< Ditiro 7 >
1 Mme Moperesiti yo Mogolo a mmotsa a re, “A mafoko a, a boammaaruri?”
E disse o summo sacerdote: Porventura é isto assim?
2 Mme Setefane a araba ka boleele a re, “Mo-dimo o o galalelang o ne wa iponatsa mo go rraetsho Aberahame mo Iraka pele ga a ya kwa Seria,
E elle disse: Varões, irmãos, e paes, ouvi. O Deus da gloria appareceu a nosso pae Abrahão, estando na Mesopotamia, antes de habitar em Haran,
3 mme wa mo raya wa re a tloge mo lefatsheng la ga gabo, a laele ba gagabo a ba a tloge a ye kwa lefatsheng le Modimo o tlaa le mo kaelang.
E disse-lhe: Sae da tua terra e d'entre a tua parentela, e dirige-te á terra que eu te mostrarei.
4 Hong a tswa mo lefatsheng la Bakaladea a ya go nna mo kgaolong ya Harana, mo Seria, go fitlhelela rraagwe a a swa. Mme Modimo wa mmusetsa mono lefatsheng la Iseraele,
Então saiu da terra dos chaldeos, e habitou em Haran. E d'ali, depois que seu pae falleceu, o fez passar para esta terra em que agora habitaes.
5 ga wa ka wa mo naya sepe sa dilo tsa gagwe, le fa e le setsha se sennye sa lefatshe. Le fa go ntse jalo Modimo wa mo solofetsa gore o tlaa mo naya lefatshe lotlhe le ditlogolwana tsa gagwe, le fa ka nako eo a ne a sena bana!
E não lhe deu n'ella herança, nem ainda o espaço de um pé: mas prometteu que lh'a daria em possessão, e depois d'elle á sua descendencia, não tendo elle ainda filho.
6 “Mme Modimo wa mo raya gape wa re, ditlogolwana tsa gago di tlaa tswa mo lefatsheng leo di ye go nna mo lefatsheng la seeng mme koo di nne batlhanka, selekanyo sa dingwaga di le makgolo a mane.
E fallou Deus assim: Que a sua descendencia seria peregrina em terra alheia, e a sujeitariam á escravidão, e a maltratariam por quatrocentos annos.
7 Mme Modimo wa ba raya wa re, ‘Ke tlaa otlhaya Chaba e e tlaa ba dirang batlhanka mme morago ga moo batho ba me ba tlaa boela mo lefatsheng le la Iseraele ba nkobamela teng.’
E eu julgarei a nação a quem servirem, disse Deus. E depois d'isto sairão, e me servirão n'este logar.
8 “Gape Modimo wa neela Aberahame kgolagano ya bogwera ka nako eo; e le kgolagano fa gare ga Modimo le batho ba ga Aberahame, mme Isake, morwa Aberahame a rupisiwa fa a le malatsi a fera bobedi a tshotswe. Isake a tsala Jakobe, Jakobe a tsala ditlhogo di le lesome le bobedi tsa lotso lwa Sejuta.
E deu-lhe o pacto da circumcisão; e assim gerou a Isaac, e o circumcidou ao oitavo dia: e Isaac gerou a Jacob, e Jacob aos doze patriarchas.
9 Mme batho ba, ba ne ba fufegela Josefa thata ba bo ba mo rekisa go ya go nna motlhanka kwa Egepeto. Mme Modimo o ne wa nna nae,
E os patriarchas, movidos de inveja, venderam a José para o Egypto; e Deus era com elle,
10 o ne wa mo golola mo tlalelong yotlhe ya gagwe, wa mo naya tlotlego mo go Farwe Kgosi ya Egepeto. Gape Modimo wa naya Josefa botlhale jo bogolo, mo Farwe o ileng a mo tlhopha go nna molaodi mo Egepeto yotlhe, a bo a mmaya motlhokomedi wa ditiro tsotlhe tsa segosi.
E livrou-o de todas as suas tribulações, e lhe deu graça e sabedoria ante Pharaó, rei do Egypto, que o constituiu governador sobre o Egypto e toda a sua casa.
