< Bagalatia 2 >

1 Mme erile morago ga dingwaga di le lesome le bone ka boela kwa Jerusalema gape, ka nako eo ke ne ke patilwe ke Barenabase; mme Tito le ene a tsamaya le rona.
십 사년 후에 내가 바나바와 함께 디도를 데리고 다시 예루살렘에 올라갔노니
2 Ke ne ka ya teng ke tshotse ditaelo tse di tlhomameng di tswa kwa Modimong gore ke ye go gakololana le bakaulengwe teng koo kaga molaetsa o ke neng ke o rerela Badichaba. Ke ne ka buisanya le baeteledipele ba phuthego kwa thoko gore botlhe ba tlhaloganye se ke neng ke ntse ke se ruta, mme ke ne ka solofela gore ba tlaa dumela gore di siame.
계시를 인하여 올라가 내가 이방 가운데서 전파하는 복음을 저희에게 제출하되 유명한 자들에게 사사로이 한 것은 내가 달음질하는 것이나 달음질한 것이 헛되지 않게 하려 함이라
3 Mme ba ne ba dumela; ga ba ise ba ke ba rate le gore Tito yo o neng a mpatile a rupisiwe, ntswa e ne e le Modichaba.
그러나 나와 함께 있는 헬라인 디도라도 억지로 할례를 받게 아니하였으니
4 Le potso eo tota e ka bo e sa bodiwa fa e se ka ntlha ya bangwe ba go kabong gotwe ke “Bakeresete” teng koo, mme e le Bakeresete ba e seng bone—ba ba neng ba tletse go re tsaya dinopolo le go bona gore kgololesego e re neng re e e ja monate mo go Keresete Jesu e ne e le efe, jaaka gore a re ne re obamela melao ya Sejuta kgotsa nnyaa. Ba ne ba leka go re golegelela rotlhe mo melaong ya bone ya Sejuta, makgoba mo dikeetaneng.
이는 가만히 들어온 거짓 형제 까닭이라 저희가 가만히 들어온 것은 그리스도 예수 안에서 우리의 가진 자유를 엿보고 우리를 종으로 삼고자 함이로되
5 Mme ga re a ka ra reetsa le fa e le ka lobakanyana, gonne re ne re sa batle go lo tlhakanya ditlhogo ka go akanya gore poloko e ka bonwa ka go rupisiwa le ka go obamela melao ya Sejuta.
우리가 일시라도 복종치 아니하였으니 이는 복음의 진리로 너희 가운데 항상 있게 하려 함이라
6 Mme baeteledipele ba bagolo ba phuthego ba ba neng ba le teng koo ba tlhoka se ba neng ba ka tlatsa ka sone se ke neng ke se rera. (Legale go nna baeteledipele ba bagolo ga bone go ne go sa reye sepe mo go nna, gonne rotlhe re tshwana fela mo Modimong).
유명하다는 이들 중에 (본래 어떤 이들이든지 내게 상관이 없으며 하나님은 사람의 외모를 취하지 아니하시나니) 저 유명한 이들은 내게 더하여 준 것이 없고
7 Tota erile Petoro le Jakobe le Johane, ba ba neng ba itsege e le dipinagare tsa phuthego, ba bona ka fa Modimo o ntirisitseng ka teng thata mo go gapeng Badichaba, fela jaaka Petoro a ne a segofaditswe thata mo go rereleng Bajuta, gonne Modimo o ne o neela mongwe le mongwe wa rona dineo tsa botlhokwa, ba ne ba re neela diatla, Barenabase le nna ba bo ba re kgothatsa gore re tswelele ka tlhamalalo mo go rereleng Badichaba fa bone ba tswelela ka thero ya bone mo Bajuteng.
도리어 내가 무할례자에게 복음 전함을 맡기를 베드로가 할례자에게 맡음과 같이 한 것을 보고
8
베드로에게 역사하사 그를 할례자의 사도로 삼으신 이가 또한 내게 역사하사 나를 이방인에게 사도로 삼으셨느니라
9
또 내게 주신 은혜를 알므로 기둥같이 여기는 야고보와 게바와 요한도 나와 바나바에게 교제의 악수를 하였으니 이는 우리는 이방인에게로, 저희는 할례자에게로 가게 하려 함이라
10 Kgakololo fela e ba neng ba e ntsha e ne e le ya gore re tshwanetse go gakologelwa go thusa bahumanegi ka malatsi otlhe, mme le nna ke ne ke tlhwaafaletse gone go dira jalo.
다만 우리에게 가난한 자들 생각하는 것을 부탁하였으니 이것을 나도 본래 힘써 행하노라
11 Mme erile fa Petoro a tla mo Antioka ka tshwanelwa ke go mo ganetsa mo pontsheng, ke gatelela thata kgatlhanong le se a neng a se dira gonne se ne se sa siama gotlhelele.
