< Baefesia 2 >
1 Lo kile lwa bo lo hutsitswe ke Modimo, lo atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa lona.
et vos cum essetis mortui delictis et peccatis vestris
2 Lo ne lo tsamaya le bontsintsi jwa batho mme lo ne lo tshwana fela le ba bangwe botlhe, lo tletse boleo, lo ikobela Satane, kgosana e kgolo ya nonofo ya loapi, e e dirang mo dipelong tsa ba ba kgatlhanong le Morena gone jaanong. (aiōn )
in quibus aliquando ambulastis secundum saeculum mundi huius secundum principem potestatis aeris huius spiritus qui nunc operatur in filios diffidentiae (aiōn )
3 Rotlhe re kile ra bo re ntse fela jaaka ba ntse, matshelo a rona a supa bosula jo bo mo go rona, re dira sengwe le sengwe sa boikepo se dikeletso tsa rona kgotsa megopolo ya rona e e bosula e neng e re gogela mo go sone. Re ne ra simolola ka bomaswe, re tsetswe ka ditlholego tse di bosula, ra bo ra nna mo bogaleng jwa Modimo fela jaaka mongwe le mongwe.
in quibus et nos omnes aliquando conversati sumus in desideriis carnis nostrae facientes voluntates carnis et cogitationum et eramus natura filii irae sicut et ceteri
4 Mme Modimo o humile kutlwelo botlhoko thata; o re ratile thata,
Deus autem qui dives est in misericordia propter nimiam caritatem suam qua dilexit nos
5 mo e leng gore le fa re ne re sule mo moweng ebile re atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa rona, o ne wa re busetsa matshelo a rona fa o tsosa Keresete mo baswing fela ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya One e e neng e sa re tshwanela, re ne ra bolokelwa ruri,
et cum essemus mortui peccatis convivificavit nos Christo gratia estis salvati
6 wa bo wa re ntsha mo lebitleng wa re tsenya mo kgalalelong mmogo le Keresete, kwa re nnang teng le ene mo mannong a segosi a selegodimo ka ntlha ya se Keresete Jesu a se dirileng.
et conresuscitavit et consedere fecit in caelestibus in Christo Iesu
7 Mme jaanong Modimo ka malatsi otlhe o ka re supegetsa e le dikai tsa ka fa bopelonomi jwa one jo bontle bo ntseng ka teng; jaaka go supiwa mo go tsotlhe tse o re di diretseng ka Jesu Keresete. (aiōn )
ut ostenderet in saeculis supervenientibus abundantes divitias gratiae suae in bonitate super nos in Christo Iesu (aiōn )
8 Ka ntlha ya bopelonomi jwa one lo bolokilwe ka go ikanya Keresete. Mme le e leng go ikanya ga se ga lona ka bo lona; le gone ke mpho e e tswang kwa Modimong.
gratia enim estis salvati per fidem et hoc non ex vobis Dei enim donum est
9 Poloko ga se tuelo ya tshiamo e re e dirileng, jalo he, ga gona ope wa rona yo o ka ipelafatsang ka yone.
non ex operibus ut ne quis glorietur
10 Ke Modimo ka bo one o o re dirileng se re leng sone wa bo wa re naya matshelo a masha a a tswang kwa go Keresete Jesu; mme mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng o ne wa loga leano la gore re tshwanetse go dirisa matshelo go thusa ba bangwe.
ipsius enim sumus factura creati in Christo Iesu in operibus bonis quae praeparavit Deus ut in illis ambulemus
11 Se lebaleng gore lo kile lwa bo lo le baheitane, le gore Bajuta ba ne ba lo bitsa batho ba ba senang Modimo, ba ba “leswe”. (Mme le bone dipelo tsa bone di ne di santse di le leswe, le fa ba ne ba tsena mo dingwaong le mo medirong ya basiami, gonne ba ne ba ithupisa e le sesupo sa bomodimo).
