< Bahebera 10 >

1 Tsamaiso e kgologolo ya melao ya Sejuta e ne e supa fela moriti wa dilo tse di molemo tse Keresete a neng a tlaa re di direla. Ka fa tsamaisong e kgologolo ditlhabelo di ne di boelelwa gantsi, ngwaga le ngwaga, mme le fa go ntse jalo di ne tsa seka tsa boloka ba ba neng ba tshela ka fa tlase ga melao ya tsone.
Σκιὰν γὰρ ἔχων ὁ νόμος τῶν μελλόντων ἀγαθῶν, οὐκ αὐτὴν τὴν εἰκόνα τῶν πραγμάτων, κατ᾽ ἐνιαυτὸν ταῖς αὐταῖς θυσίαις ἃς προσφέρουσιν εἰς τὸ διηνεκὲς οὐδέποτε (δύναται *NK(o)*) τοὺς προσερχομένους τελειῶσαι·
2 Fa e ne e le gore di ne di ka kgona, setlhabelo se le sosi fela se ka bo se ne sa lekana; baobamedi ba ka bo ba ntlafaditswe gangwe fela, le go itlhobaelela ga bone go ka bo go ne ga nyelela.
ἐπεὶ οὐκ ἂν ἐπαύσαντο προσφερόμεναι διὰ τὸ μηδεμίαν ἔχειν ἔτι συνείδησιν ἁμαρτιῶν τοὺς λατρεύοντας ἅπαξ (κεκαθαρισμένους. *N(K)O*)
3 Mme go ne ga diragala ka tsela e sele: ditlhabelo tsele tsa ngwaga le ngwaga di ne tsa gakolola kaga go tlhoka theetso ga bone le molato wa bone mo boemong jwa go lapolosega ga mewa ya bone.
ἀλλ᾽ ἐν αὐταῖς ἀνάμνησις ἁμαρτιῶν κατ᾽ ἐνιαυτόν·
4 Gonne ga go kgonege ruri gore madi a dipoo le dipodi a tlose dibe.
ἀδύνατον γὰρ αἷμα ταύρων καὶ τράγων ἀφαιρεῖν ἁμαρτίας.
5 Ke gone ka moo Keresete o rileng a tla mo lefatsheng a bua a re, “Modimo, madi a dipoo ga a kake a go itumedisa, jalo o mpaakanyeditse mmele o wame go o baya e le setlhabelo mo sebesong sa gago.
Διὸ εἰσερχόμενος εἰς τὸν κόσμον λέγει· θυσίαν καὶ προσφορὰν οὐκ ἠθέλησας, σῶμα δὲ κατηρτίσω μοι·
6 Ga o a itumedisiwa ke ditlhabelo tsa diruiwa, tse di neng di bolawa di bo di fisiwa fa pele ga gago e le ditshupelo tsa boleo.
ὁλοκαυτώματα καὶ περὶ ἁμαρτίας οὐκ εὐδόκησας·
7 Mme ka bua ka re, ‘Bona, ke tletse go dira thato ya gago, go ntsha botshelo jwa me setlhabelo, fela jaaka Dikwalo di boletse gore ke tlaa dira jalo.’”
τότε εἶπον· ἰδοὺ ἥκω, ἐν κεφαλίδι βιβλίου γέγραπται περὶ ἐμοῦ, τοῦ ποιῆσαι, ὁ θεός, τὸ θέλημά σου.
8 Erile Keresete a sena go bua jaana, ka go tlhoka go itumedisiwa ke ditlhabelo tse di farologanyeng, le ditshupelo tse di batlwang ka fa tsamaisong e kgologolo,
ἀνώτερον λέγων ὅτι (θυσίας *N(K)O*) καὶ (προσφορὰς *N(K)O*) καὶ ὁλοκαυτώματα καὶ περὶ ἁμαρτίας οὐκ ἠθέλησας οὐδὲ εὐδόκησας, αἵτινες κατὰ (τόν *k*) νόμον προσφέρονται,
9 a oketsa a bua a re, “Ke fano. Ke tletse go ntsha botshelo jwa me setlhabelo.” O tlosa tsamaiso ya pele ka go rata e e botoka e e itekanetseng.
