< Ditiro 17 >

1 Mme ba ralala metse ya Amfipolisa le Apolonia mme ba tla mo Thesalonia, kwa go neng go na le ntlo ya thuto ya Sejuta teng.
διοδευσαντες δε την αμφιπολιν και απολλωνιαν ηλθον εις θεσσαλονικην οπου ην η συναγωγη των ιουδαιων
2 Jaaka e ne e le tlwaelo ya ga Paulo, a tsena mo teng a rera, mme ya re ka go latelana ga bo Sabata ba le bararo a bulela batho dikwalo,
κατα δε το ειωθος τω παυλω εισηλθεν προς αυτους και επι σαββατα τρια διελεξατο αυτοις απο των γραφων
3 a tlhalosetsa batho diporofeso ka pogo ya ga Mesia le ka tsogo ya gagwe mo baswing, a ba a tlhomamisa gore Jesu ke Mesia.
διανοιγων και παρατιθεμενος οτι τον χριστον εδει παθειν και αναστηναι εκ νεκρων και οτι ουτος εστιν ο χριστος ιησους ον εγω καταγγελλω υμιν
4 Bangwe ba ba neng ba reeditse ba ne ba kgonwa ke molaetsa wa Lefoko mme ba sokologa ba inaakanya le Paulo le Silase mmogo le badumedi ba Bagerika ba banna ba le bantsi, le basadi ba motse ba ba tlotlegang ba le bantsi.
και τινες εξ αυτων επεισθησαν και προσεκληρωθησαν τω παυλω και τω σιλα των τε σεβομενων ελληνων πολυ πληθος γυναικων τε των πρωτων ουκ ολιγαι
5 Mme baeteledipele ba Bajuta ba ne ba fufega mme ba tlhotlheletsa batho ba ba senang molemo (dimatla) mo motseng go dira lesomo la go simolola mokubukubu. Ba ne ba tlhasela bonno jwa ga Jasone, ba loga leano la go isa Paulo le Silase kwa tlung ya tsheko go otlhaiwa.
προσλαβομενοι δε οι ιουδαιοι οι απειθουντες των αγοραιων τινας ανδρας πονηρους και οχλοποιησαντες εθορυβουν την πολιν επισταντες τε τη οικια ιασονος εζητουν αυτους αγαγειν εις τον δημον
6 Erile ba sa ba fitlhele koo, ba gogela Jasone kwa ntle le badumedi bangwe, mme ba ba tlisa fa pele ga lekgotla. Ba goa ba re, “Paulo le Silase ba fetotse lefatshe lotlhe, jaanong ba fano ba dubaka motse wa rona,
μη ευροντες δε αυτους εσυρον τον ιασονα και τινας αδελφους επι τους πολιταρχας βοωντες οτι οι την οικουμενην αναστατωσαντες ουτοι και ενθαδε παρεισιν
7 mme Jasone o ba letleletse go tsena mo tlung ya gagwe. Botlhe ba molato wa go tsogologela puso, gonne ba bolela fa go na le kgosi nngwe, e go tweng Jesu mo boemong jwa ga Kaesarea.”
ους υποδεδεκται ιασων και ουτοι παντες απεναντι των δογματων καισαρος πρασσουσιν βασιλεα λεγοντες ετερον ειναι ιησουν
8 Mme batho ba motse, le baatlhodi, ba ne ba tshwenyega thata ka mafoko a, mme ba ba lesa ba tsamaya fela ba sena go ba duedisa madi a go sekela kwa ntle.
εταραξαν δε τον οχλον και τους πολιταρχας ακουοντας ταυτα
9
και λαβοντες το ικανον παρα του ιασονος και των λοιπων απελυσαν αυτους
10 Mme bosigo joo Bakeresete ba akofa ba tshabisetsa Paulo le Silase kwa Berea, mme jaaka gale, ba ya kwa tlung ya thuto go ya go rera.
οι δε αδελφοι ευθεως δια της νυκτος εξεπεμψαν τον τε παυλον και τον σιλαν εις βεροιαν οιτινες παραγενομενοι εις την συναγωγην απηεσαν των ιουδαιων
11 Mme batho ba Berea ba ne ba tlhaloganya go na le ba ba kwa Thesalonika, ba ne ba reetsa molaetsa ka boitumelo. Ba ne ba batlisisa mo dikwalong letsatsi le letsatsi go bona gore a se se builweng ke Paulo le Silase ke Boammaaruri.
