< Baefesia 3 >

1 Nna Paulo, motlhanka wa ga Keresete, ke fano mo kgolegelong ka ntlha ya lona, ka go rera gore le lona Badichaba lo bontlha bongwe jwa ntlo ya Modimo.
τουτου χαριν εγω παυλος ο δεσμιος του χριστου {VAR1: ιησου } {VAR2: [ιησου] } υπερ υμων των εθνων
2 Ga go belaesege lo setse lo itse gore Modimo o nneetse tiro e e faphegileng e ya go supa kutlwelo botlhoko mo go lona Badichaba, jaaka ke buile pele ka bokhutshwane mo lokwalong longwe lwa dikwalo tsa me. Modimo ka sebele o nkaetse leano le la one la bosaitsiweng la gore Badichaba le bone ba balelwa mo bopelonoming jwa one.
ει γε ηκουσατε την οικονομιαν της χαριτος του θεου της δοθεισης μοι εις υμας
3
[οτι] κατα αποκαλυψιν εγνωρισθη μοι το μυστηριον καθως προεγραψα εν ολιγω
4 Ke bua jaana go lo tlhalosetsa ka fa ke itseng dilo tse ka teng.
προς ο δυνασθε αναγινωσκοντες νοησαι την συνεσιν μου εν τω μυστηριω του χριστου
5 Mo metlheng ya bogologolo Modimo ga o ise o ke o tlhakanele leano le, le batho ba one, mme jaanong o le senoletse baaposetoloi le baporofiti ba one ka Mowa O O Boitshepo.
ο ετεραις γενεαις ουκ εγνωρισθη τοις υιοις των ανθρωπων ως νυν απεκαλυφθη τοις αγιοις αποστολοις αυτου και προφηταις εν πνευματι
6 Mme bosaitsiweng ke jo: gore Badichaba ba tlaa nna le seabe se se lekanang le sa Bajuta mo dikhumong tsotlhe tse di ruilweng ke barwa-Modimo; botlhe ba lalediwa go nna ba phuthego ya one, mme gotlhe ga ditsholofetso tsa Modimo tsa matlhogonolo a magolo ka Keresete ke ga bone botlhe fa ba amogela Mafoko a a Molemo kaga Keresete le se a se ba diretseng.
ειναι τα εθνη συγκληρονομα και συσσωμα και συμμετοχα της επαγγελιας εν χριστω ιησου δια του ευαγγελιου
7 Modimo o nneetse tshwanelo e e hakgamatsang e ya go bolelela mongwe le mongwe leano le la one; gape o nneetse nonofo ya one le botlhale jo bo faphegileng go le tlhalosa ka fa tshwanelong.
ου εγενηθην διακονος κατα την δωρεαν της χαριτος του θεου της δοθεισης μοι κατα την ενεργειαν της δυναμεως αυτου
8 A lo ko lo akanyeng! Le fa ke sa dira sepe se se dirang gore ke le tshwanele, gape le fa nna ke le Mokeresete yo e seng wa sepe bogolo go botlhe, le fa go ntse jalo ke nna yo ke neng ka tlhophelwa tiro e, e e itumedisang, e e faphegileng ya go bolelela Badichaba Mafoko a Boitumelo a mahumo a a sa feleng a ba ka a bonang ka Keresete;
εμοι τω ελαχιστοτερω παντων αγιων εδοθη η χαρις αυτη τοις εθνεσιν ευαγγελισασθαι το ανεξιχνιαστον πλουτος του χριστου
9 le go tlhalosetsa mongwe le mongwe gore Modimo ke Mmoloki le wa Badichaba, fela jaaka ene yo o dirileng dilo tsotlhe a ne a rulaganya mo sephiring go tswa tshimologong. (aiōn g165)
και φωτισαι {VAR2: [παντας] } τις η οικονομια του μυστηριου του αποκεκρυμμενου απο των αιωνων εν τω θεω τω τα παντα κτισαντι (aiōn g165)
10 Mme tota maikaelelo a one e ne e le eng? E ne e le go supegetsa batshwara-marapo botlhe ba legodimo ka fa Modimo o leng botlhale ka teng fa botlhe ba lolwapa lwa One, Bajuta le Badichaba, ka go tshwana, ba lomagantswe mmogo mo phuthegong ya one,
ινα γνωρισθη νυν ταις αρχαις και ταις εξουσιαις εν τοις επουρανιοις δια της εκκλησιας η πολυποικιλος σοφια του θεου
11 fela jaaka o ne o sa bolo go rulaganya go dira ka Jesu Keresete Morena wa rona. (aiōn g165)
κατα προθεσιν των αιωνων ην εποιησεν εν τω χριστω ιησου τω κυριω ημων (aiōn g165)
12 Jaanong re ka tla mo Modinong kwa ntle ga poifo, re tlhomamisa kamogelo ya one e e tletseng boitumelo fa re tla ka Keresete ebile re mo ikanya.