τότε εἴρηκεν· ἰδοὺ ἥκω τοῦ ποιῆσαι (ὁ θεός *K*) τὸ θέλημά σου. ἀναιρεῖ τὸ πρῶτον ἵνα τὸ δεύτερον στήσῃ·
10 Ka fa leanong le lesha le, re itshwaretswe ra bo ra ntlafadiwa ke Keresete ka go re swela gangwe fela.
ἐν ᾧ θελήματι ἡγιασμένοι ἐσμὲν (οἱ *k*) διὰ τῆς προσφορᾶς τοῦ σώματος (τοῦ *k*) Ἰησοῦ Χριστοῦ ἐφάπαξ.
11 Ka fa kgolaganong e kgologolo baperesiti ba ne ba ema fa pele ga sebeso malatsi otlhe ba ntsha ditlhabelo tse di neng di ka seka tsa phimola dibe tsa rona.
Καὶ πᾶς μὲν ἱερεὺς ἕστηκεν καθ᾽ ἡμέραν λειτουργῶν καὶ τὰς αὐτὰς πολλάκις προσφέρων θυσίας, αἵτινες οὐδέποτε δύνανται περιελεῖν ἁμαρτίας·
12 Mme Keresete o ne a ineela Modimo go tswa setlhabelo sa dibe tsa rona e le sone setlhabelo fela sa nako yotlhe, mme erile morago ga moo a nna fa fatshe mo lefelong la tlotlo e kgolo ka fa letsogong la Modimo le legolo,
(οὗτος *N(k)O*) δὲ μίαν ὑπὲρ ἁμαρτιῶν προσενέγκας θυσίαν εἰς τὸ διηνεκὲς ἐκάθισεν ἐν δεξιᾷ τοῦ θεοῦ,
13 a letile baba ba gagwe go bewa ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.
τὸ λοιπὸν ἐκδεχόμενος ἕως τεθῶσιν οἱ ἐχθροὶ αὐτοῦ ὑποπόδιον τῶν ποδῶν αὐτοῦ.
14 Gonne ka sone setlhabelo seo, o ne a dira botlhe boitekanelo fa pele ga Modimo, botlhe ba o ba itshepisang.
μιᾷ γὰρ προσφορᾷ τετελείωκεν εἰς τὸ διηνεκὲς τοὺς ἁγιαζομένους.
15 Mme Mowa O O Boitshepo o supa gore go ntse fela jalo, gonne o rile,
μαρτυρεῖ δὲ ἡμῖν καὶ τὸ πνεῦμα τὸ ἅγιον· μετὰ γὰρ τὸ (εἰρηκέναι· *N(K)O*)
16 “Se ke kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraela, le fa ba ne ba senya kgolagano ya pele: ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba itse thata ya me ka gale, gape ke tlaa tsenya melao ya me mo dipelong tsa bone gore ba tle ba rate go e obamela.”
αὕτη ἡ διαθήκη ἣν διαθήσομαι πρὸς αὐτοὺς μετὰ τὰς ἡμέρας ἐκείνας, λέγει κύριος, διδοὺς νόμους μου ἐπὶ καρδίας αὐτῶν καὶ ἐπὶ (τὴν διάνοιαν *N(k)O*) αὐτῶν ἐπιγράψω αὐτούς·
17 Mme morago wa oketsa wa re, “Ga ke kitla ke tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone le ditiro tsa bone tse di maswe.”
καὶ τῶν ἁμαρτιῶν αὐτῶν καὶ τῶν ἀνομιῶν αὐτῶν οὐ μὴ (μνησθήσομαι *N(k)O*) ἔτι.
18 Jaanong, fa dibe di itshwaretswe ruri ebile di lebetswe, ga go tlhokege go ntsha ditlhabelo tse dingwe go di phimola.
ὅπου δὲ ἄφεσις τούτων, οὐκέτι οὐκέτι προσφορὰ περὶ ἁμαρτίας.
19 Jalo ba gaetsho ba ba rategang, jaanong re ka tsena mo teng ga Boitshepo jwa Maitshepo kwa Modimo o leng teng, ka ntlha ya madi a ga Jesu.
Ἔχοντες οὖν, ἀδελφοί, παρρησίαν εἰς τὴν εἴσοδον τῶν ἁγίων ἐν τῷ αἵματι Ἰησοῦ,
20 Se ke tsela e e itekanetseng, e ncha, ya go fa botshelo, e Keresete a e re buletseng ka go gagola sesiro, ebong mmele wa gagwe wa setho, go re letla go tsena fa pele mo kgalalelong ya Modimo.
