< Ditiro 27 >

1 Mme lwa bofelo dithulaganyo tsa dirwa go re re simolole mosepele wa rona wa go ya kwa Roma ka sekepe; jalo Paulo le magolegwa a mangwe a mantsi ba bewa mo tlhokomelong ya mogolwane yo o neng a bidiwa Julio, leloko la mophato wa badisa.
jalapathenAsmAkam itoliyAdezaM prati yAtrAyAM nizcitAyAM satyAM te yUliyanAmno mahArAjasya saMghAtAntargatasya senApateH samIpe paulaM tadanyAn katinayajanAMzca samArpayan|
2 Mme re ne ra tsamaya ka sekepe se se neng se ya kwa Gerika, se se neng se rulaganyeditswe go ema gantsinyana mo mafelong a sekae mo lotshitshing lwa lewatle la Asia. Ke tshwanetse go bolela gore Arisetareka wa Mogerika yo o neng a tswa kwa Thesalonika o ne a na le rona.
vayam AdrAmuttIyaM potamekam Aruhya AziyAdezasya taTasamIpena yAtuM matiM kRtvA laGgaram utthApya potam amocayAma; mAkidaniyAdezasthathiSalanIkInivAsyAristArkhanAmA kazcid jano'smAbhiH sArddham AsIt|
3 Tsatsi le le latelang erile re ema kwa Sidona, Julio o ne a siame thata mo go Paulo mme a mo letla gore a fologe mo sekepeng a etele ditsala tsa gagwe gore di mo amogele ka boitumelo.
parasmin divase 'smAbhiH sIdonnagare pote lAgite tatra yUliyaH senApatiH paulaM prati saujanyaM pradarthya sAntvanArthaM bandhubAndhavAn upayAtum anujajJau|
4 Mme erile go tloga foo, ra kgorelediwa ke diphefo tse di neng tsa dira gore go nne thata go tlhamalatsa sekepe, jalo ra leba kwa bokone jwa Kupero fa gare ga setlhake le lefatshe,
tasmAt pote mocite sati sammukhavAyoH sambhavAd vayaM kupropadvIpasya tIrasamIpena gatavantaH|
5 mme ra feta go bapa le kgaolo ya Kilikia le Pamfilia, ra ema kwa Mira, mo kgaolong ya Lukia.
kilikiyAyAH pAmphUliyAyAzca samudrasya pAraM gatvA lUkiyAdezAntargataM murAnagaram upAtiSThAma|
6 Mme foo molaodi wa rona a bona sekepe sa Egepeto se se tswang kwa Alekesanderia, se ya Itale, mme sa re tsaya.
tatsthAnAd itAliyAdezaM gacchati yaH sikandariyAnagarasya potastaM tatra prApya zatasenApatistaM potam asmAn Arohayat|
7 Re ne ra tsamaya mo dikgoberegong malatsi a le mantsi, mme la bofelo ra atamela Kinido; mme diphefo di ne di setse di gaketse, jalo ra tabogela kwa Kereta, ra feta mo boemelong dikepe jwa Salamone. Mme erile re ntse re lebaganye le phefo ka bothata jo bogolo re tsamaya re iketlile mo lotshitshing lwa borwa, ra goroga mo felong fa go bidiwang Dinwane Dintle gaufi le motse wa Lusia.
tataH paraM bahUni dinAni zanaiH zanaiH rgatvA knIdapArzvopasthtiH pUrvvaM pratikUlena pavanena vayaM salmonyAH sammukham upasthAya krItyupadvIpasya tIrasamIpena gatavantaH|
8
kaSTena tamuttIryya lAseyAnagarasyAdhaH sundaranAmakaM khAtam upAtiSThAma|
9 Mme ra nna malatsi a le mantsi koo. Ka nako eo phefo e ne ya nna maswe mo e leng gore re ne re sa kgone go tsamaya mosepele o moleele, gonne ngwaga e ne e tsamaela go fela, mme Paulo a bua le balaodi ba sekepe ka gone.
itthaM bahutithaH kAlo yApita upavAsadinaJcAtItaM, tatkAraNAt nauvartmani bhayaGkare sati paulo vinayena kathitavAn,
10 A re, “Borra, ke dumela gore go tlaa nna mathata kwa pele fa re ka tswelela, gongwe sekepe sa rona se ka nna sa senyega, kgotsa ra latlhegelwa ke morwalo wa rona, ra gobala kgotsa ra a swa.”
