< Ditiro 5 >
1 Mme ga bo go le monna a bidiwa Ananiase (le mosadi wa gagwe Safira) ba ba neng ba a rekisa bontlha-bongwe jwa setsha,
Mas un varón llamado Ananías, con Safira su mujer, vendió una posesión,
2 mme ba tlisa bontlhabongwe fela jwa madi, ba kaya fa e le tlhwatlhwa e e feletseng (mosadi wa gagwe o ne a dumalana tsietso e).
y defraudó del precio, sabiéndolo también su mujer; y trayendo una parte, la puso a los pies de los apóstoles.
3 Mme Petere a re, “Ananiase, Satane o tladitse pelo ya gago ka maaka fa o bolela gore tlhwatlhwa e ke yone yotlhe, o ne o aketsa Mowa O O Boitshepo.
Y dijo Pedro: Ananías, ¿por qué ha llenado Satanás tu corazón a que mintieses al Espíritu Santo, y defraudases del precio de la heredad?
4 Setsha e ne e le sa gago go se rekisa kgotsa nnyaa, go ya fela ka fa o neng o rata ka teng. Mme morago ga o sena go se rekisa, e ne e le ga gago go bona gore o ntsha bokae. Ke eng fa o ne o dira jaana? Ga oa aketsa rona o akeditse Modimo.”
Reteniéndola, ¿no se te quedaba a ti? Y vendida, ¿no estaba en tu potestad? ¿Por qué pusiste esto en tu corazón? No has mentido a los hombres, sino a Dios.
5 Erile fela fa Ananiase a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe a swa! Mongwe le mongwe a tlewa ke poifo e kgolo,
Entonces Ananías, oyendo estas palabras, cayó y expiró. Y vino un gran temor sobre todos los que lo oyeron.
6 mme makau a mo phutha ka letsela a mo tsaya a ya go mo fitlha.
Y levantándose los jóvenes, le envolvieron, y sacándolo, lo sepultaron.
7 Erile morago ga dioura di le tharo mosadi wa gagwe a tla, a sa itse se se diragetseng.
Y pasado espacio como de tres horas, sucedió que entró su mujer, no sabiendo lo que había acontecido.
8 Petere a mmotsa are, “A lo rekisitse setsha sa lona ka bokana?” A araba are “Ee, re se rekisitse ka bokalo.”
Entonces Pedro le contestó: Dime, ¿vendisteis en tanto la heredad? Y ella dijo: Sí, en tanto.
9 Mme Petere a re, “Ke eng fa wena le monna wa gago lo ka akanya go dira selo se se ntseng jaana, lo leka maano a bosula go leka nonofo ya Mowa wa Modimo go itse se se diragalang? Ka kwa ntle ga kgoro ele go na le makawana a a tswang go boloka monna wa gago, mme le wena ba tlaa tla go go rwala ba ya go go boloka.”
Y Pedro le dijo: ¿Por qué os concertasteis para tentar al Espíritu del Señor? He aquí a la puerta los pies de los que han sepultado a tu marido, y te sacarán.
10 Erile gone fela foo a wela fa fatshe, a swa, mme makawana a tsena mo teng, ya re ba mmona gore o sule, ba mo tsaya ba ya go mmoloka go bapa le monna wa gagwe.
Y luego cayó a los pies de él, y expiró; y entrados los jóvenes, la hallaron muerta; y la sacaron, y la sepultaron junto a su marido.
11 Mme poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe le ba bangwe botlhe ba ba utlwileng se se diragetseng.
Y vino gran temor sobre toda la Iglesia, y sobre todos los que oyeron estas cosas.
12 Ka sebaka seo, Baaposetoloi ba ne ba kopane mo lefelong le le bidiwang mathudi a ga Solomone, mme ba dira ditshupo tse di bonalang le dikgakgamatso mo matlhong a batho.
Y por la mano de los apóstoles eran hechos muchos milagros y prodigios en el pueblo. (Y estaban todos unánimes en el pórtico de Salomón.
13 Badumedi ba bangwe ba seka ba kgatlhega go kopana le bone, le fa go ntse jalo, ba ne ba ba tlotla thata.
Y de los otros, ninguno osaba juntarse con ellos; con todo eso el pueblo los alababa grandemente.
14 Mme badumedi ba oketsega thata mo Moreneng, bontsi jwa banna le basadi.
Y los que creían en el Señor se aumentaban más, gran número así de hombres como de mujeres.)
15 Balwetse ba ntshediwa kwa mebileng ba le mo malaong le mo diphateng gore bogolo moriti wa ga Petere o wele bangwe ba bone fa a feta!