εν ω εχομεν την παρρησιαν και προσαγωγην εν πεποιθησει δια της πιστεως αυτου
13 Ke gone tswee-tswee se lapisiweng dipelo ke se ba se ntirang kwano. Ke bogela lona mme lo tshwa-netse go ikutlwa e le tlotlo mo go lona lwa ba lwa tsenya marapo dinameng.
διο αιτουμαι μη εγκακειν εν ταις θλιψεσιν μου υπερ υμων ητις εστιν δοξα υμων
14 Fa ke akanya kaga botlhale le megopolo ya leano la one ke khubama ka mangole ke rapela Rara wa ba ntlo e kgolo yotlhe ya Modimo, bangwe ba bone ba setse ba le kwa legodimong mme ba bangwe ba fano mo lefatsheng,
τουτου χαριν καμπτω τα γονατα μου προς τον πατερα
εξ ου πασα πατρια εν ουρανοις και επι γης ονομαζεται
16 gore mo dikhumong tsa one tse di galalelang tse di senang selekanyo, o tlaa lo naya nonofo e kgolo e e ka fa teng ka Mowa wa One O O Boitshepo.
ινα δω υμιν κατα το πλουτος της δοξης αυτου δυναμει κραταιωθηναι δια του πνευματος αυτου εις τον εσω ανθρωπον
17 Mme ke rapela gore Keresete a nne ka kgololesego mo dipelong tsa lona, a nna mo go lona jaaka lo mo ikanya. A medi ya lona e tsenelele kwa teng mo loratong lwa Modimo lo lo hakgamatsang;
κατοικησαι τον χριστον δια της πιστεως εν ταις καρδιαις υμων εν αγαπη ερριζωμενοι και τεθεμελιωμενοι εν αγαπη ερριζωμενοι και τεθεμελιωμενοι
18 gape lo bo lo kgone go ikutlwela le go tlhaloganya, bana ba Modimo botlhe ba tshwanetse, kana lorato lwa gagwe lo boleele bo kae, lo bophara bo kae, lo boteng bo le kae, le gone lo kwa godimo jang; mme gore lo itemogele lorato lo ka bo lona, le fa lo le bogolo go le kalo mo lo ka sekeng lwa bona bofelelo ja lone kgotsa go tlhaloganya ka botlalo. Mme kwa bokhutlong lo tlaa tladiwa ka Modimo ka sebele.
ινα εξισχυσητε καταλαβεσθαι συν πασιν τοις αγιοις τι το πλατος και μηκος και υψος και βαθος
γνωναι τε την υπερβαλλουσαν της γνωσεως αγαπην του χριστου ινα πληρωθητε εις παν το πληρωμα του θεου
20 Jaanong a kgalalelo e nne go Modimo o ka nonofo ya one e kgolo e e dirang mo go rona, o kgonang go dira go le gotona go na le jaaka re ne re ka kopa kgotsa le go akanya ka ga gone go feta dithapelo tsa rona tse dikgolo thata mo go senang selekanyo, dikeletso tse di molemo, dikakanyo, kgotsa ditsholofelo.
τω δε δυναμενω υπερ παντα ποιησαι υπερ εκπερισσου ων αιτουμεθα η νοουμεν κατα την δυναμιν την ενεργουμενην εν ημιν
21 A o newe kgalalelo ka bosakhutleng mo dingwageng tse di sa khutleng ka ntlha ya leina la Morena la poloko ya phuthego ka Jesu Keresete. (aiōn g165)
αυτω η δοξα εν τη εκκλησια και εν χριστω ιησου εις πασας τας γενεας του αιωνος των αιωνων αμην (aiōn g165)

< Baefesia 3 >