< Ditiro 6 >

1 Mme ya re ka go ntsifala ga badumedi ka bofefo, ga nna le dingongorego. Ba ba buang puo ya Segerika fela ba ngongoregela gore batlholagadi ba bone ba a kgethololwa ga ba newe dijo tse di lekanyeng ka nako ya fa go abiwa dijo, jaaka go fiwa ba ba buang Sehebera.
In jenen Tagen aber, als die Zahl der Jünger wuchs, entstand ein Murren der Hellenisten gegen die Hebräer, weil ihre Witwen bei der täglichen Hilfeleistung übersehen wurden.
2 Jalo ba ba lesome le bobedi ba bitsa phuthego ya badumedi botlhe ba re, “Re tshwanetse go dirisa nako ya rona mo go rereng, e seng go tsamaisa thulaganyo ya dijo.
Da beriefen die Zwölf die Menge der Jünger zusammen und sprachen: Es ziemt sich nicht, daß wir das Wort Gottes verlassen, um bei den Tischen zu dienen.
3 Ke gone bakaulengwe ba ba rategang, senkang banna ba supa mo gare ga lona, ba ba botlhale ba bile ba tletse Mowa O O Boitshepo, ba ba itsegeng ka molemo mo bathong botlhe; mme re tlaa ba tlhoma go nna batsamaisi ba tiro e.
Darum, ihr Brüder, sehet euch nach sieben Männern aus eurer Mitte um, von gutem Zeugnis, voll [heiligen] Geistes und Weisheit; die wollen wir für diesen Bedarf bestellen,
4 Mme re tlaa dirisa nako ya rona mo thapelong, mo therong, le mo thutong.”
wir aber wollen im Gebet und im Dienste des Wortes verharren.
5 Mme mo ga utlwala sentle mo phuthegong yotlhe, mme ba tlhopha ba ba latelang: Setefane, (monna yo o tletseng tumelo le Mowa O O Boitshepo), Filipo, Porokoro, Nikanore, Timone, Paramenase, Nikolase wa Antioka (Modichaba yo o sokologetseng mo tumelong ya Sejuta, yo o rileng la bofelo a sokologela mo Bokereseteng).
Und die Rede gefiel der ganzen Menge, und sie erwählten Stephanus, einen Mann voll Glaubens und heiligen Geistes, und Philippus und Prochorus und Nikanor und Timon und Parmenas und Nikolaus, einen Proselyten aus Antiochia.
6 Mme ba ba supang ba, ba isiwa fa pele ga Baaposetoloi ba ba baya diatla ba ba rapelela ba ba kopela tshegofatso.
Diese stellten sie vor die Apostel, und sie beteten und legten ihnen die Hände auf.
7 Molaetsa wa Modimo wa rerwa ka bophara mo tikologong yotlhe, mme palo ya barutwa ya ntsifala ka go anama mo Jerusalema; mme baperesiti ba Sejuta ba le bantsi le bone ba sokologa.
Und das Wort Gottes nahm zu, und die Zahl der Jünger mehrte sich sehr zu Jerusalem, auch eine große Zahl von Priestern wurden dem Glauben gehorsam.
8 Setefane, monna yo o tletseng tumelo le nonofo ya Mowa O O Boitshepo a dira dikgakgamatso tse dikgolo tse di sa tlwaelesegang mo bathong.
Stephanus aber, voll Gnade und Kraft, tat Wunder und große Zeichen unter dem Volk.
9 Mme ya re ka letsatsi lengwe banna bangwe ba tumelo ya Sejuta ba simolola go ganetsanya nae, mme ya re ka bofefo ba kopana le Bajuta ba ba tswang kwa Saerine, Alekesandria mo Egepeto, le mo dikgaolong tsa Take, ebong Kilikia le Ausia.
Es standen aber etliche aus der sogenannten Synagoge der Libertiner und Kyrenäer und Alexandriner und derer von Cilicien und Asien auf und stritten mit Stephanus.
10 Mme go ne go se ope wa bone yo o emelanang le botlhale le mowa wa ga Setefane.
Und sie vermochten der Weisheit und dem Geist, womit er redete, nicht zu widerstehen.
11 Mme ba tlisa bangwe ba banna go tla go bua maaka ka ga gagwe ba re ba utlwile Setefane a tlhapatsa Moshe, le Modimo tota.
Da stifteten sie Männer an, die sagten: Wir haben ihn Lästerworte wider Mose und Gott reden hören.
12 Mme ditshele tse, tsa dira gore batho ba tsogologele Setefane, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo tshwara ba mo tlisa fa pele ga lekgotla.
Und sie wiegelten das Volk und die Ältesten und die Schriftgelehrten auf, überfielen ihn, rissen ihn fort und führten ihn vor den Hohen Rat.
13 Basupi ba maaka ba supa gore Setefane o ne a aga a bua kgatlhanong le Tempele le melao ya ga Moshe.
Und sie stellten falsche Zeugen, die sagten: Dieser Mensch hört nicht auf, Reden zu führen wider diese heilige Stätte und das Gesetz!
14 Mme ba re, “Re mo utlwile a re Jesu wa Nasaretha o tlaa senya Tempele le melao yotlhe ya ga Moshe.”
Denn wir haben ihn sagen hören: Dieser Jesus von Nazareth wird diese Stätte zerstören und die Gebräuche ändern, die uns Mose überliefert hat!
15 Ya re ka nako eo botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng ba bona sefatlhogo sa ga Setefane se tsabakela jaaka sa moengele.
Und da alle, die im Hohen Rate saßen, ihn anblickten, sahen sie sein Angesicht, [das war] wie eines Engels Angesicht.

< Ditiro 6 >