< Baefesia 4 >

1 Ke a lo kopa, nna yo ke leng legolegwa mo kgolegelong ka ntlha ya go direla Morena, gore lo tshele lo bo lo sepele ka fa tseleng e e tshwanetseng ba ba tlhophetsweng masego a mantle jaaka one a.
Yo pues, prisionero en el Señor, les ruego que anden como es digno de la vocación a que han sido llamados,
2 Nnang boikokobetso le bonolo. Nnang pelotelele yo mongwe mo go yo mongwe, lo leke go iphapaanya ka lorato le diphoso tse lo ka di diralanang.
Con todo el comportamiento suave y tranquilo, tomando lo que venga con paciencia en amor;
3 Lekang ka malatsi otlhe go gogwa ke Mowa O O Boitshepo, gore lo tle lo nne ka kagiso yo mongwe mo go yo mongwe.
Teniendo cuidado de mantener la armonía del Espíritu en el yugo de la paz.
4 Rotlhe ditokololo tsa mmele o le mongwe fela, re na le Mowa o o tshwanang, bile rotlhe re bileditswe tsholofelo e e tshwanang e e galalelang.
Hay un solo cuerpo y un solo Espíritu, como fueron también llamados en una misma esperanza de su propósito para ustedes;
5 Morena wa rona o mongwe fela, tumelo e nngwe fela, kolobetso e nngwe fela,
Un Señor, una fe, un bautismo,
6 gape rotlhe re na le Modimo o le mongwe fela le Rara yo o re okameng rotlhe ebile a le mo go rona rotlhe, a bile a tshela mo tokololong nngwe le nngwe ya rona.
Un Dios y Padre de todos, que es sobre todos, y por todos, y en todos.
7 Le fa go ntse jalo, Keresete o neile mongwe le mongwe wa rona dinonofo tsa botlhokwa, sengwe le sengwe se a batlang gore re nne naso se tswa mo polokelong ya gagwe e e tletseng dimpho.
Pero a cada uno de nosotros se nos ha dado la gracia en la medida que Cristo nos ha querido dar.
8 Mopesalema o re bolelela kaga sone se, gonne a re erile fa Keresete a boela kwa legodimong a tletse boitumelo jwa phenyo morago ga tsogo ya gagwe mo baswing le go fenya Satane, o ne a naya batho dimpho tsa kutlwelo botlhoko.
Por esta razón él dice: Subió a lo alto, llevando cautiva la cautividad, y dio dones a los hombres.
9 Lemogang gore gatwe o ne a boela kwa legodimong. Mo go raya gore o simologile a tswa kwa legodimong, a fologela mo mafelong a a kwa tlase-tlase a lefatshe.
(Ahora bien, Él subió, ¿qué es sino que descendió primero a las partes más bajas de la tierra?
10 Ene yo o fologileng e ntse ke ene yo o tlhatlogetseng gape kwa legodimong, gore sengwe le sengwe se tlale ene gongwe le gongwe, go tswa mo go se se kwa tlase go ya kwa go se se kwa godimo.
El que descendió es el mismo que subió lejos sobre todos los cielos para poder completar todas las cosas).
11 Bangwe ba rona ba neetswe neo ya botlhokwa go nna baaposetoloi; ba bangwe o ba neile neo ya go rera sentle; ba bangwe ba na le neo ya botlhokwa ya go gapela batho mo go Keresete, ba ba thusa gore ba mo ikanye e le Mmoloki wa bone; mme ba bangwe ba na le neo ya go tlhokomela batho ba Modimo jaaka modisa a tlhokomela dinku tsa gagwe, a ba goga a bile a ba ruta ka ditsela tsa Modimo.
Y dio a algunos como apóstoles, y algunos, profetas; y algunos, evangelistas; y pastores y enseñar;
12 Ke eng fa a re naya dineo tsa botlhokwa go dira dilo dingwe botoka? Ke ka ntlha ya gore batho ba Modimo ba tlaa nonotshiwa go mo direla tiro ka botswerere, ba aga phuthego, ebong mmele wa ga Keresete, go nna mo maemong a nonofo le tlhaloganyo e e tletseng,
Para el entrenamiento de los santos como siervos en la iglesia, para la edificación del cuerpo de Cristo:
13 go fitlhelela lwa bofelo rotlhe re dumela ka go tshwana kaga poloko ya rona le kaga Mmoloki wa rona, Morwa Modimo, rotlhe re bo re gola ka botlalo mo Moreneng, ee, go fitlhelela re le mo selekanyong sa go tlala Keresete mo go senang pelaelo.
Hasta que todos lleguemos a la armonía de la fe, y del conocimiento del Hijo de Dios, de ese modo alcanzaremos la madurez y el desarrollo que corresponde, a la medida completa de Cristo:
14 Mme ga re kitla re tlhola re nna bana, re nna re fetola megopolo ya rona kaga se re se dumelang fela ka gore mongwe o re boleletse sengwe se se pharologanyo, kgotsa a re akeditse ka botlhale a dirile gore maaka a utlwale jaaka boammaaruri.
Para que ya no seamos niños, enviados de aquí para allá, trastornados por todo viento de enseñanza, por las torceduras y artimañas de los hombres, por los engaños del error;
15 Mo boemong jwa go fetola megopolo ya rona mo go se re se dumelang, re tlaa sala morago boammaaruri ka lorato ka dinako tsotlhe, re bua boammaaruri, re dira ka boammaaruri, re tshela ka boammaaruri, mo tseleng nngwe le nngwe re nna jaaka Keresete yo o leng Tlhogo ya mmele wa gagwe, ebong phuthego.