he mahecchA ahaM nizcayaM jAnAmi yAtrAyAmasyAm asmAkaM klezA bahUnAmapacayAzca bhaviSyanti, te kevalaM potasAmagryoriti nahi, kintvasmAkaM prANAnAmapi|
11 Mme le fa gontse jalo batlhokomedi ba magolegwa ba ne ba reetsa molaodi wa sekepe le mong wa sone go na le Paulo.
tadA zatasenApatiH pauloktavAkyatopi karNadhArasya potavaNijazca vAkyaM bahumaMsta|
12 Mme ka gore Dinwane Dintle e ne e le boemelo jo bo mo pepeneneng, lefelo le le sa siamelang go nna mo go lone mariga, bontsi jwa batho ba ba dirang mo sekepeng ba re gakolola gore go ka nna jang fa re leka go tlhatlogela kwa Finekisa go fetsa mariga teng; Finekisa e ne e le boemelo jwa dikepe jo bo siameng bo lebile kwa bokone-bophirima le kwa borwa-bophirima.
tat khAtaM zItakAle vAsArhasthAnaM na tasmAd avAcIpratIcordizoH krItyAH phainIkiyakhAtaM yAtuM yadi zaknuvantastarhi tatra zItakAlaM yApayituM prAyeNa sarvve mantrayAmAsuH|
13 Mme ka yone nako eo ga simologa phefo e e fokang ka bonya e tswa borwa, mme go ne go lebega e le letsatsi le le siametseng loeto, jalo ba tsamaya ba ikamile lotshitshi lwa lewatle.
tataH paraM dakSiNavAyu rmandaM vahatIti vilokya nijAbhiprAyasya siddheH suyogo bhavatIti buddhvA potaM mocayitvA krItyupadvIpasya tIrasamIpena calitavantaH|
14 Mme ka bofefo morago ga moo, ga nna le phetogo mo loaping, ga tsoga ledimo la phefo e e nonofileng thata (e ba e bitsang ya Bokone-botlhaba) la kapa sekepe la se phailela kwa teng ga lewatle. La ntlha ba ne ba leka go se lebisa kwa lotshitshing mme ba se ka ba kgona, jalo ba ineela gore phefo e kgweeletse sekepe kwa e yang teng.
kintvalpakSaNAt parameva urakludonnAmA pratikUlaH pracaNDo vAyu rvahan pote'lagIt
tasyAbhimukhaM gantum potasyAzaktatvAd vayaM vAyunA svayaM nItAH|
16 Mme la bofelo ra goroga fa setlhakenyaneng se se neng se bidiwa Jauda, kwa e rileng ka bothata ra tlolela mo mokorong wa namolo o o neng o tswa kwa morago,
anantaraM klaudInAmna upadvIpasya kUlasamIpena potaM gamayitvA bahunA kaSTena kSudranAvam arakSAma|
17 mme ra fapa sekepe kwa tlase. Badiri mo sekepeng ba ne ba tshaba go phepheulelwa ke phefo kwa go totomelang kwa lotshitshing lwa Afrika. Ba folosa disaile tsa sekepe ba ntse ba phepheulwa ke phefo.
te tAmAruhya rajjcA potasyAdhobhAgam abadhnan tadanantaraM cet poto saikate lagatIti bhayAd vAtavasanAnyamocayan tataH poto vAyunA cAlitaH|
18 Erile letsatsi le le latelang fa lewatle le kokomoga, badiri mo sekepeng ba simolola go latlhela merwalo mo lewatleng.
kintu kramazo vAyoH prabalatvAt poto dolAyamAno'bhavat parasmin divase potasthAni katipayAni dravyANi toye nikSiptAni|
19 Mme letsatsi le le latelang ba latlhela dilwana tsa bone le sengwe le sengwe se se neng se le gaufi nabo.
tRtIyadivase vayaM svahastaiH potasajjanadravyANi nikSiptavantaH|
20 Dikhuduego tsa lewatle tsa nna dikgolo ka malatsi a le mantsi go fitlhelela la bofelo go sena tsholofelo epe.
tato bahudinAni yAvat sUryyanakSatrAdIni samAcchannAni tato 'tIva vAtyAgamAd asmAkaM prANarakSAyAH kApi pratyAzA nAtiSThat|
21 Mme ka lobaka lo lo leele go ne go sena ope yo o kileng a ja, mme la bofelo Paulo o ne a bitsa badiredi ba sekepe botlhe a re, “Banna, lo ka bo lo ne lwa ntheetsa lantlha mme ra seka ra tloga mo Dinwane Dintle, lo ka bo lo falotse dikgobalo tse le tatlhegelo!
