< Bagalatia 6 >
1 Bakaulengwe ba ba rategang, fa Mokeresete a fentswe ke sebe sengwe, lona ba ba boifang Modimo lo mo thuse ka tshiamo le boikokobetso go mmusetsa mo tseleng e e siameng, lo gakologelwa gore nako nngwe e ka ne e le mongwe wa lona yo o mo molatong.
형제들아! 사람이 만일 무슨 범죄한 일이 드러나거든 신령한 너희는 온유한 심령으로 그러한 자를 바로 잡고 네 자신을 돌아보아 너도 시험을 받을까 두려워하라
2 Rwadisanyang matshwenyego le mathata, jalo lo obamele taolo ya Morena.
너희가 짐을 서로 지라! 그리하여 그리스도의 법을 성취하라
3 Fa mongwe a ithaya a re o mogolo thata go ka ingotlela mafoko a, o a itsietsa. Tota ga a sepe.
만일 누가 아무 것도 되지 못하고 된 줄로 생각하면 스스로 속임이니라
4 A mongwe le mongwe a tlhomamise gore o leka bojotlhe jwa gagwe, gonne ka go dira jalo o tlaa ipelafatsa ka tiro e a e dirileng sentle, le gone ga a na go tlhokana le go itshwantshanya le ope.
각각 자기의 일을 살피라 그리하면 자랑할 것이 자기에게만 있고 남에게는 있지 아니하리니
5 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itshwaya diphoso le go ithwalela merwalo. Gonne ga go ope wa rona yo o itekanetseng.
각각 자기의 짐을 질 것임이니라
6 Ba ba ru-twang lefoko la Modimo ba tshwanetse go thusa barutintshi ba bone ka go ba duela.
가르침을 받는 자는 말씀을 가르치는 자와 모든 좋은 것을 함께 하라!
7 Se tsietsegeng, gakologelwang gore ga lo kake lwa itlhokomolosa Modimo mme lwa fenya: motho o tlaa roba seo fela se a se jalang!
스스로 속이지 말라! 하나님은 만홀히 여김을 받지 아니하시나니 사람이 무엇으로 심든지 그대로 거두리라!
8 Fa a jalela go itumedisa dithato tsa gagwe tse di sa siamang, o tlaa bo a jala dipeo tsa bosula mme ka go dira jalo ammaaruri o tlaa roba thobo ya mowa o o bodileng le loso; mme fa a jala dilo tse di molemo tsa semowa o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo Mowa O O Boitshepo o bo mo nayang. (aiōnios )
자기의 육체를 위하여 심는 자는 육체로부터 썩어진 것을 거두고 성령을 위하여 심는 자는 성령으로부터 영생을 거두리라 (aiōnios )
9 Mme a re se lapeng go dira se se siameng, gonne morago ga lobakanyana re tlaa roba thobo ya letlhogonolo fa re sa kgobega marapo re bo re itlhoboga.
우리가 선을 행하되 낙심하지 말지니 피곤하지 아니하면 때가 이르매 거두리라
10 Ke sone se e leng gore fa go kgonega re tshwanetse go nna pelonomi mo go mongwe le mongwe malatsi otlhe, segolo jang bakaulengwe ba rona ba Bakeresete:
그러므로 우리는 기회 있는 대로 모든 이에게 착한 일을 하되 더욱 믿음의 가정들에게 할지니라
11 Ke tlaa feletsa ka go kwala mafoko a ka seatla se e leng sa me. Bonang ka fa ke tlamegang go kwala ditlhaka tse dikgolo ka teng.
내 손으로 너희에게 이렇게 큰 글자로 쓴 것을 보라
12 Baruti bao ba lona ba ba lekang go lo fenya gore lo rupisiwe, ba dira jalo ka ntlha ya lebaka le le lengwe fela: gore ba itsege ba bo ba kganele pogiso e ba neng ba tlaa wela mo go yone fa ba ne ba ka dumela gore mokgoro wa ga Keresete o le nosi fela o ka boloka.
무릇 육체의 모양을 내려 하는 자들이 억지로 너희로 할례 받게 함은 저희가 그리스도의 십자가를 인하여 핍박을 면하려 함뿐이라
13 Mme le bone baruti bao ba ba ineelang mo thupisong ga ba leke go tshegetsa melao e mengwe ya Sejuta; mme ba batla gore lo rupisiwe gore ba tle ba ipelafatse ka gore lo barutwa ba bone.
할례 받은 저희라도 스스로 율법은 지키지 아니하고 너희로 할례 받게 하려 하는 것은 너희의 육체로 자랑하려 함이니라
14 Mme fa e le ka ga me, Modimo ga o ntetlelele gore ke ipelafatse ka sepe fa e se mokgoro wa Morena wa rona Jesu Keresete. Ka ntlha ya mokgoro oo, kgatlhego ya me mo dilong tsotlhe tse di gapang maikutlo tsa lefatshe ga e bolo go bolawa, le kgatlhego ya lefatshe mo go nna ga e bolo go swa.
그러나 내게는 우리 주 예수 그리스도의 십자가 외에 결코 자랑할 것이 없으니 그리스도로 말미암아 세상이 나를 대하여 십자가에 못 박히고 내가 또한 세상을 대하여 그러하니라
15 Jaanong ga go a tota re fetoletswe mo go nneng batho ba basha ba ba pharologanyo.
할례나 무할례가 아무 것도 아니로되 오직 새로 지으심을 받은 자뿐이니라
16 A kutlwelo botlhoko ya Modimo le kagiso e nne le lona lotlhe ba lo tshelang ka tsela e, le mo go botlhe ba e leng ba Modimo tota gongwe le gongwe.
무릇 이 규례를 행하는 자에게와 하나님의 이스라엘에게 평강과 긍휼이 있을지어다!
17 Go simologa gompieno tswee-tswee se ngangisanyeng le nna kaga dilo tse, gonne mo mmeleng wa me go tletse mabadi a dithupa le dintho tse di dirilweng ke baba ba ga Jesu tse di ntshupang gore ke motlhanka wa gagwe.
이 후로는 누구든지 나를 괴롭게 말라 내가 내 몸에 예수의 흔적을 가졌노라
18 Bakaulengwe ba ba rategang, a tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona ruri, Paulo
형제들아! 우리 주 예수 그리스도의 은혜가 너희 심령에 있을지어다! 아멘