< Ditiro 25 >

1 Erile morago ga malatsi a mararo Feseto a sena go goroga kwa Kaesarea go tsaya maemo a gagwe a masha, a ya Jerusalema,
さて、フェストは、任地に着いてから三日の後、カイザリヤからエルサレムに上ったところ、
2 kwa baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba neng ba mo fitlhela teng ba bo ba mmolelela polelo ya bone ka ga Paulo.
祭司長たちやユダヤ人の重立った者たちが、パウロを訴え出て、
3 Ba mo kopa go tlisa Paulo ka bonako kwa Jerusalema. (Leano la bone e ne e le go mo lalela mo tseleng ba mmolaya).
彼をエルサレムに呼び出すよう取り計らっていただきたいと、しきりに願った。彼らは途中で待ち伏せして、彼を殺す考えであった。
4 Mme Feseto a ba fetola a re, “E re ka Paulo a le kwa Kaesarea, le ene ka boene a ne a boela teng ka bofefo,
ところがフェストは、パウロがカイザリヤに監禁してあり、自分もすぐそこへ帰ることになっていると答え、
5 ba ba nang le thata mo puong e ba tshwanetse go boela le ene kwa tshekong.”
そして言った、「では、もしあの男に何か不都合なことがあるなら、おまえたちのうちの有力者らが、わたしと一緒に下って行って、訴えるがよかろう」。
6 Erile morago ga malatsi a robabobedi kgotsa a le some a boela kwa Kaesarea. Mme letsatsi le le latelang a rebola gore tsheko ya ga Paulo e tsene.
フェストは、彼らのあいだに八日か十日ほど滞在した後、カイザリヤに下って行き、その翌日、裁判の席について、パウロを引き出すように命じた。
7 Mme erile fa Paulo a goroga mo kgotleng Bajuta ba ba tswang Jerusalema ba phuthega, ba mo pega melato e mentsi e ba neng ba sena bosupi mo go yone.
パウロが姿をあらわすと、エルサレムから下ってきたユダヤ人たちが、彼を取りかこみ、彼に対してさまざまの重い罪状を申し立てたが、いずれもその証拠をあげることはできなかった。
8 Mme Paulo a itatola melato ya bone a re, “Ga ke molato, ga ke ise ke ko ke ganetse melao ya Sejuta le fa e le go nyatsa Tempele ya Sejuta kgotsa go tsogologela mmuso wa Seroma.”
パウロは「わたしは、ユダヤ人の律法に対しても、宮に対しても、またカイザルに対しても、なんら罪を犯したことはない」と弁明した。
9 Mme erile ka Feseto a batla go itumedisa Bajuta, a mmotsa a re, “A o batla go ya Jerusalema go ya go sekisiwa ke nna?”
ところが、フェストはユダヤ人の歓心を買おうと思って、パウロにむかって言った、「おまえはエルサレムに上り、この事件に関し、わたしからそこで裁判を受けることを承知するか」。
10 Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa! Ke batla go utlwa katlholo ya me fa pele ga Kgosi e kgolo ka bo yone. O itse sentle gore ga ke molato. Fa ke dirile sengwe se se tshwanetseng loso, ga ke tshabe go swa! Mme fa ke se na molato, lefa e le wena kgotsa mongwe fela ga a na thata ya go nneela banna ba gore ba mpolaye. Ke ikuela mo go Kaesara!”
パウロは言った、「わたしは今、カイザルの法廷に立っています。わたしはこの法廷で裁判されるべきです。よくご承知のとおり、わたしはユダヤ人たちに、何も悪いことをしてはいません。
もしわたしが悪いことをし、死に当るようなことをしているのなら、死を免れようとはしません。しかし、もし彼らの訴えることに、なんの根拠もないとすれば、だれもわたしを彼らに引き渡す権利はありません。わたしはカイザルに上訴します」。
12 Mme Feseto a buisanya le bagakolodi ba gagwe a fetola jaana, “Go siame! o ikuetse mo go Kaesara, mme o tlaa ya kwa go Kaesara!”
そこでフェストは、陪席の者たちと協議したうえ答えた、「おまえはカイザルに上訴を申し出た。カイザルのところに行くがよい」。
13 Mme erile morago ga malatsinyana Kgosi Ageripa a goroga le Berenise mo Kaesarea a etetse Feseto.
数日たった後、アグリッパ王とベルニケとが、フェストに敬意を表するため、カイザリヤにきた。
14 Erile ba ntse ba le mo malatsing a bone a loeto Feseto a tlotlela Kgosi ka tsheko ya ga Paulo. A mo raya a re, “Go na le legolegwa lengwe fano le tsheko ya lone ke e tlogeletsweng ke Felise.
ふたりは、そこに何日間も滞在していたので、フェストは、パウロのことを王に話して言った、「ここに、ペリクスが囚人として残して行ったひとりの男がいる。
15 Erile fa ke le kwa Jerusalema, baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba mpolelela bontlha-bongwe jwa polelo ya bone kaga Paulo mme ba nkopa gore ke mo atlhole gore a bolawe.
