< Bagalatia 4 >

1 Mme gakologelwang se, gore fa rrabana a a swa a bo a tlogelela morwawe yo mmotlana khumo e ntsi, ngwana yoo ga a botoka ka gope go na le motlhanka go fitlhelela a gola le fa tota sengwe le sengwe se rraagwe a neng a na naso e le sa gagwe.
내가 또 말하노니 유업을 이을 자가 모든 것의 주인이나 어렸을 동안에는 종과 다름이 없어서
2 O tshwanetse go dira se batlhokomedi ba gagwe le batlamedi ba mmolelelang gore a se dire, go fitlhelela a nna dingwaga tse rraagwe a di beileng.
그 아버지의 정한 때까지 후견인과 청지기 아래 있나니
3 Mme le mo go rona go ne go ntse fela jalo pele ga Keresete a tla. Re ne re le batlhanka ba melao ya Sejuta le mekgwa ya Sejuta gonne re ne re ithaya re re di ka re boloka.
이와 같이 우리도 어렸을 때에 이 세상 초등 학문 아래 있어서 종노릇하였더니
4 Mme erile fa nako e e tshwanetseng e sena go tla, nako e Modimo o neng o e beile, wa roma Morwaone, a tsetswe ke mosadi, a tsetswe e le Mojuta,
때가 차매 하나님이 그 아들을 보내사 여자에게서 나게 하시고 율법 아래 나게 하신 것은
5 go re rekela kgololesego, rona ba re neng re le batlhanka ba molao gore a tle a re godise re le bana ba gagwe tota.
율법 아래 있는 자들을 속량하시고 우리로 아들의 명분을 얻게 하려 하심이라
6 Mme e re ka re le bana ba one, Modimo o rometse Mowa wa Morwa-one mo dipelong tsa rona, gore re nne le tshiamelo ya go bua ka Modimo re re ke Rraa rona yo o rategang.
너희가 아들인고로 하나님이 그 아들의 영을 우리 마음 가운데 보내사 아바, 아버지라 부르게 하셨느니라
7 Jaanong ga re sa tlhole re le batlhanka, re bana ba Modimo tota. Mme ere ka re le bana ba one, sengwe le sengwe se o nang naso ke sa rona, gonne ke ka fa go rulagantsweng ke Modimo ka teng.
그러므로 네가 이 후로는 종이 아니요 아들이니 아들이면 하나님으로 말미암아 유업을 이을 자니라
8 Pele ga lona Badichaba lo itse Modimo lo ne lo le batlhanka ba medimo e le gone e iseng e ke e be e nne mo tlholegong.
그러나 너희가 그 때에는 하나님을 알지 못하여 본질상 하나님이 아닌 자들에게 종노릇하였더니
9 Mme jaanong ka lo bonye Modimo (kgotsa a ke re, ka Modimo o lo setse) go diragala jang gore lo batle go boela kwa morago gape go nna batlhanka mo tumelong nngwe ya lehuma, e e bokoa, e e senang molemo, ya go leka go ya legodimong ka go obamela melao ya Modimo?
이제는 너희가 하나님을 알 뿐더러 하나님의 아신 바 되었거늘 어찌하여 다시 약하고 천한 초등 학문으로 돌아 가서 다시 저희에게 종노릇하려 하느냐
10 Lo leka go nna botsalano le Modimo ka se lo se dirang kgotsa se lo sa se direng mo malatsing mangwe kgotsa mo dikgweding kgotsa mo dipa-keng tsa ngwaga kgotsa mo dingwageng.
너희가 날과 달과 절기와 해를 삼가 지키니
11 Ke a tshoga ka lona. Ke tshaba gore tiro ya me ya bonatla e ke e lo diretseng e ne e le lefela mo go lona.
내가 너희를 위하여 수고한 것이 헛될까 두려워하노라
12 Bakaulengwe ba ba rategang, ke a lo kopa gore lo nne fela jaaka nna kaga dilo tse, gonne ke gololesegile mo dikeetaneng tse jaaka lo kile lwa bo lo ntse. Ga lo a ka lwa nnyatsa ka lobaka loo fa ke lo rerela lwa ntlha,
형제들아 내가 너희와 같이 되었은즉 너희도 나와 같이 되기를 구하노라 너희가 내게 해롭게 하지 아니하였느니라
13 ntswa ke ne ke lwala fa ke simolola go lo rerela Mafoko a a Molemo a ga Keresete.
