< Ditiro 22 >

1 “Bagaetsho le borara ntheetsang fa ke bolela boiphemelo jwa me.”
Ἄνδρες ἀδελφοὶ καὶ πατέρες, ἀκούσατέ μου τῆς πρὸς ὑμᾶς νυνὶ ἀπολογίας.
2 (Erile fa ba utlwa a bua Sehebera, ga nna tidimalo e kgolo).
Ἀκούσαντες δὲ ὅτι τῇ Ἑβραΐδι διαλέκτῳ προσεφώνει αὐτοῖς μᾶλλον παρέσχον ἡσυχίαν. καὶ φησίν·
3 A ba raya a re, “Ke Mojuta, yo o tsaletsweng kwa Tareso, motse o o mo Kilikia, mme ke ithutile fano mo Jerusalema mo go Gamaliele yo ke ithutileng mo go ene go sala morago sentle melao le dingwao tsa Sejuta. Ke ne ka tlhoafalela go tlotla Modimo mo go sengwe le sengwe se ke neng ke se dira, fela jaaka lo lekile go dira gompieno.
⸀Ἐγώεἰμι ἀνὴρ Ἰουδαῖος, γεγεννημένος ἐν Ταρσῷ τῆς Κιλικίας, ἀνατεθραμμένος δὲ ἐν τῇ πόλει ταύτῃ παρὰ τοὺς πόδας Γαμαλιήλ, πεπαιδευμένος κατὰ ἀκρίβειαν τοῦ πατρῴου νόμου, ζηλωτὴς ὑπάρχων τοῦ θεοῦ καθὼς πάντες ὑμεῖς ἐστε σήμερον,
4 Mme ke ne ke bogisa Bakeresete, ke ba beletsa go swa, ke bofa banna le basadi ke ba tsenya mo kgolegelong.
ὃς ταύτην τὴν ὁδὸν ἐδίωξα ἄχρι θανάτου, δεσμεύων καὶ παραδιδοὺς εἰς φυλακὰς ἄνδρας τε καὶ γυναῖκας,
5 Moperesiti yo mogolo kgotsa mongwe wa bagolwane o ka ntshupela. Gonne ke ne ka kopa tetlelelo ya dikwalo tse di yang kwa baeteledipeleng ba Sejuta ba ba kwa Damaseko, tse di nang le ditaelo go ntetla go bofa Bakeresete bangwe ba ke ba bonang go ba isa kwa Jerusalema gore ba otlhaiwe.
ὡς καὶ ὁ ἀρχιερεὺς μαρτυρεῖ μοι καὶ πᾶν τὸ πρεσβυτέριον· παρʼ ὧν καὶ ἐπιστολὰς δεξάμενος πρὸς τοὺς ἀδελφοὺς εἰς Δαμασκὸν ἐπορευόμην ἄξων καὶ τοὺς ἐκεῖσε ὄντας δεδεμένους εἰς Ἰερουσαλὴμ ἵνα τιμωρηθῶσιν.
6 “Mme erile ke le mo tseleng, ke le gaufi le Damaseko, go le motshegare, ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata le tswa legodimong la phatshima mo tikologong ya me.
Ἐγένετο δέ μοι πορευομένῳ καὶ ἐγγίζοντι τῇ Δαμασκῷ περὶ μεσημβρίαν ἐξαίφνης ἐκ τοῦ οὐρανοῦ περιαστράψαι φῶς ἱκανὸν περὶ ἐμέ,
7 Ke ne ka wela fa fatshe mme ka utlwa lentswe le nthaya le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang?’
ἔπεσά τε εἰς τὸ ἔδαφος καὶ ἤκουσα φωνῆς λεγούσης μοι· Σαοὺλ Σαούλ, τί με διώκεις;
8 “Mme ke ne ka re, ‘Ke mang yo o buang le nna Morena?’ Mme a fetola a re ‘Ke nna Jesu wa Nasaretha, yo o mmogisang!’
ἐγὼ δὲ ἀπεκρίθην· Τίς εἶ, κύριε; εἶπέν τε πρὸς ⸀ἐμέ Ἐγώ εἰμι Ἰησοῦς ὁ Ναζωραῖος ὃν σὺ διώκεις.
9 Banna ba ke neng ke na nabo ba ne ba bona lesedi mme ba ne ba sa tlhaloganye se se neng se buiwa.
οἱ δὲ σὺν ἐμοὶ ὄντες τὸ μὲν φῶς ⸀ἐθεάσαντοτὴν δὲ φωνὴν οὐκ ἤκουσαν τοῦ λαλοῦντός μοι.
10 “Mme ke ne ka re, ‘Ke direng Morena?’ Mme Morena o ne a nthaya a re, ‘Tsoga o tsene mo Damaseko, mme koo o tlaa bolelelwa se se go letetseng mo dingwageng tse di kwa pele.’
εἶπον δέ· Τί ποιήσω, κύριε; ὁ δὲ κύριος εἶπεν πρός με· Ἀναστὰς πορεύου εἰς Δαμασκόν, κἀκεῖ σοι λαληθήσεται περὶ πάντων ὧν τέτακταί σοι ποιῆσαι.
