< Ditiro 14 >

1 Mme kwa Ikonio, Paulo le Barenabase ba ne ba tsamaya mmogo ba ya kwa tempeleng mme ba rera ka nonofo e kgolo e Bajuta le Badichaba ba neng ba e dumela.
I stalo se v Ikonii, že vešli spolu do školy Židovské, a mluvili slovo Boží, takže jest uvěřilo i Židů i Řeků veliké množství.
2 Mme Bajuta ba ba neng ba gana molaetsa wa Modimo ba feretlha Badichaba gore ba seka ba dumela Paulo le Barenabase, ba bua ka dilo di le dintsi tse di maswe ka bone.
Ale kteříž z Židů nepovolní byli, ti zbouřili a zdráždili mysli pohanů proti bratřím.
3 Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba nna foo lobaka lo lo leele, ba rera ka bopelokgale, mme Morena a supa fa molaetsa wa bone o tswa kwa go ene ka go ba neela nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di kgolo.
I byli tu za dlouhý čas, směle a svobodně mluvíce v Pánu, kterýž svědectví vydával slovu milosti své, a působil to, aby se dáli divové a zázrakové skrze ruce jejich.
4 Mme batho ba motse ba ne ba farologana ka maikutlo kaga banna ba. Bangwe ba ne ba dumalana le baeteledipele ba Sejuta mme ba bangwe ba dumalana le baaposetoloi.
I rozdělilo se množství města, a jedni byli s Židy, a jiní s apoštoly.
5 Mme erile fa Paulo le Barenabase ba lemoga leano la go tlhotlheletsa bontsi jwa Badichaba, Bajuta le baeteledipele ba Sejuta go ba tlhasela le go ba bolaya, ba ipoloka, ba ya kwa metseng ya Lukaonia, Lusetera, Derebe le mo tikologong,
A když se obořili na apoštoly i pohané i Židé s knížaty svými, aby je utiskli a kamenovali,
6
Oni srozuměvše tomu, utekli do měst Lykaonitských, do Lystry a do Derben, a do toho okolí,
7 mme ba rera Mafoko a a Molemo teng koo.
A tu kázali evangelium.
8 Mme erile fa ba le kwa Lusetera, ba tla fa monneng yo o neng a golafetse dinao go tswa sebopelong sa ga mmaagwe, ebile a ise a ke a tsamaye.
Muž pak nějaký v Lystře, nemocný na nohy, sedával, chromý jsa hned z života matky své, kterýž nikdy nechodil.
9 O ne a reeditse fa Paulo a rera, mme Paulo a mo lemoga mme a bona gore o na le tumelo ya go fodisiwa.
Ten poslouchal Pavla mluvícího. Kterýžto pohleděv naň, a vida, an věří, že uzdraven bude,
10 Jalo Paulo a mmitsa a re, “Ema ka dinao!” Mme monna a tlola a ema ka dinao a simolola go tsamaya!
Řekl velikým hlasem: Postav se přímě na nohách svých. I zchopil se a chodil.
11 Mme erile boidiidi jo bo reeditseng bo bona se Paulo a se dirileng, ba goa (ka puo ya bone) ba re, “Banna ba ke medimo mo setshwanong sa motho!”
Zástupové pak viděvše, co učinil Pavel, pozdvihli hlasu svého, Lykaonitsky řkouce: Bohové připodobnivše se lidem, sstoupili k nám.
12 Ba ne ba akanya gore Barenabase ene ke Modimo wa Segerika ebong Jupitere, mme Paulo, ka gonne e ne e le sebui se segolo, ke Merekuri.
I nazvali Barnabáše Jupiterem a Pavla Merkuriášem; nebo on mluvil slovo Boží.
13 Mme moperesiti wa Tempele ya Jupitere, e e agilweng ka kwa ntle ga motse, o ne a ba tlisetsa merwalo ya dithunya a bo a ba ntshetsa setlhabelo sa dikgomo kwa kgorong ya motse fa pele ga boidiidi jwa batho.
Tedy kněz Jupitera, modly té, kteráž byla před městem jejich, přivedl býky a přinesl věnce před bránu, a chtěl s lidem oběti obětovati.
