< Ditiro 16 >

1 Paulo le Silase ba simolola pele ba ya kwa Derebe ba bo ba ya kwa Lusetera kwa ba neng ba kopana le Timotheo teng, modumedi yo mmaagwe e neng e le Mokeresete wa Mojuta, mme rraagwe e le Mogerika.
E chegou a Derbe e Lystra. E eis que estava ali um certo discipulo por nome Timotheo, filho de uma mulher judia fiel, mas de pae grego:
2 Timotheo o ne a kaiwa fa a le motho yo o siameng mo Lusetera le mo Ikonio,
Do qual davam bom testemunho os irmãos que estavam em Lystra e em Iconio.
3 Jalo Paulo a mo kopa go tsamaya nabo mo loetong lwa bone. Ka ntlha ya Bajuta ba Kgaolo eo, o ne a rupisa Timotheo pele ga ba tsamaya, gonne mongwe le mongwe o ne a itse gore rraagwe e ne e le Mogerika. (Mme o ne a ise a ke a letlelele selo seo pele).
Paulo quiz que este fosse com elle: e tomando-o, o circumcidou, por causa dos judeos que estavam n'aquelles logares; porque todos sabiam que seu pae era grego.
4 Mme ba tsena motse le motse, ba itsise mogopolo o kaga Badichaba, jaaka go ne go laotse baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema.
E, quando iam passando pelas cidades, lhes entregavam, para serem observados, os decretos que haviam sido estabelecidos pelos apostolos e anciãos em Jerusalem.
5 Mme phuthego ya gola letsatsi le letsatsi mo tumelong le mo palong.
De sorte que as egrejas eram confirmadas na fé, e cada dia se augmentavam em numero.
6 Mme morago ga moo ba ralala Feregia le Galatia, gonne Mowa O O Boitshepo o ne o ba boleletse gore ba seka ba tsena mo Asia.
E, passando pela Phrygia e pela provincia da Galacia, foram impedidos pelo Espirito Sancto de annunciar a palavra na Asia.
7 Mme erile ba tsamaya mo molelwaneng wa Misia ba leba kwa borwa kwa kgaolong ya Bithinia, mme gape Mowa wa ga Jesu wa gana.
E, quando chegaram a Mysia, intentavam ir para Bithynia, porém o Espirito não lh'o permittiu.
8 Mme mo boemong jwa moo ba tswelela ba tsena mo kgaolong ya Misia go ya kwa motseng wa Toroase.
E, passando por Mysia, desceram a Troas.
9 Bosigo joo Paulo a bona ponatshegelo. Mo torong ya gagwe o ne a bona kwa Masedonia, Mogerika, a mo rapela a re, “Tla kwano o re thuse.”
E Paulo viu de noite uma visão, em que se apresentou um varão da Macedonia, e lhe rogou, dizendo: Passa á Macedonia, e ajuda-nos.
10 Jalo mo ga siamisa kgang. Mme ba re, re tlaa ya kwa Masedonia, gonne re lemoga gore Modimo o re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo teng.
E, logo que viu a visão, procurámos partir para a Macedonia, concluindo que o Senhor nos chamava para lhes annunciarmos o evangelho.
11 Mme re ne ra palama mokoro kwa Toroase, ra tlhamalala ra kgabaganyetsa kwa Samatharase, mme letsatsi le le latelang ra ya Neapolise.
E, navegando de Troas, fomos correndo caminho direito para Samothracia, e no dia seguinte para Napoles;
12 Mme la bofelo ra tsena mo Filipi, motse mogolo wa Ba-Roma fela mo teng ga molelwane wa Masedonia, ra nna teng malatsinyana.
E d'ali para Philippos, que é a primeira cidade d'esta parte da Macedonia, e é uma colonia; e estivemos alguns dias n'aquella cidade.
13 Ka letsatsi la Sabata, ra tsamaela kgakajana kwa ntle ga motse fa lotshitshing lwa noka kwa re neng re utlwaletse fa bangwe ba rakanela teng go rapela; mme re ne ra ruta basadi bangwe dikwalo ba ba neng ba tla.
E no dia de sabbado saimos fóra da cidade para o rio, onde se costumava fazer oração; e, assentando-nos, fallámos ás mulheres que ali se ajuntaram.
