< Bakolosa 1 >
1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le kwa go mokaulengwe Timotheo.
Paul, an apostle of Christ Jesus by the will of God, and Timothy the brother,
2 Lo ya kwa: Bakaulengweng ba Bakeresete ba ba ikanyegang, batho ba Modimo, mo motseng wa Kolosa. A Modimo Rara wa rona o lo nesetse matlhogonolo o bo o lo tlatse ka kagiso ya One e kgolo.
to the saints and faithful brethren in Christ at Colossae: Grace be to you, and peace, from God our Father.
3 Nako nngwe le nngwe fa re lo rapelela re simolola ka go leboga Modimo Rraa Morena wa rona Jesu Keresete,
We give thanks to God, the Father of our Lord Jesus Christ, praying always for you,
4 gonne re utlwile gore lo ikanya Modimo go le kae, le gore lo rata batho ba one go le kae.
since we heard of your faith in Christ Jesus, and of the love which ye have to all the saints,
5 Ebile lo solofetse go amogela dilo tse di itumedisang tsa legodimo, le gone ga lo bolo go nna lo di solofela go simolola ka nako e Mafoko a a Molemo a neng a simolola go rerwa ka yone mo go lona.
on account of the hope which is laid up for you in the heavens, of which ye heard before in the word of the truth of the gospel,
6 One Mafoko a a Molemo a, a a tsileng kwa go lona, a anamela mo lefatsheng lotlhe ebile a fetola matshelo a batho gongwe le gongwe, fela jaaka a fetotse matshelo a lona ka lone letsatsi le lo neng lo a utlwa ka lone lwa ba lwa tlhaloganya ka ga kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo mo baleofing.
which is come to you, as it is in all the world, and is bearing fruit and growing, as it doth also in you, from the day ye heard it, and knew the grace of God in truth;
7 Epafarase modiri ka rona yo o rategang thata ke ene yo o neng a lo leretse Mafoko a a Molemo a. Ke motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jesu Keresete, go re thusa mo boemong jwa lona.
even as ye learned from Epaphras our beloved fellow-servant, who is a faithful minister of Christ on your behalf;
8 Gape ke ene yo o re boleletseng kaga lorato lo logolo mo go ba bangwe lo Mowa O O Boitshepo o lo lo neileng.
who also brought to our knowledge your love in the Spirit.
9 Jalo he, e sale e re fela re utlwa kaga lona re bo re tswelela re rapela re kopa Modimo go lo thusa go tlhaloganya se o batlang lo se dira, le go tlhaloganya dilo tsa semowa;
On this account we also, from the day we heard of it, cease not to pray for you, and to ask that ye may be filled with the knowledge of his will in all wisdom and spiritual understanding;
10 le go kopa gore tsela e lo tshelang ka yone e itumedise Morena ka metlha yotlhe lo bo lo mo tlotle, gore lo age lo dira, dilo tse di molemo mo go ba bangwe, lo ntse lo tswelela go ithuta go itse Modimo botoka.
that ye may walk worthily of the Lord so as to please him in all things, bearing fruit in every good work, and increasing in the knowledge of God;
11 Re rapelela gape gore lo tladiwe ka nonofo ya one e kgolo e e galalelang gore lo tle lo kgone go tswelela pele le go le mathata, lo tletse boitumelo jwa Morena ka metlha yotlhe,
endued with all power according to the might of his glory unto all patience and long-suffering with joy;
12 ebile lo leboga ka metlha yotlhe Rara yo o re nonotshitseng go nna le seabe mo dilong tsotlhe tse dintle tse e leng tse ba ba nnang mo Bogosing jwa Lesedi.
giving thanks to the Father, who enabled us to share in the inheritance of the saints in the light;
13 Gonne o re falotshitse ka go re ntsha mo lefifing le mo phifalong ya bogosi jwa ga Satane mme wa re tsenya mo bogosing jwa Morwa One yo o rategang,
who rescued us from the empire of darkness, and transferred us into the kingdom of his beloved Son;
14 yo o rekileng kgololo ya rona ka madi a gagwe a bo a itshwarela dibe tsa rona tsotlhe.
in whom we have our redemption, the forgiveness of our sins; —
15 Keresete ke setshwano tota sa Modimo o o sa bonweng ka matlho, O ne a le teng pele ga Modimo o tlhola lobopo lotlhe, mme tota,
who is the image of the invisible God, the first-born of the whole creation;
16 Keresete ka sebele ke mmopi yo o tlhodileng sengwe le sengwe mo legodimong le mo lefasheng, dilo tse re ka di bonang le tse re se ka keng ra di bona; lefatshe la semowa ka dikgosi tse lone le mebuso ya lone, babusi ba lone le maotlana a lone; gotlhe go dirilwe ke Keresete go dirisiwa ke ene mo kgalalelong ya gagwe.
for in him were created all things, those in the heavens, and those on the earth, the visible and the invisible, whether thrones, or dominions, or principalities, or powers, all things have been created through him and for him;
17 O ne a le teng pele ga sengwe le sengwe se simologa, mme gape ke nonofo ya gagwe e e tshwaragantseng sengwe le sengwe.
and he is before all things, and in him all things subsist.