내가 처음에 육체의 약함을 인하여 너희에게 복음을 전한 것을 너희가 아는 바라
14 Mme le fa bolwetse jwa me bo ne bo lo tena, ga lo a ka lwa nkgana lwa nteleka. Nnyaa, lo ne lwa nkamogela lwa ba lwa ntlhokomela jaaka ekete ke moengele yo o tswang kwa Modimong, kgotsa Jesu Keresete ka sebele.
너희를 시험하는 것이 내 육체에 있으되 이것을 너희가 업신여기지도 아니하며 버리지도 아니하고 오직 나를 하나님의 천사와 같이 또는 그리스도 예수와 같이 영접하였도다
15 Mowa ole wa boitumelo o re neng re na nao o kae jaanong? Gonne mo malatsing ao ke itse gore lo ka bo lo ne lwa ikgonya matlho ka boitumelo lwa a nnaya mo boemong jwa a me fa mo go ne go ka nthusa.
너희의 복이 지금 어디 있느냐? 내가 너희에게 증거하노니 너희가 할 수만 있었더면 너희의 눈이라도 빼어 나를 주었으리라
그런즉 내가 너희에게 참된 말을 하므로 원수가 되었느냐?
17 Baruti bao ba tsietso ba ba ratang thata go lo gapa maikutlo ga ba dire jalo gore go lo solegele molemo. Se ba lekang go se dira ke go lo kgaoganya le nna gore lo tle lo beye maikutlo thata mo go bone.
저희가 너희를 대하여 열심내는 것이 좋은 뜻이 아니요 오직 너희를 이간 붙여 너희로 저희를 대하여 열심내게 하려 함이라
18 Ke selo se se molemo fa batho ba go siametse ka maikaelelo a a molemo le dipelo tse di ikanyegang, segolo bogolo fa ba sa dire fela jalo fa ke na le lona.
좋은 일에 대하여 열심으로 사모함을 받음은 내가 너희를 대하였을 때뿐 아니라 언제든지 좋으니라
19 Ao, bana ba me, kana lo nkutlwisa-botlhoko thata jang! Ke sa ntse ke lo bogela gape ke le mo ditlha-bing tse di tshwanang le tsa mmangwana a letile ngwana wa gagwe go tsholwa, ke tlhologeletswe lobaka lo mo go lone e tlaa reng lwa bofelo lo bo lo tladitswe ka Keresete.
나의 자녀들아 너희 속에 그리스도의 형상이 이루기까지 다시 너를 위하여 해산하는 수고를 하노니
20 Ke eletsa thata jang ekete ke ka bo ke na le lona koo gone gompieno, ke sa akantshanye le lona jaana, gonne ka ntlha ya go katologana mo ga rona, ga ke itse gore ke ka reng.
내가 이제라도 너희와 함께 있어 내 음성을 변하려 함은 너희를 대하여 의심이 있음이라
21 Ntheetsang, lona ditsala tse di gopolang gore lo tshwanetse go obamela melao ya Sejuta gore lo bolokwe: ke eng fa lo sa batlisise tota se se rerwang ke melao eo?
내게 말하라 율법 아래 있고자 하는 자들아 율법을 듣지 못하였느냐?
22 Gonne go kwadilwe gore Aberahame o ne a na le bana ba basimane ba le babedi, yo mongwe o ne a tsetswe ke mosadi wa gagwe wa lelata mme yo mongwe o ne a tshotswe ke mosadi wa gagwe yo e leng ngwana wa motse.
