< Ditiro 1 >
1 Tsala e e rategang e e ratang Modimo: mo lokwalong lwa me lwa ntlha, ke lo boleletse kaga botshelo le dithuto tsa ga Morena Jesu le ka fa a neng a boela legodimong ka teng fa a sena go fa barutwa ba gagwe ditaelo tse di tswang kwa Moweng O O Boitshepo.
primum quidem sermonem feci de omnibus o Theophile quae coepit Iesus facere et docere
usque in diem qua praecipiens apostolis per Spiritum Sanctum quos elegit adsumptus est
3 Mo malatsing a le masome mane morago ga papolo ya gagwe, o ne a ntse a ipontsha barutwa ba gagwe a le mo sebopegong sa setho, gape a ba lemotsha ka ditsela tse dintsi gore ke ene tota yo ba mmonang. Mme mo dinakong tse o ne a buisanya le bone kaga Bogosi jwa Modimo.
quibus et praebuit se ipsum vivum post passionem suam in multis argumentis per dies quadraginta apparens eis et loquens de regno Dei
4 Mo go nngwe ya diphuthego tse, o ne a ba bolelela gore ba seka ba tloga mo Jerusalema go fitlhelela Mowa O O Boitshepo o ba apesa e le go diragatsa tsholofetso ya ga Rara, puo e a neng a kile a buisanya le bone ka yone.
et convescens praecepit eis ab Hierosolymis ne discederent sed expectarent promissionem Patris quam audistis per os meum
5 Mme a ba gakolola gore “Johane o kolobeditse ka metsi, mme jaanong lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo mo malatsing a se kae a a tlang”.
quia Iohannes quidem baptizavit aqua vos autem baptizabimini Spiritu Sancto non post multos hos dies
6 Mme ka lobaka longwe fa a bonala kwa go bone, ba mmotsa ba re, “Morena a o ya go golola Iseraele [mo go Roma] jaanong o bo o re dira chaba e e gololesegileng?”
igitur qui convenerant interrogabant eum dicentes Domine si in tempore hoc restitues regnum Israhel
7 Mme a fetola a re, “Rara ke ene a rulaganyang dipaka tsa go nna jalo. Mme ga se ga lona gore lo itse kaga tsone.
dixit autem eis non est vestrum nosse tempora vel momenta quae Pater posuit in sua potestate
8 Mme fa Mowa O O Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa amogela nonofo ya go rera ka bothakga jo bogolo mo bathong ba Jerusalema le mo Judea yotlhe le mo Samarea, le kwa dikhutlong tsa lefatshe ka ga loso le tsogo ya me.”
sed accipietis virtutem supervenientis Spiritus Sancti in vos et eritis mihi testes in Hierusalem et in omni Iudaea et Samaria et usque ad ultimum terrae
9 Mme erile a sena go bua mafoko a, a tlhatlhogela kwa legodimong a nyelela mo lerung, a ba tlogela ba mo lebile ka kakabalo.
et cum haec dixisset videntibus illis elevatus est et nubes suscepit eum ab oculis eorum
10 Fa ba sa ntse ba mo tsepegile matlho go mmona lwa bofelo, ka tshoganetso banna ba babedi ba apere dipurapura tse di tshweu ba bo ba eme fa thoko ga bone,
cumque intuerentur in caelum eunte illo ecce duo viri adstiterunt iuxta illos in vestibus albis
11 mme ba re, “Banna ba Galalea ke eng fa lo tsepegetse a matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!”
qui et dixerunt viri galilaei quid statis aspicientes in caelum hic Iesus qui adsumptus est a vobis in caelum sic veniet quemadmodum vidistis eum euntem in caelum
12 Ba ne ba le kwa Thabeng Lotlhware fa se se diragala, jaanong ba boela kwa morago ba tsamaya sephatlo sa mmaele go boela kwa Jerusalema.
tunc reversi sunt Hierosolymam a monte qui vocatur Oliveti qui est iuxta Hierusalem sabbati habens iter
13 Mme ba tshwara thapelo mo ntlwanenge e kwa godimo e ba neng ba nna mo go yone. A ke maina a ba ba neng ba le teng mo phuthegong ya thapelo. Petere, Johane, Jakobe Anderea, Filipo, Thomase, Baretholomea, Mathaio, Jakobe, le bomorwa rraagwe Jesu, ba le setlhophanyana le mmaagwe Jesu, ba ne ba le teng.
