< Ditiro 19 >
1 Mme erile Apolose a santse a le mo Kontha, Paulo a ralala ntlheng ya godimo mme a goroga kwa Efeso, kwa o neng a fitlhela teng barutwa ba le bantsinyana.
아볼로가 고린도에 있을 때에 바울이 윗지방으로 다녀 에베소에 와서 어떤 제자들을 만나
2 One a ba botsa a re, “A lo ne lwa amogela Mowa O O Boitshepo fa lo dumela?” Mme ba fetola ba re, “Nnyaa, ga re itse gore o rayang. Mowa O O Boitshepo ke eng?”
가로되 `너희가 믿을 때에 성령을 받았느냐?' 가로되 `아니라 우리는 성령이 있음도 듣지 못하였노라'
3 Mme Paulo a ba botsa a re, “Lo kolobeditswe ka kolobetso e e ntseng jang?” Mme ba araba ba re, “Kolobetso ya ga Johane?”
바울이 가로되 그러면 너희가 무슨 세례를 받았느냐? 대답하되 요한의 세례로라
4 Mme Paulo a ba bolelela gore kolobetso ya ga Johane e ne e le go supa keletso ya go sokologa mo sebeng go ya kwa Modimong le gore ba ba amogelang kolobetso ya gagwe ba tshwanetse go tswelela ba dumela mo go Jesu, yo Johane o neng a bolela gore o tlaa tla.
바울이 가로되 `요한이 회개의 세례를 베풀며 백성에게 말하되 내 뒤에 오시는 이를 믿으라 하였으니 이는 곧 예수라' 하거늘
5 Erile fela jaaka ba utlwa a bua jaana, ba kolobediwa mo leineng la Morena Jesu.
저희가 듣고 주 예수의 이름으로 세례를 받으니
6 Erile fa Paulo a ba baya diatla, Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go bone, mme ba bua dipuo di sele ba bo ba porofesa.
바울이 그들에게 안수하매 성령이 그들에게 임하시므로 방언도 하고 예언도 하니
7 E ne e ka nna banna ba le lesome le bobedi
모두 열 두 사람쯤 되니라
8 Mme Paulo o ne a ya kwa tlung ya thuto a rera ka bopelokgale Sabata mongwe le mongwe mo dikgweding tse tharo, a bolela se a se dumetseng le gore ke ka ntlha yang fa a ne a dumela, ebile a tlhotlheletsa ba le bantsi gore ba dumele mo go Jesu.
바울이 회당에 들어가 석 달 동안을 담대히 하나님 나라에 대하여 강론하며 권면하되
9 Mme bangwe ba ne ba gana molaetsa wa gagwe mme ba bua mo pepeneneng kgatlhanong le Keresete, mme a tsamaya, a gana go ba rerela gape. Mme a tswa le badumedi, mme a simolola kopano e nngwe gape mo tlung ya ga Turano mme a rapela koo letsatsi le letsatsi.
어떤 사람들은 마음이 굳어 순종치 않고 무리 앞에서 이 도를 비방하거늘 바울이 그들을 떠나 제자들을 따로 세우고 두란노 서원에서 날마다 강론하여
10 Mo go ne ga tswelela dingwaga di le pedi, mo e leng gore mongwe le mongwe mo kgaolong ya Asia ebong Bajuta le Bagerika, ba ne ba utlwa molaetsa wa Morena.
이같이 두 해 동안을 하매 아시아에 사는 자는 유대인이나 헬라인이나 다 주의 말씀을 듣더라
11 Mme Modimo wa naya Paulo nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di sa tlwaelesegang,
하나님이 바울의 손으로 희한한 능을 행하게 하시니
12 mo e leng gore e ne e re fa diiphimolo (disakatuku) tsa gagwe kgotsa diaparo tsa gagwe di bewa mo balwetseng, ba fole, le mewa e e maswe e e neng e le mo go bone e tswe.
심지어 사람들이 바울의 몸에서 손수건이나 앞치마를 가져다가 병든 사람에게 얹으면 그 병이 떠나고 악귀도 나가더라
13 Mme setlhopha sengwe sa Bajuta ba ba neng ba tsena motse le motse ba ntsha mewa e e maswe, ba ne ba loga leano la go leka go dirisa leina la ga Jesu Keresete. Se ba neng ba se akantse e ne e le gore ba tlaa bua ba re, “Ke a go laola ka Jesu yo Paulo o mo rerang gore o tswele kwa ntle!”
이에 돌아다니며 마술하는 어떤 유대인들이 시험적으로 악귀 들린 자들에게 대하여 주 예수의 이름을 불러 말하되 `내가 바울의 전파하는 예수를 빙자하여 너희를 명하노라' 하더라
14 Bo-morwa Sekefa moperesiti wa Mojuta, ba supa, ba ne ba dira jalo.
유대의 한 제사장 스게와의 일곱 아들도 이 일을 행하더니
15 Mme erile ba lekeletsa mo monneng yo o nang le mowa o o maswe wa fetola wa re, “Ke itse Jesu ebile ke itse Paulo, mme lona lo bo mang?”
