< Baefesia 6 >

1 Bana, utlwang batsadi ba lona; se ke selo se se siameng go dirwa gonne Modimo o ba neile taolo ya go lo laola.
τα τεκνα υπακουετε τοις γονευσιν υμων εν κυριω τουτο γαρ εστιν δικαιον
2 Tlotla rrago le mmaago. O ke molao wa ntlha wa Modimo wa melao o o felelang ka tsholofetso.
τιμα τον πατερα σου και την μητερα ητις εστιν εντολη πρωτη εν επαγγελια
3 Mme tsholofetso ke e: Gore fa o tlotla rrago le mmago; o tlaa nna le botshelo jo bo leele, jo bo tletseng masego.
ινα ευ σοι γενηται και εση μακροχρονιος επι της γης
4 Mme jaanong ke raya batsadi ba bana ke re: Se ntse lo kgadiepetsa bana ba lona lo ba omanyetsa ruri, lo ba galefisa lo ba kgopisa. Go na le go dira jalo, ba godiseng ka go ba tshola ka lorato lo Morena a lo dumelang, lo ba gakolola ka poifo Modimo.
και οι πατερες μη παροργιζετε τα τεκνα υμων αλλ εκτρεφετε αυτα εν παιδεια και νουθεσια κυριου
5 Batlhanka, ikobeleng beng ba lona; tlhwaafalelang go ba direla ka bonatla jotlhe jwa lona. Ba direleng fela jaaka lo ne lo ka direla Keresete.
οι δουλοι υπακουετε τοις κυριοις κατα σαρκα μετα φοβου και τρομου εν απλοτητι της καρδιας υμων ως τω χριστω
6 Se direng thata fela fa Mongwa lona a lo lebeletse mme lwa nnela go tshameka fa a sa lo lebelela; dirang thata ka boitumelo nako yotlhe, jaaka lo ka bo lo direla Keresete, lo dira go rata ga Modimo ka dipelo tsa lona tsotlhe.
μη κατ οφθαλμοδουλειαν ως ανθρωπαρεσκοι αλλ ως δουλοι του χριστου ποιουντες το θελημα του θεου εκ ψυχης
7
μετ ευνοιας δουλευοντες τω κυριω και ουκ ανθρωποις
8 Gakologelwang gore, Morena o tlaa lo duelela go dira sengwe le sengwe se se molemo, a lo ka bo lo le batlhanka kgotsa lo se bone.
ειδοτες οτι ο εαν τι εκαστος ποιηση αγαθον τουτο κομιειται παρα του κυριου ειτε δουλος ειτε ελευθερος
9 Mme le lona beng ba batlhanka lo tshwanetse go tshwara batlhanka ba lona sentle, fela jaaka ke ba reile ka re ba lo ikobele. Se ntse lo ba bopela; gakologelwang gore lona ka bo lona lo batlhanka mo go Keresete; lo na le Morena yo ba nang nae, mme ga a rate bape go gaisa ba bangwe.
και οι κυριοι τα αυτα ποιειτε προς αυτους ανιεντες την απειλην ειδοτες οτι και υμων αυτων ο κυριος εστιν εν ουρανοις και προσωποληψια ουκ εστιν παρ αυτω
10 Lwa bofelo, ke batla go lo gakolola gore nonofo ya lona e tshwanetse go tswa mo nonofong e kgolo ya Morena e e mo go lona.
το λοιπον αδελφοι μου ενδυναμουσθε εν κυριω και εν τω κρατει της ισχυος αυτου
11 Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo gore lo tle lo kgone go iphemela mo maanong otlhe le boferefere jwa ga Satane.
ενδυσασθε την πανοπλιαν του θεου προς το δυνασθαι υμας στηναι προς τας μεθοδειας του διαβολου
12 Gonne ga re lwe le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, mme re lwa le batho ba ba senang mebele, babusi ba ba bosula ba lefatshe le le sa bonweng ka matlho, dibopiwa tse di nonofileng tsa bo-Satane le magosana a magolo a a bosula a lefifi a a busang lefatshe leno, le mewa e mentsi e e bosula mo lefatsheng le le sa itsegeng. (aiōn g165)
οτι ουκ εστιν ημιν η παλη προς αιμα και σαρκα αλλα προς τας αρχας προς τας εξουσιας προς τους κοσμοκρατορας του σκοτους του αιωνος τουτου προς τα πνευματικα της πονηριας εν τοις επουρανιοις (aiōn g165)
13 Jalo dirisang sengwe le sengwe sa seaparo sa Modimo sa phemelo go tlhabantsha mmaba fa a tlhasela, mme fa ntwa e sena go fela, lo tlaa bo lo santse lo eme.
