< Ditiro 20 >

1 Mme erile mo gotlhe go fela, Paulo a laetsa gore barutwa ba ye go bidiwa, a ba rerela molaetsa wa go ba sadisa sentle, mme a ya Masedonia,
動平息後,保祿便派人去叫門徒們來,勸勉一番,就辭別他們,出發往馬其頓去。
2 a tsamaya a rerela badumedi mo tseleng, mo metseng yotlhe e o neng a feta ka yone.
他走遍了那一帶地方,多方勸勉信徒後,就到了希臘,
3 O ne a nna mo Gerika dikgwedi di le tharo mme o ne a ipaakanyetsa go ya kwa Siria fa a lemoga leano la Bajuta la go mmolaya, jalo a ikaelela go ya kwa borwa jwa Masedonia pele.
在那裏住了三個月。當他正要乘船去敘利亞時,猶太人卻設計陷害他,他遂決意經馬其頓回去。
4 Banna ba le bantsinyana ba ne ba tsamaya nae, ba ya kwa Asia; e ne e le bo Sopatere wa Berea, morwa Pirilia, Arisetareko le Sekundo wa Mothesalonia, Gaio wa Moderebe le Timotheo; le Tukiko le Terofimo, ba ba neng ba boela kwa magaeng a bone kwa Asia,
伴隨他【到亞細亞】的,有貝洛雅人丕洛的兒子索帕特爾,得撒洛尼人阿黎斯塔苛和色貢多,德爾貝人加約和弟茂德,還有亞細亞人提希苛和特洛斐摩。
5 mme ba ne ba tsamaetse pele ebile ba ne ba re letetse kwa Teroase.
這些人先去了,在特洛阿等候我們;
6 Erile fela fa modiro wa Tlolaganyo o fela, ra palama sekepe kwa Filipi, borwa jwa Gerika mme morago ga malatsi a matlhano ra goroga mo Teroase, kwa re neng ra nna teng beke.
至於我們,無酵節後,纔從斐理伯啟航,直到第五天纔抵達特洛阿,到了他們那裏,在那裏住了七天。
7 Mme ka Sontaga ra phuthega ra a ja selalelo, Paulo a rera. Mme ka a ne a tsamaya letsatsi le le latelang, o ne a bua go fitlhelela bosigogare!
一週的第一天,我們相聚擘餅時,保祿便向民眾講道,因為他第二天要走,遂把話拖長,直到半夜。
8 Ntlwana e e kwa godimo e re neng re phuthaganetse mo go yone e ne e na le dipone di le dintsi tse di tshubilweng.
在我們聚會的那座樓上,有許多燈。
9 Mme erile Paulo a ntse a tsweletse a bua, lekau lengwe le le neng le bidiwa Eutiko, a nnetse fa fensetereng, a thulamela mme a wa a tswa kwa ntlwaneng ya boraro e e kwa godimo a swa.
有個青年名叫厄烏提曷,坐在窗台上,因保祿講道稍長,就沉沉欲睡;及至熟睡後,就從三樓墜下;扶起來時,已經死了。
10 Paulo o ne a tswela kwa ntle mme a mo tsaya ka diatla a re, “Se tshwenyegeng, o siame fela!” Mme ka boammaaruri o ne a siame! Mme ga nna boitumelo jwa kgakgamalo jang mo bathong! Botlhe ba boela kwa ntlwaneng e e kwa godimo mme ba a ja selalelo sa Morena mmogo; Paulo a rera gape thero e telele go fitlhelela phakela fa a ba tlogela lwa bofelo!
保祿下來,伏在他身上,抱住他說:「你們不要慌亂,因為他的靈魂還在他身上呢。」
遂上去,擘開餅,吃了。又談了很久,直到天亮,這纔出發。
他們把活了的孩子領去,都非常快慰。
13 Paulo o ne a tsamaya ka dinao go ya kwa Asoso, mme rona re ne ra tsamaela pele ka sekepe.
我們上船先行,直向阿索航去,要從那裏接保祿上船;因為他這樣規定,自己要走陸路。
14 O ne a re fitlhela teng kwa Asoso mme ra tsena mo sekepeng rotlhe ra ya Mitilene;
當他在阿索與我們會合時,我們便接他上船,來到米提肋乃。
15 mme ka letsatsi le le latelang ra feta Kioso; le le latelang ra tsena mo Samosa; mme morago ga letsatsi leo ra goroga mo Mileto.
從那裏航行,次日到了希約對面,次日再向撒摩駛去,次日就到了米肋托。
16 Paulo o ne a feditse mogopolo gore ga a kake a ema mo Efeso ka nako e, gonne o ne a itlhaganeletse go tsena kwa Jerusalema, gore fa go kgonega, a ye go kopanela modiro wa Pentekosete le bone.
因為保祿已決定駛過厄弗所,免得在亞細亞耽擱時間;原來他想趕程前行,假如可能,願在耶路撒冷過五旬節。
17 Mme erile fa re goroga kwa Mileto, a romela molaetsa kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Efeso a ba kopa gore ba ye go kopana nae kwa mokorong.
