< Baefesia 1 >

1 Ditsala tsa me tsa Bakeresete mo Efeso tse di rategang, tse ka malatsi otlhe di ikanyegang mo Moreneng: ke nna Paulo yo ke lo kwalelang, yo ke tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete.
Paulus apostolus Christi Iesu per voluntatem Dei sanctis omnibus qui sunt Ephesi et fidelibus in Christo Iesu
2 A masego a gagwe le kagiso a nne le lona, a lo a romeletsweng ke Modimo Rraetsho le Jesu Keresete Morena wa rona.
gratia vobis et pax a Deo Patre nostro et Domino Iesu Christo
3 Mme re galaletsa Modimo thata jang, Ra-Morena wa rona ebong Jesu Keresete, yo o re segofaditseng ka lesego lengwe le lengwe mo legodimong ka gobo re le ba ga Keresete.
benedictus Deus et Pater Domini nostri Iesu Christi qui benedixit nos in omni benedictione spiritali in caelestibus in Christo
4 Erile bogologolo, le pele ga o dira lefatshe, Modimo o ne wa re itlhophela go nna baone tota, ka se Keresete o neng a tlaa se re direla; o ne wa ikaelela go re itshepisa mo matlhong a One, re sena molato ope rona ba re emeng fa pele ga one re apere lorato lwa one.
sicut elegit nos in ipso ante mundi constitutionem ut essemus sancti et inmaculati in conspectu eius in caritate
5 Leano la one le le sa fetogeng e ntse ka malatsi otlhe e le go re dira ba lelwapa la One ka go roma Jesu Keresete go tla go re swela. Mme o ne o dira jaana ka gore o ne o batla go dira jalo!
qui praedestinavit nos in adoptionem filiorum per Iesum Christum in ipsum secundum propositum voluntatis suae
6 Jaanong a pako yotlhe e nne go Modimo ka ntlha ya bopelonomi jwa one jo bo hakgamatsang mo go rona, le botsalano jo o re bo neileng ka ntlha ya go bo re le ba Morwaa One yo o rategang thata.
in laudem gloriae gratiae suae in qua gratificavit nos in dilecto
7 Jalo he, bopelonomi jwa One bo a penologa mo go rona gonne o ne wa tlosa dibe tsotlhe tsa rona ka madi a Morwaa One, yo re bolokwang ka ene;
in quo habemus redemptionem per sanguinem eius remissionem peccatorum secundum divitias gratiae eius
8 gape o re neseditse khumo ya tshegofatso ya One, gonne o re tlhaloganya sentle thata ebile o itse se se re siametseng ka dinako tsotlhe.
quae superabundavit in nobis in omni sapientia et prudentia
9 Modimo o re boleletse lebaka la sephiri sa One sa go romela Keresete, leano la kutlwelobotlhoko le o sa bolong go le akanya;
ut notum faceret nobis sacramentum voluntatis suae secundum bonum placitum eius quod proposuit in eo
10 mme maikaelelo a One e ne e le a: gore e re fa lobaka lo setse lo siame o re phuthe rotlhe gongwe le gongwe kwa re leng teng, mo legodimong kgotsa mo lefatsheng, go nna le one mo go Keresete, ka bosakhutleng.
in dispensationem plenitudinis temporum instaurare omnia in Christo quae in caelis et quae in terra sunt in ipso
11 Segolo jang ka ntlha ya se Keresete a se dirileng, re nnile dimpho tsa Modimo tse o di itulelang, mme ka ele bontlhabongwe jwa leano la bogosi re sale re tlhophiwa go nna ba One go tswa tshimologong, mme dilo tsotlhe di diragala fela jaaka o sale o ikaeletse bogologolo.
in quo etiam sorte vocati sumus praedestinati secundum propositum eius qui omnia operatur secundum consilium voluntatis suae
12 Maikaelelo a Modimo mo go lone leano le, e ne e le gore re galaletse Modimo re bo re o neye kgalalelo ka ntlha ya go re direla dilo tse dikgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go re direla dilo tse di kgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go ikanya Keresete.