δια τουτο αναλαβετε την πανοπλιαν του θεου ινα δυνηθητε αντιστηναι εν τη ημερα τη πονηρα και απαντα κατεργασαμενοι στηναι
14 Mme go dira jaana, lo tlaa tlhoka moitlamo wa lotheka o o thata wa boammaaruri le thebe ya sehuba ya tumelo ya Modimo.
στητε ουν περιζωσαμενοι την οσφυν υμων εν αληθεια και ενδυσαμενοι τον θωρακα της δικαιοσυνης
15 Rwalang ditlhako tse di tlaa dirang gore lo dire ka bofefo fa lo rera Mafoko a a Molemo a kagiso le Modimo.
και υποδησαμενοι τους ποδας εν ετοιμασια του ευαγγελιου της ειρηνης
16 Mo ntweng nngwe le nngwe lo tlaa tlhoka tumelo go nna thebe ya lona go kganela metswi e e bogale e lo e lebagantsweng ke Satane.
επι πασιν αναλαβοντες τον θυρεον της πιστεως εν ω δυνησεσθε παντα τα βελη του πονηρου τα πεπυρωμενα σβεσαι
17 Gape lo tlaa tlhoka tlhoro ya phemelo ya poloko le chaka ya Mowa e e leng Lefoko la Modimo.
και την περικεφαλαιαν του σωτηριου δεξασθε και την μαχαιραν του πνευματος ο εστιν ρημα θεου
18 Rapelang ka metlha yotlhe. Kopang Modimo sengwe fela ka fa dikeletsong tsa Mowa O O Boitshepo. O kopeng, lo o gakolola ka se lo se tlhokang, mme lo bo lo nne lo rapelele Bakeresete botlhe gongwe le gongwe ka tlhwaafalo.
δια πασης προσευχης και δεησεως προσευχομενοι εν παντι καιρω εν πνευματι και εις αυτο τουτο αγρυπνουντες εν παση προσκαρτερησει και δεησει περι παντων των αγιων
19 Nthapelelang le nna, lo bo lo kope Modimo go nnaya mafoko a a ntshwanetseng fa ke bolelela ba bangwe ka bopelokgale kaga Morena, le fa ke ba tlhalosetsa, gore poloko ya gagwe ke ya rona le Badichaba.
και υπερ εμου ινα μοι δοθειη λογος εν ανοιξει του στοματος μου εν παρρησια γνωρισαι το μυστηριον του ευαγγελιου
20 Jaanong ke golegilwe ka ntlha ya go rera molaetsa o o tswang kwa Modimong. Mme rapelang gore ke tle ke nne ke tswelele go o buelela ka bopelokgale le mo kgolegelong, jaaka ke tshwanetse.
υπερ ου πρεσβευω εν αλυσει ινα εν αυτω παρρησιασωμαι ως δει με λαλησαι
21 Tukiko, yo e leng mokaulengwe yo a rategang thata a bile a le mothusi yo o ikanyegang mo tirong ya Morena, o tlaa lo bolelela gotlhe mabapi le ka fa ke tswelelang ka teng.
ινα δε ειδητε και υμεις τα κατ εμε τι πρασσω παντα υμιν γνωρισει τυχικος ο αγαπητος αδελφος και πιστος διακονος εν κυριω
22 Ke mo roma kwa go lona ka maikaelelo a, go lo itsise ka fa re tsogileng ka teng le gore lo bo lo kgothadiwe ke molaetsa o a o lo leretseng.
ον επεμψα προς υμας εις αυτο τουτο ινα γνωτε τα περι ημων και παρακαλεση τας καρδιας υμων
23 A Modimo o lo neye kagiso, bakaulengwe ba me mo go Keresete, le lorato ka tumelo e e tswang kwa go Modimo Rara le Morena Jesu Keresete.
ειρηνη τοις αδελφοις και αγαπη μετα πιστεως απο θεου πατρος και κυριου ιησου χριστου
24 A tshegofatso le masego a Modimo a nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka boammaaruri.
η χαρις μετα παντων των αγαπωντων τον κυριον ημων ιησουν χριστον εν αφθαρσια αμην [προς εφεσιους εγραφη απο ρωμης δια τυχικου]

< Baefesia 6 >