< Bagalatia 5 >

1 Jalo he, Keresete o re golotse. Jaanong tlhomamisang gore lo nne lo golotswe mme lo seka lwa golegelwa lotlhe gape mo dikeetaneng tsa botlhanka tsa melao le mediro ya Sejuta.
Para a liberdade Cristo nos libertou; portanto, estai firmes, e não volteis a vos prender com o jugo da escravidão.
2 Ntheetsang ka tlhawaafalo, gonne se ga se dinyana: fa e le gore lo ikaegile mo go rupisiweng ebile lo tshegetsa melao ya Sejuta go lo siamisa mo Modimong, jalo Keresete ga a kake a lo boloka.
Eis que eu, Paulo, vos digo, que se vos deixardes circuncidar, Cristo vos será útil em nada.
3 Ke ipoeletsa gape ka re: le fa e le mang yo o lekang go nna botsalano le Modimo ka go rupisiwa o tshwanetse go obamela molao mongwe le mongwe wa Sejuta malatsi otlhe e seng jalo a nyelele.
E de novo atesto que todo homem que se deixar circuncidar está obrigado a obedecer a toda a Lei.
4 Keresete ga a na thuso epe mo go lona fa lo ganelela mo go phimoleng molato wa lona kwa Modimong ka go tshegetsa melao eo: lo latlhegile mo tshegofatsong ya Modimo.
Desligados estais de Cristo, vós que [quereis] ser justos pela Lei; da graça caístes.
5 Mme rona ka thuso ya Mowa O O Boitshepo re ikaegile mo losong lwa ga Keresete go phimola dibe tsa rona le go re siamisa mo Modimong.
Pois, por meio do Espírito, pela fé, aguardamos a esperança da justiça;
6 Le gone rona ba Keresete a re neetseng botshelo jo bo sa khutleng ga go tlhokege gore re tshwenyege ka gore a re rupisitswe kgotsa nnyaa; kgotsa gore a re obamela mediro ya Sejuta kgotsa nnyaa; gonne gotlhe mo re go tlhokang ke tumelo e e dirang ka lorato.
porque, em Cristo Jesus, nem a circuncisão nem a incircuncisão tem valor algum; mas sim a fé, que opera por meio do amor.
7 Lo ne lo direla Modimo sentle thata. Yo o lo kgoreleditseng a lo busetsa kwa morago mo go saleng boammaaruri morago ke mang?
Estáveis correndo bem; quem vos impediu de obedecerdes à verdade?
8 Tota ga se Modimo o o dirileng jalo, gonne ke one o o lo bileditseng mo kgololesegong mo go Keresete.
Esta persuasão não parte daquele que vos chama.
9 Mme motho a le mongwe fela yo o sa siamang mo gare ga lona o siamolola ba bangwe botlhe.
Um pouco de fermento leveda toda a massa.
10 Ke ikanya Morena go lo busetsa mo go dumeleng jaaka ke dumela kaga dilo tse. Modimo o tlaa atlhola mosiamolodi yoo, le fa e ka ne e le mang, yo o ntseng a lo tshwenya ebile a lo tlhakatlhakanya ditlhogo.
Acerca de vós, confio no Senhor de que não mudareis a vossa mentalidade; mas aquele que vos perturba, seja quem for, sofrerá o julgamento.
11 Batho bangwe ba re Nna tota ke rera gore thupiso le melao ya Sejuta di tlhokega mo leanong la poloko. Jalo he, fa e le gore ke rerile jalo, ke ka bo ke sa tlhole ke bogisiwa, gonne molaetsa oo ga o kgopise ope. Lebaka le ke santseng ke bogisiwa ka lone, le supa gore ke santse ke rera poloko ka tumelo mo mokgorong wa ga Keresete a le nosi.
Mas se eu, irmãos, ainda prego a circuncisão, por que, então, sou perseguido? Então a ofensa da cruz está anulada!
12 Ke eletsa fela gore baruti ba, ba ba batlang gore lo ikgaole ka go rupisiwa ba ikgaole mo go lona ba lo tlogele!
Gostaria que aqueles que estão vos perturbando castrassem a si mesmos.
13 Gonne bakaulengwe, lo neetswe kgololesego: e seng kgololesego ya go dira bosula, mme e leng kgololesego ya go ratana le go direlana.
Pois vós, irmãos, fostes chamados para a liberdade. Somente não [useis] a liberdade como oportunidade para a carne; em vez disso, servi-vos uns aos outros pelo amor.