ουτοι δε ησαν ευγενεστεροι των εν θεσσαλονικη οιτινες εδεξαντο τον λογον μετα πασης προθυμιας το καθ ημεραν ανακρινοντες τας γραφας ει εχοι ταυτα ουτως
12 Lwa bofelo bangwe ba bone ba le bantsi ba ne ba dumela, mmogo le basadi ba ba tlotlegang ba Bagerika le banna ba le bantsi le bone ba dumela.
πολλοι μεν ουν εξ αυτων επιστευσαν και των ελληνιδων γυναικων των ευσχημονων και ανδρων ουκ ολιγοι
13 Mme erile fa Bajuta mo Thesalonika ba utlwa gore Paulo o ne a rera kwa Berea, ba ya teng go ya go tsosa mokubukubu.
ως δε εγνωσαν οι απο της θεσσαλονικης ιουδαιοι οτι και εν τη βεροια κατηγγελη υπο του παυλου ο λογος του θεου ηλθον κακει σαλευοντες τους οχλους
14 Ka bonako badumedi ba tshabisetsa Paulo kwa lewatleng, fa Silase le Timotheo bone ba sala.
ευθεως δε τοτε τον παυλον εξαπεστειλαν οι αδελφοι πορευεσθαι ως επι την θαλασσαν υπεμενον δε ο τε σιλας και ο τιμοθεος εκει
15 Ba ba neng ba patile Paulo ba ne ba tsamaya nae go ya kwa Athena, mme ba boela kwa Berea ka molaetsa o o yang kwa go Silase le Timotheo gore ba itlhaganelele go kopana nae.
οι δε καθιστωντες τον παυλον ηγαγον αυτον εως αθηνων και λαβοντες εντολην προς τον σιλαν και τιμοθεον ινα ως ταχιστα ελθωσιν προς αυτον εξηεσαν
16 Mme erile fa Paulo a sa ntse a ba letetse mo Athena, a tshwenyega thata ka go bona medimo ya disetwa gongwe le gongwe mo motseng.
εν δε ταις αθηναις εκδεχομενου αυτους του παυλου παρωξυνετο το πνευμα αυτου εν αυτω θεωρουντι κατειδωλον ουσαν την πολιν
17 O ne a ya kwa tempeleng go ya go buisanya le Bajuta le Badichaba ba ba neng ba kgatlhegela go obamela Modimo, mme a bua letsatsi le letsatsi mo patlelong le botlhe ba ba neng ba le foo.
διελεγετο μεν ουν εν τη συναγωγη τοις ιουδαιοις και τοις σεβομενοις και εν τη αγορα κατα πασαν ημεραν προς τους παρατυγχανοντας
18 Mme ba kopana le batlhalefi bangwe ba Bapikuria le Basetoika. Erile fa a ba bolelela kaga Jesu le kaga tsogo ya gagwe ba re, “Ke molori,” kgotsa, “O leka go dirisa tumelo ya seeng.”
τινες δε και των επικουρειων και των στοικων φιλοσοφων συνεβαλλον αυτω και τινες ελεγον τι αν θελοι ο σπερμολογος ουτος λεγειν οι δε ξενων δαιμονιων δοκει καταγγελευς ειναι οτι τον ιησουν και την αναστασιν ευηγγελιζετο
19 Mme ba ne ba mo laletsa kwa patlelong ya Thaba ya Marase ba re, “Tla o re bolelele thata ka ga tumelo e ncha e,
επιλαβομενοι τε αυτου επι τον αρειον παγον ηγαγον λεγοντες δυναμεθα γνωναι τις η καινη αυτη η υπο σου λαλουμενη διδαχη
20 gonne o bua dilo tse di hakgamatsang mme re batla go utlwa mo gogolo.”
ξενιζοντα γαρ τινα εισφερεις εις τας ακοας ημων βουλομεθα ουν γνωναι τι αν θελοι ταυτα ειναι
21 (Ke tshwanetse go tlhalosa gore Baathena mmogo le baeng ba ba mo Athena ba ne ba lebega ba senya nako ya bone yotlhe ba buisanya ka ga megopolo e mesha)!
αθηναιοι δε παντες και οι επιδημουντες ξενοι εις ουδεν ετερον ευκαιρουν η λεγειν τι και ακουειν καινοτερον
22 Mme Paulo erile fa a ema fa pele ga bone kwa Areapago a ba raya a re, “Batho ba Athena ke lemoga fa lo le badumedi,
σταθεις δε ο παυλος εν μεσω του αρειου παγου εφη ανδρες αθηναιοι κατα παντα ως δεισιδαιμονεστερους υμας θεωρω
23 gonne erile ke ntse ke tsamaya ke ne ka bona dibeso di le dintsi tsa lona, mme nngwe ya tsone e ne e kwadilwe go twe. ‘Go Modimo o o sa itseweng.’ Lo ntse lo o obamela lo sa itse gore ke mang, mme gompieno ke batla go lo bolelela ka ga one.
