< Ditiro 2 >

1 Mme erile go setse go fetile dibeke di supa, morago ga loso le tsogo ya ga Jesu, ga fitlha letsatsi la Pentekosete. Ya re ka letsatsi leo badumedi ba phuthega,
et cum conplerentur dies pentecostes erant omnes pariter in eodem loco
2 ka tshoganetso ga utlwala mosumo o ka re wa sefefo se segolo kwa loaping kwa godimo ga bone, mme wa tlala ka ntlo e ba neng ba phuthegetse mo go yone.
et factus est repente de caelo sonus tamquam advenientis spiritus vehementis et replevit totam domum ubi erant sedentes
3 Hong, ga bonala kwa go bone sengwe ekete dikgabo kgotsa diteme tsa molelo mme tsa nna mo ditlhogong tsa bone.
et apparuerunt illis dispertitae linguae tamquam ignis seditque supra singulos eorum
4 Mme botlhe ba ba neng ba le teng ba tladiwa ka Mowa O O Boitshepo, mme ba simolola go bua ka dipuo tse ba sa di itseng, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa ba naya nonofo e.
et repleti sunt omnes Spiritu Sancto et coeperunt loqui aliis linguis prout Spiritus Sanctus dabat eloqui illis
5 Mme ga bo go le Bajuta ba le bantsi ba ba boifang Modimo mo Jerusalema ka letsatsi leo mo moketeng wa tumelo, ba tswa mo dichabeng tse dintsi.
erant autem in Hierusalem habitantes Iudaei viri religiosi ex omni natione quae sub caelo sunt
6 Mme ya re ba utlwa mosumo mo loaping kwa godimo, bontsintsi jwa batho jwa tla bo tabogile go tla go bona gore go diragala eng. Mme ba gamarega fa ba utlwa barutwa ba bua ka dipuo tsa bone.
facta autem hac voce convenit multitudo et mente confusa est quoniam audiebat unusquisque lingua sua illos loquentes
7 Ba bua ka kgakgamalo ba re, “Mo go ka diragala jang? Gonne banna ba botlhe ke ba ba tswang kwa Galalea?
stupebant autem omnes et mirabantur dicentes nonne omnes ecce isti qui loquuntur Galilaei sunt
8 Mme re utlwa ba bua ka diteme tsotlhe tsa mafatshe a re tsaletsweng mo go one!
et quomodo nos audivimus unusquisque lingua nostra in qua nati sumus
9 Fano re le Baparathaia, le Bameda, Baelama, le batho ba ba tswang kwa Mesopotamia, le kwa Judea, le Kapodokia le Ponto le kwa Asia.
Parthi et Medi et Elamitae et qui habitant Mesopotamiam et Iudaeam et Cappadociam Pontum et Asiam
10 Le kwa Feregia le Pamfilea le Egepeto le puo ya dikgaolo tsa Kurene ntlheng ya Libia, le baeng ba ba tswang kwa Roma, e le Bajuta le ba ba sokologetseng kwa Sejuteng.
Frygiam et Pamphiliam Aegyptum et partes Lybiae quae est circa Cyrenen et advenae romani
11 Le Bakereta, le Baarabia. Mme rotlhe fela re utlwa banna ba ba bua dikgakgamatso tse dikgolo tsa Modimo ka puo ya ga rona!”
Iudaei quoque et proselyti Cretes et Arabes audivimus loquentes eos nostris linguis magnalia Dei
12 Mme ba ema foo ba hakgametse thata ebile ba gamaregile. Mme ba botsana ba re, “Tota mo go ka ne go raya eng?”
stupebant autem omnes et mirabantur ad invicem dicentes quidnam hoc vult esse
13 Mme bangwe le fa go ntse jalo ba ne ba ba sotla, ba re “Batho ba ba tagilwe fela ba!”
alii autem inridentes dicebant quia musto pleni sunt isti
14 Mme Petere a ema fa pele le barutwa ba bangwe ba le lesome le motso, mme a goeleletsa kwa bontsintsing jwa batho a re, “Lona lotlhe reetsang, baeng le lona baagi ba Jerusalema ka mokgwa o o tshwanang!
stans autem Petrus cum undecim levavit vocem suam et locutus est eis viri iudaei et qui habitatis Hierusalem universi hoc vobis notum sit et auribus percipite verba mea
15 Bangwe ba lona ba re batho ba ba tlhapetswe! Ga se boammaaruri! Go sa le mo mosong thata mo go se se ntseng jalo! Batho ga ba tlhapelwe ka nako ya bofera o le mongwe mo mosong!
non enim sicut vos aestimatis hii ebrii sunt cum sit hora diei tertia
16 Nnyaa Se lo se bonang mo mosong ono se ne sa porofeswa mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fitileng ke moporofiti Joele, o rile
sed hoc est quod dictum est per prophetam Iohel
17 ‘E tlaa re mo malatsing a bofelo ke goromeletse Mowa wa me O O Boitshepo mo bathong botlhe, bomorwaalona le bomorwadia lona ba tlaa porofesa. Makau a lona a tlaa bona diponatshegelo, le banna ba tlaa lora ditoro.
