< Ditiro 26 >
1 Mme Ageripa a raya Paulo a re, “Tswelela o re bolelele polelo ya gago.” Jalo Paulo a otlolola letsogo a ikarabela a re:
亚基帕对保罗说:“准许你为自己辩护。”于是保罗用手臂示意开始了自己的辩护:
2 “Ke sego, Kgosi Ageripa, fa ke na le tshwanelo ya go ikarabela fa pele ga gago gompieno,
“亚基帕王,很荣幸今天能就犹太人控告我一事,在你面前进行自我辩护。
3 gonne ke itse fa o le moitseanape wa melao ya Sejuta le ngwao. Mme ke a go kopa gore o ntheetse ka bopelotelele!
尤其是你熟悉犹太人的所有规则和习俗,所以恳请你耐心听取我说的话。
4 “Fela jaaka Bajuta ba itse sentle, ke rutilwe thata ka Sejuta go tswa bonyaneng jwa me kwa Tareso, mme morago ka rutwa kwa Jerusalema, mme ka tshela fela jalo.
从我在祖国幼年时期的经历再到耶路撒冷的一切,所有犹太人都知道我的人生道路。
5 Mme fa ba rata ba ka dumalana le nna, ba itse gore ke ne ke le mofarasai yo o tlhokomelang melao fa go tla mo kobamelong ya melao ya Sejuta le dingwao.
他们一直以来都很了解我,如果他们肯作证,你就会知道,我一直严格遵循最严格的教派,忠于我的信仰。我按照法利赛人的方式生活。
6 Mme lebaka le ba ntshetseng morago go ntshekisa ke ka ntlha ya selo sengwe, ke ka ntlha ya gore ke solofetse tiragalo ya tsholofetso ya Modimo e e neng ya solofediwa borraa-ronamogologolwane.
现在我之所以站在这里受审,就是因为上帝向祖先们承诺的希望。
7 Merafe e e lesome le bobedi ya Iseraele e leka bosigo le motshegare go goroga kwa tsholofelong e ke nang nayo! Le fa go ntse jalo Kgosi, mo go nna ba re ke molato!
我们的十二族群始终虔诚地服侍上帝,都是盼望这希望可以实现。是的,国王陛下,犹太人控告我也是因为这希望。
8 A mme go molato go dumela mo tsogong ya baswi.
为什么你们认为,上帝让死人复活是不可思议的事情呢?
9 “A go utlwala go sa dumelesege mo go wena gore Modimo o ka tsosa batho mo losong gore ke tshwanetse go dira ditiro tse di boitshegang mo balateding ba ga Jesu wa Nasaretha.
我以前也真的相信,自己应该想方设法反对拿撒勒人耶稣之名。
10 Ke ne ka tsenya baitshepi ba le bantsi mo kgolegelong kwa Jerusalema, jaaka go ne go laotswe ke baperesiti ba bagolo; mme erile ba atlholelwa leso ka dumelana nabo.
我在耶路撒冷就是这么做的。我在祭司长的授权下,把很多信徒扔进监牢,在他们被杀的时候,我也完全同意。
11 Ke ne ke tlhokofatsa Bakeresete gongwe le gongwe go leka gore ba hutse Keresete. Ke ne ke le bogale thata mo go bone mo ke neng ka bogisa le ba metse e e kgakala mo mafatsheng a sele.
我让他们在所有的犹太教堂受到惩罚,试图让他们放弃。 我非常反对他们,我到国外的城市去迫害他们。
12 “Ke ne ke le mo loetong lo lo ntseng jalo ke ya Damaseko, ke tshotse ditaelo tse di neng di tswa kwa baperesiting ba bagolo,
但有一天,我得到祭司长的授权和指令去往大马士革。
13 fa ka letsatsi lengwe ka e ne e le motshegare wa sethoboloko, nna le bapati ba me ra phatshimelwa ke lesedi le le neng le phatsima go gaisa letsatsi.
国王陛下,就在那天中午,我在路上看见来自天上的一道光,比太阳更明亮,照耀着我和其他同伴。
14 Re ne ra wela fa fatshe rotlhe, mme ka utlwa lentswe le bua le nna ka Sehebera le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang? O ikutlwisa botlhoko fela!’
我们都伏倒在地,然后我听见有声音用希伯来语对我说:‘扫罗啊,扫罗!你为什么迫害我?你是很难对抗我的!’
15 “Ka botsa ka re, ‘O mang Morena?’ Mme a fetola a re, ‘Ke Jesu, yo o mmogisang.
我问到:‘主啊,你是谁?’ 主说:‘我就是你所迫害的耶稣。
16 Jaanong ema ka dinao! Gonne ke bonetse mo go wena go go dira modiredi le mosupi wa me. O tshwanetse go bolelela lefatshe ka tiragalo e, le kaga tse dingwe tse ke tlaa di go supegetsang.
