< Bakolosa 4 >
1 Lona beng ba batlhanka lo tshwanetse gosiama ka tekatekanyo mo batlhankeng ba lona botlhe. Gakologelwang ka malatsi otlhe gore le lona lo na le Mongwa lona kwa legodimong yo o lo etseng tlhoko thata.
상전들아 의와 공평을 종들에게 베풀지니 너희에게도 하늘에 상전이 계심을 알지어다
2 Se lapisegeng mo thapelong; nnang mo go yone; lebelelang dikarabo tsa Modimo lo bo lo gakologelwe go leboga fa di tla.
기도를 항상 힘쓰고 기도에 감사함으로 깨어 있으라
3 Se lebaleng go re rapelela le rona, gore Modimo o re neye nako e ntsi go rera Mafoko a a Molemo a ga Keresete a ke leng fano mo kgolegelong ka ntlha ya one.
또한 우리를 위하여 기도하되 하나님이 전도할 문을 우리에게 열어주사 그리스도의 비밀을 말하게 하시기를 구하라 내가 이것을 인하여 매임을 당하였노라
4 Rapelang gore ke tle ke nne pelokgale go a bolela ke lokologile le ka botlalo, le go a dira gore a tlhaloganngwe, jaaka tota, ke tshwanetse.
그리하면 내가 마땅히 할 말로써 이 비밀을 나타내리라
5 Dirisang dinako tsa lona tse dintsi lo bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo. Nnang botlhale mo go kopaneng ga lona le bone mo dilong tsotlhe.
외인을 향하여서는 지혜로 행하여 세월을 아끼라!
6 A dikgang tsa lona di nne tse di nametsang le tse di utlwalang, gonne ka go dira jalo lo tlaa nna le karabo e e tshwanelang mongwe le mongwe.
너희 말을 항상 은혜 가운데서 소금으로 고루게 함같이 하라 그리하면 각 사람에게 마땅히 대답할 것을 알리라
7 Tukiko, mokaulengwe wa rona yo o rategang thata, o tlaa lo bolelela ka fa ke tswelelang ka teng. Ke modiri yo o senatla ebile o direla Morena le nna.
두기고가 내 사정을 다 너희에게 알게 하리니 그는 사랑을 받는 형제요 신실한 일군이요 주 안에서 함께 된 종이라
8 Ke mo romile mo loetong lo lwa botlhokwa go bona gore lo tsoga jang, go lo gomotsa le go lo kgothatsa.
내가 저를 특별히 너희에게 보낸 것은 너희로 우리 사정을 알게 하고 너희 마음을 위로하게 하려 함이라
9 Ke roma le Onesima, mokaulengwe yo o ikanyegang yo ebileng a ratega thata, mongwe wa ba ga lona. Ene le Tukiko ba tlaa lo naya dikgang tsotlhe tse di ncha.
신실하고 사랑을 받는 형제 오네시모를 함께 보내노니 그는 너희에게서 온 사람이라 저희가 여기 일을 다 너희에게 알게 하리라
10 Arisetareko, yo ke nang nae kwano jaaka legolegwa, o a lo dumedisa, le Mareko wa losika lwa ga Barenabase le ene o a lo dumedisa. Mme fela jaaka ke buile pele, amogelang Mareko ka kamogelo e e tletseng boitumelo fa a tla kwa go lona.
11 Le Jesu yo o bidiwang Juseto o a lo dumedisa. Ke bone fela Bakeresete ba Sejuta ba ba dirang le nna kwano, mme ba ntse ba le kgomotso thata jang mo go nna!
12 Epaferase, yo o tswang mo motseng wa lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa. O lo rapelela ka tlhwaafalo malatsi otlhe, a kopa Modimo go lo nonotsha le go lo dira boitekanelo le go lo thusa go itse go rata ga One mo go sengwe le sengwe se lo se dirang.
13 Ke ka lo tlhomamisetsa gore, lona le Bakeresete ba Laodikea le Hirapolise, o lo diretse ka bonatla jotlhe mo dithapelong tsa gagwe.
14 Ngaka Luke yo o rategang le Demase ba a lo dumedisa.
15 Tswee-tswee ntumedisetsang ditsala tsa Bakeresete kwa Laodikia. Lo ntumedisetse le Nimefase, le ba ba phuthegelang mo lwapeng lwa gagwe.
16 Mme fa lo sena go bala lokwalo lo, lo lo fetisetse kwa phuthegong e e kwa Laokikia. Lo bo lo bale le lokwalo lo ke lo ba kwaletseng.
17 Lo bo lo reye Arekipo lo re, “A tlhomamise gore a dire tsotlhe tse Morena o di mo laoletseng go di dira.”
18 Tumediso ya me e ke e kwadileng ka seatla same ke e: Nkgakologelwang kwano mo kgolegelong. A masego a Modimo a lo agelele. Ke nna wa lona ruri, Paulo.