et cum introissent in cenaculum ascenderunt ubi manebant Petrus et Iohannes Iacobus et Andreas Philippus et Thomas Bartholomeus et Mattheus Iacobus Alphei et Simon Zelotes et Iudas Iacobi
hii omnes erant perseverantes unianimiter in oratione cum mulieribus et Maria matre Iesu et fratribus eius
15 Phuthego e ya thapelo e ne ya tswelela ka malatsi a le mantsi. Mme ya re ka nako eo, mo letsatsing leo fa go ne go na le batho ba ka nna lekgolo le masome a mabedi, Petere o ne a ema ka dinao mme a ba raya a re:
et in diebus illis exsurgens Petrus in medio fratrum dixit erat autem turba nominum simul fere centum viginti
16 “Bakaulengwe, go ne go tlhokega gore dikwalo di diragadiwe mabapi le Jutase yo o okileng Jesu ka go supegetsa bontsintsi jwa batho kwa a leng teng, gonne selo se, se sale se boletswe pele bogologolo ka Mowa O O Boitshepo o bua ka Kgosi Dafide.
viri fratres oportet impleri scripturam quam praedixit Spiritus Sanctus per os David de Iuda qui fuit dux eorum qui conprehenderunt Iesum
17 “Jutase e ne e le mongwe wa rona a tlhophilwe go nna morutwa fela jaaka rona.
quia connumeratus erat in nobis et sortitus est sortem ministerii huius
18 O ne a reka setsha sa lefatshe ka madi a o a amogetseng ka go loga maano a boithamako mme a wela fa fatshe a phanyega ka bogare mme mala a gagwe a gorometsegela kwa ntle.
et hic quidem possedit agrum de mercede iniquitatis et suspensus crepuit medius et diffusa sunt omnia viscera eius
19 Dikgang tsa loso lwa gagwe di ne tsa anama ka bofefo mo bathong ba Jerusalema, jalo ba bitsa setsha seo Lefatshe la Madi!
et notum factum est omnibus habitantibus Hierusalem ita ut appellaretur ager ille lingua eorum Acheldemach hoc est ager Sanguinis
20 “Polelelo-pele ya ga Kgosi Dafide ka ga se, e bonwa mo lokwalong lwa Dipesalema mo a reng, ‘A motse wa gagwe o senngwe o seka wa nnwa ke ope.’ Gape, ‘A tiro ya gagwe e neelwe o sele go e dira.’
scriptum est enim in libro Psalmorum fiat commoratio eius deserta et non sit qui inhabitet in ea et episcopatum eius accipiat alius
21 “Mme jaanong re tshwanetse go tlhopha mongwe yo o ka tsayang maemo a ga Jutase, le go re tlatsa re le basupi ba tsogo ya ga Jesu. A re tlhopheng mongwe yo o saleng a nna le rona go simolola fa re tsalana le Morena, go tloga ka nako e o neng a kolobediwa ke Johane go fitlhelela a tseelwa kwa legodimong.”
oportet ergo ex his viris qui nobiscum congregati sunt in omni tempore quo intravit et exivit inter nos Dominus Iesus
incipiens a baptismate Iohannis usque in diem qua adsumptus est a nobis testem resurrectionis eius nobiscum fieri unum ex istis
23 Phuthego e ne ya tlhopha maina a banna ba le babedi: Jusefa Justiso (yo gape a itsegeng ka leina la Barenabase) le Mathiase.
et statuerunt duos Ioseph qui vocabatur Barsabban qui cognominatus est Iustus et Matthiam
24 Jalo ba rapela gore ba tlhope monna yo o tshwanetseng, ba re, “O! Morena, o itse pelo nngwe le nngwe re bontshe gore ke ofe wa banna ba yo wena o mo kgethileng gore a nne moaposetoloi, yo o ileng kwa mannong a a mo tshwanetseng.”.
et orantes dixerunt tu Domine qui corda nosti omnium ostende quem elegeris ex his duobus unum
accipere locum ministerii huius et apostolatus de quo praevaricatus est Iudas ut abiret in locum suum
26 Jalo ba laola ka bola mme ya re ba gasa bola jwa supa Mathiase, jalo a kgethwa go nna mongwe wa ba ba lesome le motso.
et dederunt sortes eis et cecidit sors super Matthiam et adnumeratus est cum undecim apostolis