Pero hablando la verdad en amor, debemos crecer plenamente en Cristo, que es la cabeza;
16 Ka fa ketelellong ya pele ya gagwe mmele otlhe o kitlanye sentle, mme tokololo nngwe le nngwe mo tirong ya yone ya botlhokwa e thusa ditokololo tse dingwe gore mmele otlhe o itekanele o gole o bo a tlale lorato.
Por medio del cual todo el cuerpo, estando correctamente formado y unido, por el pleno funcionamiento de cada parte, se incrementa a la edificación de sí mismo en el amor.
17 Mmang ke bue jaana, ka go bua jalo ke buelela Morena: se tlholeng lo tshela jaaka ba ba sa bolokwang ba tshela, gonne ba foufaditswe ebile ga ba sa tlhole ba itse se e leng boammaaruri. Dipelo tsa bone tse di tswetsweng di tletse ka lefifi; ba kgakala thata le botshelo jwa Modimo gonne ba o tswaletse megopolo ya bone, mme ga ba kake ba tlhaloganya ditsela tsa one.
Esto digo, pues, y testifico en el Señor que ya no sigan en el camino de los gentiles, que andan en la vanidad de sus mentes,
Cuyos pensamientos son oscuros, ajenos a la vida de la vida de Dios, por la ignorancia que está en ellos, y sus corazones se han endurecido;
19 Ga ba sa tlhole ba kgathala kaga tshiamo le bosula ebile ba ineetse mo ditseleng tse di makgapha. Ga ba tlogele sepe, ba dirisiwa ke megopolo ya bone e e bosula le dikeletso tsa bosutlha.
Quienes perdieron toda sensibilidad, se han entregado a malas pasiones, a hacer todas las cosas inmundas con avidez toda clase de impureza.
20 Mme ga se ka fa Keresete a lo rutileng ka teng!
Porque esta no era la enseñanza de Cristo que les fue dada;
21 Fa e le gore tota lo utlwile lentswe la gagwe ebile lo ithutile mo go ene boammaaruri kaga gagwe,
Si, de hecho, le escuchaste, y recibiste enseñanza en él, así como lo que es verdad está en Jesús:
22 ke gone latlhang tlholego ya lona e kgologolo e e bosula, popego ya lona ya bogologolo e e neng e le mopati wa lona mo ditseleng tsa lona tse di bosula, e e bodileng go ya goileng, e tletse dikeletso le tsietso.
En cuanto, en relación con su forma de vida anterior, desháganse de su vieja naturaleza, que está corrompida, engañada por sus malos deseos.
23 Jaanong mekgwa le megopolo ya lona e tshwanetse go bo e fetogile botoka gangwe le gape.
Y Sean renovado en el espíritu y en su mente,
24 Ee, o tshwanetse go bo o le motho yo mosha yo o pharologanyo, o itshephile ebile o le molemo. Ikapese ka tlholego e ncha e.
Y vístanse del nuevo hombre, a quien Dios dio la vida, en justicia y en un modo de vivir verdadero y santo.
25 Khutlisang go akelana; buang boammaaruri, gonne mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya yo mongwe mme fa re akelana re ikutlwisa botlhoko.
Y así, dejando a un lado la mentira, que todos digan lo que es verdadero para su prójimo: porque somos parte uno de otro.
26 Fa o kgopisegile, se dire sebe ka go boloka kutlo botlhoko ya gago mo pelong. Se letle gore letsatsi le phirime o santse o kgopisegile gore o lebale ka bonako;
Enojense pero no pequen; y procuren que él enojo no les dure todo el día, no se ponga el sol sobre su enojo;
27 gonne fa o tenegile o neela diabolo maitsetsepelo a magolo.
Y no cedas el paso al Malvado.
28 Fa mongwe a utswa a a go bakele, a simolole go dirisa mabogo ao a gagwe mo tirong ya boikanyego, gore a tle a abele ba bangwe ba ba tlhokang.
Él que robaba ya no robe, sino que haga buenas obras con sus manos, para que tenga algo que dar al que tiene necesidad.
29 Se bue matlhapa. Bua fela se se molemo ebile se na le thuso mo go ba o buang nabo, le se se tlaa ba segofatsang.
Ninguna palabra corrompida salga de su boca, sino solo lo que es bueno para la edificación necesaria, y para bendición a los que escuchan.
30 Se futsafatseng Mowa O O Boitshepo ka tsela e lo tshelang ka yone. Gakologelwang, ke one o o supang kaga lona mo letsatsing leo fa poloko go tswa mo sebeng e tlaa bong e feletse.
Y no contristan al Espíritu Santo de Dios, por el cual fuiste sellados para distinguirlos como propiedad en el día de redención.
31 Khutlisang go nna bohula, pelo e e maswe le go nna bogale. Go omana, mafoko a kgakalo le kilano di se ka tsa nna mo matshelong a lona.
Que toda amargura, pasiones y enojo, gritería, y malas palabras, sean quitados de ustedes, con todos los actos desagradables;
32 Mo boemong jwa moo ratanang, nnang pelonomi, lo itshwarelane, fela jaaka Modimo o lo itshwaretse gonne lo ba ga Keresete.
Y sean amables unos a otros, llenos de piedad, teniendo perdón los unos por los otros, así como Dios en Cristo tuvo perdón por ustedes.

< Baefesia 4 >