< Ditiro 13 >

1 Mo baporofiting le mo baruting ba phuthego kwa Antioka go ne go le Barenabase le Simeone (yo gape o neng a bidiwa “Monna Montsho”), le Lukio (wa Kurene), le Manaene (yo o otletsweng gongwe le Kgosi Herode), le Saulo.
Erant autem in ecclesia quæ erat Antiochiæ, prophetæ et doctores, in quibus Barnabas, et Simon qui vocabatur Niger, et Lucius Cyrenensis, et Manahen, qui erat Herodis Tetrarchæ collactaneus, et Saulus.
2 Letsatsi lengwe banna ba, ba ntse ba rapela ba bile ba itimile dijo, Mowa O O Boitshepo wa re, “Ntomololelang Barenabase le Saulo go dira tiro e e tlhophegileng e ke e ba bileditseng.”
Ministrantibus autem illis Domino, et jejunantibus, dixit illis Spiritus Sanctus: Segregate mihi Saulum et Barnabam in opus ad quod assumpsi eos.
3 Mme morago ga go itima dijo le go rapela, ba ba baya diatla, mme ba ba naya tsela.
Tunc jejunantes et orantes, imponentesque eis manus, dimiserunt illos.
4 Mme ya re ka go gogwa ke Mowa O O Boitshepo ba ya kwa Seleukia ba bo ba ya kwa Kupero.
Et ipsi quidem missi a Spiritu Sancto abierunt Seleuciam: et inde navigaverunt Cyprum.
5 Mme mo motseng wa Salamise, ba ne ba ya kwa tlung ya thuto ya Sejuta ba rera. (Johane Mareko o ne a tsamaya le bone e le mothusi wa bone).
Et cum venissent Salaminam, prædicabant verbum Dei in synagogis Judæorum. Habebant autem et Joannem in ministerio.
6 Morago ba rera mo motseng mongwe le mongwe go kgabaganya setlhaketlhake sotlhe go fitlhelela ba tsena mo Pafosa kwa ba neng ba kopana teng le moloi wa Mojuta, moporofiti wa tsietso yo o neng a bidiwa Barajesu. O ne a ikgolagantse le molaodi Seregio Paulo, yo e neng e le motho yo o tlhaloganyang thata. Molaodi a laletsa Barenabase le Saulo go mo etela, gonne o ne a batla go utlwa molaetsa wa bone o o neng o tswa kwa Modimong.
Et cum perambulassent universam insulam usque Paphum, invenerunt quemdam virum magum pseudoprophetam, Judæum, cui nomen erat Barjesu,
7
qui erat cum proconsule Sergio Paulo viro prudente. Hic, accersitis Barnaba et Saulo, desiderabat audire verbum Dei.
8 Mme Elemase (leina la gagwe ka Segerika), wa moloi a leka go faposa le go tlhotlheletsa gore molaodi a seka a reetsa se Saulo le Barenabase ba neng ba se bua, a leka go mo dira gore a seka a ikanya Morena.
Resistebat autem illis Elymas magus (sic enim interpretatur nomen ejus), quærens avertere proconsulem a fide.
9 Mme Saulo ka a tletse Mowa O O Boitshepo, a leba moloi ka bogale mme a re,
Saulus autem, qui et Paulus, repletus Spiritu Sancto, intuens in eum,
10 “Morwa diabolo ke wena, o tletse mofuta mongwe le mongwe wa go tsietsa le bolotsana, mmaba wa sengwe le sengwe se se siameng, a ga o kitla o khutlisa go ganetsa Morena?
dixit: O plene omni dolo et omni fallacia, fili diaboli, inimice omnis justitiæ, non desinis subvertere vias Domini rectas.
11 Mme Modimo gompieno o beile seatla sa one sa kwatlhao mo go wena, mme o tlaa foufala ka lobakanyana.” Ka bonako ga nna mouwane le lefifi mo go ene, mme a simolola go tsamaya a kopa mongwe gore a mo tshware ka letsogo a mo goge.
Et nunc ecce manus Domini super te, et eris cæcus, non videns solem usque ad tempus. Et confestim cecidit in eum caligo et tenebræ: et circuiens quærebat qui ei manum daret.
12 Mme erile molaodi a bona se se diragetseng a dumela mme a hakgamalela nonofo ya molaetsa wa Modimo.
Tunc proconsul cum vidisset factum, credidit admirans super doctrina Domini.