게바가 안디옥에 이르렀을 때에 책망할 일이 있기로 내가 저를 면책(面責)하였노라
12 Gonne erile fela lwa ntlha fa a goroga a bo a a ja le Bakeresete ba Badichaba (ba ba neng ba sa tshwenyege ka go rupa le melao e mengwe e mentsi ya Sejuta). Mme erile moraganyana fa ditsala dingwe tsa ga Jakobe tsa Sejuta di tla, a seka a tlhola a a ja le Badichaba gonne o ne a tshaba se badira melao ba ba Sejuta ba tlaa se buang, gonne ba ne ba sa khutlise go bua ba re, thupiso e botlhokwa mo polokong;
야고보에게서 온 어떤 이들이 이르기 전에 게바가 이방인과 함께 먹다가 저희가 오매 그가 할례자들을 두려워하여 떠나 물러가매
13 mme Bakeresete botlhe ba Bajuta le Barenabase tota ba fetoga baitimokanyi, ba etsa Petoro, le fa tota ba ne ba tlhaloganya botoka.
남은 유대인들도 저와 같이 외식하므로 바나바도 저희의 외식에 유혹되었느니라
14 Erile fa ke bona se se diragalang le gore ba ne ba sa ikanyege kaga se tota ba neng ba se dumela, le gore ba ne ba sa sala morago boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo, ka raya Petoro fa pele ga ba bangwe botlhe ka re, “Le fa wena o le Mojuta ka go tsalwa, ga o bolo go latlha melao ya Sejuta; jalo he, ke eng fa ka tshoganetso o leka gore badichaba ba, ba e obamela?
그러므로 나는 저희가 복음의 진리를 따라 바로 행하지 아니함을 보고 모든 자 앞에서 게바에게 이르되 네가 유대인으로서 이방을 좇고 유대인답게 살지 아니하면서 어찌하여 억지로 이방인을 유대인답게 살게 하려느냐 하였노라
15 Wena le nna re Bajuta ka go tsalwa, e seng Badichaba fela ba baleofi,
우리는 본래 유대인이요 이방 죄인이 아니로되
16 mme rona Bakeresete ba Bajuta re santse re itse sentle gore ga re kake ra nna tshiamo mo Modimong ka go tshegetsa melao ya rona ya Sejuta, fa e se ka tumelo mo go Jesu Keresete go tlosa maleo a rona. Mme jalo he le rona, re ikantse Jesu Keresete, gore re tle re amogelwe ke Modimo ka ntlha ya tumelo, eseng ka ntlha ya gore re obametse melao ya Sejuta. Gonne ga go ope yo o tlaa bolokwang ka ntlha ya go e obamela.”
사람이 의롭게 되는 것은 율법의 행위에서 난 것이 아니요 오직 예수 그리스도를 믿음으로 말미암는 줄 아는고로 우리도 그리스도 예수를 믿나니 이는 우리가 율법의 행위에서 아니고 그리스도를 믿음으로서 의롭다 함을 얻으려 함이라 율법의 행위로서는 의롭다 함을 얻을 육체가 없느니라
17 Mme re tlaa reng fa re ikanya Keresete go re boloka mme re bo re iphitlhela re le molato, le gore ga re kake ra bolokwa kwa ntle ga go rupisiwa le go obamela melao e mengwe yotlhe ya Sejuta? A ga re na go tlhoka gore re re tumelo mo go Keresete e re ntshitse mo boammaruring e re koafaditse? Nnyaa, ga go a nna jalo, gonne Modimo ga o letlelele ope go nna pelokgale ka go akanya megopolo e e ntseng jalo kaga Morena wa rona.
만일 우리가 그리스도 안에서 의롭게 되려 하다가 죄인으로 나타나면 그리스도께서 죄를 짓게 하는 자냐 결코 그럴 수 없느니라
18 Ka megopolo e e ntseng jalo, re baleofi fa re simolola gape go aga dilo tse dikgologolo tse ke ntseng ke di senya, tsa go leka go bolokwa ka go tshegetsa melao ya Sejuta,
만일 내가 헐었던 것을 다시 세우면 내가 나를 범법한 자로 만드는 것이라
19 gonne ke ka ntlha ya go bala Dikwalo mo ke ileng ka lemoga gore go amogelwa ke Modimo go tla ka go dumela mo go Keresete.
내가 율법으로 말미암아 율법을 향하여 죽었나니 이는 하나님을 향하여 살려 함이니라
20 Ke bapotswe le Keresete: mme jaanong ga ke sa tlhole ke tshela, mme Keresete o tshela mo go nna. Mme botshelo tota jo jaanong ke nang najo mo mmeleng o, ke ka ntlha ya go ikanya Morwa Modimo, yo o nthatileng a bo a iintshetsa setlhabelo.
내가 그리스도와 함께 십자가에 못 박혔나니 그런즉 이제는 내가 산 것이 아니요 오직 내 안에 그리스도께서 사신 것이라 이제 내가 육체 가운데 사는 것은 나를 사랑하사 나를 위하여 자기 몸을 버리신 하나님의 아들을 믿는 믿음 안에서 사는 것이라
21 Ga ke mongwe wa ba ba tsayang loso lwa ga Keresete e le lefela. Gonne fa e le gore re ne re ka bolokwa ke go tshegetsa melao ya Sejuta, jalo go ne go sa tlhokafale gore Keresete a swe.
내가 하나님의 은혜를 폐하지 아니하노니 만일 의롭게 되는 것이 율법으로 말미암으면 그리스도께서 헛되이 죽으셨느니라

< Bagalatia 2 >