et erit in novissimis diebus dicit Dominus effundam de Spiritu meo super omnem carnem et prophetabunt filii vestri et filiae vestrae et iuvenes vestri visiones videbunt et seniores vestri somnia somniabunt
18 Ee, Mowa O O Boitshepo o tlaa goromediwa le mo batlhankeng ba me botlhe banna le basadi ka mokgwa o o tshwanang, mme ba tlaa porofesa.
et quidem super servos meos et super ancillas meas in diebus illis effundam de Spiritu meo et prophetabunt
19 Mme ke tlaa dira ditshupo tse di sa tlwaelesegang mo Magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo le maru a a looto la mosi;
et dabo prodigia in caelo sursum et signa in terra deorsum sanguinem et ignem et vaporem fumi
20 letsatsi le tlaa fifala le kgwedi e tlaa nna khibidu jaaka madi pele ga Letsatsi leo le le boitshegang la Morena le tla.
sol convertetur in tenebras et luna in sanguinem antequam veniat dies Domini magnus et manifestus
21 Mme le fa e le mang yo o kopang kutlwelo-botlhoko mo Modimong o tlaa e newa, matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!’
et erit omnis quicumque invocaverit nomen Domini salvus erit
22 “Lona banna ba Iseraele, reetsang, “Modimo o ne wa supela Jesu wa Monasara ka go dira dikgakgamatso tse di kgolo ka ene fela jaaka lo itse sentle.
viri israhelitae audite verba haec Iesum Nazarenum virum adprobatum a Deo in vobis virtutibus et prodigiis et signis quae fecit per illum Deus in medio vestri sicut vos scitis
23 Mme Modimo o setse morago leano la one le o saleng o le dira bogologolo, a lo letla gore lo dirise puso ya Roma gore lo mmapole mo mokgorong lo mmolaye.
hunc definito consilio et praescientia Dei traditum per manus iniquorum adfigentes interemistis
24 Mme Modimo wa mo golola mo losong lo lo boitshegang wa mo tsosa mo baswing, gonne loso lo ne lo sena thata ya go mo tshegetsa mo taolong ya lone.
quem Deus suscitavit solutis doloribus inferni iuxta quod inpossibile erat teneri illum ab eo (questioned)
25 “Kgosi Dafide o kile a ama mafoko a a builweng ke Jesu fa a re, ‘Ke itse gore Morena o na le nna ka malatsi otlhe o a nthusa, nonofo e kgolo ya Modimo e a ntshireletsa.
David enim dicit in eum providebam Dominum coram me semper quoniam a dextris meis est ne commovear
26 “Mme ga go hakgamatse fa pelo ya me e tletse boitumelo le loleme lo goeletsa dipako tsa gagwe, gonne ke a itse gore dilo tsotlhe di tlaa ntshiamela mo losong.
propter hoc laetatum est cor meum et exultavit lingua mea insuper et caro mea requiescet in spe
27 “Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me mo bobipong le fa e le go letla mmele wa ga Morwao yo o Boitshepo go bola. (Hadēs g86)
quoniam non derelinques animam meam in inferno neque dabis Sanctum tuum videre corruptionem (Hadēs g86)
28 “Mme o tlaa mpusetsa botshelo jwa me, o mphe le boitumelo jo bo hakgamatsang fa pele ga gago.’
notas fecisti mihi vias vitae replebis me iucunditate cum facie tua
29 “Bakaulengwe ba ba rategang, gakologelwang gore Dafide o ne a sa ithee fa a bua mafoko a ke setseng ke tswa go a ama, gonne o ne a swa, a ba a fitlhwa, le lebitla la gagwe le sa ntse le le teng le gompieno.
viri fratres liceat audenter dicere ad vos de patriarcha David quoniam et defunctus est et sepultus est et sepulchrum eius est apud nos usque in hodiernum diem
30 Mme e ne e le moporofiti, gape a itse gore Modimo o sale o solofetsa ka maikano a a sa senyegeng gore mongwe wa losika lwa ga Dafide (o tlaa nna Mesia) a nne mo setilong sa bogosi sa ga Dafide.
propheta igitur cum esset et sciret quia iureiurando iurasset illi Deus de fructu lumbi eius sedere super sedem eius
31 Dafide o ne a lebela dilo pele, gape a porofeta tsogo ya ga Mesia mo baswing, a re Mowa wa ga Mesia ga o kitla o tlogelwa mo bobipong le mmele wa gagwe ga o na go bola. (Hadēs g86)
providens locutus est de resurrectione Christi quia neque derelictus est in inferno neque caro eius vidit corruptionem (Hadēs g86)
32 O ne a bua kaga Jesu, mme rotlhe, re basupi ba gore Jesu o tsogile mo baswing.
hunc Iesum resuscitavit Deus cui omnes nos testes sumus
33 “Mme jaanong o ntse mo setilong sa bogosi sa tlotlo e kgolo thata kwa legodimong, go bapa le Modimo, mme fela jaaka go solofeditswe, Rara o mo neile taolo ya go romela Mowa O O Boitshepo, ka ditshupo tse lo di bonang le tse lo di utlwang gompieno.