13 Mme Paulo le ba o neng a na nabo ba tloga mo Pafosa ka sekepe ba ya Perega, wa Pamfilia. Mme Johane a ba ngwegela a boela Jerusalema.
Et cum a Papho navigassent Paulus et qui cum eo erant, venerunt Pergen Pamphyliæ. Joannes autem discedens ab eis, reversus est Jerosolymam.
14 Mme Barenabase le Paulo ba ne ba ya Antioka, motse o o neng o le mo kgaolong ya Pisidia. Ka letsatsi la Sabata ba ne ba tsena mo tlung ya thuto go tshwara tirelo-Modimo.
Illi vero pertranseuntes Pergen, venerunt Antiochiam Pisidiæ: et ingressi synagogam die sabbatorum, sederunt.
15 Mme morago ga go balwa mo go tlwaelesegileng ga Dikwalo tsa ga Moshe le tsa Baporofiti, bagolwane ba ntlo ya thuto ba ba romelela molaetsa o: “Bakaulengwe, fa lo na le lefoko la tao mo go rona, tlang lo le bue!”
Post lectionem autem legis et prophetarum, miserunt principes synagogæ ad eos, dicentes: Viri fratres, si quis est in vobis sermo exhortationis ad plebem, dicite.
16 Mme Paulo a ema, a dumedisa mme a simolola a re, “Bana ba Iseraele, le botlhe ba ba fano ba ba tlotlang Modimo, [mmang ke simolole se ke se buang ka go lo bolelela ditso di se kae].
Surgens autem Paulus, et manu silentium indicens, ait: Viri Israëlitæ, et qui timetis Deum, audite:
17 “Modimo wa chaba e, ya Iseraele o tlhophile bo rraa-ronamogolwagolwane mme wa ba tlotla mo Egepeto ka go ba ntsha ka kgalalelo mo botlhankeng jwa bone.
Deus plebis Israël elegit patres nostros, et plebem exaltavit cum essent incolæ in terra Ægypti, et in brachio excelso eduxit eos ex ea,
18 “Mme wa ba tlhokomela mo go tsamayeng ga bone mo sekakeng ka dingwaga di le masome mane.
et per quadraginta annorum tempus mores eorum sustinuit in deserto.
19 Mme wa senya dichaba di supa mo Kanana, mme wa neela Iseraele lefatshe la bone e le boswa. Baatlhodi ba busitse ka lobaka lo e neng e ka nna dingwaga di le makgolo a mane le masome a matlhano, mme ba ne ba salwa morago ke Samuele wa moporofiti.
Et destruens gentes septem in terra Chanaan, sorte distribuit eis terram eorum,
quasi post quadringentos et quinquaginta annos: et post hæc dedit judices, usque ad Samuel prophetam.
21 “Mme batho ba kopa gore ba nne le kgosi, mme Modimo wa ba neela Saulo (morwa Kishe), monna wa lotso lwa ga Benjamine, yo o neng a busa ka dingwaga di le masome a mane.
Et exinde postulaverunt regem: et dedit illis Deus Saul filium Cis, virum de tribu Benjamin, annis quadraginta:
22 “Mme le fa go ntse jalo, Modimo wa mo tlosa wa tlhoma Dafide go nna kgosi mo maemong a gagwe, monna yo Modimo o neng wa re ka ga gagwe, ‘Dafide (morwa Jese) monna yo pelo yame e mo itumelelang thata, yo o tlaa dirang go rata ga me gotlhe.’
et amoto illo, suscitavit illis David regem: cui testimonium perhibens, dixit: Inveni David filium Jesse, virum secundum cor meum, qui faciet omnes voluntates meas.
23 Go tswa mo losikeng lwa monna yo, Modimo o ne wa tlisetsa Iseraele Mmoloki, ebong Jesu, fela jaaka o solofeditse.
Hujus Deus ex semine secundum promissionem eduxit Israël salvatorem Jesum,
24 Mme pele ga a goroga, Johane wa Mokolobetsi o ne a rera botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe mo Iseraele a sokologe mo dibeng le go boela mo Modimong.
prædicante Joanne ante faciem adventus ejus baptismum pœnitentiæ omni populo Israël.
25 Mme erile fa Johane a fetsa tiro ya gagwe a botsa a re, ‘A lo akanya gore ke Mesia? Nnyaa! Ene o e tla ka bonako, mme mo go ene ga ke sepe!’
Cum impleret autem Joannes cursum suum, dicebat: Quem me arbitramini esse, non sum ego: sed ecce venit post me, cujus non sum dignus calceamenta pedum solvere.