bahudineSu lokairanAhAreNa yApiteSu sarvveSAM sAkSat paulastiSThan akathayat, he mahecchAH krItyupadvIpAt potaM na mocayitum ahaM pUrvvaM yad avadaM tadgrahaNaM yuSmAkam ucitam AsIt tathA kRte yuSmAkam eSA vipad eSo'pacayazca nAghaTiSyetAm|
22 Mme le fa go ntse jalo nametsegang! Ga go ope wa rona yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo, ntswa sekepe sone se tlaa nwela.
kintu sAmprataM yuSmAn vinIya bravImyahaM, yUyaM na kSubhyata yuSmAkam ekasyApi prANino hAni rna bhaviSyati, kevalasya potasya hAni rbhaviSyati|
23 “Gonne bosigo jo bo fetileng moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe le yo ke mo direlang o ne a ema fa thoko ga me,
yato yasyezvarasya loko'haM yaJcAhaM paricarAmi tadIya eko dUto hyo rAtrau mamAntike tiSThan kathitavAn,
24 a re, ‘Se boife, Paulo, gonne ka boammaaruri o tlaa sekisiwa ke Kaesara! Mo gongwe gape ke eng, Modimo o arabile kopo ya gago mme o tlaa boloka matshelo a botlhe ba ba mo loetong le wena.’
he paula mA bhaiSIH kaisarasya sammukhe tvayopasthAtavyaM; tavaitAn saGgino lokAn IzvarastubhyaM dattavAn|
25 Mme jaanong nametsegang! Gonne ke dumela Modimo! Go tlaa nna fela jaaka o buile!
ataeva he mahecchA yUyaM sthiramanaso bhavata mahyaM yA kathAkathi sAvazyaM ghaTiSyate mamaitAdRzI vizvAsa Izvare vidyate,
26 Mme le fa go ntse jalo sekepe sa rona se tlaa senyegela fa setlhakeng.”
kintu kasyacid upadvIpasyopari patitavyam asmAbhiH|
27 Mme erile e ka nna nako ya bosigo-gare mo bosigong jwa bo lesome le bone jwa khuduego ya lewatle, fa re ntse re phepheulelwa kwa pele le kwa morago mo lewatleng la Aderia, batsamaisi ba sekepe ba belaela gore lefatshe le gaufi.
tataH param AdriyAsamudre potastathaiva dolAyamAnaH san itastato gacchan caturdazadivasasya rAtre rdvitIyapraharasamaye kasyacit sthalasya samIpamupatiSThatIti potIyalokA anvamanyanta|
28 Ba ne ba lekeletsa boteng jwa metse mme ba bona e le boteng jwa dikgato di le lekgolo le masome a mabedi. Morago ga sebakanyana ba lekeletsa gape, mme ba bona e le dikgato di le masome a roba bongwe.
tataste jalaM parimAya tatra viMzati rvyAmA jalAnIti jJAtavantaH| kiJciddUraM gatvA punarapi jalaM parimitavantaH| tatra paJcadaza vyAmA jalAni dRSTvA
29 Mme ka selekanyo se ba itse gore ba gaufi le go phepheulelwa kwa lotshitshing, mme ka ba tshaba mafika a a gaufi le lotshitshi, ba digela diitsetsepelo di le nne ka kwa morago ga sekepe mme ba rapela gore go nne lesedi.
cet pASANe lagatIti bhayAt potasya pazcAdbhAgatazcaturo laGgarAn nikSipya divAkaram apekSya sarvve sthitavantaH|
30 Mme batsamaisi ba bangwe ba loga leano la go tlogela sekepe, mme ba fologa mokoro wa phalotsho jaaka o ka re ba ya go tlhoma diitsetsepelo kwa pele.
kintu potIyalokAH potAgrabhAge laGgaranikSepaM chalaM kRtvA jaladhau kSudranAvam avarohya palAyitum aceSTanta|
31 Mme Paulo a raya masole le molaodi a re, “Lo tlaa swa lotlhe fa lo ka seka lwa nna mo sekepeng.”
tataH paulaH senApataye sainyagaNAya ca kathitavAn, ete yadi potamadhye na tiSThanti tarhi yuSmAkaM rakSaNaM na zakyaM|
32 Mme masole a kgaola megala a tlogela mokoro wa wa.
tadA senAgaNo rajjUn chitvA nAvaM jale patitum adadAt|
33 Erile masa a sa, Paulo a kopa mongwe le mongwe gore a je, a re, “Ga lo ise lo ke lo ame dijo mo dibekeng tse pedi tse di fetileng!