11 Ke ne ka foufadiwa ke lesedi le legolo, mme ka tshwanelwa ke go gogelwa mo Damaseko ke bapati ba me.
ὡς δὲ οὐκ ἐνέβλεπον ἀπὸ τῆς δόξης τοῦ φωτὸς ἐκείνου, χειραγωγούμενος ὑπὸ τῶν συνόντων μοι ἦλθον εἰς Δαμασκόν.
12 Mme koo ga bo go na le monna yo o bidiwang Ananiase, monna yo o neng a boifa Modimo ka fa molaong, a bile a bolelwa bo-molemo ke Bajuta botlhe ba Damaseko,
Ἁνανίας δέ τις ἀνὴρ ⸀εὐλαβὴςκατὰ τὸν νόμον μαρτυρούμενος ὑπὸ πάντων τῶν κατοικούντων Ἰουδαίων,
13 o ne a tla kwa go nna, mme ya re a eme fa thoko ga me a re, ‘Mokaulengwe Paulo, foufologa!’ Mme ka yone nako eo ka foufologa ka mmona!
ἐλθὼν πρὸς ⸀ἐμὲκαὶ ἐπιστὰς εἶπέν μοι· Σαοὺλ ἀδελφέ, ἀνάβλεψον· κἀγὼ αὐτῇ τῇ ὥρᾳ ἀνέβλεψα εἰς αὐτόν.
14 “Mme a nthaya a re, ‘Modimo wa borraa rona o go tlhophile go itse go rata ga One le go bona Mesia le go mo utlwa a bua.
ὁ δὲ εἶπεν· Ὁ θεὸς τῶν πατέρων ἡμῶν προεχειρίσατό σε γνῶναι τὸ θέλημα αὐτοῦ καὶ ἰδεῖν τὸν δίκαιον καὶ ἀκοῦσαι φωνὴν ἐκ τοῦ στόματος αὐτοῦ,
15 Mme o tshwanetse go tsamaisa molaetsa wa gagwe gongwe le gongwe, o bolela se o se bonyeng le se o se utlwileng.
ὅτι ἔσῃ μάρτυς αὐτῷ πρὸς πάντας ἀνθρώπους ὧν ἑώρακας καὶ ἤκουσας.
16 Mme jaanong o diegelang? Tsamaya o ye go kolobediwa, o bo o tlhatswiwe mo dibeng tsa gago, o bitse leina la Morena.’
καὶ νῦν τί μέλλεις; ἀναστὰς βάπτισαι καὶ ἀπόλουσαι τὰς ἁμαρτίας σου ἐπικαλεσάμενος τὸ ὄνομα ⸀αὐτοῦ
17 “Mme erile letsatsi lengwe ke sena go boela kwa Jerusalema, fa ke santse ke rapela mo Tempeleng, ka nna jaaka ekete ke a lora mme ka bona ponatshegelo ya Modimo o nthaya o re, ‘Akofa! Tswa mo Jerusalema, gonne batho ba ba fano ga ba na go go dumela fa o ba neela molaetsa wa me.’
Ἐγένετο δέ μοι ὑποστρέψαντι εἰς Ἰερουσαλὴμ καὶ προσευχομένου μου ἐν τῷ ἱερῷ γενέσθαι με ἐν ἐκστάσει
καὶ ἰδεῖν αὐτὸν λέγοντά μοι· Σπεῦσον καὶ ἔξελθε ἐν τάχει ἐξ Ἰερουσαλήμ, διότι οὐ παραδέξονταί ⸀σουμαρτυρίαν περὶ ἐμοῦ.
19 Mme ka re, ‘Morena, ba itse sentle gore ke ne ka betsa ka bo ka tsenya mo kgolegelong ba ba neng ba dumela mo go wena, mo tlung ya thuto nngwe le nngwe.
κἀγὼ εἶπον· Κύριε, αὐτοὶ ἐπίστανται ὅτι ἐγὼ ἤμην φυλακίζων καὶ δέρων κατὰ τὰς συναγωγὰς τοὺς πιστεύοντας ἐπὶ σέ·
20 Le ka nako e mosupi wa gago Setefane o neng a bolawa ka yone, ke ne ke eme teng foo ke dumalana nabo, ke tshotse diaparo tse ba neng ba di beetse fa thoko fa ba mmolaya.’
καὶ ὅτε ⸀ἐξεχύννετοτὸ αἷμα Στεφάνου τοῦ μάρτυρός σου, καὶαὐτὸς ἤμην ἐφεστὼς καὶ συνευδοκῶν ⸀καὶ φυλάσσων τὰ ἱμάτια τῶν ἀναιρούντων αὐτόν.
21 Mme Modimo o ne wa nthaya wa re, ‘Tswa mo Jerusalema, gonne ke tlaa go roma kgakala kwa go Badichaba!’”
καὶ εἶπεν πρός με· Πορεύου, ὅτι ἐγὼ εἰς ἔθνη μακρὰν ἐξαποστελῶ σε.
