< Bagalatia 3 >
1 Ao Bagalatia ba ba dieleele! Lo tseantswe ke moloi yo o ntsengjang a bo a lo tsenya mowa wa bohema? Gonne lo kile lwa bo lo bona sentle se loso lwa ga Keresete lo se rayang jaaka o ka re ke ne ke kile ka baya fa pele ga lona lomati lo lo nang le setshwantsho sa ga Keresete a a swa mo mokgorong.
어리석도다 갈라디아 사람들아! 예수 그리스도께서 십자가에 못 박히신 것이 너희 눈 앞에 밝히 보이거늘 누가 너희를 꾀더냐
2 Mmang ke lo botse potso e: “A lo amogetse Mowa O O Boitshepo ka go leka go boloka melao ya Sejuta?” Nnyaa, ga go a nna jalo, gonne Mowa O O Boitshepo o tsile mo go lona fela lo sena go utlwa kaga Keresete lo bo lo mo ikanya go lo boloka.
내가 너희에게 다만 이것을 알려 하노니 너희가 성령을 받은 것은 율법의 행위로냐? 듣고 믿음으로냐?
3 Jalo he, a lo tsenwe ke botsenwa gotlhelele? Gonne fa go leka go obamela melao ya Sejuta go ise go ke go bo go lo neye botshelo jwa semowa lwa ntlha, ke eng fa jaanong lo akanya gore go leka go e obamela go tlaa lo dira Bakeresete ba ba itekanetseng?
너희가 이같이 어리석으냐? 성령으로 시작하였다가 이제는 육체로 마치겠느냐?
4 Lo bogetse Mafoko a a Molemo thata. A jaanong lo tsile go a latlhela gongwe le gongwe fela? Ga ke dumele tota!
너희가 이같이 많은 괴로움을 헛되이 받았느냐? 과연 헛되냐?
5 Ke lo botsa gape ka re, a Modimo o lo naya nonofo ya Mowa O O Boitshepo o bo o dira dikgakgamatso mo go lona e le ka ntlha ya go leka ga lona ga go obamela melao ya Sejuta? Nnyaa, tota ga go a nna jalo. Ke fa lo dumela mo go Keresete lo bo lo mo ikanya ka botlalo.
너희에게 성령을 주시고 너희 가운데서 능력을 행하시는 이의 일이 율법의 행위에서냐? 듣고 믿음에서냐?
6 Aberahame o ne a na le one maitemogelo a, Modimo wa mo supa fa a le moitekanedi go tsena mo legodimong fela ka gore o ne a dumela ditsholofetso tsa Modimo.
아브라함이 하나님을 믿으매 이것을 그에게 의로 정하셨다 함과 같으니라
7 Lo ka bona mo go one maitemogelo a gore bana ba ga Aberahame tota ke batho botlhe ba tumelo ba ba ikanyang Modimo ka boammaaruri.
그런즉 믿음으로 말미암은 자들은 아브라함의 아들인 줄 알지어다!
8 Mo godimo ga moo, se sengwe gape ke eng, Dikwalo di ne di solofetse lobaka lo lwa gore Modimo o boloke le badichaba ka tumelo ya bone. Modimo ga o bolo go bolelela Aberahame bogologolo kaga sone selo se fa o re, “Ke tlaa segofatsa mo chabeng nngwe le nngwe ba ba inkanyang jaaka wena.” Mme go ntse fela jalo: botlhe ba ba ikanyang Keresete ba na le seabe mo go lone lesego le Aberahame o le amogetseng.
또 하나님이 이방을 믿음으로 말미암아 의로 정하실 것을 성경이 미리 알고 먼저 아브라함에게 복음을 전하되 모든 이방이 너를 인하여 복을 받으리라 하였으니
그러므로 믿음으로 말미암은 자는 믿음이 있는 아브라함과 함께 복을 받느니라
10 Ee, mme ba ba ikaegileng mo melaong ya Sejuta go ba boloka ba mo phutsong ya Modimo, gonne Dikwalo di supa sentle thata di re, “Go hutsegile mongwe le mongwe yo ka nako nngwe a robang mongwe wa melao, e e kwadilweng mo Lokwalong lwa Modimo lwa Molao.”
