< Ditiro 21 >

1 Mme erile re sena go kgaogana le ba golwane ba Efeso, ra tlhamalalela kwa Kosa, letsatsi le le latelang ra goroga mo Rodesa ra ba ra tswelela ra ya Patara.
Ὡς δὲ ἐγένετο ἀναχθῆναι ἡμᾶς ἀποσπασθέντας ἀπ’ αὐτῶν, εὐθυδρομήσαντες ἤλθομεν εἰς τὴν Κῶ, τῇ δὲ ἑξῆς εἰς τὴν Ῥόδον κἀκεῖθεν εἰς Πάταρα·
2 Mme foo ra tshwara sekepe se se yang kwa Siria mo kgaolong ya Finikia.
καὶ εὑρόντες πλοῖον διαπερῶν εἰς Φοινίκην, ἐπιβάντες ἀνήχθημεν.
3 Re ne ra bona setlhake sa Kopero, mme ra se feta ka fa molemeng ra ema mo Ture, kwa Siria, kwa sekepe se neng sa ololelwa teng.
ἀναφάναντες δὲ τὴν Κύπρον καὶ καταλιπόντες αὐτὴν εὐώνυμον ἐπλέομεν εἰς Συρίαν, καὶ κατήλθομεν εἰς Τύρον· ἐκεῖσε γὰρ τὸ πλοῖον ἦν ἀποφορτιζόμενον τὸν γόμον.
4 Mme re ne ra fologa mo sekepeng, ra bona badumedi, mme ra nna le bone selekanyo sa beke. Barutwa ba ba ne ba tlhagisa Paulo, Mowa O O Boitshepo o porofesa ka bone gore a seka a ya Jerusalema.
ἀνευρόντες δὲ τοὺς μαθητὰς ἐπεμείναμεν αὐτοῦ ἡμέρας ἑπτά· οἵτινες τῷ Παύλῳ ἔλεγον διὰ τοῦ Πνεύματος μὴ ἐπιβαίνειν εἰς Ἱεροσόλυμα.
5 Mme erile bofelo ja beke fa re boela kwa mokorong, phuthego yotlhe mmogo le basadi le bana ba ya le rona kwa lotshitshing kwa re neng ra rapela ra bo ra ba sadisa sentle.
ὅτε δὲ ἐγένετο ἐξαρτίσαι ἡμᾶς τὰς ἡμέρας, ἐξελθόντες ἐπορευόμεθα προπεμπόντων ἡμᾶς πάντων σὺν γυναιξὶ καὶ τέκνοις ἕως ἔξω τῆς πόλεως, καὶ θέντες τὰ γόνατα ἐπὶ τὸν αἰγιαλὸν προσευξάμενοι
6 Mme rona ra palama sekepe bone ba boela gae.
ἀπησπασάμεθα ἀλλήλους, καὶ ἐνέβημεν εἰς τὸ πλοῖον, ἐκεῖνοι δὲ ὑπέστρεψαν εἰς τὰ ἴδια.
7 Mme kwa re neng ra ema teng gape go tloga kwa Ture ke kwa Potolomaia kwa re neng ra dumedisa badumedi teng mme ra tlhola nabo le-tsatsi le le lengwe fela.
Ἡμεῖς δὲ τὸν πλοῦν διανύσαντες ἀπὸ Τύρου κατηντήσαμεν εἰς Πτολεμαΐδα, καὶ ἀσπασάμενοι τοὺς ἀδελφοὺς ἐμείναμεν ἡμέραν μίαν παρ’ αὐτοῖς.
8 Hong ra tswelela ra ya Kaesarea ra nna kwa lwapeng lwa ga Filipo wa Moefangele, mongwe wa batiakone ba ntlha ba ba supa.
τῇ δὲ ἐπαύριον ἐξελθόντες ἤλθομεν εἰς Καισαρίαν, καὶ εἰσελθόντες εἰς τὸν οἶκον Φιλίππου τοῦ εὐαγγελιστοῦ ὄντος ἐκ τῶν ἑπτὰ ἐμείναμεν παρ’ αὐτῷ.
9 O ne a na le bana ba basetsana ba le bane ba ba sa nyalwang ba ba neng ba na le mpho ya go porofesa.
τούτῳ δὲ ἦσαν θυγατέρες τέσσαρες παρθένοι προφητεύουσαι.
