< Ditiro 8 >
1 Mme Saulo o ne a dumalana le gore Setefane a bolawe. Mme pogiso e kgolo ya badumedi ya simologa ka letsatsi leo, ya tlhasela, mme mongwe le mongwe a tshabela kwa Judea le Samaria kwa ntle ga baaposetoloi fela.
Saulus autem erat consentiens neci eius facta est autem in illa die persecutio magna in ecclesia quae erat Hierosolymis et omnes dispersi sunt per regiones Iudaeae et Samariae praeter apostolos
2 (Mme bangwe ba badumedi ba Bajuta ba tla go fitlha Setefane ka kutlo-botlhoko e kgolo).
curaverunt autem Stephanum viri timorati et fecerunt planctum magnum super illum
3 Mme Saulo o ne a nna jaaka setsenwa, a tsamaya gongwe le gongwe a nyeletsa badumedi, a tsena mo matlung a swatola banna le basadi a ba tsenya mo kgolegelong.
Saulus vero devastabat ecclesiam per domos intrans et trahens viros ac mulieres tradebat in custodiam
4 Mme badumedi ba ba neng ba tshabile kwa Jerusalema ba ne ba tsamaya gongwe le gongwe ba rera Mafoko a a Molemo kaga Jesu!
igitur qui dispersi erant pertransiebant evangelizantes verbum
5 Jaaka Filipo, yo o neng a ya kwa Samaria go bolelela batho ka ga Keresete teng.
Philippus autem descendens in civitatem Samariae praedicabat illis Christum
6 Bontsintsi jo bogolo jwa batho bo ne jwa reetsa thata se o neng a tshwanetse go se bua ka ntlha ya go bona dikgakgamatso tse o neng a di dira.
intendebant autem turbae his quae a Philippo dicebantur unianimiter audientes et videntes signa quae faciebat
7 Mewa e le mentsi e e maswe e ne ya ntshediwa kwa ntle, e goa fa e tswa mo bathong ba e neng e ba tsenye, mme ba le bantsi ba ba neng ba tetesela kgotsa ba ba neng ba golafetse ba fodisiwa,
multi enim eorum qui habebant spiritus inmundos clamantes voce magna exiebant multi autem paralytici et claudi curati sunt
8 mme ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo!
factum est ergo magnum gaudium in illa civitate
9 Mme monna mongwe yo o neng a bidiwa Simone o ne a kile a bo a dira boloi ka dingwaga di le dintsi; e ne e le monna yo o tlhotlheletsang thata, a bile a le boikgogomoso ka ntlha ya dikgakgamatso tse o neng a di dira mo e leng gore Basamaria ba ne ba tlwaetse go bua kaga gagwe ba re ke Mesia.
vir autem quidam nomine Simon qui ante fuerat in civitate magus seducens gentem Samariae dicens esse se aliquem magnum
cui auscultabant omnes a minimo usque ad maximum dicentes hic est virtus Dei quae vocatur Magna
adtendebant autem eum propter quod multo tempore magicis suis dementasset eos
12 Mme jaanong ba ne ba dumela molaetsa wa ga Filipo gore Jesu e ne e le Mesia, le mafoko a gagwe kaga Bogosi jwa Modimo; mme go ne ga kolobediwa banna le basadi ba le bantsi.
cum vero credidissent Philippo evangelizanti de regno Dei et nomine Iesu Christi baptizabantur viri ac mulieres
13 Mme Simone ka sebele a dumela a bo a kolobediwa jalo a simolola go sala Filipo morago gongwe le gongwe kwa a yang teng, mme o ne a hakgamadiwa ke dikgakgamatso tse (Filipo) o neng a di dira.
tunc Simon et ipse credidit et cum baptizatus esset adherebat Philippo videns etiam signa et virtutes maximas fieri stupens admirabatur
14 Mme erile fa baaposetoloi kwa Jerusalema ba utlwa fa batho ba Samaria ba amogetse molaetsa wa Modimo, ba romela Petere le Johane.
cum autem audissent apostoli qui erant Hierosolymis quia recepit Samaria verbum Dei miserunt ad illos Petrum et Iohannem
15 Erile fela jaaka ba goroga ba simolola go rapelela Bakeresete ba basha ba, go amogela Mowa O O Boitshepo.
qui cum venissent oraverunt pro ipsis ut acciperent Spiritum Sanctum
16 Gonne o ne o ise o tle mo go ope wa bone ka gonne ba ne ba kolobeditswe fela mo leineng la Morena Jesu.
nondum enim in quemquam illorum venerat sed baptizati tantum erant in nomine Domini Iesu
17 Jalo Petere le Johane ba baya diatla tsa bone mo badumeding ba, mme ba amogela Mowa O O Boitshepo.
tunc inponebant manus super illos et accipiebant Spiritum Sanctum
18 Erile Simone a bona se, gore Mowa O O Boitshepo o ne o fologela mo bathong fa Baaposetoloi ba ba baya diatla, a ntsha madi go reka nonofo e.