기록된 바 아브라함이 두 아들이 있으니 하나는 계집종에게서 하나는 자유하는 여자에게서 났다 하였으나
23 Go ne go sena sepe se se sa tlwaelesegang kaga go tsholwa ga losea lwa mosadi wa lelata. Mme losea lwa mosadi yo e leng ngwana wa motse lo ne lwa tsholwa fela morago ga Modimo o solofetsa tota gore lo tlaa tsholwa.
계집종에게서는 육체를 따라 났고 자유하는 여자에게서는 약속으로 말미암았느니라
24 Jaanong polelo e e boammaaruri e, ke setshwantsho kaga ditsela tse pedi tsa Modimo tsa go thusa batho. Tsela e nngwe e ne e le go ba neela melao ya one gore ba e obamele. O dirile jaana mo Thabeng ya Senai, fa o neela Moshe Melao e e Some. Thaba ya Senai, kana tota, e bidiwa “Thaba ya Hagare” ka Searabia,
이것은 비유니 이 여자들은 두 언약이라 하나는 시내산으로부터 종을 낳은 자니 곧 하가라
25 mme mo setshwantshong se ke se ntshitseng mosadi wa ga Aberahame Hagare, wa lelata, o emetse Jerusalema, mma-motse wa Bajuta, modi wa tsela ele ya go leka go itumedisa Modimo ka go leka go obamela Melao; mme Bajuta, ba ba lekang go sala morago tsela eo, ke bana ba one ba batlhanka.
이 하가는 아라비아에 있는 시내산으로 지금 있는 예루살렘과 같은 데니 저가 그 자녀들로 더불어 종노릇하고
26 Mme mma-motse wa rona ke Jerusalema wa selegodimo, ebile ga se motlhanka wa melao ya Sejuta.
오직 위에 있는 예루살렘은 자유자니 곧 우리 어머니라
27 Ke sone se Isaia a neng a se raya fa a porofesa a re, “Jaanong o ka itumela, wena mosadi yo o senang le fa e le ngwana; o ka goeletsa ka boitumelo le fa o ise o ke o nne le ngwana pele. Gonne ke ya go go naya bana le ba bantsi, ba le bantsi go gaisa ba mosadi wa lelata.”
기록된 바 잉태치 못한 자여 즐거워하라 구로치 못한 자여 소리 질러 외치라 이는 홀로 사는 자의 자녀가 남편 있는 자의 자녀보다 많음이라 하였으니
28 Nna le lona, bakaulengwe ba ba rategang, re bana ba Modimo o ba solofeditseng, fela jaaka Isake a ne a solofeditswe.
형제들아! 너희는 이삭과 같이 약속의 자녀라
29 Jalo he, rona ba re tsetsweng ke Mowa O O Boitshepo re a bogisiwa jaanong ke ba ba batlang re tshegetsa melao ya Sejuta, fela jaaka Isake ngwana wa tsholofetso a ne a bogisiwa ke Ishemaele ngwana wa mosadi wa lelata.
그러나 그 때에 육체를 따라 난 자가 성령을 따라 난 자를 핍박한 것같이 이제도 그러하도다
30 Mme Dikwalo tsa re Modimo o ne wa raya Aberahame wa re a leleke mosadi wa gagwe wa lelata le morwawe, gonne ngwana wa mosadi wa lelata o ne a ka seka a rua boswa jwa ga Aberahame ebong legae le masimo mmogo le ngwana wa mosadi wa motse.
그러나 성경이 무엇을 말하느뇨 계집종과 그 아들을 내어 쫓으라 계집종의 아들이 자유하는 여자의 아들로 더불어 유업을 얻지 못하리라 하였느니라
31 Bakaulengwe ba ba rategang, ga re bana ba batlhanka, ba ba golegeletsweng mo melaong ya Sejuta, re bana ba mosadi yo e leng ngwana wa motse, re amogelesega kwa Modimong ka ntlha ya tumelo.
그런즉 형제들아! 우리는 계집종의 자녀가 아니요 자유하는 여자의 자녀니라

< Bagalatia 4 >