무릇 율법 행위에 속한 자들은 저주 아래 있나니 기록된 바 누구든지 율법 책에 기록된 대로 온갖 일을 항상 행하지 아니하는 자는 저주 아래 있는 자라 하였음이라
11 Ka go rialo, go bonala sentle gore ga go na le fa e le ope yo o ka bonang botsalano le Modimo ka go leka go tshegetsa melao ya Sejuta, gonne Mo-dimo o rile tsela fela e ka yone re ka siamang mo ponong ya one ke ka tumelo. Jaaka moporofiti Habakuke a ne a bua a re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona fela ka go ikanya Modimo.”
또 하나님 앞에서 아무나 율법으로 말미암아 의롭게 되지 못할 것이 분명하니 이는 의인이 믿음으로 살리라 하였음이니라
12 A pharologanyo e tona fa gare ga tsela e ya tumelo le tsela ya molao o o reng motho o bolokwa ke go obamela molao mongwe le mongwe wa Modimo, a sa sute le fa e le gangwe fela.
율법은 믿음에서 난 것이 아니라 이를 행하는 자는 그 가운데서 살리라 하였느니라
13 Mme Keresete o re rekile ka fa tlase ga phutso eo ya tsela e e sa kgonegeng ka go tsaya phutso ya rona ka ntlha ya ditiro tse di bosula a e baya mo magetleng a gagwe. Gonne go kwadilwe mo Lokwalong gatwe, “Le fa e le mang yo o pegilweng mo setlhareng o hutsegile,” (jaaka Jesu a ne a lepelediwa mo mokgorong wa logong).
그리스도께서 우리를 위하여 저주를 받은 바 되사 율법의 저주에서 우리를 속량하셨으니 기록된 바 나무에 달린 자마다 저주 아래 있는 자라 하였음이라
14 Jaanong Modimo o ka segofatsa Badichaba le bone, ka lone lesego le o le solofeditseng Aberahame; mme rotlhe re le Bakeresete re ka nna le Mowa O O Boitshepo o re o solofeditsweng ka yone tumelo e.
이는 그리스도 예수 안에서 아브라함의 복이 이방인에게 미치게 하고 또 우리로 하여금 믿음으로 말미암아 성령의 약속을 받게하려 함이니라
15 Bagaetsho ba ba rategang, le mo botshelong jwa malatsi otlhe fa motho a direla yo mongwe tsholofetso, fa e kwadilwe ya ba ya saenwa (tlanngwa) ga e kake ya fetolwa. Ga e kake ya re morago ga moo a fetoga a dira se sele.
형제들아! 사람의 예대로 말하노니 사람의 언약이라도 정한 후에는 아무나 폐하거나 더하거나 하지 못하느니라
16 Jaanong, Modimo o neetse Aberahame le Ngwana wa one ditsholofetso dingwe. Mme lemogang gore ga gotwe ditsholofetso di ne di neetswe bana ba gagwe, jaaka go ne go katwe, di tshwanetse bomorwae botlhe, ebong Bajuta botlhe ba go neng go buiwa kaga bone, mme tota go ne go buiwa kaga Morwawe ebong Keresete.
이 약속들은 아브라함과 그 자손에게 말씀하신 것인데 여럿을 가리켜 그 자손들이라 하지 아니하시고 오직 하나를 가리켜 네 자손이라 하셨으니 곧 그리스도라
17 Se ke lekang go se bua ke se: Tsholofetso ya Modimo ya go boloka ka tumelo, le gore Modimo o kwadile tsholofetso e, wa ba wa e saena (tlanya), e ne e sa kake ya dirololwa kgotsa ya fetolwa morago ga dingwaga di le makgolo a le mane le masome a le mararo fa Modimo o ntsha Melao e e Some.
내가 이것을 말하노니 하나님의 미리 정하신 언약을 사백 삼십 년후에 생긴 율법이 없이 하지 못하여 그 약속을 헛되게 하지 못하리라
18 Fa go obamela melao eo go ne go ka re boloka, mme go bonala sentle gore mo e ne e tlaa bo e le tsela e sele ya go nna botsalano le Modimo go na le tsela ya ga Aberahame, gonne go ne ga nna motlhofo mo go ene go amogela tsholofetso ya Modimo.
