖押和監禁,
37 Bangwe ba sule ba kgobotlediwa ka maje ba bangwe ka go fatoganngwa ka dishaga; ba bangwe ba ne ba solofediwa kgololo fa ba ne ba ka itatola tumelo ya bone, morago ga moo ba ne ba bolawa ka chaka. Bangwe ba ne ba tsamaya ba apere matlalo a dinku le dipodi, ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng, ba iphitlha mo mengobong le mo dikgageng. Ba ne ba bolawa ke tlala, ba lwala, ba tshwerwe setlhogo, e le batho ba lefatshe le sa ba tshwanelang.
被石頭砸死,被鋸死死,被拷問,被利劍殺死,披著山羊皮到處流浪,受貧乏,受磨難,受虐待。
世界原配不上他們,他們遂在曠野、山嶺、山洞和地中穴中漂流無定。
39 Mme batho ba ba tumelo, le fa ba ne ba ikanya Modimo ebile ba ne ba gapa maikutlo a One, ga go na ope wa bone yo o neng a amogela tsotlhe tse Modimo o neng o di solofeditse;
這一切人雖然因著信德獲得了褒揚,但是沒有獲得恩許的,
40 gonne Modimo o ne o batla gore ba iketle gore le bone ba tle ba nne le seabe mo dituelong tse di botoka tse di sa fetogeng tse re di baakanyeditsweng.
因為天主早己為我們預備了一種更好的事,以致若沒有我們,他們決得不到成全。

< Bahebera 11 >