< Ditiro 12 >
1 Mme ka nako e o Kgosi Herode o ne a nna kgatlhanong le badumedi bangwe,
当时君王希律开始迫害教会成员。
2 mme a bolaya moaposetoloi Jakobe (mogoloa Johane).
他用剑处决了约翰的哥哥雅各,
3 Erile fa Herode a bona gore go itumedisa baeteledipele ba Bajuta jang, a tshwara Petere ka modiro wa Tlolaganyo,
由于此举受到了犹太人的支持,于是他又在除酵节期间捉拿彼得。
4 mme a mo tsenya mo kgolegelong, a mmaya ka fa tlase ga tlhokomelo ya masole a le lesome le borataro. Maikaelelo a ga Herode e ne e le go isa Petere kwa Bajuteng gore a bolawe morago ga modiro wa Tlolaganyo.
他们逮捕了彼得后将其投入监牢,由四班士兵看守,每班四个人。君王希律打算逾越节过后,就对他进行公审。
5 Mme thapelo e e nonofileng e tswa mo phuthegong e ne ya tsena kwa Modimong gore Petere a babalesege ka nako tsotlhe fa a sa ntse a le mo kgolegelong.
彼得在监牢期间,教会开始为他虔诚地祈求上帝。
6 Bosigo pele ga nako e o neng a tshwanetse go bolawa ka yone, o ne a robetse, a bofilwe thata ka keetane a le fa gare ga masole a le mabedi le ba bangwe ba eme ba tlhokometse fa pele ga kgoro ya kgolegelo,
就在希律打算将他公审的前一夜,彼得被安排睡在两名士兵中间,手腕上的两条锁链分别与两人栓在一起,还有卫兵守在门前。
7 fa ka tshoganetso go nna lesedi mo ntlwaneng ya kgolegelo mme moengele wa Morena a ema fa thoko ga ga Petere! Moengele a mo itaya fa lotlhakoreng go mo tsosa, a mo raya a re, “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe!
忽然,一名天使出现,光芒照亮了牢房。天使将彼得唤醒,说:“快点!起来吧!”于是彼得手上的锁链就脱落了。
8 Mme moengele a mo raya a re, “Apara o rwale ditlhako tsa gago.” Mme a dira jalo. Moengele a re, “Apara seaparo sa gago o ntshale morago!”
天使对他说:“穿上衣服和鞋!”彼得照做了。天使又对他说:“披上外衣,跟我走!”
9 Mme Petere a tlogela ntlwana ya kgolegelo, a sala moengele morago. Mme ka nako yotlhe o ne a gopola gore ke toro kana ponatshegelo mme o ne a sa dumele gore tota go a direga.
于是彼得就跟着天使走出去,但他只是以为看到了异象,没有意识到天使所做的一切都在真实发生。
10 Ba ne ba feta ntlwana ya kgolegelo ya bobedi, mme ba tla fa kgorong ya tshipi fa mmileng, mme ya ba bulegela ka bo yone! ba feta ba tsamaya botlhe, mme moengele a mo tlogela.
他们经过第一队和第二队守卫,来到通往城内的铁门,门便自动给他们打开。他们出来后沿着街道行走,天使忽然就离开了。
11 Mme kwa morago Petere a lemoga se se diragetseng; O ne a ithaya a re, “Ke boammaaruri! Morena o romile moengele wa gagwe ebile o mphaloditse mo go Herode le mo go se Bajuta ba neng ba ikemiseditse go se dira ka nna!”
彼得这时候才明白,说:“现在我知道怎么回事了!主派天使将我从希律的权势中拯救出来,让我躲过犹太人的阴谋。”
12 Morago ga a itharabologelwa a ya kwa lwapeng lwa ga Marea, mmaagwe Johane Mareko, kwa ba le bantsi ba neng ba kgobokanetse thapelo teng.
明白这一切,他就到约翰(又名马可)的母亲玛利亚家中,很多信徒聚在那里祷告。
13 O ne a kokota fa setswalong, se se kwa ntle, mme mosetsana yo o bidiwang Roda a tla go bula.
彼得敲了敲大门,一位名叫罗大的侍女出来准备开门。
14 Erile fa a lemoga lentswe la ga Petere, a itumela thata mo a neng a tabogela mo teng go bolelela mongwe le mongwe gore Petere o eme kwa ntle mo mmileng.