11 “Mme ga nna leuba mo Egepeto le Kanana, mme ga nna le bohutsana jo bogolo mo go borraetsho. Erile fa dijo tsa bone di setse di fedile,
E a todo o paiz do Egypto e de Canaan sobreveiu fome e grande tribulação; e nossos paes não achavam alimentos.
12 Jakobe a utlwa fa go sa ntse go na le mabele kwa Egepeto, jalo a romela bomorwawe go ya go a reka.
Porém Jacob, ouvindo que no Egypto havia trigo, enviou ali nossos paes, a primeira vez.
13 Erile fa ba ya labobedi, Josefa a itshenolela bomogolowe, mme ba itsisiwe Farwe.
E na segunda foi José conhecido por seus irmãos, e a linhagem de José foi manifesta a Pharaó.
14 “Mme Josefa a romela bangwe go ya go tsaya rraagwe ebong Jakobe le ba malwapa a bomogolowe botlhe go tla Egepeto, botlhe e ne e le batho ba le masome a supa le botlhano.
E José mandou chamar a seu pae Jacob, e a toda a sua parentela, que era de setenta e cinco almas.
15 Jalo Jakobe a tla Egepeto, kwa o neng a swela teng, le bana botlhe ba gagwe.
E Jacob desceu ao Egypto, e morreu, elle e nossos paes;
16 Mme botlhe ba ne ba isiwa kwa Shekema ba fitlhwa mo lebitleng le Aberahame o neng a le rekile mo go bomorwa Hamore, rraagwe Shekema.
E foram transportados para Sichem, e depositados na sepultura que Abrahão comprara por certa somma de dinheiro aos filhos de Hemor, pae de Sichem.
17 Mme erile fa nako e atamela e Modimo o neng o tlaa diragatsa tsholofetso ya one mo go Aberahame go golola bana ba gagwe mo botlhankeng, Bajuta ba ntsifala thata mo Egepeto; mme ga tlhongwa kgosi e e neng e sena tlotlo mo segopotsong sa ga Josefa.
Approximando-se, porém, o tempo da promessa que Deus tinha jurado a Abrahão, o povo cresceu e se multiplicou no Egypto;
Até que se levantou outro rei, que não conhecia a José.
19 Kgosi e ya nna kgatlhanong le losika lwa rona, ya pateletsa batsadi go latlhela bana ba bone mo masimong.
Este, usando de astucia contra a nossa linhagem, maltratou nossos paes, ao ponto de lhes fazer engeitar as suas creanças, para que não se multiplicassem.
20 “Mme ka nako eo Moshe a tsalwa, ngwana yo o neng a bonala a na le bontle jwa Se-Modimo. Batsadi ba gagwe ba mo fitlha mo lwapeng se-lekanyo sa dikgwedi tse tharo,
N'esse tempo nasceu Moysés, e era mui formoso, e foi criado tres mezes em casa de seu pae.
21 mme ya re kwa bofelong ba sa tlhole ba kgona go mo fitlha, ebile ba tshwanelwa ke go mo latlha, morwadia Farwe a mmona mme a mo ikgodisetsa e le ngwana wa gagwe,
E, sendo engeitado, tomou-o a filha do Pharaó, e o criou como seu filho.
22 mme a mo ruta botlhale jotlhe jwa Baegepeto, mme a nna kgosana e kgolo le sebui se se tumileng.
E Moysés foi instruido em toda a sciencia dos egypcios; e era poderoso em suas palavras e obras.
23 “Mme erile letsatsi lengwe fa a atamela bo-tsalo jwa letsatsi la gagwe la dingwaga tse di masome a mane, a tlelwa ke mogopolo wa go etela ba ga gabo, batho ba Iseraele.
E, quando completou o tempo de quarenta annos, veiu-lhe ao coração ir visitar seus irmãos, os filhos d'Israel.
24 Mo loetong lo a bona Moegepeto a sotla Moiseraele. Jalo Moshe a bolaya Moegepeto.
E, vendo maltratado um d'elles, o defendeu, e vingou o offendido, matando o egypcio.