14 Mme erile fa Paulo le Barenabase ba bona se se diragalang ba gagola diaparo tsa bone ka kutlo botlhoko mme ba ralala batho ba, ba goa ba re,
To když uslyšeli apoštolé, Barnabáš a Pavel, roztrhše sukně své, vyběhli k zástupům, křičíce,
15 “Banna! Lo dirang? Re batho fela jaaka lona! Re tletse go lo neela Mafoko a a Molemo gore lo lalediwa go tlogela kobamelo ya dilo tsa bomatla mme mo boemong jwa moo go rapela Modimo o o tshelang one o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le sengwe le sengwe se se mo go tsone.
A řkouce: Muži, což to činíte? Však i my lidé jsme, týmž bídám jako i vy poddaní, kteříž vás napomínáme, abyste se obrátili od těchto marností k Bohu živému, kterýž učinil nebe i zemi, i moře, i všecko, což v nich jest.
16 Mo malatsing a a fetileng Modimo o ne wa letla dichaba go tsaya ditsela tsa tsone,
Kterýžto za předešlých věků všech pohanů nechával, aby chodili po cestách svých,
17 mme ga o ke o ne o tlhoka bosupi ja dilo tse di molemo tse o neng o di dira jaaka go lo nesetsa pula le dijalo tse di siameng le go lo fa dijo le boitumelo.”
Ačkoli proto nenechal sebe bez osvědčení, dobře čině, dávaje nám s nebe déšť a časy úrodné, naplňuje pokrmem a potěšením srdce naše.
18 Mme le fa go ntse jalo, Paulo le Barenabase ba ne ba sa kgone go itsa batho go ba direla setlhabelo!
A to mluvíce, sotva spokojili zástupy, aby jim neobětovali.
19 Mme morago ga malatsinyana, Bajuta bangwe ba goroga ba tswa Antioka le Ikonio mme ba fetola boidiidi jwa batho gore bo nne babolai ba ba neng ba kgobotletsa Paulo ka matlapa ba mo gogela kwa ntle ga motse a bonala o ka re o sule.
A vtom přišli od Antiochie a Ikonie nějací Židé, kteřížto navedše zástupy, a ukamenovavše Pavla, vytáhli jej před město, domnívajíce se, že umřel.
20 Mme erile fa badumedi ba mo dikaganyetsa, a ema a tsena mo motseng! Letsatsi le le latelang a tsamaya le Barenabase ba ya Derebe.
A když jej obstoupili učedlníci, vstal a všel do města, a nazejtří odšel s Barnabášem do Derben.
21 Mme erile morago, ba sena go rera Mafoko a a Molemo teng koo, ba bo ba dira barutwa ba bantsi, ba boela gape kwa Lusetera, Ikonio le Antioka,
A kázavše evangelium městu tomu, a učedlníků mnoho získavše, navrátili se do Lystry a do Ikonie a do Antiochie,
22 kwa ba neng ba thusa badumedi go tia mo loratong lwa Modimo le gore ba ratane. Ba ne ba ba kgothatsa go tsena mo Bogosing jwa Modimo ka dipogisego tse dintsi.
Potvrzujíce duší učedlníků, a napomínajíce jich, aby trvali u víře, a pravíce, že musíme skrze mnohá soužení vjíti do království Božího.
23 Mme Paulo le Barenabase le bone ba tlhopha bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe ba ba rapelela ka go itima dijo, ba ba isa mo tlhokomelong ya Morena yo ba mo ikantseng.
A zřídivše jim, podle daných hlasů, starší po církvech, a modlivše se s postem, poručili je Pánu, v kteréhož jsou uvěřili.
24 Mme ba ralala Pisidia go ya kwa Pamfilia,
A prošedše Pisidii, přišli do Pamfylie,
25 ba rera gape mo Perega, mme ba tswelela ba ya kwa Atalia.
A mluvivše slovo Boží v Pergen, šli do města Attalie.
26 Mme la bofelo ba boela ka sekepe kwa Antioka, kwa loeto lwa bone lo simologileng teng, le kwa ba neng ba ineela mo Modimong mo tirong e jaanong e weditsweng.
A odtud plavili se do Antiochie, odkudž poručeni byli milosti Boží k dílu, kteréž jsou vykonali.
27 Erile fa ba goroga ba bitsa badumedi mme ba bolela loeto lwa bone, ba bolela ka fa Modimo o buletseng le Badichaba tumelo ka teng.
A když tam přišli a shromáždili církev, vypravovali jim, kteraké věci Bůh skrze ně učinil a že otevřel pohanům dveře víry.
28 Mme ba ne ba nna le badumedi kwa Antioka sebaka se seleele.
I byli tu za dlouhý čas s učedlníky.

< Ditiro 14 >