만일 그 유업이 율법에서 난 것이면 약속에서 난 것이 아니리라 그러나 하나님이 약속으로 말미암아 아브라함에게 은혜로 주신 것이라
19 Jalo he, melao e ne e direlwang? E ne ya okediwa tsholofetso e sena go dirwa, go supegetsa batho gore ba molato go le kae ka go roba melao ya Modimo. Mme tsela e ya molao e ne e tshwanetse go nna teng fela go fitlhelela Keresete a tla, ngwana yo tsholofetso ya Modimo e neng ya diragadiwa ka ene. (Mme go santse go na le pharologanyo nngwe. Modimo o ne wa neela baengele melao ya one go e neela Moshe, yo ene a neng a e neela batho;
그런즉 율법은 무엇이냐? 범법함을 인하여 더한 것이라 천사들로 말미암아 중보의 손을 빌어 베푸신 것인데 약속하신 자손이 오시기까지 있을 것이라
20 mme erile fa Modimo o neela Aberahame tsholofetso ya one, o ne wa e dira ka boone o le nosi, kwa ntle ga go roma baengele kgotsa Moshe).
중보는 한 편만 위한 자가 아니나 오직 하나님은 하나이시니라
21 Jalo he, a melao ya Modimo le ditsholofetso tsa one di a ganetsanya? Ga go a nna jalo! Fa re ne re ka bolokwa ka melao ya one, jalo Modimo o ka bo o sa re naya tsela e sele go tswa mo botshwarong jwa sebe, gonne Dikwalo di gatelela gore re magolegwa a sebe. Tsela fela e re ka falolang ka yone ke ka tumelo mo go Jesu Keresete; tsela ya go falola e bulegetse botlhe ba ba dumelang mo go ene.
그러면 율법이 하나님의 약속들을 거스리느냐? 결코 그럴 수 없느니라 만일 능히 살게 하는 율법을 주셨더면 의가 반드시 율법으로 말미암았으리라
그러나 성경이 모든 것을 죄 아래 가두었으니 이는 예수 그리스도를 믿음으로 말미암은 약속을 믿는 자들에게 주려 함이니라
23 Go fitlhelela Keresete a tla re ne re disitswe ke molao, re beilwe mo tisong e e babalesegileng, go bua jalo ke gore, go fitlhelela re dumela mo Mmoloking yo o tlang.
믿음이 오기 전에 우리가 율법 아래 매인 바 되고 계시될 믿음의 때까지 갇혔느니라
24 Mmang ke tlhalose ka tsela e nngwe. Melao ya Sejuta e ne e le moruti wa rona le mokaedi go fitlhelela Keresete a tla go re neela seemo se se nitameng mo Modimong ka tumelo ya rona.
이같이 율법이 우리를 그리스도에게로 인도하는 몽학(夢學) 선생이 되어 우리로 하여금 믿음으로 말미암아 의롭다 함을 얻게 하려 함이니라
25 Mme jaanong ka gore Keresete o tsile, ga re sa tlhole re tlhoka melao eo go re disa le go re etelela pele e re isa kwa go one.
믿음이 온 후로는 우리가 몽학선생 아래 있지 아니하도다
26 Gonne jaanong rotlhe re bana ba Modimo ka tumelo mo go Jesu Keresete,
너희가 다 믿음으로 말미암아 그리스도 예수 안에서 하나님의 아들이 되었으니
27 ebile rona ba re kolobeditsweng go nna selo se le sengwe le Keresete, re mo apere.
누구든지 그리스도와 합하여 세례를 받은 자는 그리스도로 옷입었느니라
28 Ga re sa tlhole re le Bajuta kgotsa Bagerika kgotsa makgoba kgotsa batho ba ba golotsweng, kgotsa banna fela kgotsa basadi, mme re tshwana fela rotlhe, re Bakeresete; re bangwe fela mo go Keresete Jesu.
너희는 유대인이나, 헬라인이나, 종이나, 자주자나, 남자나, 여자 없이 다 그리스도 예수 안에서 하나이니라
29 Mme jaanong ka gore re ba ga Keresete, re losika lwa ga Aberahame tota, mme ditsholofetso tsotlhe tse Modimo o di mo solofeditseng ke tsa rona.
너희가 그리스도께 속한 자면 곧 아브라함의 자손이요 약속대로 유업을 이을 자니라