< Ditiro 15 >
1 Mme erile fa Paulo le Barenabase ba sa le kwa Antioka, banna bangwe ba tswa Judea ba goroga mme ba simolola go ruta badumedi gore fa ba sa ngaparele ngwao ya Sejuta ya bogologolo ya go rupisiwa ga ba ka ke ba bolokwa.
Некоторые, пришедшие из Иудеи, учили братьев: если не обрежетесь по обряду Моисееву, не можете спастись.
2 Paulo le Barenabase ba ganetsanya nabo, ba bo ba buisanya nabo ka nako e telele kaga selo se, mme la bofelo badumedi ba ba romela kwa Jerusalema, go ya go bua le baaposetoloi le bagolwane koo kaga selo se.
Когда же произошло разногласие и немалое состязание у Павла и Варнавы с ними, то положили Павлу и Варнаве и некоторым другим из них отправиться по сему делу к Апостолам и пресвитерам в Иерусалим
3 Mme morago ga phuthego yotlhe e ba ntsha mo motseng, ba ralala Foneshia le Samaria ba etela badumedi, ba ba bolelela mo go ileng ga itumedisa batho botlhe, gore Badichaba le bone ba ne ba sokologa.
Итак, быв провожены церковью, они проходили Финикию и Самарию, рассказывая об обращении язычников, и производили радость великую во всех братиях.
4 Fa ba goroga kwa Jerusalema, ba kopana le bagolwane ba phuthego, baaposetoloi botlhe le bagolwane ba ne ba le teng mme Paulo le Barenabase ba bolela se Modimo o ntseng o se dira mo go boleleng Lefoko ga bone.
По прибытии же в Иерусалим они были приняты церковью, Апостолами и пресвитерами, и возвестили все, что Бог сотворил с ними и как отверз дверь веры язычникам.
5 Mme banna bangwe ba e neng e le Bafarasai pele ga ba sokologa ba ema ka dinao ba bolela gore Badichaba botlhe ba ba sokologileng ba tshwanetse go rupisiwa le gone go tlhokega gore ba sale ngwao le mekgwa ya Sejuta morago.
Тогда восстали некоторые из фарисейской ереси уверовавшие и говорили, что должно обрезывать язычников и заповедывать соблюдать закон Моисеев.
6 Mme jalo baaposetoloi le bagolwane ba phuthego ba ne ba ikemisetsa go bitsa phuthego ya go tla go buisanya kaga selo se.
Апостолы и пресвитеры собрались для рассмотрения сего дела.
7 Mme mo phuthegong, morago ga puisanyo e telele, Petere a ema mme a ba bolelela jaana: “Bakaulengwe, lotlhe lo itse gore Modimo ga o bolo go tlhopha bogologolo go rerela Badichaba Mafoko a a Molemo, gore le bone ba dumele.
По долгом рассуждении Петр, встав, сказал им: мужи братия! вы знаете, что Бог от дней первых избрал из нас меня, чтобы из уст моих язычники услышали слово Евангелия и уверовали;
8 Modimo o o itseng dipelo tsa batho, o tlhomamisitse gore o amogela Badichaba ka go ba neela Mowa O O Boitshepo, fela jaaka o re o neetse.
и Сердцеведец Бог дал им свидетельство, даровав им Духа Святаго, как и нам;
9 Ga o a dira pharologanyo fa gare ga bone le rona, gonne o tlhatswitse matshelo a bone ka tumelo, fela jaaka o tlhatswitse a rona.
и не положил никакого различия между нами и ими, верою очистив сердца их.
10 Mme jaanong a lo tlaa tshwaya Modimo phoso ka go rwesa Badichaba mokgweleo o le e leng rona le borraetsho re sa kgonang go o rwala.
Что же вы ныне искушаете Бога, желая возложить на выи учеников иго, которого не могли понести ни отцы наши, ни мы?
11 A ga lo dumele gore botlhe ba bolokwa ka tsela e le nngwe, ka mpho e e neelwang fela kwa ntle ga theko ke Morena Jesu.”
Но мы веруем, что благодатию Господа Иисуса Христа спасемся, как и они.