διερχομενος γαρ και αναθεωρων τα σεβασματα υμων ευρον και βωμον εν ω επεγεγραπτο αγνωστω θεω ον ουν αγνοουντες ευσεβειτε τουτον εγω καταγγελλω υμιν
24 “O dirile lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, mme jaaka e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ke batho.
ο θεος ο ποιησας τον κοσμον και παντα τα εν αυτω ουτος ουρανου και γης κυριος υπαρχων ουκ εν χειροποιητοις ναοις κατοικει
25 Le gone diatla tsa batho ga di ka ke tsa direla ditlhoko tsa one se o se tlhokang, ga o tlhoke sepe! One ka bo one o naya botshelo ebile o tshedisa sengwe le sengwe gape o diragatsa sengwe le sengwe se se tlhokegang.
ουδε υπο χειρων ανθρωπων θεραπευεται προσδεομενος τινος αυτος διδους πασιν ζωην και πνοην κατα παντα
26 O bopile batho botlhe ba lefatshe go tswa mo mothong a le mongwe Adamo, mme wa phatlalatsa dichaba mo lefatsheng. O itsile pele gore ke dife tse di tshwanetseng go tsholetsega le go wa, le gore leng. O emisitse melelwane ya tsone.
εποιησεν τε εξ ενος αιματος παν εθνος ανθρωπων κατοικειν επι παν το προσωπον της γης ορισας προστεταγμενους καιρους και τας οροθεσιας της κατοικιας αυτων
27 “Maikaelelo a one mo go tse tsotlhe ke gore batho ba tshwanetse go batla Modimo, le gore motlhaope ba bone tsela e e yang kwa go one ba o bone, ntswa o se kgakala le ope wa rona.
ζητειν τον κυριον ει αρα γε ψηλαφησειαν αυτον και ευροιεν καιγε ου μακραν απο ενος εκαστου ημων υπαρχοντα
28 Gonne mo go one re a tshela ebile re a tsamaya! re bile re teng ka one! Jaaka mongwe wa bakwadi ba lona ba maboko a boletse a re, ‘Re bana ba Modimo!’
εν αυτω γαρ ζωμεν και κινουμεθα και εσμεν ως και τινες των καθ υμας ποιητων ειρηκασιν του γαρ και γενος εσμεν
29 Fa se e le boammaaruri, ga re a tshwanela go gopola Modimo jaaka modimo o o dirilweng ka gauta kana selefera kgotsa o betlilwe ka lentswe.
γενος ουν υπαρχοντες του θεου ουκ οφειλομεν νομιζειν χρυσω η αργυρω η λιθω χαραγματι τεχνης και ενθυμησεως ανθρωπου το θειον ειναι ομοιον
30 Mme Modimo o ne wa itshokela botlhoka-kitso jwa motho mo lobakeng lo lo fetileng kaga dilo tse, mme jaanong o laola mongwe le mongwe gore a latlhe medimo ya gagwe mme a obamele one fela.
τους μεν ουν χρονους της αγνοιας υπεριδων ο θεος τα νυν παραγγελλει τοις ανθρωποις πασιν πανταχου μετανοειν
31 Gonne o tlhophile letsatsi la go sekisa lefatshe ka tshiamo ka monna yo o mo losong.”
διοτι εστησεν ημεραν εν η μελλει κρινειν την οικουμενην εν δικαιοσυνη εν ανδρι ω ωρισεν πιστιν παρασχων πασιν αναστησας αυτον εκ νεκρων
32 Erile fa ba utlwa Paulo a bua kaga tsogo ya motho yo o neng a sule, bangwe ba tshega, mme ba bangwe ba re, “Re batla gore re tle re utlwe gape kaga gone.”
ακουσαντες δε αναστασιν νεκρων οι μεν εχλευαζον οι δε ειπον ακουσομεθα σου παλιν περι τουτου
33 Mme moo ga fetsa puisanyo ya bone le Paulo,
και ουτως ο παυλος εξηλθεν εκ μεσου αυτων
34 mme bangwe ba se kae ba ikopanya nae ba nna badumedi. Mongwe mo go bone e ne e le Dionisio wa lekgotla la motse le mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Damarise, le ba bangwe.
τινες δε ανδρες κολληθεντες αυτω επιστευσαν εν οις και διονυσιος ο αρεοπαγιτης και γυνη ονοματι δαμαρις και ετεροι συν αυτοις

< Ditiro 17 >