cum vidisset autem Simon quia per inpositionem manus apostolorum daretur Spiritus Sanctus obtulit eis pecuniam
19 Mme o ne a re, “Le nna nnayang nonofo e, gore mongwe le mongwe yo ke mmayang diatla a amogele Mowa O O Boitshepo!”
dicens date et mihi hanc potestatem ut cuicumque inposuero manus accipiat Spiritum Sanctum Petrus autem dixit ad eum
20 Mme Petere a mo fetola a re, “A madi a gago a nyelele le wena gonne o gopola gore mpho ya Modimo e ka rekwa!
pecunia tua tecum sit in perditionem quoniam donum Dei existimasti pecunia possideri
21 Ga o ka ke wa nna le seabe mo go se, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo.
non est tibi pars neque sors in sermone isto cor enim tuum non est rectum coram Deo
22 Sokologa mo tshiamololong e, mme o rapele. Gongwe Modimo o tlaa itshwarela dikakanyo tsa gago tse di bosula,
paenitentiam itaque age ab hac nequitia tua et roga Deum si forte remittatur tibi haec cogitatio cordis tui
23 gonne ke bona fa go na le lefufa le boleo mo pelong ya gago.”
in felle enim amaritudinis et obligatione iniquitatis video te esse
24 Mme Simone a re, “Nthapelela gore dilo tse di maswe tse di se ntiragalele.”
respondens autem Simon dixit precamini vos pro me ad Dominum ut nihil veniat super me horum quae dixistis
25 Morago ga bosupi le thero mo Samaria, Petere le Johane ba ne ba boela Jerusalema, mme ba tla ba ema mo metsaneng ya Samaria mo tseleng go rera Mafoko a a Molemo.
et illi quidem testificati et locuti verbum Domini rediebant Hierosolymam et multis regionibus Samaritanorum evangelizabant
26 Mme Filipo ene, moengele wa Morena a mo raya a re, “Ya kwa tseleng e e tswang Jerusalema e e ralalang sekaka sa Gasa, o goroge motshegare.”
angelus autem Domini locutus est ad Philippum dicens surge et vade contra meridianum ad viam quae descendit ab Hierusalem in Gazam haec est deserta
27 Mme o ne a dira jalo, mme ya re mo tseleng ga bo go tla mang fa e se motshola madi wa Itopia, moopa wa taolo kgolo ka fa tlase ga Kgosigadi ya Itopia. O ne a ile Jerusalema go rapela kwa Tempeleng,
et surgens abiit et ecce vir aethiops eunuchus potens Candacis reginae Aethiopum qui erat super omnes gazas eius venerat adorare in Hierusalem
28 mme o ne a bowa a le mo kareng ya gagwe a balela kwa godimo mo lokwalong lwa ga moporofiti Isaia.
et revertebatur sedens super currum suum legensque prophetam Esaiam
29 Mowa O O Boitshepo wa raya Filipo wa re, “Tsamaya o ye gaufi le kara!”
dixit autem Spiritus Philippo accede et adiunge te ad currum istum
30 Filipo a taboga mme a utlwa se o neng a se bala mme jalo a botsa a re, “A o tlhaloganya se o se balang?”
adcurrens autem Philippus audivit illum legentem Esaiam prophetam et dixit putasne intellegis quae legis
31 Mme monna a fetola a re, “Tota ga ke tlhaloganye! Nka tlhaloganya jang go sena yo o ntlhalosetsang?” Jalo a kopa Filipo go palama kara gore a tle go nna nae.
qui ait et quomodo possum si non aliquis ostenderit mihi rogavitque Philippum ut ascenderet et sederet secum
32 Se o neng a se bala mo lokwalong se ne se balega jaana. “O ne a gogwa jaaka nku e isiwa kwa matlhabelong, le jaaka kwanyana e e didimetseng fa pele ga babeodi ba yone, ga a ka a tswa molomo;
locus autem scripturae quam legebat erat hic tamquam ovis ad occisionem ductus est et sicut agnus coram tondente se sine voce sic non aperuit os suum
33 mo go sotlweng ga gagwe, ga a ka a direlwa tshiamo; mme ke mang yo o ka ranolang bomaswe jwa losika lwa gagwe? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlositswe mo lefatsheng.”
in humilitate iudicium eius sublatum est generationem illius quis enarrabit quoniam tollitur de terra vita eius
34 Mme moopa a botsa Filipo a re, “A Isaia o ne a bua ka ga gagwe kgotsa ka mongwe?”
respondens autem eunuchus Philippo dixit obsecro te de quo propheta dicit hoc de se an de alio aliquo
35 Mme jaana Filipo a simolola ka lokwalo lo, le tse dingwe di le dintsi go mmolelela kaga Jesu.
aperiens autem Philippus os suum et incipiens ab scriptura ista evangelizavit illi Iesum
36 Erile ba ntse ba tsamaya ka koloi, ba fitlha fa metsing mangwe, moopa a re, “Metsi ke a, ke eng fa ke sa kolobediwe?”
et dum irent per viam venerunt ad quandam aquam et ait eunuchus ecce aqua quid prohibet me baptizari
37 Filipo o ne a mo araba a re, “O ka kolobediwa fa o dumela ka pelo ya gago yotlhe.” Mme moopa a fetola a re, “Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.”
38 Mme a emisa kara ya gagwe ba fologela mo teng ga metse mme Filipo a mo kolobetsa.
et iussit stare currum et descenderunt uterque in aquam Philippus et eunuchus et baptizavit eum
39 Mme erile fa ba tswa mo metsing, Mowa wa Modimo wa tsaya Filipo, mme moopa a seka a tlhola a mmona gape, mme a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse.
cum autem ascendissent de aqua Spiritus Domini rapuit Philippum et amplius non vidit eum eunuchus ibat enim per viam suam gaudens
40 Mme ka nako eo Filipo ene a ipona a le kwa Asoto. O ne a rera Mafoko a a Molemo gone koo le mo motseng mongwe le mongwe mo tseleng, fa a ya Kaesara.
Philippus autem inventus est in Azoto et pertransiens evangelizabat civitatibus cunctis donec veniret Caesaream