14 Gonne Molao otlhe o ka khutshwafalediwa mo taolong e e reng: “Rata ba bangwe jaaka o ithata.”
Pois toda a Lei se cumpre em uma só regra, que é: Amarás ao teu próximo como a ti mesmo.
15 Mme fa mo boemong jwa gore lo supe kgolagano ya lorato mo go lona, malatsi otlhe lo buana bosula lo rumolana, itlhokomeleng! Itiseng mo go koafatsaneng.
Se, porém, mordeis e devorais uns aos outros, cuidado para não vos destruirdes mutuamente.
16 Ke lo gakolola gore lo obamele ditaolo tsa Mowa O O Boitshepo fela. O tlaa lo bolelela gore lo ye kae le gore lo dire eng; jalo ga lo na go dira dilo tse di sa siamang malatsi otlhe tse tlholego ya lona e e bosula e batlang lo di dira.
Mas eu digo: andai no Espírito, e não executeis o mau desejo da carne.
17 Gonne ka tlholego re rata go dira dilo tse di bosula tse e leng gore ke dilo di sele fela mo dilong tse Mowa O O Boitshepo o re bolelelang gore re di dire; mme dilo tse di molemo tse re batlang go di dira fa Mowa O O Boitshepo o re kaela tsela ke dilo di sele mo dithatong tsa rona tsa tlholego. Dinonofo tse pedi tse, tse di mo go rona, di tsweletse ka go lwela go re laola, mme dikeletso tsa rona ga di a gololesega mo dikgatelelong tsa tsone.
Pois a carne deseja contra o Espírito, e o Espírito contra a carne; pois estes se opõem mutuamente, para que não façais o que quereis.
18 Mme fa lo gogwa ke Mowa O O Boitshepo ga go sa tlhole go tlhokega gore lo ipateletse go obamela melao ya Sejuta.
Mas, se sois guiados pelo Espírito, não estais debaixo da Lei.
19 Mme fa lo sala morago dithato tsa lona tse di bosula, matshelo a lona a tlaa ungwa maungo a a bosula a: megopolo e e leswe le keletso ya dithato tsa senama,
As obras da carne são evidentes. São elas: pecado sexual, impureza, devassidão,
20 go rapela medimo ya disetwa, mewa e e maswe (ke gore go kgothatsa tiriso ya badimo), kilo le go lwa, lefufa le kgakalo, go ikgagapela, dingongorego le go buana bosula, maikutlo a gore mongwe le mongwe o phoso fa e se ba ba mo setlhopheng sa gago fela, gape go tlaa nna thuto e e seng ya boammaaruri,
idolatria, feitiçaria, inimizades, brigas, ciúmes, iras, rivalidades egoístas, desavenças, facções,
21 bopelotshetlha, go bolaya, botagwa, botlhapelwa le gotlhe fela moo. Mmang ke lo bolelele gape jaaka pele, gore le fa e le mang yo o tshelang botshelo jo bo ntseng jalo ga a kitla a rua bogosi jwa Modimo.
invejas, bebedices, orgias, e coisas semelhantes a essas, das quais eu havia vos dito anteriormente; assim como eu também haviavos dito antes que os que praticam tais coisas não herdarão o Reino de Deus.
22 Mme fa Mowa O O Boitshepo o laola matshelo a rona o tlaa ungwa loungo lwa mofuta o mo go rona: lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, boikanyego,
Mas o fruto do Espírito é: amor, alegria, paz, paciência, benignidade, bondade, fidelidade,
23 tshiamo le boitshwaro; mme fa ga gona kgogakgogano le melao ya Sejuta.
mansidão, domínio próprio. Contra essas coisas não há lei.
24 Ba e leng ba ga Keresete ba kokotetse dithato tse di bosula tsa bone tsa tlholego mo mokgorong wa gagwe ba di bapola gone foo.
Os que são de Cristo Jesus crucificaram a carne com as paixões e os maus desejos.
25 Fa e le gore jaanong re tshela ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo, a re gogweng ke Mowa O O Boitshepo mo tokololong nngwe le nngwe ya matshelo a rona.
Se vivemos no Espírito, também no Espírito andemos.
26 Mme ga re na go tlhokana le go ipatlela tlotlo le go itsege mo go gogelang kwa lefufeng le mo go tsholaneng ka dipelo.
Não nos tornemos presunçosos, irritando uns aos outros, e invejando uns aos outros.

< Bagalatia 5 >