10 Mme erile re santse re ntse malatsinyana, monna mongwe yo o neng a bidiwa Agabo, yo le ene o neng a na le mpho ya go porofesa, o ne a goroga a tswa Judea,
Ἐπιμενόντων δὲ ἡμέρας πλείους κατῆλθέν τις ἀπὸ τῆς Ἰουδαίας προφήτης ὀνόματι Ἄγαβος,
11 mme a re etela. O ne a tsaya moitlamo wa ga Paulo, a ipofa maoto le mabogo ka one mme a re, “Mowa O O Boitshepo ware, mme fela jalo mong wa moitlamo o, o tlaa bofiwa ke Bajuta kwa Jerusalema a bo a isiwa Roma!”
καὶ ἐλθὼν πρὸς ἡμᾶς καὶ ἄρας τὴν ζώνην τοῦ Παύλου, δήσας ἑαυτοῦ τοὺς πόδας καὶ τὰς χεῖρας εἶπεν Τάδε λέγει τὸ Πνεῦμα τὸ Ἅγιον Τὸν ἄνδρα οὗ ἐστιν ἡ ζώνη αὕτη οὕτως δήσουσιν ἐν Ἱερουσαλὴμ οἱ Ἰουδαῖοι καὶ παραδώσουσιν εἰς χεῖρας ἐθνῶν.
12 Mme erile re utlwa mo, rona rotlhe badumedi ba mo gae le bapati ba gagwe ba o tsamayang nabo, ra kopa Paulo gore a seka a ya Jerusalema.
ὡς δὲ ἠκούσαμεν ταῦτα, παρεκαλοῦμεν ἡμεῖς τε καὶ οἱ ἐντόπιοι τοῦ μὴ ἀναβαίνειν αὐτὸν εἰς Ἱερουσαλήμ.
13 Mme ene a re, “Lo lelelang? Lo mphatlola pelo! Gonne ke ipaakanyeditse gore ke se ka ka tshwarwa fela kwa Jerusalema, mme le gore ke swe ka ntlha ya Morena Jesu.”
τότε ἀπεκρίθη ὁ Παῦλος Τί ποιεῖτε κλαίοντες καὶ συνθρύπτοντές μου τὴν καρδίαν; ἐγὼ γὰρ οὐ μόνον δεθῆναι ἀλλὰ καὶ ἀποθανεῖν εἰς Ἱερουσαλὴμ ἑτοίμως ἔχω ὑπὲρ τοῦ ὀνόματος τοῦ Κυρίου Ἰησοῦ.
14 Mme erile fa re bona gore ga a ka ke a rapelesega, ra itlhoboga mme ra re, “A go rata ga Morena go diragadiwe.”
μὴ πειθομένου δὲ αὐτοῦ ἡσυχάσαμεν εἰπόντες Τοῦ Κυρίου τὸ θέλημα γινέσθω.
15 Mme ya re morago ga moo ra phutha dilwana tsa rona ra ya kwa Jerusalema.
Μετὰ δὲ τὰς ἡμέρας ταύτας ἐπισκευασάμενοι ἀνεβαίνομεν εἰς Ἱεροσόλυμα·
16 Barutwa bangwe kwa Kaesarea ba tsamaya le rona, mme fa re goroga re ne re le baeng kwa lwapeng lwa ga Monasone; mongwe wa badumedi ba pele, yo o tlholegileng a tswa Kupero
συνῆλθον δὲ καὶ τῶν μαθητῶν ἀπὸ Καισαρίας σὺν ἡμῖν, ἄγοντες παρ’ ᾧ ξενισθῶμεν Μνάσωνί τινι Κυπρίῳ, ἀρχαίῳ μαθητῇ.
17 mme le badumedi botlhe kwa Jerusalema ba re amogela ka boitumelo.
Γενομένων δὲ ἡμῶν εἰς Ἱεροσόλυμα ἀσμένως ἀπεδέξαντο ἡμᾶς οἱ ἀδελφοί.