Tanto que echaban los enfermos por las calles, y los ponían en camas y en lechos, para que viniendo Pedro, a lo menos su sombra tocase a alguno de ellos.
16 Mme bontsi jwa batho jwa tla bo tswa mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetse ba bone le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe; mme mongwe le mongwe wa bone a fola.
Y aun de las ciudades vecinas concurría multitud a Jerusalén, trayendo enfermos y atormentados de espíritus inmundos; los cuales todos eran curados.
17 Mme Moperesiti yo mogolo le botlhe ba losika le ditsala tsa gagwe mo Basadukaing ba tlala lefufa,
Entonces levantándose el príncipe de los sacerdotes, y todos los que estaban con él, (que es la secta de los saduceos, ) se llenaron de celo;
18 mme ba tshwara baaposetoloi, ba ba tsenya mo kgolegelong.
y echaron mano a los apóstoles, y los pusieron en la cárcel pública.
19 Mme moengele wa Morena a tla bosigo, a bula dikgoro tsa kgolegelo a ba ntshetsa kwa ntle. Mme a ba raya a re,
Mas el ángel del Señor, abriendo de noche las puertas de la cárcel, y sacándolos, dijo:
20 “Tsamayang lo ye mo Tempeleng lo rere kaga Botshelo jo!”
Id, y estando en el Templo, hablad al pueblo todas las palabras de esta vida.
21 Mme ba goroga mo Tempeleng e ka ne e le ka nako ya letsatsi le tlhaba mme ka bonako ba simolola go rera! Moragonyana mo mosong oo, Moperesiti yo Mogolo le botlhe ba lekgotla ba tsena mo Tempeleng, ba bitsa Lekgotla le legolo la bagolwane ba Puso, ba romela batho go ya go bitsa baaposetoloi go tla go sekisiwa.
Y cuando hubieron oído esto, entraron de mañana en el Templo, y enseñaban. Entre tanto, viniendo el príncipe de los sacerdotes, y los que estaban con él, convocaron el concilio, y a todos los ancianos de los hijos de Israel, y enviaron a la cárcel para que fuesen traídos.
22 Mme erile fa mapodisi a tsena kwa kgolegelong, banna ba bo ba seyo, jalo ba boela kwa Lekgotleng ba bega gore
Pero cuando llegaron los alguaciles, y no los hallaron en la cárcel, volvieron, y dieron aviso,
23 “Dikgoro tsa kgolegelo di ne di tswetswe, mme batlhokomedi ba ne ba eme ka kwa ntle, mme erile fa re bula dikgoro, ga bo go sena ope!”
diciendo: Por cierto, la cárcel hemos hallado cerrada con toda seguridad, y los guardas que estaban delante de las puertas; mas cuando abrimos, a nadie hallamos dentro.
24 Mme erile fa molaodi wa mapodisi le baperesiti ba bagolwane ba utlwa se, ba akabala, ba hakgametse thata gore go tlaa diragalang le gore mo gotlhe go tlaa felela kae!
Y cuando oyeron estas palabras el sumo sacerdote y el capitán del Templo y los príncipes de los sacerdotes, dudaban en qué vendría a parar aquello.
25 Mme mongwe a goroga ka mafoko a a reng banna ba ba neng ba le mo kgolegelong ba mo Tempeleng ba rerela batho!
Pero viniendo uno, les dio esta noticia: He aquí, los varones que echasteis en la cárcel, están en el Templo, y enseñan al pueblo.
26 Mme Mogolwane wa mapodisi a tsamaya le mapodisi ba ba tshwara kwa ntle ga mokubukubu, (gonne ba ne ba tshaba batho gore ba tlaa ba bolaya fa ba ka gakalela barutwa) mme ba ba lere fa pele ga Lekgotla.
Entonces fue el capitán con los alguaciles, y los trajo sin violencia; porque temían del pueblo ser apedreados.
Y cuando los trajeron, los presentaron en el concilio; y el príncipe de los sacerdotes les preguntó,
28 Moperesiti yo Mogolo a bua a re, “A ga re a lo bolelela gore lo seka lwa tlhola lo ruta kaga Jesu yo? Mme mo boemong jwa go khutlisa go rera kaga Jesu lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona mme lo ikaelela go re baya molato ka loso lwa monna yo!”
diciendo: ¿No os denunciamos estrechamente, que no enseñaseis en este nombre? Y he aquí, habéis llenado a Jerusalén de vuestra doctrina, y queréis echar sobre nosotros la sangre de este hombre.