dextera igitur Dei exaltatus et promissione Spiritus Sancti accepta a Patre effudit hunc quem vos videtis et audistis
34 [Nnyaa, Dafide o ne a sa ithee ka bo ene ka mafoko agagwe a ke sa tswang go a umaka gonne ga a ise a ke a tlhatlhogele kwa magodimong.] Mo godimo ga moo, o buile gape a re, ‘Modimo o buile le Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna fano ka tlotlego go bapa le Nna,
non enim David ascendit in caelos dicit autem ipse dixit Dominus Domino meo sede a dextris meis
35 go fitlhelela ke tlisa baba ba gago” mo boineelong jo bo feletseng.’
donec ponam inimicos tuos scabillum pedum tuorum
36 Mme ke gone ka moo ke buang phatlalatsa le mongwe le mongwe mo Iseraele gore Modimo o dirile ene Jesu yo, yo lo mmapotseng go nna Morena le Mesia.”
certissime ergo sciat omnis domus Israhel quia et Dominum eum et Christum Deus fecit hunc Iesum quem vos crucifixistis
37 Mme mafoko a a ga Petere a ba ama thata; mme ba mo raya le baaposetoloi ba bangwe ba re, “Bakaulengwe re tshwanetse go dira eng?”
his auditis conpuncti sunt corde et dixerunt ad Petrum et ad reliquos apostolos quid faciemus viri fratres
38 Mme Petere a fetola a re, “Sokologang mo dibeng, lo boele mo Modimong, lo bo lo kolobediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona mo leineng la ga Jesu Keresete; mme ke gone le lona lo tlaa amogelang neo e ya Mowa o o Boitshepo.
Petrus vero ad illos paenitentiam inquit agite et baptizetur unusquisque vestrum in nomine Iesu Christi in remissionem peccatorum vestrorum et accipietis donum Sancti Spiritus
39 Gonne Keresete o e solofeditse mongwe le mongwe wa lona yo o biditsweng ke Morena Modimo wa rona, le bana ba lona le ba ba kwa mafelong a a kgakala!”
vobis enim est repromissio et filiis vestris et omnibus qui longe sunt quoscumque advocaverit Dominus Deus noster
40 Mme Petere a rera thero e telele a bolela ka ga Jesu, a gatelela ka go kopa bareetsi ba gagwe botlhe fela go ipoloka mo boleong jwa chaba ya ga bone.
aliis etiam verbis pluribus testificatus est et exhortabatur eos dicens salvamini a generatione ista prava
41 Mme ba ba neng ba dumela thero ya ga Petere ba ne ba kolobediwa, e ne e ka nna batho ba le dikete tse tharo!
qui ergo receperunt sermonem eius baptizati sunt et adpositae sunt in illa die animae circiter tria milia
42 Mme ba kopanela ditirelo tsa malatsi otlhe le badumedi ba bangwe, mo dithutong le mo selalelong sa Morena le mo dikopanong tsa merapelo.
erant autem perseverantes in doctrina apostolorum et communicatione fractionis panis et orationibus
43 Mme poifo e kgolo e ne e le mo go bone botlhe, foo baaposetoloi ba dira dikgakgamatso tse dintsi.
fiebat autem omni animae timor multa quoque prodigia et signa per apostolos fiebant in Hierusalem et metus erat magnus in universis
44 Mme badumedi botlhe ba ne ba kopana ka nako tsotlhe ba abalana dilo tsotlhe tse ba nang natso,
omnes etiam qui credebant erant pariter et habebant omnia communia
45 ba rekisa dithoto tsa bone ba di abela ba ba tlhokang.
possessiones et substantias vendebant et dividebant illa omnibus prout cuique opus erat
46 Ba ne ba obama mmogo ka nako tsotlhe mo Tempeleng, ba kgobokana ka ditlhophanyana mo malwapeng, ba a ja Selalelo sa Morena, gape ba tlhakanela le tsone dijo tsa bone ka boitumelo le ka tebogo e kgolo,
cotidie quoque perdurantes unianimiter in templo et frangentes circa domos panem sumebant cibum cum exultatione et simplicitate cordis
47 ba baka Modimo. Ba be ba ratwa ke batho botlhe ba motse, mme Modimo wa ba okeletsa malatsi otlhe ka ba ba bolokwang.
conlaudantes Deum et habentes gratiam ad omnem plebem Dominus autem augebat qui salvi fierent cotidie in id ipsum

< Ditiro 2 >