18 Letsatsi la bobedi Paulo o ne a re tsaya go ya go kopana le Jakobe le bagolwane ba phuthego ya Jerusalema.
τῇ δὲ ἐπιούσῃ εἰσῄει ὁ Παῦλος σὺν ἡμῖν πρὸς Ἰάκωβον, πάντες τε παρεγένοντο οἱ πρεσβύτεροι.
19 Mme morago ga re dumedisana, Paulo a bolela gape dilo tse dintsi tse Modimo o di diretseng Badichaba ka tirelo ya gagwe.
καὶ ἀσπασάμενος αὐτοὺς ἐξηγεῖτο καθ’ ἓν ἕκαστον ὧν ἐποίησεν ὁ Θεὸς ἐν τοῖς ἔθνεσιν διὰ τῆς διακονίας αὐτοῦ.
20 Ba ne ba galaletsa Modimo mme ba re, “O a itse, mokaulengwe yo o rategang, gore go dumetse Bajuta ba le dikete tse kae. Mme ba gatelela thata gore Bajuta ba badumedi ba tshwanetse go sala ngwao ya bone morago.
οἱ δὲ ἀκούσαντες ἐδόξαζον τὸν Θεόν, εἶπάν τε αὐτῷ Θεωρεῖς, ἀδελφέ, πόσαι μυριάδες εἰσὶν ἐν τοῖς Ἰουδαίοις τῶν πεπιστευκότων, καὶ πάντες ζηλωταὶ τοῦ νόμου ὑπάρχουσιν·
21 Bakeresete ba rona ba Sejuta mono Jerusalema ba setse ba boleletswe gore lo kgatlhanong le melao ya ga Moshe, le ngwao ya rona ya Sejuta, le gore lo itsa bana ba bone go rupa.
κατηχήθησαν δὲ περὶ σοῦ ὅτι ἀποστασίαν διδάσκεις ἀπὸ Μωϋσέως τοὺς κατὰ τὰ ἔθνη πάντας Ἰουδαίους, λέγων μὴ περιτέμνειν αὐτοὺς τὰ τέκνα μηδὲ τοῖς ἔθεσιν περιπατεῖν.
22 Mme jaanong go ka dirwang? Gonne ba tlaa utlwa gore lo tsile.
τί οὖν ἐστιν; πάντως ἀκούσονται ὅτι ἐλήλυθας.
23 “Rona re akanya jaana: Re na le banna ba le bane fano ba ba ipaakanyeditseng go ipeola le go ikana.
τοῦτο οὖν ποίησον ὅ σοι λέγομεν· εἰσὶν ἡμῖν ἄνδρες τέσσαρες εὐχὴν ἔχοντες ἐφ’ ἑαυτῶν·
24 Tsamayang le bone kwa Tempeleng le lona lo fete lo ipeole, mme lo ba duelele go ipeola. Mme mongwe le mongwe o tlaa itse gore lo dumalana le Bakeresete ba Sehebera le gore le lona lo obamela melao ya Sejuta mme lo akanya jaaka rona mo dilong tse.
τούτους παραλαβὼν ἁγνίσθητι σὺν αὐτοῖς, καὶ δαπάνησον ἐπ’ αὐτοῖς ἵνα ξυρήσονται τὴν κεφαλήν, καὶ γνώσονται πάντες ὅτι ὧν κατήχηνται περὶ σοῦ οὐδέν ἐστιν, ἀλλὰ στοιχεῖς καὶ αὐτὸς φυλάσσων τὸν νόμον.
25 Mme mo Bakereseteng ba Badichaba ga re ba laolele gore ba sale dingwao tse tsa Sejuta morago gotlhelele, fa e se tse re di ba kwaletseng kaga gore ba seka ba a ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa, ba seka ba a ja nama e e sa tshololwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng, le gore ba seka ba dira boaka.”
περὶ δὲ τῶν πεπιστευκότων ἐθνῶν ἡμεῖς ἐπεστείλαμεν κρίναντες φυλάσσεσθαι αὐτοὺς τό τε εἰδωλόθυτον καὶ αἷμα καὶ πνικτὸν καὶ πορνείαν.