25 Moshe o ne a gopola gore ba ga gabo ba tlaa lemoga gore Modimo o mo rometse go tla go ba thusa, mme ba se ka ba lemoga.
E elle cuidava que seus irmãos entenderiam que Deus lhes havia de dar a liberdade pela sua mão; porém elles não entenderam.
26 “Ka letsatsi le le latelang a ba etela gape mme a fitlhela banna ba le babedi ba Baiseraele ba lwa. Mme a leka go ba letlanya a re ‘Banna, lo bana ba monna ga lo a tshwanela go lwa jaana! Ga go a siama.’
E no dia seguinte, pelejando elles, foi por elles visto, e quiz leval-os á paz, dizendo: Varões, sois irmãos; porque vos aggravaes um ao outro?
27 “Mme monna yo o molato a raya Moshe a re, ‘Re tlhokomologe o tlhokomele tsa gago. Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi mo go rona?’
E o que offendia o seu proximo o repelliu, dizendo: Quem te constituiu principe e juiz sobre nós?
28 A o rata go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole maabane?
Queres tu matar-me, como hontem mataste o egypcio?
29 “Mme ka ntlha ya lefoko le, Moshe a tswa mo Egepeto, a tshabela kwa lefatsheng la Mediana, kwa o neng a tsala bana ba basimane ba le babedi gone.
E a esta palavra fugiu Moysés, e esteve como estrangeiro na terra de Madian, onde gerou dois filhos.
30 “Morago ga dingwaga di le masome a mane, mo sekakeng gaufi le Thaba ya Senai, moengele a iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo mo setlhareng.
E, completados quarenta annos, appareceu-lhe o anjo do Senhor, no deserto do monte Sinai, n'uma chamma de fogo de um sarçal.
31 Moshe a bona tiragalo e, mme a hakgamala gore ke eng, mme ya re a sianela go ya go bona, lentswe la Morena la bua nae le re,
Então Moysés, vendo-o, se maravilhou da visão; e, approximando-se para vêr, foi-lhe dirigida a voz do Senhor,
32 ‘Ke Modimo wa bo-rraeno mogolwagolwane, Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Moshe a roroma ka poifo e kgolo mme a se ka a batla go leba.
Dizendo: Eu sou o Deus de teus paes, o Deus d'Abrahão, e o Deus d'Isaac e o Deus de Jacob. E Moysés, todo tremulo, não ousava olhar.
33 “Mme Morena a mo raya a re, ‘Rola ditlhako tsa gago, gonne o eme mo mmung o o boitshepo.
E disse-lhe o Senhor: Descalça as alparcas dos teus pés, porque o logar em que estás é terra sancta:
34 Ke bonye kutlobotlhoko ya batho ba me ba ba kwa Egepeto ebile ke utlwile selelo sa bone. Ke tsile go ba golola. Tla, ke tlaa go romela kwa Egepeto.’
Tenho visto attentamente a afflicção do meu povo que está no Egypto, e ouvi os seus gemidos, e desci a livral-os. Agora, pois, vem, e enviar-te-hei ao Egypto.
35 “Mme jalo Modimo wa romela ene tota motho yo ba ga bone ba kileng ba mo gana ka go mo raya ba re, ‘Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi mo go rona?’ Moshe o ne a rometswe go ya go nna molaodi le mmoloki wa bone.
A este Moysés, ao qual haviam negado, dizendo: Quem te constituiu principe e juiz? a este enviou Deus como principe e libertador, pela mão do anjo que lhe apparecera no sarçal.
36 Mme ka dikgakgamatso tse dintsi a ba ntsha mo Egepeto a ba kgabagantsha Lewatle le le Hibidu, a bo a ba ralatsa sekaka selekanyo sa dingwaga di le masome a mane.
Este os conduziu para fóra, fazendo prodigios e signaes na terra do Egypto, e no Mar Vermelho, e no deserto, por quarenta annos.