propter quod memores estote quod aliquando vos gentes in carne qui dicimini praeputium ab ea quae dicitur circumcisio in carne manufacta
12 Gakologelwang gore malatsing ao lo ne lo tshela kwa ntle ga ga Keresete; lo ne lo le baba ba bana ba Modimo mme o ne o sa lo solofetsa thuso epe. Lo ne lo latlhegile, lo sena Modimo, lo sena tsholofelo.
quia eratis illo in tempore sine Christo alienati a conversatione Israhel et hospites testamentorum promissionis spem non habentes et sine Deo in mundo
13 Mme jaanong lo ba ga Keresete, mme le fa lo kile lwa ne lo le kgakala le Modimo, jaanong lo tlisitswe gaufi le one ka ntlha ya se Keresete o se lo diretseng ka madi a gagwe.
nunc autem in Christo Iesu vos qui aliquando eratis longe facti estis prope in sanguine Christi
14 Gonne Keresete ka sebele ke tsela ya rona ya kagiso. O dirile kagiso fa gare ga rona Bajuta le lona Badichaba ka go re dira bana ba lolwapa lo le longwe, a diga lorako lwa kilano e e tletseng lonyatso e e neng e re kgaoganya.
ipse est enim pax nostra qui fecit utraque unum et medium parietem maceriae solvens inimicitiam in carne sua
15 Ka loso lwa gagwe o khutlisitse tsogologano le pifelano fa gare ga rona, e e neng e dirwa ke melao ya Sejuta e e neng e sireleditse Bajuta fela e kgetholola Badichaba, gonne o swetse gore a phimole tsela eo yotlhe ya melao ya Sejuta. Mme a tsaya ditlhopha tse pedi tse di neng di sa utlwane a di dira ditokololo tsa gagwe; ka go dira jalo a re bopaganya go nna motho a le mongwe yo mosha, mme lwa bofelo ga nna kagiso.
legem mandatorum decretis evacuans ut duos condat in semet ipsum in unum novum hominem faciens pacem
16 Ka re le ditokololo tsa mmele wa gagwe, dikilano tsa rona di nyeletse, gonne rotlhe re letlantswe mo Modimong. Jalo he, lwa bofelo kgotlhang ya felela kwa mokgorong.
et reconciliet ambos in uno corpore Deo per crucem interficiens inimicitiam in semet ipso
17 Mme o rile Mafoko a a Molemo a, a kagiso kwa go lona Badichaba ba lo neng lo le kgakala thata nae, le kwa go rona Bajuta ba re neng re le gaufi.
et veniens evangelizavit pacem vobis qui longe fuistis et pacem his qui prope
18 Jaanong rotlhe fela, Bajuta kgotsa Badichaba, re ka tla kwa Modimong Rara ka thuso ya Mowa O O Boitshepo ka ntlha ya se Keresete o se re diretseng.
quoniam per ipsum habemus accessum ambo in uno Spiritu ad Patrem
19 Jaanong ga lo sa tlhole lo le baeng mo Modimong le bajaki mo legodimong, mme lo ba lolwapa lwa Modimo tota, ebile lo ba ntlo ya one mmogo le Bakeresete botlhe.
ergo iam non estis hospites et advenae sed estis cives sanctorum et domestici Dei
20 A motheo o montle o lo emeng mo go one jaanong jaana: ebong baaposetoloi le baporofiti: Jesu Keresete ka sebele e leng lentswe la kago la kgokgotshwana.
superaedificati super fundamentum apostolorum et prophetarum ipso summo angulari lapide Christo Iesu
21 Rona ba re dumelang re lomagantswe sentle le Keresete jaaka ditokololo tsa tempele e ntle ya Modimo e e golelang pele.
in quo omnis aedificatio constructa crescit in templum sanctum in Domino
22 Mme le lona lo lomagantswe nae le ba bangwe ke Mowa, jalo lo tokololo ya ntlo e ya Modimo.
in quo et vos coaedificamini in habitaculum Dei in Spiritu