26 Mme jalo Paulo o ne a dumalana le kopo ya bone mme letsatsi le le latelang a tsamaya le banna a ya kwa Tempeleng, a dira gore maikano a gagwe a itsege ka go ntsha setlhabelo morago ga malatsi a supa le ba bangwe. Malatsi a supa a ne a tloga a fela fa Bajuta bangwe ba ba tswang Asia ba mmona mo Tempeleng mme ba tsosa mokubukubu mo bathong kgatlhanong nae. Ba ne ba mo tshwara,
τότε ὁ Παῦλος παραλαβὼν τοὺς ἄνδρας τῇ ἐχομένῃ ἡμέρᾳ σὺν αὐτοῖς ἁγνισθεὶς εἰσῄει εἰς τὸ ἱερόν, διαγγέλλων τὴν ἐκπλήρωσιν τῶν ἡμερῶν τοῦ ἁγνισμοῦ, ἕως οὗ προσηνέχθη ὑπὲρ ἑνὸς ἑκάστου αὐτῶν ἡ προσφορά.
Ὡς δὲ ἔμελλον αἱ ἑπτὰ ἡμέραι συντελεῖσθαι, οἱ ἀπὸ τῆς Ἀσίας Ἰουδαῖοι θεασάμενοι αὐτὸν ἐν τῷ ἱερῷ συνέχεον πάντα τὸν ὄχλον, καὶ ἐπέβαλαν ἐπ’ αὐτὸν τὰς χεῖρας,
28 ba goa ba re, “Banna ba Iseraele! Thusang! Monna yo ke ene yo o rerang kgatlhanong le batho ba rona a ba raya a re ba tlole melao ya Sejuta. Ebile o bua kgatlhanong le Tempele ebile a e leswafatsa ka go tsenya Badichaba mo teng.”
κράζοντες Ἄνδρες Ἰσραηλεῖται, βοηθεῖτε· οὗτός ἐστιν ὁ ἄνθρωπος ὁ κατὰ τοῦ λαοῦ καὶ τοῦ νόμου καὶ τοῦ τόπου τούτου πάντας πανταχῇ διδάσκων, ἔτι τε καὶ Ἕλληνας εἰσήγαγεν εἰς τὸ ἱερὸν καὶ κεκοίνωκεν τὸν ἅγιον τόπον τοῦτον.
29 (Gonne mo motseng letsatsi leo, ba ne ba mmonye a na le Terofimo wa Modichaba yo o tlholegileng kwa Efeso, mme ba gopola gore o tsentswe ke Paulo mo Tempeleng.)
ἦσαν γὰρ προεωρακότες Τρόφιμον τὸν Ἐφέσιον ἐν τῇ πόλει σὺν αὐτῷ, ὃν ἐνόμιζον ὅτι εἰς τὸ ἱερὸν εἰσήγαγεν ὁ Παῦλος.
30 Baagi ba motse otlhe ba ne ba shakgadiwa thata ke melato e a e pegwang mme ga tsoga mokubukubu o mogolo. Paulo o ne a gogelwa kwa ntle ga Tempele, mme ga tswalwa mabati ka bonako a sena go tsena.
ἐκινήθη τε ἡ πόλις ὅλη καὶ ἐγένετο συνδρομὴ τοῦ λαοῦ, καὶ ἐπιλαβόμενοι τοῦ Παύλου εἷλκον αὐτὸν ἔξω τοῦ ἱεροῦ, καὶ εὐθέως ἐκλείσθησαν αἱ θύραι.
31 Erile fa ba ntse ba leka go mmolaya, lentswe la tla mo molaoding wa mophato wa masole a Roma gore motse otlhe wa Jerusalema o feretlhegile.
Ζητούντων τε αὐτὸν ἀποκτεῖναι ἀνέβη φάσις τῷ χιλιάρχῳ τῆς σπείρης ὅτι ὅλη συνχύννεται Ἱερουσαλήμ·
32 Mme a akofa a laola masole a gagwe le baeteledipele gore ba tsene fa gare ga boidiidi. Erile fa baferetlhi ba bona mephato e tla, ba khutlisa go betsa Paulo.
ὃς ἐξαυτῆς παραλαβὼν στρατιώτας καὶ ἑκατοντάρχας κατέδραμεν ἐπ’ αὐτούς· οἱ δὲ ἰδόντες τὸν χιλίαρχον καὶ τοὺς στρατιώτας ἐπαύσαντο τύπτοντες τὸν Παῦλον.