ut simus in laudem gloriae eius qui ante speravimus in Christo
13 Mme ka ntlha ya se Keresete o se dirileng, le lona lotlhe ba bangwe, ba lo utlwileng Mafoko a a Molemo a ka fa lo ka bolokwang ka teng, lwa ba lwa ikanya Keresete, lo ne lwa tshwaiwa ke Mowa O O Boitshepo gore lo ba ga Keresete, o e rileng bogologolo ra o solofediwa rotlhe rona Bakeresete.
in quo et vos cum audissetis verbum veritatis evangelium salutis vestrae in quo et credentes signati estis Spiritu promissionis Sancto
14 Go nna teng ga gagwe mo go rona ke tlhomamiso ya Modimo gore tota o tlaa re neela gotlhe mo o go re solofeditseng; mme sekano sa mowa O O Boitshepo mo go rona se raya gore Modimo o setse o re rekile, le gore o tlhomamisa go re busetsa kwa go one. Ke lone fela lebaka le lengwe le re tshwanetseng go galaletsa Modimo wa rona wa kgalalelo ka lone.
qui est pignus hereditatis nostrae in redemptionem adquisitionis in laudem gloriae ipsius
15 Ke gone ka mo e leng gore, fa e sale fela e re ke sena go utlwalela kaga tumelo ya lona e e nonofileng mo go Morena Jesu le kaga lorato lo lo nang nalo mo Bakereseteng gongwe le gongwe,
propterea et ego audiens fidem vestram quae est in Domino Iesu et dilectionem in omnes sanctos
16 ga ke ise ke ko ke khutle go leboga Modimo kaga lona. Ke lo rapelela gangwe le gape, ke kopa Mo-dimo, Rara yo o galalelang wa Morena wa rona Jesu Keresete, go lo naya botlhale go bona sentle le go tlhaloganya tota gore Jesu ke mang le gotlhe mo o go lo diretseng.
non cesso gratias agens pro vobis memoriam vestri faciens in orationibus meis
ut Deus Domini nostri Iesu Christi Pater gloriae det vobis spiritum sapientiae et revelationis in agnitione eius
18 Ke rapelela gore dipelo tsa lona di tlale lesedi gore lo tle lo bone sengwe sa malatsi a a saleng kwa pele se a se lo bileditseng go nna le seabe mo go sone. Ke batla gore lo lemoge gore Modimo o humile gonne rona ba re leng ba ga Keresete re ba one.
inluminatos oculos cordis vestri ut sciatis quae sit spes vocationis eius quae divitiae gloriae hereditatis eius in sanctis
19 Ke rapelela gore lo simolole go tlhaloganya ka fa nonofo ya One e leng kgolo ka teng go thusa ba ba dumelang mo go One. Mme e ntse ke yone fela nonofo e kgolo eo,
et quae sit supereminens magnitudo virtutis eius in nos qui credidimus secundum operationem potentiae virtutis eius
20 e e tsositseng Keresete mo baswing ya mmaya mo lefelong la tlotlo ka fa lebogong le legolo la Modimo mo legodimong,
quam operatus est in Christo suscitans illum a mortuis et constituens ad dexteram suam in caelestibus
21 kwa godimo-dimo thata go feta kgosi le fa e ka ne e le efe kgotsa mmusi kgotsa molaodi yo o sa fetolweng kgotsa moeteledipele. Ee, tlotlo ya gagwe e galalela thata go feta le fa e le ya ga mang mo lefatsheng leno kgotsa mo lefatsheng le le tlang. (aiōn g165)
supra omnem principatum et potestatem et virtutem et dominationem et omne nomen quod nominatur non solum in hoc saeculo sed et in futuro (aiōn g165)
22 Mme Modimo o beile dilo tsotlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe wa bo wa mo dira Tlhogo kgolo ya phuthego,
et omnia subiecit sub pedibus eius et ipsum dedit caput supra omnia ecclesiae
23 e e leng mmele wa gagwe, e e tladitsweng ka ene, Motlhodi le Moabi wa dilo tsotlhe gongwe le gongwe.
quae est corpus ipsius plenitudo eius qui omnia in omnibus adimpletur

< Baefesia 1 >