14 Mongwe wa bone e ne e le Lidia, mosadi wa morekisi go tswa kwa Thiatira, mmapatsi wa letsela le le bohibidu jo bo mokgona. E ne e ntse e le morapedi wa Modimo gale, mme ya re a re reeditse, Morena a bula pelo ya gagwe mme a amogela gotlhe mo Paulo o neng a go bua.
E uma certa mulher, chamada Lydia, vendedora de purpura, da cidade de Thyatira, e que servia a Deus, nos ouvia, e o Senhor lhe abriu o coração para que estivesse attenta ao que Paulo dizia.
15 O ne a kolobediwa le botlhe ba ntlo ya gagwe a bo a re kopa go nna baeng ba gagwe. O ne a re, “Fa lo dumela gore ke a ikanyega mo Moreneng, tlang lo nne kwa tlung ya me.” Mme o ne a re kopa go fitlhela re dumela.
E, depois que foi baptizada, ella e a sua casa, nos rogou, dizendo: Se haveis julgado que eu seja fiel ao Senhor, entrae em minha casa, e ficae ali. E nos constrangeu a isso.
16 Letsatsi le lengwe fa re ya kwa felong ga thapelo fa thoko ga noka, ra kopana le mosetsana mongwe yo o neng a na le mewa e e maswe yo o neng a bolela dilo tsa boitseanape, a direla beng ba gagwe madi a mantsi.
E aconteceu que, indo nós á oração, nos saiu ao encontro uma moça que tinha espirito de adivinhação, a qual, adivinhando, dava grande lucro aos seus senhores.
17 O ne a re sala morago a goa a re, “Banna ba ke batlhanka ba Modimo mme ba tsile go lo bolelela gore dibe tsa lona di ka itshwarelwa jang.”
Esta, seguindo a Paulo e a nós, clamava, dizendo: Estes homens, que nos annunciam o caminho da salvação, são servos do Deus Altissimo.
18 Mme mo go ne ga tswelela ka malatsi a le mantsi go fitlhela Paulo, ka go tshwenyega thata, a bo a tla a bua le mowa o o maswe o o mo go ene a re, “Ke a go laola ka leina la ga Jesu Keresete go tswa mo go ene,” ka bonakonyana wa mo tlogela.
E ella fazia isto por muitos dias. Porém, descontentando isto a Paulo, voltou-se, e disse ao espirito: Em nome de Jesus Christo, te mando que saias d'ella. E na mesma hora saiu.
19 Mme ditsholofetso tsa beng ba gagwe tsa khumo tsa fela; ba tshwara Paulo le Silase ba ba gogela fa pele ga baatlhodi kwa borekisetsong.
E, vendo seus senhores que a esperança do seu lucro estava perdida, pegaram de Paulo e Silas, e os levaram á praça, á presença dos magistrados.
20 Mme ba ne ba re, “Bajuta ba, ba senya motse wa rona, ba ruta batho go dira dilo tse di kgatlhanong le melao ya Se-Roma.”
E, apresentando-os aos magistrados, disseram: Estes homens, sendo judeos, perturbaram a nossa cidade,
E prégam ritos que nos não é licito receber nem praticar, visto que somos romanos.
22 Mme ka bonako batho ba nna kgatlhanong le Paulo le Silase, mme baatlhodi ba laola gore ba apolwe diaparo ba kgwathisiwe.
E a multidão se levantou juntamente contra elles, e os magistrados, rasgando-lhes os vestidos, mandaram açoital-os com varas,
23 Ba ne ba itewa thata mo mekwatleng mme morago ba tsenngwa mo kgolegelong. Motlhokomedi wa kgolegelo o ne a solofediwa loso fa a ka ba lesa,
E, havendo-lhes dado muitos açoites, os lançaram na prisão, mandando ao carcereiro que os guardasse com segurança.
24 mme jalo ga a ka a tshameka fa a sena go laiwa, o ne a ba tsenya mo ntlwaneng e e kwa teng mme a bofelela maoto a bone mo disaneng.
O qual, tendo recebido tal ordem, os lançou no carcere mais interior, e lhes segurou os pés no tronco.
25 Ka nako ya bosigogare, fa Paulo le Silase ba ntse ba rapela ba bile ba opelela Morena difela, magolegwa a mangwe a ne a reeditse,
E, perto da meia noite, Paulo e Silas oravam e cantavam hymnos a Deus, e os outros presos os escutavam.
26 ka tshoganetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; kgolegelo ya tshikinyega go ya go fitlha kwa motheong, ditswalo tsotlhe tsa kgolegelo tsa bulega, mme dikeetane tsotlhe tse di neng di bofile magolegwa tsa bofologa.