但认出是彼得的声音后,她兴奋的顾不上开门就跑进屋,大声喊:“彼得就在门外!。”
15 Ga ba a ka ba mo dumela. Ba ne ba re, “O a tsenwa,” mme erile a tlhomamisa ba re, “E tshwanetse ya bo e le moengele wa gagwe. (Ba tshwanetse ba bo ba mmolaile).”
大家说:“你疯了!”她却坚持地说这是真的。他们说:“那一定是他的天使!”
16 Ka lobaka loo Petere ene o ne a tsweletse a kokota.
彼得继续敲门,他们最终打开了门,一见是他,非常惊讶。
17 A ya kwa go bone a ba didimatsa mme a ba bolelela se se diragetseng le ka fa Morena a mo ntshitseng mo kgolegelong ka teng. Erile a tsamaya are, “Bolelelang Jakobe le ba bangwe se se diragetseng.”
彼得向他们举起手示意安静,然后对他们解释主如何带他走出监牢。他又说:“把这事告诉雅各和众兄弟。”然后就离开去往别处了。
18 Mme ya re fa bosigo boo sa, ga tsoga pheretlhego e kgolo kwa kgolegelong. Batlhabani ba botsanya gore Petere o ile kae?
天亮的时候,士兵们惊慌不已,不知彼得去了哪里。
19 Erile fa Herode a romela gore a Petere a ye go bidiwa mme a utlwa gotwe ga a yo, a laola gore batlhokomedi ba ba lesome le borataro ba tshwarwe, mme ba bolawe. Erile kwa morago a tsamaya go ya go nna kwa Kaesarea ka lobakanyana.
希律开始四处搜索他,但始终没有找到。于是就审问卫兵,然后下令把他们处死。随后希律便离开犹太去往该撒利亚,在那里住下。
20 Erile a ntse a le mo Kaesarea, ga tla barongwa ba ba neng ba tswa Ture le Sidoma ba tsile go mmona. Ga a ka a itumelela batho ba metse e mebedi eo, mme barongwa ba itsalanya le Belaseto, mokwaledi wa bogosi, ba bo ba kopa kagiso, gonne mo kgwebong, metse ya bone e ne e ikaegile thata mo lefatsheng la ga Herode.
此刻的希律对推罗和西顿人充满了愤怒。这两个地方的人派了一个联合代表团来见他,设法拉拢了国王的个人助理伯拉斯。这个代表团希望向希律求和,因为这两地在粮食供应商都依赖希律的国家。
21 Go ne ga dirwa tumalano ya go buisanya le Herode, mme erile fa letsatsi leo le tla, a apara diaparo tsa gagwe tsa bogosi, a nna mo setilong sa gagwe mme a bua nabo.
到了约定见面的日期,希律穿上国王的长袍,坐在王座上,向众人讲话。
22 Mme erile kwa bokhutlong batho ba duduetsa ba re, “Ke lentswe la Modimo e seng la motho!”
人群中有人大声说:“这是上帝的声音,不是人的声音!”
23 Ka bonako, moengele wa Morena a otlhaya Herode ka bolwetse mo e leng gore o ne a jewa ke diboko a ntse a tshela mme a swa ka gonne o ne a amogela kobamelo ya batho go na le gore a galaletse Modimo.
但由于他没有将荣耀归于上帝,主的使者将他击倒。 他被虫吃掉了,死了。
24 Mafoko a Modimo a a Molemo a ne a anama ka bofefo mme go ne ga nna badumedi ba basha ba le bantsi.
但上帝之道却开始传播,信徒的数量越来越多。
25 Mme Barenabase le Paulo ba ne ba etela Jerusalema, mme ya re ba sena go fetsa tiro ya bone, ba boela kwa Antioka, ba tsaya Johane Mareko.
巴拿巴和扫罗完成了送捐款的任务,就带着约翰(马克)从耶路撒冷返回。