악귀가 대답하여 가로되 `예수도 내가 알고 바울도 내가 알거니와 너희는 누구냐?' 하며
16 Mme a tlolela bangwe ba bone ba le babedi a ba betsa mo ba neng ba siela kwa ntle ga ntlo ya gagwe ba sa ikatega ebile ba bolaisegile thata.
악귀 들린 사람이 그 두사람에게 뛰어올라 억제하여 이기니 저희가 상하여 벗은 몸으로 그 집에서 도망하는지라
17 Polelo ya se se diragetseng ya anama ka bonako mo motseng otlhe wa Efeso, mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka go tshwana, ga nna poifo e kgolo mo motseng, mme leina la Morena Jesu la tlotlwa thata.
에베소에 거하는 유대인과 헬라인들이 다 이 일을 알고 두려워하며 주 예수의 이름을 높이고
18 Badumedi ba le bantsi ba ba neng ba dirisa maselamose ba ipolela ditshiamololo tsa bone ba tlisa dikwalo tsa bone tsa boloi le melemo e ba e dirisang ba di tshuba ka molelo mo pepeneneng. (Mongwe a akanyetsa tlhwatlhwa ya dikwalo tseo go ka nna dipula di le dikete tse di masome matlhano).
믿은 사람들이 많이 와서 자복하여 행한 일을 고하며
또 마술을 행하던 많은 사람이 그 책을 모아 가지고 와서 모든 사람 앞에서 불사르니 그 책 값을 계산한 즉 은 오만이나 되더라
20 Mo go ne go supa gore kgaolo yotlhe e ne e amilwe ke molaetsa wa Modimo go le kae.
이와 같이 주의 말씀이 힘이 있어 흥왕하여 세력을 얻으니라
21 Morago ga moo Paulo a utlwa a gogwa ke Mowa O O Boitshepo go ya kwa Gerika pele ga a boela Jerusalema. O ne a re, “Morago ga moo ke tshwanetse go ya kwa Roma!”
이 일이 다 된 후 바울이 마게도냐와 아가야로 다녀서 예루살렘에 가기를 경영하여 가로되 내가 거기 갔다가 후에 로마도 보아야 하리라 하고
22 O ne a romela bathusi ba gagwe ba le babedi, Timotheo le Eraseto, gore ba tsamaele pele go ya Masedonia fa a sa ntse a setse lobakanyana mo Asia.
자기를 돕는 사람 중에서 디모데와 에라스도 두 사람을 마게도냐로 보내고 자기는 아시아에 얼마간 더 있으니라
23 Mme ka nako eo, go ne ga nna pheretlhego e kgolo mo Efeso kaga Bakeresete.
그 때쯤 되어 이 도로 인하여 적지 않은 소동이 있었으니
24 E ne ya simologa ka Demeterio, mothudi wa tshipi tsa selefera yo o neng a hirile babetli ba le bantsi go dira ditempelana tsa selefera tsa ga Diana, modimo wa sesadi wa Segerika.
즉 데메드리오라 하는 어떤 은장색이 아데미의 은감실을 만들어 직공들로 적지 않은 벌이를 하게 하더니
25 O ne a bitsa phuthego ya banna ba gagwe, le ba bangwe ba ba hirilweng mo ditirong tse di boletsweng, mme a ba bolelela jaana: “Borra, tiro e ke yone re amogelang ka yone.
그가 그 직공들과 이러한 영업하는 자들을 모아 이르되 `여러분도 알거니와 우리의 유족한 생활이 이 업에 있는데
26 Jaaka lo itse sentle mo go se lo se bonyeng le se lo se utlwileng, monna yo, Paulo, o tlhotlheleditse batho ba le bantsintsi gore medimo e e itirelwang ga se medimo gotlhelele. Ka ntlha ya moo, theko ya dilo tsa rona e ya kwa tlase! Mme mo ga go bonale fela mo Efeso, go mo tikologong yotlhe ya kgaolo!
이 바울이 에베소뿐 아니라 거의 아시아 전부를 통하여 허다한 사람을 권유하여 말하되 사람의 손으로 만든 것들은 신이 아니라하니 이는 그대들도 보고 들은 것이라
27 Mme ruri, ga ke bue fela ka theko le thekiso mo seemong se, le kaga tatlhegelo ka fa re neng re ntse re boelwa ka teng, mme le gore go ka diragala gore tempele ya ga Diana modimo wa sesadi o mogolo e latlhegelwe ke tlotlo, mme Diana, modimo o montlentle o, o o sa obamelweng fela ke tikologo yotlhe ya Asia mme o obamelwa ke lefatshe lotlhe, o lebalwe!”
우리의 이 영업만 천하여질 위험이 있을 뿐 아니라 큰 여신 아데미의 전각도 경홀히 여김이 되고 온 아시아와 천하가 위하는 그의 위엄도 떨어질까 하노라' 하더라
28 Erile fa ba utlwa jaana, ba galefa thata mme ba simolola go goa ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!”