12 Ga go a ka ga tlhola go nna le kgang epe, mme mongwe le mongwe a reetsa fa Barenabase le Paulo ba bolela kaga dikgakgamatso tse Modimo o di dirileng ka bone mo go Badichaba.
Тогда умолкло все собрание и слушало Варнаву и Павла, рассказывавших, какие знамения и чудеса сотворил Бог через них среди язычников.
13 Mme erile ba sena go fetsa, Jakobe a ema a re, “Bakaulengwe, ntheetsang.
После же того, как они умолкли, начал речь Иаков и сказал: мужи братия! послушайте меня.
14 Petere o lo boleletse ka nako e Modimo o etetseng Badichaba ka yone go ntsha mo go bone ba ba tlaa leretseng leina la one tlotlo.
Симон изъяснил, как Бог первоначально призрел на язычников, чтобы составить из них народ во имя Свое.
15 Mme lobaka lo lwa go ipolela ga Badichaba lo dumalana le se baporofiti ba se buileng. Sekai ke se, reetsang temana e, e e tswang mo go moporofiti Amose:
И с сим согласны слова пророков, как написано:
16 Morena a re, ‘Morago, ke tlaa tla ke tla go aga sesha ntlo ya ga Dafide e e senyegileng.
Потом обращусь и воссоздам скинию Давидову падшую, и то, что в ней разрушено, воссоздам, и исправлю ее,
17 Gore Badichaba le bone, ba tle ba bone Morena, ebong botlhe ba ba tshwailweng ka leina la me.’
чтобы взыскали Господа прочие человеки и все народы, между которыми возвестится имя Мое, говорит Господь, творящий все сие.
18 Mme se ke se Morena o se buang, yo o senolang ditiro tsa gagwe tse di dirilweng mo tshimologong. (aiōn )
Ведомы Богу от вечности все дела Его. (aiōn )
19 “Mme mogopolo wa me ke gore re seka ra re Badichaba ba ba sokologang ba tshwanetse go obamela melao ya rona ya Sejuta,
Посему я полагаю не затруднять обращающихся к Богу из язычников,
20 fa e se gore re ba kwalele gore ba ikgaphe mo go jeng nama ya ditlhabelo tsa disetwa, mo boakeng jotlhe, le mo go jeng nama e e sa ntshiwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng.
а написать им, чтобы они воздерживались от оскверненного идолами, от блуда, удавленины и крови и чтобы не делали другим того, чего не хотят себе.
21 Gonne dilo tse tsotlhe ga go bolo go rerwa ka tsone mo matlung a thuto a Sejuta, mo metseng mengwe le mengwe ka Sabata mongwe le mongwe mo dikokomaneng tse dintsi.”
Ибо закон Моисеев от древних родов по всем городам имеет проповедующих его и читается в синагогах каждую субботу.
22 Mme baaposetoloi le bagolwane le phuthego yotlhe ba tlhopha go romela barongwa kwa Antioka ba na le Paulo le Barenabase, go ya go bega kaga mogopolo o. Banna ba ba neng ba tlhophilwe e ne e le baeteledipele ba le babedi ba phuthego, Jutase, (yo gape o neng a bidiwa Barabase) le Silase.
Тогда Апостолы и пресвитеры со всею церковью рассудили, избрав из среды себя мужей, послать их в Антиохию с Павлом и Варнавою, именно: Иуду, прозываемого Варсавою, и Силу, мужей, начальствующих между братиями,
23 Lo ke lokwalo lo ba neng ba lo tsaya: “Lo tswa kwa baaposetoloing, bagolwane le bakaulengwe kwa Jerusalema. Go bakaulengwe ba Badichaba kwa Antioka, Siria le Silisia. Ditumediso!
написав и вручив им следующее: “Апостолы и пресвитеры и братия - находящимся в Антиохии, Сирии и Киликии братиям из язычников: радоваться.
24 “Re utlwa gore badumedi bangwe ba ba tswang kwano ba lo tlhakantse ditlhogo ba lo botsa kaga poloko ya lona, mme re ne re sa ba laela jalo.
Поелику мы услышали, что некоторые, вышедшие от нас, смутили вас своими речами и поколебали ваши души, говоря, что должно обрезываться и соблюдать закон, чего мы им не поручали,
25 Mme re bonye e le kakanyo e e siameng fa re sena go dumalana ka mogopolo o le mongwe gore re lo romelele baemedi ba babedi ba, ebong Barenabase le Paulo.