わたしがエルサレムに行った時、この男のことを、祭司長たちやユダヤ人の長老たちが、わたしに報告し、彼を罪に定めるようにと要求した。
16 Mme ruri ke ne ka ba bolelela ka bonako gore molao wa Roma ga o tshwae motho phoso a ise a sekisiwe. O neelwa sebaka sa go re a iphemele a lebaganye le basekisi ba gagwe.
そこでわたしは、彼らに答えた、『訴えられた者が、訴えた者の前に立って、告訴に対し弁明する機会を与えられない前に、その人を見放してしまうのは、ローマ人の慣例にはないことである』。
17 “Erile fa ba tla kwano ba tlela tsheko, ka bitsa kgang e ka letsatsi le le latelang mme ka laola gore Paulo a tlisiwe.
それで、彼らがここに集まってきた時、わたしは時をうつさず、次の日に裁判の席について、その男を引き出させた。
18 Mme melato e o neng a e bonwa e ne e se yone tota e ke neng ke e solofetse.
訴えた者たちは立ち上がったが、わたしが推測していたような悪事は、彼について何一つ申し立てはしなかった。
19 E ne e le sengwe kaga tumelo ya bone, le kaga mongwe yo o bidiwang Jesu yo o neng a swa, mme Paulo ene o ne a tswelela a bolela gore o tshedile!
ただ、彼と争い合っているのは、彼ら自身の宗教に関し、また、死んでしまったのに生きているとパウロが主張しているイエスなる者に関する問題に過ぎない。
20 Ke ne ke eme tlhogo ke sa itse gore ke ka atlhola tsheko ya mofuta o jang mme ka mmotsa gore a o ka rata go ya go sekisediwa kwa Jerusalema.
これらの問題を、どう取り扱ってよいかわからなかったので、わたしは彼に、『エルサレムに行って、これらの問題について、そこでさばいてもらいたくはないか』と尋ねてみた。
21 Mme Paulo a ikuela kwa go Kaesara! Mme ka mmusetsa mo kgolegelong go fitlhelela ke rulaganya gore a ye kwa Kgosing e kgolo.”
ところがパウロは、皇帝の判決を受ける時まで、このまま自分をとどめておいてほしいと言うので、カイザルに彼を送りとどける時までとどめておくようにと、命じておいた」。
22 Ageripa a fetola a re, “Ke batla go utlwa monna yoo ka bonna.” Mme Feseto a fetola a re, “O tlaa mo utlwa ka moso!”
そこで、アグリッパがフェストに「わたしも、その人の言い分を聞いて見たい」と言ったので、フェストは、「では、あす彼から聞きとるようにしてあげよう」と答えた。
23 Mme erile letsatsi le le latelang, morago ga Kgosi le Berenise ba goroga mo Kgotleng ka boitlotlomatso jo bogolo, ba patilwe ke matona a masole le banna ba ba tlotlegang ba motse, Feseto a laola gore Paulo a leriwe mo teng.
翌日、アグリッパとベルニケとは、大いに威儀をととのえて、千卒長たちや市の重立った人たちと共に、引見所にはいってきた。すると、フェストの命によって、パウロがそこに引き出された。
24 Mme Feseto a buisa bareetsi jaana: “Kgosi Ageripa le ba ba teng botlhe, monna yo ke ene yo loso lwa gagwe lo batlwang ke Bajuta botlhe; ba mono le ba ba kwa Jerusalema!
そこで、フェストが言った、「アグリッパ王、ならびにご臨席の諸君。ごらんになっているこの人物は、ユダヤ人たちがこぞって、エルサレムにおいても、また、この地においても、これ以上、生かしておくべきでないと叫んで、わたしに訴え出ている者である。
25 Mme mo mogopolong wa me ga a dira sepe se se tshwanetseng loso. Legale, o ikuetse mo go Kaesara, mme nna ga go na se ke ka se dirang fa e se go mo romela kwa go ene.
しかし、彼は死に当ることは何もしていないと、わたしは見ているのだが、彼自身が皇帝に上訴すると言い出したので、彼をそちらへ送ることに決めた。
26 Mme ke tlaa kwalela kgosi-kgolo ke mo raya ke reng? Gonne ga go na molato ope o o bonalang mo go ene! Mme ke mo tlisitse fa pele ga lona lotlhe, bogolo jang wena Kgosi Ageripa, go mo tlhotlhomisa sentle o bo o mpolelela se ke ka se kwalang.
ところが、彼について、主君に書きおくる確かなものが何もないので、わたしは、彼を諸君の前に、特に、アグリッパ王よ、あなたの前に引き出して、取調べをしたのち、上書すべき材料を得ようと思う。
27 Gonne ga go lebege go utlwala sentle go romela legolegwa kwa kgosing e kgolo go sena molato o o bonwang mo go lone!”
囚人を送るのに、その告訴の理由を示さないということは、不合理だと思えるからである」。

< Ditiro 25 >