< Bagalatia 1 >

1 Lokwalo lo lo tswa kwa go nna Paulo morongwa le Bakeresete ba bangwe fano botlhe. Ke kwalela: Diphuthego tsa Galatia. Ga ke a bilediwa go nna morongwa wa Modimo ke setlhopha sengwe kgotsa boemedi bongwe jwa lefatshe. Pitso ya me e tswa kwa go Jesu Keresete ka sebele, le kwa go Rara yo o mo tsositseng mo baswing.
Paulus apostolus non ab hominibus neque per hominem sed per Iesum Christum et Deum Patrem qui suscitavit eum a mortuis
2
et qui mecum sunt omnes fratres ecclesiis Galatiae
3 A kagiso le tshegofatso tse di tswang kwa go Modimo Rara le Morena Jesu Keresete di nne le lona.
gratia vobis et pax a Deo Patre et Domino nostro Iesu Christo
4 O swetse dibe tsa rona fela jaaka Modimo Rara wa rona a rulagantse, a bo a re falotsha mo lefatsheng leno le le bosula le re nnang mo go lone. (aiōn g165)
qui dedit semet ipsum pro peccatis nostris ut eriperet nos de praesenti saeculo nequam secundum voluntatem Dei et Patris nostri (aiōn g165)
5 A kgalalelo yotlhe e nne go Modimo ka metlha yotlhe ya bosakhutleng. Amen. (aiōn g165)
cui est gloria in saecula saeculorum amen (aiōn g165)
6 Ke a hakgamala fa lo akofa lo furalela Mo-dimo, o mo loratong le kutlwelo-botlhoko ya one o lo laleditseng go nna le seabe mo botshelong jo bosakhutleng jo o bo abang ka Keresete; lo setse lo sala “tsela e sele morago go ya legodimong,” e tota e sa yeng kwa legodimong gotlhelele.
miror quod sic tam cito transferimini ab eo qui vos vocavit in gratiam Christi in aliud evangelium
7 Gonne ga gona tsela epe e sele kwa ntle ga e re e lo kaetseng; lo tsiediwa ke ba ba sokamisang ebile ba fetola boammaaruri kaga Keresete.
quod non est aliud nisi sunt aliqui qui vos conturbant et volunt convertere evangelium Christi
8 A diphutso tsa Modimo di wele le fa e le mang, le nna tota, yo o ka rerang ka tsela nngwe fela ya go bolokwa go na le e re lo boleletseng ka ga yone; ee, fa moengele a tswa legodimong a bo a rera molaetsa mongwe fela, a phutso ya Modimo e mo wele.
sed licet nos aut angelus de caelo evangelizet vobis praeterquam quod evangelizavimus vobis anathema sit
9 Ke ipoeletsa gape ke re: fa mongwe a rera Mafoko a a Molemo a sele kwa ntle ga a lo a amogetseng, a petso ya Modimo e mo wele.
sicut praediximus et nunc iterum dico si quis vobis evangelizaverit praeter id quod accepistis anathema sit
10 Lo ka bona gore ga ke leke go lo itumedisa ka puo e e monate le e e gapang maikutlo fela; nnyaa, ke leka go itumedisa Modimo. Fa ke ne ke santse ke leka go itumedisa batho ke ne ke ka seka ka nna motlhanka wa ga Keresete.
modo enim hominibus suadeo aut Deo aut quaero hominibus placere si adhuc hominibus placerem Christi servus non essem
11 Ditsala tse di rategang, ke ikana ka tlhwaafalo ka re tsela e e yang legodimong e ke e rerang, ga e a thaega mo mogopolonyaneng kgotsa mo torong ya motho.
notum enim vobis facio fratres evangelium quod evangelizatum est a me quia non est secundum hominem
12 Gonne molaetsa wa me ga o tswe mo go ope fa e se Jesu Keresete a le esi, yo o mpoleletseng gore ke bue eng. Ga go na motho ope yo o nthutileng.
neque enim ego ab homine accepi illud neque didici sed per revelationem Iesu Christi
13 Lo itse gore ke ne ke ntse jang fa ke santse ke setse tumelo ya Sejuta morago, le ka fa ke neng ke le pelo-mpe ka teng mo Bakereseteng, ke ba tsoma ebile ke leka ka bojotlhe jwa me go ba bolaya botlhe.
audistis enim conversationem meam aliquando in iudaismo quoniam supra modum persequebar ecclesiam Dei et expugnabam illam
14 Ke ne ke le mongwe wa bagolwane ba tumelo ya Sejuta mo mophatong wa balekane ba me ba malatsi ao mo lefatsheng ka fa ke neng ke ka kgona ka teng go sala morago melao yotlhe e megologolo ya ngwao ya tumelo ya me.
et proficiebam in iudaismo supra multos coetaneos in genere meo abundantius aemulator existens paternarum mearum traditionum
15 Mme sengwe sa diragala! Gonne le pele ga ke tsalwa Modimo o ne o intlhophetse, wa ba wa mpitsa: ana ke tshiamo le tshegofatso e ntle thatajang,
cum autem placuit ei qui me segregavit de utero matris meae et vocavit per gratiam suam
16 go senola Morwa one mo go nna gore ke tle ke ye kwa go Badichaba ke ba bontshe Mafoko a a Molemo kaga Jesu. Erile fa mo gotlhe go ntiragalela ga ke ise ke re gone fela foo ke ye go go rerisanya le ope;
ut revelaret Filium suum in me ut evangelizarem illum in gentibus continuo non adquievi carni et sanguini
17 ga ke ise ke ko ke tlhatlogele kwa Jerusalema go rerisanya le ba e neng e le baaposetoloi pele ga me. Nnyaa, ke ne ka ya kwa dikakeng tsa Arabia, ka bo ka boela kwa motsing wa Damaseko.
neque veni Hierosolyma ad antecessores meos apostolos sed abii in Arabiam et iterum reversus sum Damascum
18 Erile dingwaga di le tharo di sena go feta ka ya kwa Jerusalema ke le mo loetong ke etela Petoro, mme ka nna koo le ene malatsi a le lesome le botlhano.
deinde post annos tres veni Hierosolyma videre Petrum et mansi apud eum diebus quindecim
19 Mme moaposetoloi yo mongwe yo ke neng ka rakana nae ka lobaka loo e ne e le Jakobe monnawe Morena wa rona.
alium autem apostolorum vidi neminem nisi Iacobum fratrem Domini
20 (Reetsang se ke se buang, gonne ke lo bolelela boammaaruri jo fa pele ga Modimo tota. Se ke se se neng sa diragala tota ga ke lo aketse).
quae autem scribo vobis ecce coram Deo quia non mentior
21 Erile morago ga loeto lo ka ya kwa Siria le Kilikia.
deinde veni in partes Syriae et Ciliciae
22 Mme Bakeresete mo Judea ba ne ba santse ba sa itse sebopego sa me.
eram autem ignotus facie ecclesiis Iudaeae quae erant in Christo
23 Se ba neng ba se itse fela e ne e le puo ya batho e e reng, “Yo o neng a le mmaba wa rona, jaanong o rera tumelo e a neng a leka go e nyeletsa.”
tantum autem auditum habebant quoniam qui persequebatur nos aliquando nunc evangelizat fidem quam aliquando expugnabat
24 Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me.
et in me clarificabant Deum

< Bagalatia 1 >