26 “Bakaulengwe, lona bomorwa Aberahame, le lona lotlhe Badichaba ba lo tlotlang Modimo, poloko e ke ya rona rotlhe!
Viri fratres, filii generis Abraham, et qui in vobis timent Deum, vobis verbum salutis hujus missum est.
27 Bajuta mo Jerusalema le baeteledipele ba bone ba diragaditse seporofeso ka go bolaya Jesu, gonne ba ne ba sa mo lemoge, kgotsa ba sa itse gore ke ene yo baporofiti ba neng ba kwadile ka ga gagwe, le fa ba ne ba utlwa mafoko a baporofiti a balwa Sabata mongwe le mongwe.
Qui enim habitabant Jerusalem, et principes ejus hunc ignorantes, et voces prophetarum quæ per omne sabbatum leguntur, judicantes impleverunt,
28 Mme ba ne ba tlhoka mabaka a a utlwalang go mmolaya, mme ba kopa Pilatwe gore a ba letle gore ba bolaye Jesu.
et nullam causam mortis invenientes in eo, petierunt a Pilato ut interficerent eum.
29 Mme erile ba sena go diragatsa seporofeso sotlhe ka ga loso lwa gagwe, o ne a pagololwa mo sefapanong mme a tsenngwa mo lebitleng.
Cumque consummassent omnia quæ de eo scripta erant, deponentes eum de ligno, posuerunt eum in monumento.
30 “Mme Modimo wa mo tsosa gape! mo losong.
Deus vero suscitavit eum a mortuis tertia die: qui visus est per dies multos his
31 Mme o ne a bonwa gantsi mo malatsing a makhutshwane a a latelang ke banna ba ba neng ba na nae go tswa Galalea go ya Jerusalema, banna ba ba neng ba sa bolo go nna ba bolela ka gale mo phatlalatseng.
qui simul ascenderant cum eo de Galilæa in Jerusalem: qui usque nunc sunt testes ejus ad plebem.
32 “Mme jaanong Barenabase le nna re fano go lo tlisetsa Mafoko a a Molemo a, gore tsholofetso ya Modimo mo go borraetsho-mogolo e diragaditswe mo dinakong tsa rona, ka go tsosa Jesu mo losong gape. Se ke sone se Pesalema ya bobedi e buang kaga sone fa e bua kaga Jesu e re, ‘Gompieno ke go tlotlile jaaka Morwaake.’
Et nos vobis annuntiamus eam, quæ ad patres nostros repromissio facta est:
quoniam hanc Deus adimplevit filiis nostris resuscitans Jesum, sicut et in psalmo secundo scriptum est: Filius meus es tu, ego hodie genui te.
34 “Gonne Modimo o ne o solofeditse go mo rudisa gape, a se kitla a tlhola a a swa gape. Mo go kwadilwe mo lokwalong lo lo reng, ‘Ke tlaa lo direla dilo tse di hakgamatsang tse ke di solofeditseng Dafide.’
Quod autem suscitavit eum a mortuis, amplius jam non reversurum in corruptionem, ita dixit: Quia dabo vobis sancta David fidelia.
35 “Mo Pesalemeng e nngwe o tlhalositse thata a re, ‘Modimo ga o kitla o letla gore yo o Boitshepo wa one a bole.’
Ideoque et alias dicit: Non dabis sanctum tuum videre corruptionem.
36 Mo go ne go sa reye Dafide, gonne erile Dafide a sena go direla dikokomana tsa gagwe ka fa go rateng ga Modimo, o ne a swa mme a fitlhwa, mme mmele wa gagwe wa bola.
David enim in sua generatione cum administrasset, voluntati Dei dormivit: et appositus est ad patres suos, et vidit corruptionem.
37 [Nnyaa, go ne go raya yo mongwe], mongwe yo Modimo o mo rudisitseng, yo mmele wa gagwe o iseng o ke o tshwarwe ke tshenyego ya loso.
Quem vero Deus suscitavit a mortuis, non vidit corruptionem.
38 “Bakaulengwe! Reetsang! Mo monneng yo ebong Jesu, go na le boitshwarelo jwa dibe tsa lona!
Notum igitur sit vobis, viri fratres, quia per hunc vobis remissio peccatorum annuntiatur, et ab omnibus quibus non potuistis in lege Moysi justificari,
39 Mme mongwe le mongwe yo o mo ikanyang o golotswe mo melatong yotlhe le gone o siame, sengwe se molao wa Sejuta o neng o sa kake wa se dira.
in hoc omnis qui credit, justificatur.
