< Bakolosa 3 >
1 E re ka lo tshedile gape, go bua jalo ke gore, ka Keresete a tsogile mo baswing, jaanong tlhomang megopolo ya lona mo mahumong a a molemo le dilo tse di itumedisang tsa legodimo kwa Keresete o ntseng gone fa lotlhakoring lwa Modimo mo lefelong la tlotlo le nonofo.
igitur si conresurrexistis Christo quae sursum sunt quaerite ubi Christus est in dextera Dei sedens
2 Tlhomang megopolo ya lona mo dilong tse di kwa godimo, eseng mo go tse di mo lefatsheng.
quae sursum sunt sapite non quae supra terram
3 Lo se ka lwa ba lwa nna le fa e le keletso ya lefatshe leno, fela jaaka motho yo o suleng. Botshelo jwa lona tota bo kwa legodimong kwa go Keresete le Modimo.
mortui enim estis et vita vestra abscondita est cum Christo in Deo
4 Mme fa Keresete yo e leng botshelo jwa rona tota a tla gape, lo tlaa galalela nae lo bo lo nna le seabe mo kgalalelong yotlhe ya gagwe.
cum Christus apparuerit vita vestra tunc et vos apparebitis cum ipso in gloria
5 Ke gone kgaoganang le dilo tsa boleo tsa selefatshe; bolayang dithato tse di bosula tse di iphitlhileng mo go lona; se tlhokaneng le sebe sa boaka, bomaswe, keletso e e bosula le dikeletso tse di tlhabisang ditlhong; se obameleng dilo tse di molemo tsa botshelo, gonne seo ke go obamela medimo ya disetwa.
mortificate ergo membra vestra quae sunt super terram fornicationem inmunditiam libidinem concupiscentiam malam et avaritiam quae est simulacrorum servitus
6 Bogale jwa Modimo jo bo tukang bo wetse bone ba ba dirang dilo tse.
propter quae venit ira Dei super filios incredulitatis
7 Lo ne lo e tle lo di dire fa botshelo jwa lona e santse e le tokololo ya lefatshe leno;
in quibus et vos ambulastis aliquando cum viveretis in illis
8 mme jaanong ke nako ya go apola le go latlha diaparo tse di bodileng tse tsa kgakalo, kilo, thogakano, le puo e e leswe.
nunc autem deponite et vos omnia iram indignationem malitiam blasphemiam turpem sermonem de ore vestro
9 Se akelaneng gonne botshelo jwa lona jo bogologolo le boikepo jwa jone ke jone jo bo neng bo dira selo se se ntseng jalo; jaanong bo sule bo nyeletse.
nolite mentiri invicem expoliantes vos veterem hominem cum actibus eius
10 Lo tshela botshelo jo bosha gotlhelele jo bo tsweletseng bo ithuta thata kaga se se molemo ebile lo leka gangwe le gape go tshwana le Keresete yo o tlhodileng botshelo jo bosha jo mo go lona.
et induentes novum eum qui renovatur in agnitionem secundum imaginem eius qui creavit eum
11 Mo botshelong jo bosha jo, bomorafe kgotsa lotso, kgotsa thutego ya motho, kgotsa maemo a o nang nao mo go tsa matshelo, dilo tse tsotlhe ga di botlhokwa; ga di reye sepe. Se se tlhokegang ke gore a motho o na le Keresete, gonne Keresete o bonwa ke batho botlhe fela ka go tshwana.
ubi non est gentilis et Iudaeus circumcisio et praeputium barbarus et Scytha servus et liber sed omnia et in omnibus Christus
12 E re ka lo tlhophilwe ke Modimo o o lo neileng mofuta o wa botshelo jo bosha, gape le ka ntlha ya lorato lwa one lo logolo le ka go lo tlhobaelela, lo dire kutlwelo-botlhoko le lorato le bopelonomi mo go ba bangwe. Se tshwenyegeng kaga go dira mogopolo o o siameng mo go bone mme nnang lo ipaakanyeditse go boga ka tidimalo le ka bopelotelele.
