< Ditiro 3 >

1 Erile maitsiboa mangwe Petere le Johane ba ya kwa Tempeleng go ya go kopanela merapelo e e neng e nna ka nako ya boraro malatsi otlhe.
Now Peter and John were going up to the temple together at the hour of prayer, which is the ninth hour.
2 Ya re ba atamela Tempele, ba bona monna yo o neng a sale a nnanye go tsweng mo sebopelong sa ga mmaagwe a rwelwe mo tseleng mme a bewa fa thoko ga kgoro ya Tempele e e neng e bidiwa Bontle, ka e ne e le tlwaelo ya gagwe ya malatsi otlhe.
And a certain man who had been lame from his birth was carried along; whom they laid every day at the gate of the temple, which is called Beautiful, to ask alms of those that were going into the temple:
3 Ya re Petere le Johane ba feta gaufi nae a ba kopa madi.
who seeing Peter and John about to go into the temple, asked alms of them.
4 Ba mo tlhoma matlho, mme Petere a re, “Leba kwano!”
But Peter, and John, looking earnestly at him said, Look on us.
5 Segole sa ba tlhoma matlho ka tlhoafalo, se solofetse mpho nngwe.
And he fixed his eyes upon them, expecting to receive something from them.
6 Mme Petere a mo raya a re, “Ga re na madi a re ka go a nayang! Mme ke tlaa go naya sengwe! Ke go laola ka leina la ga Jesu Keresete wa Nasaretha ka re, Ema o tsamaye!”
But Peter said, Silver and gold I have not; but what I have I give thee: In the name of Jesus Christ of Nazareth, rise up and walk.
7 Petere a tshwara segole ka seatla a se emisa ka dinao. Mme ya re a dira jalo, maoto a monna yoo le magwejana a fodisiwa a bo a nonotshiwa mo e leng gore o ne a ba a kgona go tlolaka, a ema foo lobakanyana mme a simolola go tsamaya! Mme a tsamaya a tlolaka a baka Modimo a tsena le bone mo Tempeleng.
And taking him by the right hand, he raised him up: and immediately his feet and ancles were strengthened:
8
and leaping up he stood firm, and walked; and entered with them into the temple, walking, and leaping, and praising God.
9 Erile fa batho ba ba mo Tempeleng ba mmona a tsamaya ebile ba utlwa a galaletsa Modimo,
And all the people saw him walking and praising God:
10 ebile ba lemoga fa e le mokopi yo ba mmoneng gantsi fa kgorong e e bidiwang Bontle, ba hakgamadiwa ke se se diragetseng.
and knew that it was he who sat to ask for alms at the Beautiful gate of the temple: and they were filled with astonishment and extasy at what had befallen him.
11 Ya re a ntse a ngaparetse Petere le Johane, batho botlhe ba taboga ba ba kgobokanela kwa loobong lo lo bidiwang lwa ga Solomone ba hakgametse thata.
And as the lame man that was healed had hold of Peter and John, all the people being astonished ran together to them to the porch called Solomon's porch.
12 Mme Petere a bona sebaka sa go bua le batho a ba raya a re, “Batho ba Iseraele, ke eng se se hakgamatsang thata kaga se? Ke eng fa lo re lebile thata jaaka o ka re re fodisitse monna yo ka nonofo le ka bo-Modimo jwa rona re dirile gore a tsamaye?
And Peter seeing this said to the people, Men of Israel, why marvel ye at this, or why look ye so earnestly on us, as if by our own power or piety we had made this man able to walk?
13 Gonne ke Modimo wa ga Aberahame, Isake, Jakobe le Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o o lerileng kgalalelo mo motlhankeng wa one Jesu Keresete ka go dira jalo. Ke raya Jesu yo lo mo itatotseng fa pele ga ga Pilatwe, mo godimo ga maikaelelo a ga Pilatwe a go mo golola.
The God of Abraham and of Isaac and of Jacob, the God of our fathers hath glorified his son Jesus, whom ye delivered up, and denied before Pilate, when he determined to release Him.
