< Ditiro 4 >

1 Mme ya re ba santse ba bua le batho, baperesiti ba bagolo le molaodi wa mapodisi a Tempele, le bangwe ba Basadukai ba tla kwa go bone,
A když oni mluvili k lidu, přišli na ně kněží, a úředník chrámu a saduceové,
2 ba tshwenyegile thata ka ntlha ya gore Petere le Johane ba ne ba bolela gore Jesu o tsogile mo baswing.
Těžce to nesouce, že lid učili, a zvěstovali ve jménu Ježíše vzkříšení z mrtvých.
3 Ba ba tshwara, mme ka go ne go setse go le maitsiboa, ba ba tlhatlhela mo tlung ya kgolegelo bosigo jotlhe.
I vztáhli na ně ruce, a vsadili je do žaláře až do jitra, nebo již byl večer.
4 Mme bontsi jwa batho ba ba utlwileng molaetsa wa bone ba o dumela, mo e leng gore palo ya badumedi e ne ya tsholetsega ya batla go nna dikete tse tlhano!
Mnozí pak z těch, kteříž slyšeli slovo, uvěřili. I učiněn jest počet mužů okolo pěti tisíců.
5 Erile ka letsatsi le le latelang ga diragala gore Lekgotla la baeteledipele ba Sejuta le bo le phuthegetse mo Jerusalema.
Stalo se pak nazejtří, že se sešla knížata jejich, a starší, a zákonníci v Jeruzalémě,
6 Anase Moperesiti yo mogolo a bo a le teng, le Kaiafase, Johane, Alekesandere le ba bangwe ba losika lwa Moperesiti yo Mogolo.
A Annáš nejvyšší kněz, a Kaifáš, a Jan a Alexander, a kteřížkoli byli z pokolení nejvyššího kněze.
7 Jalo barutwa ba babedi ba leriwe kwa go bone. Mme lekgotla la ba botsa la re, “Lo dirile selo se ka nonofo ya ga mang kgotsa ka taolo ya ga mang?”
I postavivše je mezi sebou, otázali se: Jakou mocí aneb v kterém jménu učinili jste to vy?
8 Mme Petere, ka a tletse Mowa O O Boitshepo a ba raya a re, “Baeteledipele ba ba tlotlegang le ditlhogo tsa sechaba sa rona,
Tehdy Petr, jsa pln Ducha svatého, řekl jim: Knížata lidu a starší Izraelští,
9 fa lo raya tiro e ntle e e diretsweng segole se, le ka fa o neng a fodisiwa ka teng,
Poněvadž my dnes k soudu jsme přivedeni pro dobrodiní člověku nemocnému, kterak by on zdráv učiněn byl:
10 a nke ke lo bolelele sentle lona le batho botlhe ba Iseraele gore tiro e e dirilwe ka leina le nonofo ya ga Jesu wa Nasaretha, Mesia, monna yo lo mmapotseng, mme Modimo o mo tsositse mo baswing. Ke ka nonofo ya gagwe fa monna yo a eme fano a fodile!
Známo buď všechněm vám i všemu lidu Izraelskému, že ve jménu Ježíše Krista Nazaretského, kteréhož jste vy ukřižovali, jehož Bůh vzkřísil z mrtvých, skrze toho jméno tento stojí před vámi zdravý.
11 Gonne Jesu Mesia (ene yo go buiwang ka ga gagwe mo dikwalong) ke ‘lentswe je le gannweng ke baagi le le neng la nna lentswe la kgokgotshwana.’
Toť jest ten kámen za nic položený od vás stavitelů, kterýž jest v hlavu úhelní.
12 Ga go na poloko mo go ope! Ka fa tlase ga legodimo lotlhe ga gona leina lepe le batho ba ka le bitsang gore ba bolokwe.”
A neníť v žádném jiném spasení; neboť není jiného jména pod nebem daného lidem, skrze kteréž bychom mohli spaseni býti.
13 Erile Lekgotla le bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, gape le lemoga gore ga ba a rutega ke batho fela, ba hakgamala mme ba lemoga gore go nna le Jesu go ba diretse eng.