저희가 이 말을 듣고 분이 가득하여 외쳐 가로되 `크다, 에베소 사람의 아데미여' 하니
29 Bontsi jo bogolo jwa batho jwa simolola go phuthega mme ka bofefo motse wa tlala pheretlhego. Mongwe le mongwe a tabogela kwa kagong ya botshamekelo, ba swaswaila Gaio le Arisetareko, bapati ba ga Paulo go ya go sekisiwa.
온 성이 요란하여 바울과 같이 다니는 마게도냐 사람 가이오와 아리스다고를 잡아가지고 일제히 연극장으로 달려들어 가는지라
30 Paulo o ne a batla go tsena, mme barutwa ba ne ba se ka ba mo letla.
바울이 백성 가운데로 들어가고자 하나 제자들이 말리고
31 Mme bangwe balaodi ba Baroma ba kgaolo e, ditsala tsa ga Paulo, le bone ba ne ba romela molaetsa kwa go ene, ba mo kopa gore a seka a ba a tshameka ka botshelo jwa gagwe ka go tsena mo tlung ya botshamekelo.
또 아시아 관원 중에 바울의 친구 된 어떤 이들이 그에게 통지하여 연극장에 들어가지 말라 권하더라
32 Mo teng, batho botlhe ba ne ba goa, ba tsositse modumo, mongwe a bua sele yo mongwe le ene a bua sele, sengwe le sengwe se ne se tlhakatlhakanye. Tota bontsi jwa bone bo ne bo sa itse gore bo tletse eng foo.
사람들이 외쳐 혹은 이 말을 혹은 저 말을 하니 모인 무리가 분란하여 태반이나 어찌하여 모였는지 알지 못하더라
33 Mme Alekesandere o ne a lemogwa mo boidiiding ke Bajuta bangwe mme ba mo gogela fa pele. O ne a gwetlha ka seatla gore go didimalwe mme a leka go bua.
유대인들이 무리 가운데서 알렉산더를 권하여 앞으로 밀어내니 알렉산더가 손짓하며 백성에게 발명하려 하나
34 Mme ya re fa boidiidi jwa batho bo lemoga gore ke Mojuta, ba simolola gape ba tsosa modumo sebaka sa oura tse pedi ba ntse ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!”
저희는 그가 유대인인 줄 알고 다 한 소리로 외쳐 가로되 `크다 에베소 사람의 아데미여' 하기를 두 시 동안이나 하더니
35 Mme lwa bofelo molaodi o ne a kgona go ba didimatsa gore a kgone go bua. O ne a re, “Banna ba Efeso, mongwe le mongwe o itse gore Efeso ke motse mogolo wa tumelo ya ga Diana yo mogolo, yo setshwantsho sa gagwe se fologileng se tswa legodimong.
서기장이 무리를 안돈시키고 이르되 `에베소 사람들아 에베소 성이 큰 아데미와 및 쓰스에게서 내려온 우상의 전각지기가 된 줄을 누가 알지 못하겠느냐?
36 Mme e re ka se e le boammaaruri jo bo sa kakeng jwa ganediwa, ga lo a tshwanela go tshwenyega le fa go ka buiwa go tweng ebile lo seka lwa dira sepe ka mahega.
이 일이 그렇지 않다 할 수 없으니 너희가 가만히 있어서 무엇이든지 경솔히 아니하여야 하리라
37 Ntswa lo tlisitse banna ba fano ba sa utswa sepe mo tempeleng ya ga Diana le gone ba sa mo nyenyefatsa ka gope.
전각의 물건을 도적질하지도 아니하였고 우리 여신을 훼방하지도 아니한 이 사람들을 너희가 잡아 왔으니
38 Mme fa Demeterio le babetli ba gagwe ba na le molato nabo, ditsheko di tsenye mme basekisi ba ka seka tsheko e gone jaanong jaana. A ba tsamaye ka fa molaong.
만일 데메드리오와 및 그와 함께 있는 직공들이 누구에게 송사할 것이 있거든 재판 날도 있고 총독들도 있으니 피차 고소할 것이요
39 Mme fa go na le dingongorego kaga dilo dingwe, di ka baakanngwa sentle mo diphuthegong tsa lekgotla la motse;
만일 그 외에 무엇을 원하거든 정식으로 민회에서 결단할지라
40 gonne re mo diphatseng tsa go bidiwa ke mmuso wa Ba-Roma gore re bolele gore khuduego e ya gompieno e simologile jang, ka go sena mabaka ape a a e simolotseng. Mme fa Baroma ba batla tlhaloso ga ke itse gore ke tlaa reng.”
오늘 아무 까닭도 없는 이 일에 우리가 소요의 사건으로 책망 받을 위험이 있고 우리가 이 불법 집회에 관하여 보고할 재료가 없다' 하고
41 Hong a ba phatlalatsa ba tsamaya.
이에 그 모임을 흩어지게 하니라