induite vos ergo sicut electi Dei sancti et dilecti viscera misericordiae benignitatem humilitatem modestiam patientiam
13 Mme nnang pelonolo lo ikemiseditse go itshwarela; se tsholaneng ka dipelo. Gakologelwang gore Morena o lo itshwaretse, jalo lo tshwanetse go itshwarela ba bangwe.
subportantes invicem et donantes vobis ipsis si quis adversus aliquem habet querellam sicut et Dominus donavit vobis ita et vos
14 Mme mo godimo ga dilo tsotlhetse, a lorato lo goge botshelo jwa lona gonne ka go dira jalo, phuthego e tlaa nna mmogo ka kutlwano e e boitekanelo.
super omnia autem haec caritatem quod est vinculum perfectionis
15 A kagiso e e tswang kwa go Keresete e nne mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona ka malatsi otlhe, gonne mo ke tiro ya lona le tshwa-nelo ya lona jaaka lo le ditokololo tsa mmele wa gagwe. Lo nne lo leboge Morena ka malatsi otlhe.
et pax Christi exultet in cordibus vestris in qua et vocati estis in uno corpore et grati estote
16 Gakologelwang se Keresete a se rutileng, lo bo lo letle mafoko a gagwe go nonotsha matshelo a lona a bo a lo tlhalefise; rutanang ka ga one lo bo lo opele mo Dipesalemeng le mo difeleng le mo dipineng tsa semowa, lo opelela Morena ka dipelo tse di lebogang.
verbum Christi habitet in vobis abundanter in omni sapientia docentes et commonentes vosmet ipsos psalmis hymnis canticis spiritalibus in gratia cantantes in cordibus vestris Deo
17 Mme le fa e le eng se lo se dirang kgotsa se lo se buang, a se nne jaaka moemedi wa Morena Jesu, lo bo lo leboge Modimo Rara ka ene.
omne quodcumque facitis in verbo aut in opere omnia in nomine Domini Iesu gratias agentes Deo et Patri per ipsum
18 Lona basadi ba ba nyetsweng, ineeleng mo banneng ba lona, gonne seo ke se Morena o se lo rulaganyeditseng.
mulieres subditae estote viris sicut oportet in Domino
19 Mme lona banna lo tshwanetse lwa nna le lorato le bopelonolo mo basading ba lona, lo lese bogalaka mo go bone le fa e le go ba galefela.
viri diligite uxores et nolite amari esse ad illas
20 Mme lona bana lo tshwanetse go ikobela borraa lona le bommaa lona, gonne seo se itumedisa Morena.
filii oboedite parentibus per omnia hoc enim placitum est in Domino
21 Borra bana se kgadiepetseng bana ba lona mo e leng gore go ba nyemisa moko ba bo ba latlhegelwe ke maiteko.
patres nolite ad indignationem provocare filios vestros ut non pusillo animo fiant
22 Lona batlhanka lo tshwanetse go ikobela beng ba lona ba lefatshe ka malatsi otlhe, lo sa leke go ba itumedisa fela fa ba lo lebeletse mme lo ba itumedisa ka metlha yotlhe; ba ikobeleng ka boineelo ka ntlha ya lorato lwa lona mo Moreneng le ka ntlha ya gore lo batla go mo itumedisa.
servi oboedite per omnia dominis carnalibus non ad oculum servientes quasi hominibus placentes sed in simplicitate cordis timentes Dominum
23 Dirang thata le ka boitumelo mo go tsotlhe tse lo di dirang, fela jaaka o kare lo ne lo direla Morena eseng fela beng ba lona;
quodcumque facitis ex animo operamini sicut Domino et non hominibus
24 lo gakologelwe gore ke Morena Keresete yo o tlaa lo duelang, a lo neela seabe sa lona se se tletseng sa tsotlhe tse a nang natso. Ke ene yo tota lo mo direlang.
scientes quod a Domino accipietis retributionem hereditatis Domino Christo servite
25 Mme fa lo sa mo direle ka bojotlhe jwa lona; o tlaa lo duela ka tsela e lo senang go e rata, gonne ga a na ba a ba ratang go gaisa ba bangwe, ba ba ka tswelelang ba dira ka go itsemeletsa mo tirong.
qui enim iniuriam facit recipiet id quod inique gessit et non est personarum acceptio