14 Ga lo aka lwa batla gore moitshepi yo o siameng yo a gololwe. Mo boemong jwa gagwe lwa lopa gore go gololwe mmolai.
But ye refused the holy and righteous One, and desired a murderer to be granted unto you:
15 Mme lwa bolaya Motlhodi wa botshelo; mme Modimo wa mo rudisa mo losong. Mme nna le Johane re basupi ba selo se se diragetseng se, gonne, erile lo sena go mmolaya ra mmona a tshela!
and put to death the prince of life; whom God hath raised from the dead, of which we are witnesses.
16 Leina la ga Jesu le fodisitse monna yo, mme lo itse gore o ne a le segole jang pele. Go fola mo go itekanetseng mo go dirilwe ke go dumela mo leineng la ga Jesu le tumelo e re e neilweng ke Modimo.
And through faith in his name, hath strengthened this man, whom ye see and know: his name, I say, and saith in Him, hath wrought this perfect cure before you all.
17 “Bakaulengwe ba ba rategang, ke lemoga gore se lo se dirileng mo go Jesu lo se dirile ka go tlhoka kitso; mme le baeteledipele ba lona ba ka bolelwa fela jalo.
And now, brethren, I know that ye did it through ignorance, as did also your rulers:
18 “Mme Modimo o ne o diragatsa seporofeso sa gore Mesia o tshwanetse go boga dilo tse tsotlhe.
but thus hath God accomplished those things which He had foretold by the mouth of all his prophets, that Christ should suffer.
19 Ke gone sokololelang ditlhaloganyo le megopolo ya lona kwa Modimong, lo sokologele kwa go one gore o tlose maleo a lona o bo o lo leretse metlha ya boitumelo jo bo tswang kwa Moreneng,
Repent therefore and be converted, that your sins may be blotted out: that seasons of refreshing may come upon you from the presence of the Lord;
20 le go re a bo a lo romelele Jesu Mesia wa lona gape.
and He may send Jesus Christ, who was before preached unto you:
21 Gonne o tshwanetse go nna kwa legodimong go fitlhelela nako e Modimo o busetsang dilo tsotlhe mo maemong a tsone, jaaka go porofitilwe mo dinakong tsa bogologolo. Fela jaaka Moshe a kile a bua bogologolo a re, ‘Morena Modimo o tlaa tsosa Moporofiti mo gare ga lona yo o tlaa tshwanang le nna! Lo mo reetseng ka kelo-tlhoko mo go sengwe le sengwe se o se lo bolelelang. (aiōn g165)
whom heaven must indeed receive till the times of settling all things, of which God hath spoken by the mouth of all his holy prophets from the beginning. (aiōn g165)
For Moses said unto the fathers, the Lord your God will raise up a prophet unto you, of your brethren, like me, Him shall ye hear in all things whatever He shall say unto you;
23 Lefa e le mang yo o se kitlang a mo reetsa o tlaa senyediwa ruri.
and every soul, who will not hearken to that prophet, shall be destroyed from among the people: yea and all the prophets from Samuel,
24 Samuele le moporofiti mongwe le mongwe ga ba bolo go bolela kaga se se diragalang gompieno.’
and those that followed, as many as have prophesied, have also foretold these days.
25 “Lo bana ba baporofiti bao; mme lo baletswe mo tsholofetsong ya Modimo e o e diretseng bagologolwane ba lona go segofatsa lotlhe ka Bajuta, eo ke tsholofetso e Modimo o e neileng Aberehame.
Now ye are the children of the prophets, and of the covenant, which God made with our fathers, saying to Abraham, "And in thy seed shall all the families of the earth be blessed:"
26 Mme erile fela fa Modimo o sena go rudisa motlhanka wa one mo baswing, o ne wa mo roma pele kwa go lona batho ba Iseraele, go lo segofatsa ka go lo sokolola mo dibeng tsa lona.”
and to you first God having raised up his son Jesus, sent Him to bless you; in your turning away every one of you from your iniquities.

< Ditiro 3 >