29 Mme Petere le baaposetoloi ba araba ba re, “Re tshwanetse go obamela Modimo go na le batho.
Y respondiendo Pedro y los apóstoles, dijeron: Es necesario obedecer a Dios antes que a los hombres.
30 Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o tsositse Jesu go tla mo botshelong gape morago ga lo sena go mmolaya ka go mo pega mo mokgorong.
El Dios de nuestros padres levantó a Jesús, al cual vosotros matasteis colgándole en el madero.
31 Mme ka nonofo e kgolo, Modimo wa mo tsholetsa go nna Kgosana le Mmoloki, gore batho ba Iseraele ba tle ba nne le lobaka lwa boikwatlhao le gore dibe tsa bone di itshwarelwe.
A éste Dios ha ensalzado con su diestra por Príncipe y Salvador, para dar a Israel arrepentimiento y remisión de pecados.
32 Mme re basupi ba dilo tse, ga mmogo le Mowa O O Boitshepo, o o neetsweng botlhe ba ba obamelang Modimo.”
Y nosotros somos testigos suyos de estas cosas, y también el Espíritu Santo, el cual ha dado Dios a los que le obedecen.
33 “Ya re ka ntlha ya go bua jalo, Lekgotla la gakala la ikaelela go ba bolaya.”
Ellos, oyendo esto, regañaban, y consultaban matarlos.
34 Mme mongwe wa bone, Mofarasai yo o bidiwang Gamaliele, (moitseanape wa molao wa tumelo a bile a itsege thata mo bathong) a ema a kopa gore baaposetoloi ba ntshediwe kwa ntle fa a sa ntse a bua.
Entonces levantándose en el concilio un fariseo llamado Gamaliel, doctor de la ley, venerable a todo el pueblo, mandó que sacasen fuera un poco a los apóstoles.
35 Mme a raya banna ba Lekgotla a re,
Y les dijo: Varones israelitas, mirad por vosotros acerca de estos hombres en lo que habéis de hacer.
36 “Motlha mongwe go kile ga bo go le Theudase, yo o neng a ipaya jaaka e ka re ke mongwe yo o kwa godimo. Bangwe ba ka nna makgolo a mane ba ikopanya nae, mme a bolawa, mme botlhe ba ba ineetseng mo go ene ba phatlaladiwa kwa ntle ga kutlwelobotlhoko epe.
Porque antes de estos días se levantó Teudas, diciendo que era alguien; al que se agregó un número de hombres como cuatrocientos, el cual fue muerto; y todos los que le creyeron fueron dispersos, y reducidos a nada.
37 “Morago ga gagwe, ka nako ya fa go kgethisiwa, ga bo go le Judase wa Galalea. A itatedisa batho bangwe go nna barutwa, mme le ene a swa, mme balatedi ba gagwe ba phatlalala.
Después de éste, se levantó Judas el galileo en los días del empadronamiento, y llevó mucho pueblo tras sí. Pereció también aquel; y todos los que consintieron con él, fueron derramados.
38 “Mme jaanong kgakololo ya me ke e, tlogelang banna ba, mme fa se ba se rutang le se ba se dirang e le ga bone fela, ka bofefo se tlaa fedisiwa.
Y ahora os digo: Dejaos de estos hombres, y dejadlos; porque si este consejo o esta obra es de los hombres, se desvanecerá;
39 Mme fa e le ga Modimo lo tlaa retelelwa ke go ba emisa, e sere kgotsa lona ka bo lona lwa iphitlhela lo tlhabantsha Modimo.”
mas si es de Dios, no la podréis deshacer; no seáis tal vez hallados resistiendo a Dios.
40 Lekgotla la dumalana le kgakololo ya gagwe, ba bitsa baaposetoloi, ba ba itaya, ba ba bolelela gore ba seka ba tlhola ba bua ka leina la ga Jesu, mme morago ba ba lesa ba tsamaya.
Y convinieron con él; y llamando a los apóstoles, después de azotados, les intimaron que no hablasen en el nombre de Jesús, y los soltaron.
41 Ba tloga fa lekgotleng ba itumeletse gore Modimo o ba supile ba nonofile go tlontlologela leina la one.
Y ellos partieron de delante del concilio, gozosos de que fuesen tenidos por dignos de padecer afrenta por el Nombre de Jesús.
42 Mme ka malatsi otlhe mo Tempeleng le mo motsing, ba tswelela go ruta le go rera gore Jesu ke Mesia.
Y todos los días no cesaban, en el Templo y por las casas, enseñando y predicando el Evangelio de Jesús, el Cristo.