但现在起来吧。我之所以要向你显现,是为了指认你为我的仆人,为我见证,告诉其他人你如何看到我,以及我向你显化的一切。
17 Mme ke tlaa go sireletsa mo go bagaeno le mo go Badichaba. Ee, ke tlaa go romela kwa go Badichaba,
我要把你从同胞和异教徒那里拯救出来,现在我就派你到他们那里去,
18 go bula matlho a bone mo go tse e leng tsa boammaaruri gore ba tle ba ikwatlhaye ba nne mo leseding la Modimo go na le gore ba tshele mo lefifing la ga Satane, gore ba tle ba bone boitshwarelo jwa dibe tsa bone le go ja boswa jwa Modimo mmogo le batho botlhe gongwe le gongwe ba dibe tsa bone di tlhatswitsweng, ba ba beetsweng kwa thoko ka ntlha ya go dumela mo go nna.’
开启他们的双眼,让他们从黑暗转向光明,从撒旦的控制转向上帝,这样他们的罪恶才会得到赦免,那些因信我而正确行事之人,才会被包含其中。’
19 “Mme jalo, Kgosi Ageripa, ga ke a ka ka tlhoka go reetsa ponatshegelo eo e e tswang kwa legodimong!
亚基帕王啊,很显然,我没有违背这来自天堂的异象。
20 Ke ne ka rerela pele ba ba kwa Damaseko, le Jerusalema le mo tikologong yotlhe ya Judea, le mo go Badichaba gore botlhe ba tshwanetse go tlogela dibe tsa bone mme ba sokologela kwa Modimong, mme ba supe tshokologo ya bone ka go dira ditiro tse di siameng.
我先在大马士革、耶路撒冷、犹太全地向众人宣讲这忏悔之道,然后又向异教徒宣讲:关于如何转信上帝,通过行动彰显他们的悔改。
21 Bajuta ba ne ba ntshwara mo Tempeleng ka ntlha ya go rera jaana, mme ba leka go mpolaya,
犹太人就是因此在圣殿中捉拿我,想要杀我。
22 mme Modimo o ne wa ntshireletsa gore ke be ke sa ntse ke tshela gompieno gore ke bolelele mongwe le mongwe dilo tse, bagolo le bannye. Ga ke rute sepe fa e se se baporofiti le Moshe ba se buileng,
但我获得了上帝的眷顾,所以今天还能站在众人面前,包括普通百姓和尊贵之人。我所言只是重复了摩西和先知所讲必然发生之事,
23 gore Mesia o tlaa boga, mme a nne wa ntlha go tsoga mo baswing, go tlisa lesedi mo Bajuteng le mo go Badichaba.”
那就是基督必须受难,然后率先死而复生,向犹太人和异教徒宣告上帝的拯救之光。”
24 Mme ka tshoganetso Feseto a goa a re, “Paulo oa tsenwa, Go rutega thata ga gago go a go tsentsha!”
保罗的自我辩护说到这里,非斯都大声说:“保罗!你疯了!你的学问让你疯了!”
25 Mme Paulo a fetola a re, “Ga ke tsenwe, Motlotlegi Feseto. Ke bua mafoko a boammaaruri jo bo itekanetseng.
保罗回答:“非斯都大人,我没有疯,我说的都是真实,都是言之有理。
26 Mme Kgosi Ageripa o itse kaga dilo tse. Ke bua ke gololesegile gonne ke itse sentle gore ditiragalo tse di tlwaelesegile mo go ene, gonne ga di a direlwa mo sephiring!
国王意识到了这一点,我只是很坦白地解释而已。我相信他知道到底发生了什么,因为这种事情无法躲躲藏藏。
27 Kgosi Ageripa, a o dumela baporofiti? Mme ke a itse gore o a dumela.”
亚基帕王啊,你相信先知所言吗?我知道你信!”
28 Mme Ageripa a mo tsena ganong a re, “A o batla go ntira Mokeresete mo lobakeng lo lokhutshwane lo?”
亚基帕问保罗说:“你认为自己能这么快就说服我变成基督徒吗?”
29 Mme Paulo a fetola a re, “Mo Modimong le fa mafoko a me a le bokoa kgotsa a nonofile, wena le botlhe ba ba leng fano mo bathong ba ba tsileng go reetsa ba, lo ka nna jaaka nna, ke sa reye lo golegilwe ka dikeetane tse.”
保罗回答:“无论时间长短,都没有关系。我不止为你向上帝祈祷,更包括今天希望像我一样的所有听众,只是不应该有这锁链。”
30 Mme Kgosi le molaodi, le Berenise le ba bangwe botlhe ba ema ba tsamaya.
亚基帕王、总督、百尼基以及在座的所有人都站起来,然后离开了法庭,
31 Mme erile ba ntse ba buisanya kgang e, ba dumalana jaana ba re, “Monna yo ga a dira sepe se se tshwanetseng loso kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong.”
召开了一次会议。他们的结论是:“这个人并没有犯下任何应处死或监禁的罪行。”
32 Mme Ageripa a raya Feseto a re, “Fa a ka bo a sa dira boikuelo kwa go Kaisara, o ka bo a gololwa.”
亚基帕对非斯都说:“如果他没有请求向凯撒上诉,就可以释放了。”