ἣν ἐνεκαίνισεν ἡμῖν ὁδὸν πρόσφατον καὶ ζῶσαν διὰ τοῦ καταπετάσματος, τοῦτ᾽ ἔστιν τῆς σαρκὸς αὐτοῦ,
21 Mme ka Moperesiti yo mogolo yo wa rona a laola tsa ntlo ya Modimo,
καὶ ἱερέα μέγαν ἐπὶ τὸν οἶκον τοῦ θεοῦ,
22 a re tseneng mo teng, kwa Modimong tota ka dipelo tse di boammaaruri di mo ikanya gotlhelele go re amogela, ka ntlha ya gore re kgatshitswe ka madi a ga Jesu go re ntlafatsa, le ka ntlha ya gore mebele ya rona e tlhatswitswe ka metsi a a phepa.
προσερχώμεθα μετὰ ἀληθινῆς καρδίας ἐν πληροφορίᾳ πίστεως ῥεραντισμένοι τὰς καρδίας ἀπὸ συνειδήσεως πονηρᾶς καὶ (λελουσμένοι *N(k)O*) τὸ σῶμα ὕδατι καθαρῷ.
23 Mme re ka solofela poloko e Modimo o e re solofeditseng. Ga go tlhole go na le sebaka sa pelaelo, ebile re ka bolelela ba bangwe gore poloko ke ya rona, gonne ga gona pelaelo gore o tlaa dira se o se buang.
κατέχωμεν τὴν ὁμολογίαν τῆς ἐλπίδος ἀκλινῆ, πιστὸς γὰρ ὁ ἐπαγγειλάμενος,
24 Mme mo go dumalaneng le tsotlhe tse a re di diretseng, a re tlhotlheletsanyeng mo go thusanyeng le mo go nneng bopelonomi yo mongwe mo go yo mongwe le mo go direng bomolemo.
καὶ κατανοῶμεν ἀλλήλους εἰς παροξυσμὸν ἀγάπης καὶ καλῶν ἔργων
25 A re se tlhokomologeng ditiro tsa phuthego le dikopano tsa rona, jaaka batho bangwe ba dira, mme a re kgothatsanyeng re bo re tlhagisanyeng, segolo jang ka gore letsatsi la go bowa ga gagwe le a atamela.
μὴ ἐγκαταλείποντες τὴν ἐπισυναγωγὴν ἑαυτῶν καθὼς ἔθος τισίν, ἀλλὰ παρακαλοῦντες, καὶ τοσούτῳ μᾶλλον ὅσῳ βλέπετε ἐγγίζουσαν τὴν ἡμέραν.
26 Fa mongwe a leofa ka bomo ka go gana Mmoloki a sena go itse boammaaruri jwa boitshwarelo, sebe se ga se tlosiwe ke loso lwa ga Keresete; ga go na tsela e se ka tlosiwang ka yone.
Ἑκουσίως γὰρ ἁμαρτανόντων ἡμῶν μετὰ τὸ λαβεῖν τὴν ἐπίγνωσιν τῆς ἀληθείας οὐκέτι οὐκέτι περὶ ἁμαρτιῶν ἀπολείπεται θυσία,
27 Ga go na sepe se se ka solofelwang morago ga go dira jalo fa e se katlholo e e setlhogo ya bogale jo bo tshosang jwa Modimo jo bo tlaa nyeletsang baba botlhe ba One.
φοβερὰ δέ τις ἐκδοχὴ κρίσεως καὶ πυρὸς ζῆλος ἐσθίειν μέλλοντος τοὺς ὑπεναντίους.
28 Motho yo o neng a gana go obamela melao e e neng e ntshiwa ke Moshe o ne a bolawa kwa ntle ga kutlwelo botlhoko fa go ne go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba supa molato wa gagwe.
ἀθετήσας τις νόμον Μωϋσέως χωρὶς οἰκτιρμῶν ἐπὶ δυσὶν ἢ τρισὶν μάρτυσιν ἀποθνῄσκει·
29 A o ko o akanye gore kotlhao e e setlhogo e tlaa wela go le kae ba ba gatakileng Morwa Modimo ka dinao, ba bo ba kaya madi a gagwe a a ntlafatsang jaaka ekete ke selonyana fela a bile a se boitshepo, ba bo ba tlhapatsa ba gakatsa Mowa O O Boitshepo o o lereng kutlwelo botlhoko ya Modimo kwa bathong ba One.