I vidouce takovou udatnost a smělost v mluvení Petrovu a Janovu, a shledavše, že jsou lidé neučení a prostí, divili se, a poznali je, že s Ježíšem bývali.
14 Mme Lekgotla le ne le se kake la latola go fodisiwa ga gagwe gonne motho yo o neng a fodisitswe o ne a eme gone foo gaufi nabo!
Člověka také toho vidouce, an stojí s nimi, kterýž byl uzdraven, neměli co mluviti proti nim.
15 Mme ba ba ntshetsa kwa ntle ga ntlwana e Lekgotla le kopanelang mo go yone ba sala ba gakololana.
I rozkázavše jim vystoupiti z rady, rozmlouvali vespolek,
16 Ba botsana ba re, “Re tlaa dirang ka banna ba? Ga re ka ke ra ganela gore ba dirile kgakgamatso e kgolo, gonne mongwe le mongwe mo Jerusalema o itse ka ga selo se.
Řkouce: Co učiníme lidem těmto? Nebo že zjevný zázrak stal se skrze ně, všechněm přebývajícím v Jeruzalémě známé jest, aniž můžeme zapříti.
17 Mme gongwe re ka ba emisa mo go anamiseng tumelo ya bone. Re tlaa ba bolelela gore fa ba ka dira gape jalo re tlaa dira gore ba obamele molao wa rona ka kgang.”
Ale aby se to více nerozhlašovalo v lidu, s pohrůžkou přikažme jim, aby více v tom jménu žádnému z lidí nemluvili.
18 Mme ba ba biletsa mo teng, ba ba raya ba re ba seka ba tlhola ba bua sepe ka ga Jesu.
I povolavše jich, přikázali jim, aby nikoli nemluvili, ani neučili ve jménu Ježíšovu.
19 Mme Petere le Johane ba ba raya ba re, “Atlholang lona gore a Modimo o batla re reetsa lona mo boemong jwa one!
Tedy Petr a Jan odpovídajíce jim, řekli: Jest-li to spravedlivé před oblíčejem Božím, abychom vás více poslouchali než Boha, suďte.
20 Ga re ka ke ra khutlisa go bua ka dilo tse di ntle tse re bonyeng Jesu a di dira ebile re mo utlwile a di bua.”
Neboť my nemůžeme nemluviti toho, co jsme viděli a slyšeli.
21 Mme Lekgotla la ba bopela, lwa bofelo ba ba lesa ba tsamaya gonne ba ne ba sa itse gore ba ka ba otlhaya jang kwa ntle ga go tsosa mokubukubu. Gonne mongwe le mongwe o ne a galaletsa Modimo ka ntlha ya tiro e ntle e,
A oni pohrozivše jim, propustili je, nenalezše na nich příčiny trestání, pro lid; nebo všickni velebili Boha z toho, co se bylo stalo.
22 ebong phodiso ya monna yo o saleng a lwetse dingwaga di le masome mane!
Byl zajisté v letech více než ve čtyřidcíti člověk ten, při kterémž se byl stal zázrak ten uzdravení.
23 Ka bofefo fela fa ba sena go gololwa, Petere le Johane ba bona barutwa ba bangwe mme ba ba bolelela se Lekgotla le se ba reileng.
A jsouce propuštěni, přišli k svým, a pověděli, co k nim přední kněží a starší mluvili.
24 Mme badumedi botlhe ba kopanela thapelo e: “Oo Morena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsone,
Kteříž uslyševše to, jednomyslně pozdvihli hlasu k Bohu a řekli: Hospodine, ty jsi Bůh, kterýž jsi učinil nebe i zemi, i moře i všecko, což v nich jest,
25 o buile bogologolo ka Mowa O O Boitshepo ka mogolwagolwane wa rona, motlhanka wa gago Kgosi Dafide, wa re ‘Ke ka ntlha yang fa baheitane ba tsogologela Morena, le merafe e e dieleele e dira maanonyana a a kgatlhanong le Modimo-Mothata-Yotlhe? Dikgosi tsa lefatshe di a kopana go tlhabantsha Morwa Modimo yo o tloditsweng!’