E de repente sobreveiu um tão grande terremoto, que os alicerces do carcere se moveram, e logo se abriram todas as portas e se soltaram as prisões de todos.
27 Mme erile fa motlhokomedi wa kgolegelo a tsoga a bona dikgoro tsa kgolegelo di bulegile, a gopola gore magolegwa a siile, mme a ntsha chaka ya gagwe a re o a ipolaya.
E, acordando o carcereiro, e vendo abertas as portas da prisão, tirando da espada, quiz matar-se, cuidando que os presos já tinham fugido.
28 Mme Paulo a goa a re, “Se ipolaye re teng rotlhe!”
Porém Paulo clamou com grande voz, dizendo: Não te faças nenhum mal, que todos aqui estamos.
29 Ka go tshoga thata, motlhokomedi wa magolegwa a laola gore dipone di tle mme a tabogela kwa ntlwaneng e e kwa teng a feta a wela fa pele ga ga Paulo le Silase.
E, pedindo luz, saltou dentro, e, todo tremendo, se prostrou aos pés de Paulo e Silas.
30 O ne a ba ntshetsa kwa ntle mme a ba kopa a re, “Barena, ke ka dirang gore ke bolokwe?”
E, tirando-os para fóra, disse: Senhores, que me é necessario fazer para me salvar?
31 Ba mohetola ba re, dumela mo go Morena Jesu mme o tlaa bolokwa, wena le bantlo ya gago.
E elles disseram: Crê no Senhor Jesus Christo, e serás salvo, tu e a tua casa.
32 Mme ba ne ba mmolelela le botlhe ba ntlo ya gagwe mafoko a a molemo a a tswang kwa Moreneng.
E lhe fallavam a palavra do Senhor, e a todos os que estavam em sua casa.
33 Ka yone nako eo a ba tlhatswa dintho mme ene le ba lwapa lwa gagwe ba kolobediwa.
E, tomando-os elle comsigo n'aquella mesma hora da noite, lavou-lhes os açoites; e logo foi baptizado, elle e todos os seus.
34 Mme a ba isa kwa tlung ya gagwe a ba fa dijo. Ene le bantlo ya gagwe ba ne ba ipela thata ka gonne botlhe jaanong e ne e le badumedi!
E, levando-os a sua casa, lhes poz a mesa; e, crendo em Deus, alegrou-se com toda a sua casa.
35 Moso o o latelang baatlhodi ba romela mapodisi go bolelela motlhokomedi wa kgolegelo jaana, “Tlogela banna bao ba tsamaye!”
E, sendo já dia, os magistrados mandaram quadrilheiros, dizendo: Soltae aquelles homens.
36 Mme motlhokomedi o ne a bolelela Paulo gore ba golotswe.
E o carcereiro annunciou a Paulo estas palavras, dizendo: Os magistrados mandaram que vos soltasse; agora pois sahi, e ide em paz.
37 Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa, ga ba ka ke! Ba re iteile fa pele ga batho kwa ntle ga go sekisiwa, ba bo ba re tsenya mo kgolegelong le gone re baagi ba Roma! Jaanong ba batla gore re tsamaye ka sephiri? Ga go nne jalo! A go tle bone ba tle go re golola!”
Porém Paulo disse-lhes: Açoitaram-nos publicamente e, sem ser sentenciados, sendo homens romanos, nos lançaram na prisão, e agora encobertamente nos lançam fóra? Não será assim; mas venham elles mesmos e tirem-nos para fóra.
38 Mme barongwa ba mapodisi ba ya go bolelela baatlhodi ba ba neng ba boifa thata fa ba utlwa gore Paulo le Silase ke Ba-Roma.
E os quadrilheiros foram dizer aos magistrados estas palavras; e elles temeram, ouvindo que eram romanos.
39 Mme jalo ba tla fa kgolegelong ba ba kopa gore ba tsamaye, ba ba ntshetsa kwa ntle ba kopa gore ba tswe mo motseng.
E, vindo, lhes rogaram; e, tirando-os para fóra, lhes pediram que saissem da cidade.
40 Mme Paulo le Silase ba boela kwa tlung ya ga Lidia kwa ba neng ba kopana le badumedi mme ba ba rerela gape pele ga ba tswa mo motseng.
E, saindo da prisão, entraram em casa de Lydia, e, vendo os irmãos, os confortaram, e depois partiram.

< Ditiro 16 >