33 Mme molaodi wa mephato a tshwara Paulo mme a laola gore a bofiwe gabedi ka dikeetane. Mme a botsa boidiidi jwa batho gore ke mang le gore o dirileng.
τότε ἐγγίσας ὁ χιλίαρχος ἐπελάβετο αὐτοῦ καὶ ἐκέλευσεν δεθῆναι ἁλύσεσι δυσί, καὶ ἐπυνθάνετο τίς εἴη καὶ τί ἐστιν πεποιηκώς.
34 Bangwe ba ne ba bua se, ba bangwe le bone ba bua se sele. Mme erile fa a sa tlhaloganye se ba mo pegang molato ka sone, a laola gore Paulo a isiwe kwa kagong ya ditlhabano.
ἄλλοι δὲ ἄλλο τι ἐπεφώνουν ἐν τῷ ὄχλῳ· μὴ δυναμένου δὲ αὐτοῦ γνῶναι τὸ ἀσφαλὲς διὰ τὸν θόρυβον, ἐκέλευσεν ἄγεσθαι αὐτὸν εἰς τὴν παρεμβολήν.
35 Mme erile fa ba fitlha fa mapalamong ga nna pheretlhego e kgolo thata mo e leng gore masole a ne a tsholetsa Paulo a mmaya mo magetleng a bone go mmabalela,
ὅτε δὲ ἐγένετο ἐπὶ τοὺς ἀναβαθμούς, συνέβη βαστάζεσθαι αὐτὸν ὑπὸ τῶν στρατιωτῶν διὰ τὴν βίαν τοῦ ὄχλου·
36 mme boidiidi jwa batho jwa salela kwa morago bo goa bo re, “A a bolawe! A a bolawe!”
ἠκολούθει γὰρ τὸ πλῆθος τοῦ λαοῦ κράζοντες Αἶρε αὐτόν.
37 Mme erile fa Paulo a tloga a tsenngwa mo teng a raya molaodi a re, “A nka bua nao?” Molaodi a botsa ka kgakgamalo a re, “A o itse Segerika? A ga o Moegepeto yo o neng a eteletse pele ditsuulodi dingwaganyana tse di fetileng a bo a tsaya maloko a babolai a le dikete tse nne a ya nabo kwa sekakeng?”
Μέλλων τε εἰσάγεσθαι εἰς τὴν παρεμβολὴν ὁ Παῦλος λέγει τῷ χιλιάρχῳ Εἰ ἔξεστίν μοι εἰπεῖν τι πρὸς σέ; ὁ δὲ ἔφη Ἑλληνιστὶ γινώσκεις;
οὐκ ἄρα σὺ εἶ ὁ Αἰγύπτιος ὁ πρὸ τούτων τῶν ἡμερῶν ἀναστατώσας καὶ ἐξαγαγὼν εἰς τὴν ἔρημον τοὺς τετρακισχιλίους ἄνδρας τῶν σικαρίων;
39 Paulo o ne a fetola a re, “Nnyaa, Nna ke Mojuta kwa Tareso mo Kilikia, motse o o seng mmotlana. Ke kopa tetlelelo go bua le batho ba.”
εἶπεν δὲ ὁ Παῦλος Ἐγὼ ἄνθρωπος μέν εἰμι Ἰουδαῖος, Ταρσεὺς, τῆς Κιλικίας οὐκ ἀσήμου πόλεως πολίτης· δέομαι δέ σου, ἐπίτρεψόν μοι λαλῆσαι πρὸς τὸν λαόν.
40 Mme molaodi o ne a dumela, jalo Paulo a ema mo mapalamong mme a gwetlha batho ka seatla gore ba didimale; ka bofefo ga nna tidimalo mo bathong, mme a bua le bone ka Sehebera a re:
ἐπιτρέψαντος δὲ αὐτοῦ ὁ Παῦλος ἑστὼς ἐπὶ τῶν ἀναβαθμῶν κατέσεισεν τῇ χειρὶ τῷ λαῷ· πολλῆς δὲ σιγῆς γενομένης προσεφώνησεν τῇ Ἑβραΐδι διαλέκτῳ λέγων

< Ditiro 21 >