Kterýž jsi skrze ústa Davida, služebníka svého, řekl: Proč se bouřili národové, a lidé myslili marné věci?
Postavili se králové zemští, a knížata sešla se vespolek proti Pánu a proti pomazanému jeho.
27 “Ke sone se se diragalang fano mo motseng o gompieno! Gonne Kgosi Herode, le Ponto Pilato mmusi, le ba-Roma botlhe le batho ba Iseraele, ba kopanetse Jesu, Morwa yo o tloditsweng, motlhanka wa gago yo o boitshepo.
Právěť se jistě sešli proti svatému Synu tvému Ježíšovi, kteréhož jsi pomazal, Heródes a Pontský Pilát, s pohany a lidem Izraelským,
28 Ga ba na go tlogela le fa e le sepe se wena mo nonofong ya gago o tlaa ba letlang go se dira.
Aby učinili to, což ruka tvá a rada tvá předuložila, aby se stalo.
29 Mme jaanong Morena, utlwa go bopa ga bone, mme o neye batlhanka ba gago bopelokgale jo bogolo mo therong ya bone,
A nyní, Pane, pohlediž na pohrůžky jejich, a dejž služebníkům svým mluviti slovo své svobodně a směle,
30 o bo o romele nonofo ya gago ya phodiso, le dikgakgamatso di le dintsi le ditshupo di dirwe ka leina la motlhanka wa gago yo o itshepileng Jesu.”
Vztahuje ruku svou k uzdravování a k činění divů a zázraků, skrze jméno svatého Syna tvého Ježíše.
31 Morago ga thapelo e, kago e ba neng ba kopanetse mo go yone ya tshikinyega, mme botlhe ba tlala Mowa O O Boitshepo mme ba rera molaetsa wa Modimo ka bopelokgale.
A když se oni modlili, zatřáslo se to místo, na kterémž byli shromážděni, a naplněni jsou všickni Duchem svatým, a mluvili slovo Boží směle a svobodně.
32 Badumedi botlhe ba ne ba le pelo e le nngwe le mowa o le mongwe, mme ga bo go sena ope yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse.
Toho pak množství věřících bylo jedno srdce a jedna duše. Aniž kdo co z těch věcí, kteréž měl, svým vlastním býti pravil, ale měli všecky věci obecné.
33 Mme baaposetoloi ba rera dithero tse di nonofileng ka ga tsogo ya ga Morena Jesu, mme ga nna le bolekane jo bo nitameng mo badumeding botlhe.
A mocí velikou vydávali apoštolé svědectví o vzkříšení Pána Ježíše, a milost veliká přítomná byla všechněm jim.
34 Go ne go sena ope yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba neng ba na le ditsha kgotsa matlo ba ne ba a rekisa ba tlisa madi kwa baaposetoloing go a abela ba ba tlhokang.
Žádný zajisté mezi nimi nebyl nuzný; nebo kteřížkoli měli pole neb domy, prodávajíce, přinášeli peníze, za kteréž prodávali,
A kladli před nohy apoštolské. I bylo rozdělováno to jednomu každému, jakž komu potřebí bylo.
36 Jaaka go ne go na le Josefa, (yo baaposetoloi ba neng ba mmitsa “Barenabase wa Moreti!” E ne e le wa Balifi ba kwa setlhaketlhakeng sa Kupero).
Jozes pak, kterýž přijmí měl od apoštolů Barnabáš, (což se vykládá syn utěšení, ) z pokolení Levítského, z Cypru rodem,
37 E ne e le mongwe wa ba ba neng ba rekisa ditsha tsa bone tse ba neng ba na natso mme ba tlisa madi kwa baaposetoloing gore ba a abele ba ba tlhokang.
Měv pole, prodal je, a přinesl peníze, a položil k nohám apoštolským.

< Ditiro 4 >