保祿從米肋托打發人到厄弗所,請教會的長老來。
18 Mme erile ba goroga, a ba raya a re, “Lona banna ke lona lo itse gore go simologa ka letsatsi le ke gorogileng ka lone mo Asia go fitlhelela gompieno,
他們到了他那裏,他便向他們說:「你們知道:自從我來到亞細亞的第一天起,與你們在一起,始終怎樣為人,
19 ke dirile tiro ya Morena ka boikokobetso, ee, le ka dikeledi, mme ke kopane le mathata a a boitshegang a maano a Bajuta a go mpolaya.
怎樣以極度的謙遜,含著眼淚,歷經猶太人為我所設的陰謀,而忠信事奉主。
20 Mme ke ne ke sa etsaetsege go lo bolelela boammaaruri, mo bathong kgotsa mo magaeng a lona.
你們也知道:凡有益於你們的事,我沒有一樣隱諱而不傳給你們的,我常在公眾前,或挨家教訓你們,
21 Ke ne ka nna le molaetsa o o tshwanang mo Bajuteng le mo go Badichaba ebong tlhokego ya gore ba sokologe mo sebeng ba ye kwa Modimong ka tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete.
不論向猶太人或希臘人,我常苦勸你們悔改,歸向天主,並信從吾主耶穌。
22 “Mme jaanong ke ya Jerusalema, ke gogelwa teng ke Mowa O O Boitshepo o ke se ka keng ka o ganetsa, ke sa itse se se nkemetseng kwa pele,
看,現在,我為聖神所束縛,必須往耶路撒冷去,在那裏要遇到什麼事,我不知道;
23 fa e se fela gore Mowa O O Boitshepo o mpoleletse gore fa ke sena go tsena motse le motse kgolegelo le tshotlego di ntetetse kwa pele.
我只知道聖神在各城中向我指明說:有鎖鏈和患難在等待我。
24 Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo.
可是,只要我完成了我的行程,完成了受自主耶穌叫我給天主恩寵的福音作證的任務,我沒有任何理由,珍惜我的性命。
25 Mme jaanong ke a itse gore ga go ope wa lona mo go ba ke ba rutileng kaga Bogosi yo o tlaa mponang gape.
我曾在你們中往來,宣講了天主的國,但現在,我知道你們眾人以後不得再見我的面了。
26 Mmang ke bue phatlalatsa fela ke re ga go na madi a ga ope a a tlaa lopiwang mo tlhogong ya me,
因此,我今天向你們作證:對於眾人的血,我是無罪的,
27 gonne ga ke a ka ka boifa go lo bolelela molaetsa wa Modimo otlhe.
因為天主的一切計劃,我都傳告給你們了,毫無隱諱。
28 “Mme jaanong itlhokomeleng! Tlhomamisang gore lo otle lo bo lo dise letsomane la Modimo, ebong phuthego, e e rekolotsweng ka madi a gagwe, gonne Mowa O O Boitshepo o lo tlhomile go nna baokamedi.
聖神既在全群中立你們為監督,牧養天主用自己的血所取得的教會,所以你們要對你們自己和整個羊群留心。
29 Ke itse sentle gore morago ga ke tsamaya, go tlaa tla mo go lona baruti ba ba maaka, jaaka diphiri tse di gagolakang, tse di sa rekegeleng letsomane.
我知道在我離開之後,將有兇暴的豺狼進到你們中間,不顧惜羊群,
30 Bangwe ba lona ba tlaa fetola boammaaruri gore ba salwe morago.
就是在你們中間,也要有人起來講說謬論,勾引門徒跟隨他們。
31 Itlhokomeleng! Gakologelwang dingwaga tse tharo tse ke di ntseng le lona, tlhokomelo ya me mo go lona ka metlha yotlhe le dikeledi tsa me tse dintsi ke lo lelela.
因此,你們要警醒,記住我三年之久,日夜不斷地含淚勸勉了你們每一個人。
32 “Mme jaanong ke lo neela Modimo le mo tlhokomelong ya one le mo mafokong a one a a hakgamatsang a a kgonang go aga tumelo ya lona le go lo fa boswa jotlhe jwa ba ba itshenketsweng ke one.
現在,我把你們托付給天主和他恩寵之道,他能建立你們,並在一切聖徒中,賜給你們嗣業。
33 “Ga ke ise ke be ke eletse madi kgotsa diaparo tse dintle,
我沒有貪圖過任何人的金銀或衣服。
34 lo itse gore diatla tse tsa me di diretse tse ke neng ke di tlhoka le go thusa ba ke neng ke na nabo.
你們自己知道:這雙手供應了我,和同我一起的人的需要。
35 Mme ke ne ka nna sekao sa nako tsotlhe mo go lona mo go thuseng bahumanegi; gonne ke ne ka gakologelwa mafoko a ga Morena Jesu a a reng; ‘Go lesego go aba go na le go amogela.’”
在各方面我都給你們立了榜樣,『施予比領受更為有福。』」
36 Erile fa a sena go bua a khubama a rapela nabo,
說完這些話,便跪下同眾人祈禱。
37 mme ba lelela kwa godimo fa ba mo tlamparela ba mo tsamaisa sentle,
眾人都大哭起來,並伏在保祿的頸項上,口親他。
38 ba utlwa botlhoko go feta ka gore o ne a re ga a kitla a tlhola a tla gape. Hong ba tsamaya nae go ya kwa sekepeng.
他們最傷心的,是為了保祿說的這句話:以後他們不得再見他的面了。他們便送他上了船。

< Ditiro 20 >