< Ditiro 24 >

1 Erile morago ga malatsi a le matlhano Ananiase Moperesiti yo Mogolo a goroga le bangwe bagolwane ba Bajuta le mmueledi Teretulo, go tla go bolela molato wa ga Paulo.
And after five days Ananias, the high-priest, came down with the elders and a certain orator named Tertullus; and they brought a complaint before the governor against Paul.
2 Mme erile Teretulo a bidiwa, a bolelela kgosana kaga molato wa ga Paulo jaana: “Motlotlegi, rona Bajuta o re neile kagiso le kutlwano ebile o ngotlile kgethololo thata mo go rona.
And when he had been called, Tertullus began to accuse him, saying, Seeing that by thee we enjoy much peace, and that improvements are in every way and everywhere taking place in this nation through thy foresight,
3 Mme ka se, re go leboga thata.
we accept it, most noble Felix, with all thankfulness.
4 Mme gore ke se ka ka tlhola ke go lapisa, ntheetsa ka bopelo-namagadi fela ka bokhutshwane fa ke bua ditlhogo tsa tsheko ya rona kgatlhanong le monna yo.
But not to detain thee too long, I pray thee to hear us, in thy clemency, a few words.
5 Gonne re mmonye gore ke motho yo o letshwenyo, monna yo ka nako tsotlhe o tlhotlheletsang Bajuta mo tikologong yotlhe ya lefatshe go tsogologela mmuso wa Roma. Ke Moeteledipele wa lekoko le le bidiwang Banasaretha.
For we have found this man to be a pest, and a mover of sedition among all the Jews throughout the world, and a ringleader of the sect of the Nazarenes;
6 Mme gape o ne a leka go senya Tempele fa re mo tshwara. Re ka bo re mo neile se tota se mo tshwanetseng,
who also attempted to profane the temple, and we apprehended him;
7 mme Lisiase, molaodi wa mophato, o ne a tla go mo tsaya ka kgopholo mo go rona,
8 a batla gore a sekisiwe ka molao wa Roma. O ka nna wa utlwa boammaaruri jwa go mo tshwaa phoso ga rona ka go mo tlhotlhomisa.”
and from him thou canst thyself ascertain by examination all these things of which we accuse him.
9 Mme Bajuta ba bangwe botlhe ba dumalana gore sengwe le sengwe se Teretulo o se buileng ke boammaaruri.
And the Jews also joined in the charges against him, affirming that these things were so.
10 Mme jaanong e ne e le nako ya ga Paulo gore a bue. Kgosana ya mo gwetlha ka seatla gore a eme a bue. Paulo a simolola a re, “Ke a itse rra, gore ga o bolo go nna moatlhodi wa ditsheko tsa Sejuta fa ke bua boiphemelo jwa me,
Then Paul, after the governor had beckoned to him to speak, answered, Since I know that thou hast been for many years a judge for this nation, I answer for myself cheerfully;
11 o ka lemoga ka bonako gore ke malatsi a le lesome le bobedi ke sena go goroga kwa Jerusalema go tla go obama mo Tempeleng,
for it is in thy power to ascertain that it is not more than twelve days since I went up to Jerusalem to worship.
12 mme gape o tlaa lemoga gore ga ke ise ke tsose khuduego mo tlung ya thuto kgotsa mo mebileng ya motse;
And neither in the temple did they find me disputing with any one, or stirring up a tumult of the people, nor in the synagogues, nor in the city;
13 mme banna ba tota ga ba ka ke ba supa dilo tse ba di ntshwaelang phoso.
nor can they prove the things of which they now accuse me.
14 “Mme selo sengwe fela se ke se dumelang ke gore ke dumela mo polokong, e ba e bitsang lekoko la tumelo ya bakgelogi, ke sala morago mokgwa oo wa go direla Modimo wa borraetshomogolo; ke dumela thata mo molaong wa Sejuta le sengwe le sengwe se se kwadilweng mo dibukeng tsa seporofeto;
But this I acknowledge to thee, that according to the way [[of belief]] which they call a sect, so do I worship the God of my fathers, believing all things which are written in the Law and by the Prophets;
15 mme ke a dumela, fela jaaka banna ba, gore go tlaa nna le tsogo ya basiami le baleofi.
having a hope in God, which they themselves also entertain, that there will be a resurrection both of the righteous and the unrighteous.