40 Mme jaanong itlhokomeleng! Se direng gore mafoko a baporofiti a reye lona. Gonne ba re,
Videte ergo ne superveniat vobis quod dictum est in prophetis:
41 ‘Lebang mme lo nyelele, lona banyatsi ba boammaaruri, gonne ke dira sengwe mo lobakeng lwa lona, sengwe se lo se ka keng lwa se dumela fa lo utlwa se bolelwa.’”
Videte contemptores, et admiramini, et disperdimini: quia opus operor ego in diebus vestris, opus quod non credetis, si quis enarraverit vobis.
42 Mme erile batho ba tswa mo tlung ya thuto ka letsatsi leo, ba kopa Paulo go boa a ya go bua le bone beke e e latelang.
Exeuntibus autem illis rogabant ut sequenti sabbato loquerentur sibi verba hæc.
43 Mme Bajuta ba le bantsi le Badichaba ba badumedi ba ba neng ba rapela kwa tlung ya thuto ba sala Paulo le Barenabase morago mo mmileng mme bone ba ba tlhotlheletsa go amogela kutlwelobotlhoko e Modimo o e ba nayang.
Cumque dimissa esset synagoga, secuti sunt multi Judæorum, et colentium advenarum, Paulum et Barnabam: qui loquentes suadebant eis ut permanerent in gratia Dei.
44 Beke e e latelang motse otlhe wa batla go tla go ba utlwa ba rera Lefoko la Modimo.
Sequenti vero sabbato pene universa civitas convenit audire verbum Dei.
45 Mme erile fa Bajuta ba baeteledipele ba bona bontsintsi jwa batho ba tlala lefufa, mme ba hutsa ba bo ba ganetsa se Paulo o neng a se bua.
Videntes autem turbas Judæi, repleti sunt zelo, et contradicebant his quæ a Paulo dicebantur, blasphemantes.
46 Mme Paulo le Barenabase ba ne ba bua ka bopelokgale ba re, “Go ne go tlhokega gore Mafoko a a Molemo a a tswang kwa Modimong a tshwanetse go neelwa lona Bajuta pele. Mme ka gobo lo a ganne, lwa ba lwa itshupa fa lo sa tshwanela botshelo jo bo sa khutleng, go siame re tlaa bo neela Badichaba. (aiōnios g166)
Tunc constanter Paulus et Barnabas dixerunt: Vobis oportebat primum loqui verbum Dei: sed quoniam repellitis illud, et indignos vos judicatis æternæ vitæ, ecce convertimur ad gentes. (aiōnios g166)
47 Gonne se ke se Morena o se laotseng fa a re, Ke lo dirile lesedi mo go badichaba, go ba goga mo khutlong tse di kgakala tsa lefatshe go ba tlisa mo polokong ya me.”
Sic enim præcepit nobis Dominus: Posui te in lucem gentium, ut sis in salutem usque ad extremum terræ.
48 Mme erile Badichaba ba utlwa se, ba itumela thata mme ba ipelela molaetsa wa ga Paulo; ba le bantsi ba ba neng ba batla botshelo jo bo sa khutleng, ba dumela. (aiōnios g166)
Audientes autem gentes, gavisæ sunt, et glorificabant verbum Domini: et crediderunt quotquot erant præordinati ad vitam æternam. (aiōnios g166)
49 Mme molaetsa wa Modimo wa gasama mo kgaolong eo yotlhe.
Disseminabatur autem verbum Domini per universam regionem.
50 Mme baeteledipele ba Sejuta ba feretlha badumedi ba basadi ba ba boifang Modimo ga mmogo le baeteledipele ba motse mme ba tlhotlheletsa boidiidi jwa batho go nna kgatlhanong le Paulo le Barenabase, mme ba ba kobela kwa ntle ga motse.
Judæi autem concitaverunt mulieres religiosas et honestas, et primos civitatis, et excitaverunt persecutionem in Paulum et Barnabam: et ejecerunt eos de finibus suis.
51 Mme ba ne ba itlhotlhora lorole mo dinaong tsa bone go supa go nna kgatlhanong le motse o, mme ba ya kwa motseng wa Ikonio.
At illi excusso pulvere pedum in eos, venerunt Iconium.
52 Mme ba ba ba sokolotseng ba tlala boitumelo le Mowa O O Boitshepo.
Discipuli quoque replebantur gaudio, et Spiritu Sancto.

< Ditiro 13 >