37 “Moshe ka boene o ne a raya batho ba Iseraele a re, ‘Modimo o tlaa tsosa moporofiti yo o tshwanang le nna mo gare ga bo-morwa rraa lona.’
Este é aquelle Moysés que disse aos filhos d'Israel: O Senhor vosso Deus vos levantará d'entre vossos irmãos um propheta como eu; a elle ouvireis.
38 Mme se se ne sa supega se le boammaaruri, gonne mo sekakeng, Moshe e ne e le ene yo o fa gare, motsereganyi fa gare ga batho ba Iseraele le moengele yo o neng a ba naya molao wa Modimo, Lefoko le le Tshelangmo thabeng ya Senai.
Este é o que esteve entre a congregação no deserto, com o anjo que lhe fallava no monte Sinai, e com nossos paes, o qual recebeu as palavras de vida para nol-as dar.
39 “Mme borraetsho ba ne ba gana Moshe, ba batla go boela kwa Egepeto.
Ao qual nossos paes não quizeram obedecer, antes o rejeitaram, e de coração se tornaram ao Egypto,
40 “Ba raya Arone ba re, ‘Re direle medimo ya disetwa, gore re tle re nne le medimo e e re etelelang pele go boela kwa morago; gonne ga re itse gore go rileng kaga Moshe yo o re ntshitseng mo Egepeto.’
Dizendo a Aarão: Faze-nos deuses que vão adiante de nós; porque a esse Moysés, que nos tirou da terra do Egypto, não sabemos o que lhe aconteceu.
41 Mme ba dira modimo wa namane mme ba o ntshetsa ditlhabelo, mme ba itumelela selo se, se ba se dirileng.
E n'aquelles dias fizeram o bezerro, e offereceram sacrificios ao idolo, e se alegraram nas obras das suas mãos.
42 Mme Modimo wa ba huralela wa ba tlogela, mme wa ba lesa ba direla letsatsi, ngwedi le dinaledi jaaka medimo ya bone! Mo lokwalong lwa polelelopele ya ga Amose, Modimo o botsa jaana wa re, ‘Iseraele, a o ne o direla nna setlhabelo mo sekakeng selekanyo sa dingwaga di le masome a mane?
E Deus se affastou, e os abandonou a que servissem ao exercito do céu, como está escripto no livro dos prophetas: Porventura me offerecestes victimas e sacrificios no deserto por quarenta annos, ó casa d'Israel?
43 Nnyaa, tota kgatlhego ya gago e ne e le mo medimong ya seheitane ebong Sakutlhe, le modimo wa naledi Kaiwae, le mo ditshwantshong tsotlhe tse o di dirileng. Jalo ke tlaa go isa botshwarong kgakala go feta Babelone.’
Antes tomastes o tabernaculo de Molech, e a estrella do vosso deus Remphan, figuras que vós fizestes para as adorar. Transportar-vos-hei pois para além de Babylonia.
44 “Mme borraetsho mogolwagolwane ba ne ba tsamaya le motlaagana ba ralala sekaka. Mo teng ga one ba ne ba beile matlapa a go neng go kwadilwe Melao e e Lesome mo go one. Kago e, e ne e agilwe fela ka thulaganyo e Moshe o neng a e kaetswe ke moengele.
Estava entre nossos paes no deserto o tabernaculo do testemunho, como ordenara aquelle que disse a Moysés que o fizesse segundo o modelo que tinha visto.
45 Erile morago ga dingwaga, fa Joshua a eteletse pele dintwa kgatlhanong le Badichaba, Motlaagana o ba tsena nao mo lefatsheng le lesha, mme wa dirisiwa go fitlhelela mo lobakeng lwa ga Kgosi Dafide.
O qual nossos paes, recebendo-o tambem, o levaram com Josué quando entraram na possessão das nações que Deus expulsou da face de nossos paes, até aos dias de David:
46 “Modimo o ne wa segofatsa Dafide a kopa tetlelelo ya go agela Modimo wa ga Jakobe Tempele e e siameng.
Que achou graça diante de Deus, e pediu para achar tabernaculo para o Deus de Jacob.