16 Mme ka ntlha ya se, ke leka ka bojotlhe gore ka metlha yotlhe ke nne le pelo e e senang sekgopi fa pele ga Modimo le batho.
On this ground do I also myself strive to have always a conscience void of offence toward God and toward men.
17 “Morago ga dingwaga tse dintsinyana tse di fetileng, ke ne ka boela kwa Jerusalema ka madi go thusa Bajuta, le go ntshetsa Modimo setlhabelo.
And after some years I came to bring alms to my nation, and to make offerings;
18 Balatofatsi ba me ba ne ba mpona mo Tempeleng fa ke ntsha dimpho tsa me. Ke ne ke ipeotse tlhogo jaaka go batlwa ke melao ya bone mme go ne go se na bontsi bope fa go nna, le fa e le khuduego! Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa Asia ba ne ba le teng,
in doing which they found me purified in the temple, not with a crowd nor with tumult; but certain Jews from Asia [[caused it]],
19 (ba ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba le fano fa, fa e le gore ba na le sengwe kgatlhanong le nna),
who ought to be here before thee, and make their charge, if they had aught against me.
20 mme bona! Botsa banna ba gone fa gore ke ofe molato o lekgotla la bone le o bonyeng mo go nna,
Or, let these men themselves say what wrongdoing they found in me when I stood before the council,
21 fa e se go bua selo se le sengwe fela se ke neng ke sa tshwanela go se bua fa ke re, ‘Ke fano fa pele ga lekgotla go iphemela ka ntlha ya go dumela gore baswi ba tlaa tsoga gape!’”
except in relation to this one expression, which I uttered aloud while standing among them: Concerning the resurrection of the dead I am tried before you this day.
22 Mme Felise, yo o neng a itse gore Bakeresete ba ne ba ise ba ke ba tsamaye ba tsosa khuduego, a bolelela Bajuta gore ba iketle ba emele go goroga ga ga Lusia molaodi wa mophato, mme ke gone o tlaa atlholang kgang.
But Felix, having an accurate knowledge of the matters relating to this way [[of belief]], put them off, and said, When Lysias the chief captain cometh down, I will thoroughly examine your case.
23 Mme a laola gore Paulo a tsenngwe mo kgolegelong, a bo a laela batlhokomedi gore ba mo tshware sentle le gore ba seka ba itsa ditsala dipe tsa gagwe go mo etela kgotsa go mo tlisetsa dimpho go dira gore a nametsege fa a ntse a le mo kgolegelong.
He also gave orders to the centurion to guard him, and let him have indulgence, and not to forbid any of his friends to do him service.
24 Erile morago ga malatsi a se kae Felise a tla le Durusila, mosadi wa gagwe wa Mojuta. A romela gore Paulo a ye go bidiwa, ba reetsa jaaka a ba bolelela kaga tumelo mo go Keresete Jesu.
And after some days, Felix came with his wife Drusilla, who was a Jewess, and sent for Paul, and heard him concerning the faith in Christ.
25 Mme erile a sa ntse a buisanya nabo kaga tshiamo le boikgapo le katlholo e e tlang, Felise a boifa thata. Mme a mo raya a re, “Tsamaya jaanong, mme fa ke na le nako e e siameng, ke tlaa go bitsa gape.”
And as he discoursed of righteousness, and temperance, and the judgment to come, Felix became alarmed, and answered, Go thy way for the present; and when I have a convenient season, I will call for thee.
26 Mme gape o ne a gopola gore Paulo o tlaa mo reka ka madi, jalo, he, o ne a mmitsa kgapetsakgapetsa go buisanya nae.
He hoped also that money would be given him by Paul; on which account he sent for him the oftener, and conversed with him.
27 Dingwaga tse pedi tsa fela ba ntse ba buisanya; mme Porokio Feseto a tsaya maemo a ga Felise. Mme ka gore Felise o ne a batla go itumedisa Bajuta, o ne a tlogela Paulo mo kgolegelong.
But after two years Felix was succeeded by Porcius Festus; and Felix, wishing to gain favor with the Jews, left Paul bound.

< Ditiro 24 >