prabhAtasamaye paulaH sarvvAn janAn bhojanArthaM prArthya vyAharat, adya caturdazadinAni yAvad yUyam apekSamAnA anAhArAH kAlam ayApayata kimapi nAbhuMgdhaM|
34 Tsweeng-tsweeng jang sengwe gore lo thusege! Gonne le fa ele thiri ya ditlhogo tsa lona ga e na go nyelela!”
ato vinaye'haM bhakSyaM bhujyatAM tato yuSmAkaM maGgalaM bhaviSyati, yuSmAkaM kasyacijjanasya zirasaH kezaikopi na naMkSyati|
35 Mme a tsaya senkgwenyana se se omisitsweng a leboga Modimo fa pele ga bone botlhe, mme a ja.
iti vyAhRtya paulaM pUpaM gRhItvezvaraM dhanyaM bhASamANastaM bhaMktvA bhoktum ArabdhavAn|
36 Ka bofefo mongwe le mongwe a ikutlwa sentle mme ba simolola go ja,
anantaraM sarvve ca susthirAH santaH khAdyAni parpyagRhlan|
37 rotlhe re ne re le makgolo a mabedi le masome a supa le borataro, gonne eo ke yone palo e e neng e le mo sekepeng.
asmAkaM pote SaTsaptatyadhikazatadvayalokA Asan|
38 Erile re sena go ja, badiri ba sekepe ba fokotsa morwalo ka go latlhela mabele mo lewatleng.
sarvveSu lokeSu yatheSTaM bhuktavatsu potasthan godhUmAn jaladhau nikSipya taiH potasya bhAro laghUkRtaH|
39 Mme erile bosa bo sele, ba seka ba tlhaloganya lefatshe gore ke lefe, mme ba bona senwane se se lobota lo papametseng mme ba akanya gore a ba ka tsena fa gare ga mantswe ba phepheulelwa ke phefo kwa lotshitshing.
dine jAte'pi sa ko deza iti tadA na paryyacIyata; kintu tatra samataTam ekaM khAtaM dRSTvA yadi zaknumastarhi vayaM tasyAbhyantaraM potaM gamayAma iti matiM kRtvA te laGgarAn chittvA jaladhau tyaktavantaH|
40 Mme la bofelo ba ikaelela go leka jalo. Ba kgaola diitsetsepelo ba di tlogela mo lewatleng, ba folosa dikgong tse di sokololang sekepe ba pega disaile ba leba kwa lotshitshing.
tathA karNabandhanaM mocayitvA pradhAnaM vAtavasanam uttolya tIrasamIpaM gatavantaH|
41 Mme sekepe sa thula totoma ya motlhaba sa totomela. Mpa ya sone ya tsena mo mmung, mme marago a sone a thujwa ke makhubu a metsi.
kintu dvayoH samudrayoH saGgamasthAne saikatopari pote nikSipte 'grabhAge bAdhite pazcAdbhAge prabalataraGgo'lagat tena poto bhagnaH|
42 Mme masole a buisanya le molaodi wa bone gore ba bolaye magolegwa e se re kgotsa ope wa bone a shapela kwa lotshitshing a falola.
tasmAd bandayazced bAhubhistarantaH palAyante ityAzaGkayA senAgaNastAn hantum amantrayat;
43 Mme Julio ka a ne a batla go boloka Paulo, a ganana le mogopolo oo. Mme a laola gore botlhe ba ba ka kgonang go shapa ba fologe ba shapele kwa ntle,
kintu zatasenApatiH paulaM rakSituM prayatnaM kRtvA tAn tacceSTAyA nivartya ityAdiSTavAn, ye bAhutaraNaM jAnanti te'gre prollampya samudre patitvA bAhubhistIrttvA kUlaM yAntu|
44 mme ba ba sa kgoneng go shapa ba leke ka dipolanka le dikgong tse di robegileng mo sekepeng. Mme mongwe le mongwe a kgona go falolela kwa lotshitshing.
aparam avaziSTA janAH kASThaM potIyaM dravyaM vA yena yat prApyate tadavalambya yAntu; itthaM sarvve bhUmiM prApya prANai rjIvitAH|

< Ditiro 27 >