47 Mme tota e ne ya agiwa ke Solomone.
E Salomão lhe edificou casa;
48 Le fa go ntse jalo, Modimo ga o nne mo Ditempeleng tse di agilweng ka diatla tsa batho. Morena o bua ka baporofiti jaana a re, ‘Legodimo ke setilo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me’. Morena o botsa jaana a re, ‘Lo ka nkagela ntlo e e ntseng jang? A ke ka nna mo go yone?
Mas o Altissimo não habita em templos feitos por mãos d'homens, como diz o propheta:
O céu é o meu throno, e a terra o estrado dos meus pés. Que casa me edificareis? diz o Senhor: ou qual é o logar do meu repouso?
50 A ga ke a dira legodimo le lefatshe?’
Porventura não fez a minha mão todas estas coisas?
51 “Baheitane ke lona ba lo thamo di thata! A lo tshwanetse go ganetsa Mowa O O Boitshepo ka bosakhutleng? Mme borraalona ba ne ba dira jalo, a le lona lo dira jalo!
Duros de cerviz, e incircumcisos de coração e ouvidos: vós sempre resistis ao Espirito Sancto; tambem vós sois como vossos paes.
52 Bolelang moporofiti mongwe yo borralona ba iseng ba ke ba mmogise! Ba bolaile le ene tota yo o ntshitseng polelelopele ya go tla ga Mosiami, Mesia yo lo mo okileng lwa ba lwa mmolaya.
A qual dos prophetas não perseguiram vossos paes? Até mataram os que anteriormente annunciaram a vinda do Justo, do qual vós agora fostes traidores e homicidas;
53 Ee, lo sentse Melao ya Modimo ka bomo, le fa lo ne lo e amogetse mo diatleng tsa baengele.”
Vos, que recebestes a lei por disposição dos anjos, e não a guardastes.
54 Mme baeteledipele ba Sejuta ba tenwa thata ke go omanngwa ke Setefane ba bo ba mo shenela meno ka kgakalo.
E, ouvindo estas coisas, enfureciam-se em seus corações, e rangiam os dentes contra elle.
55 Mme Setefane, a tletse Mowa O O Boitshepo, a leba ka iketlo kwa legodimong, a bona kgalalelo ya Modimo le Jesu a ntse ka fa letsogong le legolo la Modimo.
Mas elle, estando cheio do Espirito Sancto, fixando os olhos no céu, viu a gloria de Deus, e Jesus, que estava á direita de Deus;
56 Mme a ba raya a re, “Bonang, ke bona legodimo le bulegile mme Jesu Mesia a eme fa thoko ga Modimo, ka fa letsogong la one le legolo!”
E disse: Eis que vejo os céus abertos, e o Filho do homem, que está em pé á mão direita de Deus
57 Mme ba mo gagautlha, ba ikaba ditsebe, ba tima lentswe la gagwe ka go goa thata,
Elles, porém, clamando com grande voz, taparam os seus ouvidos, e arremetteram unanimes contra elle.
58 mme ba mo gogela kwa ntle ga motse go ya go mo kgobotletsa ka matlapa. Basupi ba bagolo le babolai ba apola dibaki tsa bone ba di baya fa dinaong tsa lekawana lengwe le le bidiwang Saulo.
E, expulsando-o da cidade, o apedrejavam. E as testemunhas depozeram os seus vestidos aos pés de um mancebo chamado Saulo.
59 Mme erile fa babolai ba mo kgobotletsa ka maje, Setefane a rapela a re, “Morena Jesu, amogela Mowa wa me.”
E apedrejaram a Estevão, invocando elle ao Senhor, e dizendo: Senhor Jesus, recebe o meu espirito.
60 Mme a wela fa fatshe ka mangole, a goa a re, “Morena o se ka wa ba bona molato ka ntlha ya boleo jo!” Mme ka mafoko ao, a swa.
E, pondo-se de joelhos, clamou com grande voz: Senhor, não lhes imputes este peccado. E, tendo dito isto, adormeceu.