22 Mme boidiidi jwa batho bo ne jwa reetsa go fitlhelela Paulo a tla mo lefokong leo, mme ka lentswe le le lengwe ba goa ba re, “A motho yoo a tlosiwe! Mmolaeng! Ga a tshwanela go tshela!”
Ἤκουον δὲ αὐτοῦ ἄχρι τούτου τοῦ λόγου καὶ ἐπῆραν τὴν φωνὴν αὐτῶν λέγοντες· Αἶρε ἀπὸ τῆς γῆς τὸν τοιοῦτον, οὐ γὰρ καθῆκεν αὐτὸν ζῆν.
23 Ba ne ba goa ba latlhela diaparo tsa bone kwa godimo ba kubuela lorole.
⸀κραυγαζόντων⸀τεαὐτῶν καὶ ῥιπτούντων τὰ ἱμάτια καὶ κονιορτὸν βαλλόντων εἰς τὸν ἀέρα,
24 Mme molaodi o ne a mo tlisa mo teng ga kago ya batlhabani mme a laola gore a itewe ka dithupa gore a tle a ipolele bosula jwa gagwe. O ne a batla go itse gore ke eng fa batho ba ne ba galefa thata!
ἐκέλευσεν ⸂ὁ χιλίαρχος εἰσάγεσθαι αὐτὸν εἰς τὴν παρεμβολήν, ⸀εἴπαςμάστιξιν ἀνετάζεσθαι αὐτὸν ἵνα ἐπιγνῷ διʼ ἣν αἰτίαν οὕτως ἐπεφώνουν αὐτῷ.
25 Mme ya re ba bofa Paulo gore ba mmetse, Paulo a raya moeteledipele mongwe wa mophato a re, “A go siame ka molao gore o betse Mo-Roma a ise a bo a sekisiwe?”
ὡς δὲ ⸀προέτειναναὐτὸν τοῖς ἱμᾶσιν εἶπεν πρὸς τὸν ἑστῶτα ἑκατόνταρχον ὁ Παῦλος· Εἰ ἄνθρωπον Ῥωμαῖον καὶ ἀκατάκριτον ἔξεστιν ὑμῖν μαστίζειν;
26 Moeteledipele wa mophato a ya kwa go molaodi le ene a re, “O dirang? Monna yo ke Mo-Roma!”
ἀκούσας δὲ ὁ ἑκατοντάρχης προσελθὼν ⸂τῷ χιλιάρχῳ ἀπήγγειλεν λέγων· ⸀Τίμέλλεις ποιεῖν; ὁ γὰρ ἄνθρωπος οὗτος Ῥωμαῖός ἐστιν.
27 Mme molaodi a ya kwa go Paulo a mmotsa a re, “A ko o mpolelele, a o Mo-Roma!” Mme Paulo a fetola a re, “Ee, ke Mo-Roma!”
προσελθὼν δὲ ὁ χιλίαρχος εἶπεν αὐτῷ· Λέγε μοι, ⸀σὺῬωμαῖος εἶ; ὁ δὲ ἔφη· Ναί.
28 Mme molaodi le ene a re, “Le nna ke Mo-Roma, le gone go ntopile tlhwatlhwa e kgolo go nna Mo-Roma!” Mme Paulo ene a re, “Nna ke tsetswe ke le Mo-Roma!”
ἀπεκρίθη ⸀δὲὁ χιλίαρχος· Ἐγὼ πολλοῦ κεφαλαίου τὴν πολιτείαν ταύτην ἐκτησάμην. ὁ δὲ Παῦλος ἔφη· Ἐγὼ δὲ καὶ γεγέννημαι.
29 Masole a a neng a ipaakanyeditse go mo itaya, a nyelela ka bonako fa ba utlwa gore Paulo ke Mo-Roma, mme molaodi le ene o ne a tshoga ka gore o ne a laotse gore a bofiwe a bo a itewe.
εὐθέως οὖν ἀπέστησαν ἀπʼ αὐτοῦ οἱ μέλλοντες αὐτὸν ἀνετάζειν· καὶ ὁ χιλίαρχος δὲ ἐφοβήθη ἐπιγνοὺς ὅτι Ῥωμαῖός ἐστιν καὶ ὅτι ⸂αὐτὸν ἦν δεδεκώς.
30 Mme erile letsatsi le le latelang molaodi a golola Paulo mo dikeetaneng mme a laela baperesiti ba bagolo gore ba kopane le lekgotla la Sejuta. O ne a laola gore Paulo a tlisiwe fa pele ga bone go leka go bona gore molato ke eng.
Τῇ δὲ ἐπαύριον βουλόμενος γνῶναι τὸ ἀσφαλὲς τὸ τί κατηγορεῖται ⸀ὑπὸτῶν Ἰουδαίων ἔλυσεν ⸀αὐτόν καὶ ἐκέλευσεν ⸀συνελθεῖντοὺς ἀρχιερεῖς καὶ ⸀πᾶντὸ ⸀συνέδριον καὶ καταγαγὼν τὸν Παῦλον ἔστησεν εἰς αὐτούς.

< Ditiro 22 >