то мы, собравшись, единодушно рассудили, избрав мужей, послать их к вам с возлюбленными нашими Варнавою и Павлом,
26 Banna ba, Judase le Silase, ba ba itatotseng matshelo a bone ka ntlha ya Morena wa rona Jesu Keresete, ba tlaa bolela se re se dumalaneng kaga potso ya lona.
человеками, предавшими души свои за имя Господа нашего Иисуса Христа.
27 “Gonne go bonetse go siame mo Moweng O O Boitshepo le mo go rona gore re se beye morwalo o mogolo wa melao ya Sejuta mo go lona go na le gore re khutlise go ja dijo tse di neetsweng medimo ya disetwa le mo nameng e e sa ntshiwang madi a diphologolo tse di kgamilweng le mo boakeng. Fa lo dira se, go lekanye. Salang sentle.”
Итак мы послали Иуду и Силу, которые изъяснят вам то же и словесно.
Ибо угодно Святому Духу и нам не возлагать на вас никакого бремени более, кроме сего необходимого:
воздерживаться от идоложертвенного, и крови, и удавленины, и блуда, и не делать другим того, чего себе не хотите. Соблюдая сие, хорошо сделаете. Будьте здравы”.
30 Mme barongwa ba bane ba ya kwa Antioka ka bonako, kwa ba neng ba bitsa teng phuthego ya Bakeresete mme ba ba neela lokwalo.
Итак, отправленные пришли в Антиохию и, собрав людей, вручили письмо.
31 Mme go ne ga nna boitumelo jo bogolo mo phuthegong yotlhe letsatsi leo fa ba lo bala.
Они же, прочитав, возрадовались о сем наставлении.
32 Mme Judase le Silase, ka bobedi e le dibui tse di abetsweng puo, ba rerela badumedi dithero tse di telele, ba ba nonotsha mo tumelong.
Иуда и Сила, будучи также пророками, обильным словом преподали наставление братиям и утвердили их.
33 Ba ne ba nna malatsi, a mantsi, mme Judase le Silase ba boela kwa Jerusalema ba isa ditumediso le boitumelo kwa go ba ba neng ba ba romile.
Пробыв там некоторое время, они с миром отпущены были братиями к Апостолам.
34 Mme Paulo le Barenabase ba ne ba nna kwa Antioka go thusa ba bangwe ba se kae ba ba neng ba rera ba bile ba ruta koo.
Но Силе рассудилось остаться там. А Иуда возвратился в Иерусалим.
Павел же и Варнава жили в Антиохии, уча и благовествуя, вместе с другими многими, слово Господне.
36 Mme morago ga malatsinyana, Paulo a raya Barenabase a re, “A re boele kwa morago, re etele bakaulengwe mo metseng yotlhe e re rerileng Lefoko la Morena mo go yone, mme re bone ka fa ba tsweletseng ka teng.”
По некотором времени Павел сказал Варнаве: пойдем опять, посетим братьев наших по всем городам, в которых мы проповедали слово Господне, как они живут.
37 Barenabase o ne a dumela, mme a rata gore ba tsamaye le Johane Mareko.
Варнава хотел взять с собою Иоанна, называемого Марком.
38 Mme Paulo ene o ne a sa batle mogopolo oo gotlhelele, gonne Johane o ne a ba ngwegetse kwa Pamfilia.
Но Павел полагал не брать отставшего от них в Памфилии и не шедшего с ними на дело, на которое они были посланы.
39 Mme kganetsanyo ya bone e ne ya nna e kgolo thata kaga selo se, mo ba neng ba kgaogana. Barenabase a tsamaya le Mareko ba ya Kupero,
Отсюда произошло огорчение, так что они разлучились друг с другом; и Варнава, взяв Марка, отплыл в Кипр;
40 fa Paulo ene a tlhopha Silase, mme ka tshegofatso ya badumedi ba ya Siria le Silisia, go kgothatsa diphuthego koo.
а Павел, избрав себе Силу, отправился, быв поручен братиями благодати Божией,
и проходил Сирию и Киликию, утверждая церкви.