πόσῳ, δοκεῖτε, χείρονος ἀξιωθήσεται τιμωρίας ὁ τὸν υἱὸν τοῦ θεοῦ καταπατήσας καὶ τὸ αἷμα τῆς διαθήκης κοινὸν ἡγησάμενος ἐν ᾧ ἡγιάσθη καὶ τὸ πνεῦμα τῆς χάριτος ἐνυβρίσας;
30 Gonne re a mo itse yo o rileng, “Pusoloso ke ya me; ke tlaa ba duela;” yo gape o rileng, “Morena ka sebele o tlaa atlhola batho ba gagwe”.
οἴδαμεν γὰρ τὸν εἰπόντα· ἐμοὶ ἐκδίκησις, ἐγὼ ἀνταποδώσω (λέγει κύριος· *K*) καὶ πάλιν· κρινεῖ κύριος τὸν λαὸν αὐτοῦ.
31 Ke selo se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshelang.
φοβερὸν τὸ ἐμπεσεῖν εἰς χεῖρας θεοῦ ζῶντος.
32 Lo seka lwa ba lwa lebala malatsi ale a a molemo a lo neng lwa simolola go ithuta kaga Keresete mo go one. Gakologelwang ka fa lo neng lwa itshegeletsa ka teng mo Moreneng le fa go ne go raya pogiso e e boitshegang.
Ἀναμιμνῄσκεσθε δὲ τὰς πρότερον ἡμέρας, ἐν αἷς φωτισθέντες πολλὴν ἄθλησιν ὑπεμείνατε παθημάτων,
33 Ka dinako tse dingwe lo ne lo tshegwa lo bo lo itewe, mme ka dinako tse dingwe lo ne lo tle lo lebelele lo bo lo utlwele ba bangwe botlhoko ba boga jaaka lona.
τοῦτο μὲν ὀνειδισμοῖς τε καὶ θλίψεσιν θεατριζόμενοι, τοῦτο δὲ κοινωνοὶ τῶν οὕτως ἀναστρεφομένων γενηθέντες·
34 Mme lo bogile le ba ba tlhatlhetsweng mo dikgolegelong, ebile lo ne lwa itumela fa lo tseelwa tsotlhe tsa lona, lo itse gore dilo tse di botoka di lo letile kwa legodimong, dilo tse di tlaa nnelang tsa lona ruri.
καὶ γὰρ τοῖς (δεσμίοις *N(K)O*) συνεπαθήσατε καὶ τὴν ἁρπαγὴν τῶν ὑπαρχόντων ὑμῶν μετὰ χαρᾶς προσεδέξασθε γινώσκοντες ἔχειν (ἐν *k*) (ἑαυτοὺς *N(k)O*) (κρείττονα *NK(o)*) ὕπαρξιν (ἐν οὐρανοῖς *K*) καὶ μένουσαν.
35 Se letleng gore go ikanya Morena ka boitumelo mo, go swe, ga go re sepe gore go diragalang. Gakologelwang tuelo ya lona!
μὴ ἀποβάλητε οὖν τὴν παρρησίαν ὑμῶν, ἥτις ἔχει μεγάλην μισθαποδοσίαν.
36 Lo tlhoka go tswelela ka bopelotelele lo dira go rata ga Modimo fa e le gore lo batla gore o lo direle tsotlhe tse o di lo solofeditseng.
ὑπομονῆς γὰρ ἔχετε χρείαν, ἵνα τὸ θέλημα τοῦ θεοῦ ποιήσαντες κομίσησθε τὴν ἐπαγγελίαν.
37 Go tla ga gagwe ga go kitla go diega.
ἔτι γὰρ μικρὸν ὅσον ὅσον, ὁ ἐρχόμενος ἥξει καὶ οὐ χρονίσει.
38 Mme ba tumelo ya bone e ba siamisitseng mo ponong ya Modimo ba tshwanetse go tshela ka tumelo, ba o ikanya mo dilong tsotlhe. E seng jalo, fa ba gonyela, Modimo ga o kitla o ba itumelela.
ὁ δὲ δίκαιός (μου *NO*) ἐκ πίστεως ζήσεται· καὶ ἐὰν ὑποστείληται, οὐκ εὐδοκεῖ ἡ ψυχή μου ἐν αὐτῷ.
39 Mme ga re ise re ke re furalele Modimo ra bo ra thibela tshenyego ya rona. Nnyaa, tumelo ya rona mo go One e tlhomamisa poloko ya mewa ya rona.
ἡμεῖς δὲ οὐκ ἐσμὲν ὑποστολῆς εἰς ἀπώλειαν ἀλλὰ πίστεως εἰς περιποίησιν ψυχῆς.

< Bahebera 10 >