18 Ke ene tlhogo ya mmele o o dirilweng ka batho ba gagwe, ke gore, phuthego ya gagwe e a e simolo-tseng; gape ke Moeteledipele wa botlhe ba ba tsogang mo baswing, gore a nne wa ntlha mo dilong tsotlhe;
And he is the head of the body, the church; since he is the beginning, the first-born from the dead, that he may be in all things pre-eminent;
19 gonne Modimo o ne o batla gore gotlhe mo e leng ga one go nne mo go Morwa One.
for God was pleased that in him all the fullness should dwell, and by him to reconcile all things to himself,
20 E ne e le ka ntlha ya se Morwa One a se dirileng, mo Modimo o neng wa betlela sengwe le sengwe tsela ya go tla kwa go one, dilo tsotlhe mo legodimong le mo lefatsheng, gonne loso lwa ga Keresete mo mokgorong lo diretse botlhe kagiso mo Modimong ka madi a gagwe.
having made peace through the blood of his cross, by him, I say, whether the things on earth, or those in the heavens.
21 Mo go balelwa le lona ba lo kileng lwa ne lo le kgakala thata le Modimo. Lo ne lo le baba ba one, lo o ila ebile lo ne lo kgaogantswe le one ke megopolo ya lona e e bosula le ditiro tsa lona mme le fa go ntse jalo jaanong o lo buseditse mo go one go nna ditsala tsa one.
And you, that were once alienated, and enemies in your mind in wicked works, yet now hath he reconciled
22 O dirile jaana ka ntlha ya go swa ga mmele wa gagwe wa botho mo mokgorong, mme ka ntlha ya go dira jalo Keresete o lo tlisitse fa pele ga Modimo ka sebele, mme lo eme foo fa pele ga gagwe go se na sepe se se setseng kgatlhanong le lona, go se na sepe se se setseng se a neng a ka se lo omanyetsa;
in the body of his flesh through his death, to present you holy and blameless and irreproachable in his sight;
23 se se batlwang fela mo go lona ke gore lo dumele Boammaaruri ka botlalo, lo eme mo go jone lo sa reketle ebile lo nitame, lo nonofile mo Moreneng, lo dumela ka botlalo mo Mafokong a a Molemo gore Jesu o lo swetse, ebile lo sa sute mo go mo ikanyeng go lo boloka. Se mafoko a mantle a a hakgamatsang a a tsileng mo go mongwe le mongwe wa lona mme jaanong a aname le lefatshe lotlhe. Mme nna Paulo, ke na le boitumelo jwa go a bolelela ba bangwe.
if ye indeed continue in the faith grounded and settled, and not moved away from the hope of the gospel, which ye heard, which hath been preached in the whole creation under heaven; of which I Paul became a minister.
24 Mme bontlha bongwe jwa tiro ya me ke go lo bogela; gape ke a itumela, gonne ke thusa go feleletsa masalela a dipogiso tsa mmele wa ga Keresete, ebong phuthego.
Now I rejoice in my sufferings for you, and fill up instead that which is wanting of the afflictions of Christ in my flesh on behalf of his body, which is the church;
25 Modimo o nthomile go thusa phuthego ya one, le go lo bolelela lona Badichaba leano la one le le fitlhegileng.
of which I became a minister, according to the stewardship which God entrusted to me, for you, to fulfill the word of God,
26 Ga o bolo go fitlha bosaitsiweng jo mo dingwageng tse di makgolokgolo le mo dikokomaneng tse di fetileng, mme jaanong kwa bofelong go mo itumedisitse go bo bolelela ba ba o ratang ebile ba o tshelela, mme mahumo le kga-lalelo ya maikaelelo a one ke a lona le Badichaba. Mme bosaitsiweng joo ke jo: gore Keresete mo dipelong tsa lona ke ene fela tsholofelo ya lona ya kgalalelo. (aiōn )
the mystery which hath been hidden for ages and generations, but hath been now revealed to his saints; (aiōn )
to whom it was the will of God to make known what is the riches of the glory of this mystery among the gentiles, which is Christ in you, the hope of glory;
28 Jalo gongwe le gongwe kwa re yang teng re bua kaga Keresete mo go botlhe ba ba tlaa ree-tsang, re ba tlhagisa ebile re ba ruta ka fa re itseng ka teng ka ntlha ya se Keresete a se diretseng mongwe le mongwe wa bone.
whom we preach, warning every man, and teaching every man in all wisdom, that we may present every man perfect in Christ;
29 Ke yone tiro ya me e, mme ke ka e dira fela ka ntlha ya gore nonofo e kgolo ya ga Keresete e dira mo go nna.
to which end I also am laboring, striving earnestly through his working, which worketh within me mightily.