< Ditiro 11 >

1 Ka bonako dikgang tsa fitlha kwa baaposetoloing le bakaulengwe ba bangwe kwa Judea gore Badichaba le bone ba amogetse Lefoko la Modimo.
Ἤκουσαν δὲ οἱ ἀπόστολοι καὶ οἱ ἀδελφοὶ οἱ ὄντες κατὰ τὴν Ἰουδαίαν ὅτι καὶ τὰ ἔθνη ἐδέξαντο τὸν λόγον τοῦ ˚Θεοῦ.
2 Mme erile Petere a boela kwa Jerusalema, badumedi ba Bajuta ba ganetsanya nae.
Ὅτε δὲ ἀνέβη Πέτρος εἰς Ἰερουσαλήμ, διεκρίνοντο πρὸς αὐτὸν οἱ ἐκ περιτομῆς,
3 Ba ne ba mmaya molato ba re, “O itsalantse le Badichaba ebile o jele nabo.”
λέγοντες, ὅτι “Εἰσῆλθεν πρὸς ἄνδρας, ἀκροβυστίαν ἔχοντας, καὶ συνέφαγεν αὐτοῖς.”
4 Mme Petere a ba bolelela polelo yotlhe.
Ἀρξάμενος δὲ, Πέτρος ἐξετίθετο αὐτοῖς καθεξῆς, λέγων,
5 O ne a re, “Erile letsatsi lengwe mo Jopa ke sa ntse ke rapela, ka bona ponatshegelo, letsela le legolo la fologela fa fatshe ka dinaka tsa lone tse nne le tswa legodimong.
“Ἐγὼ ἤμην ἐν πόλει Ἰόππῃ προσευχόμενος, καὶ εἶδον ἐν ἐκστάσει ὅραμα, καταβαῖνον σκεῦός τι ὡς ὀθόνην μεγάλην, τέσσαρσιν ἀρχαῖς καθιεμένην ἐκ τοῦ οὐρανοῦ, καὶ ἦλθεν ἄχρι ἐμοῦ·
6 Mo letseleng go ne go le mefuta yotlhe ya diphologolo, digagabi le dinonyane (tse re sa tshwanelang go di ja).
εἰς ἣν ἀτενίσας κατενόουν, καὶ εἶδον τὰ τετράποδα τῆς γῆς, καὶ τὰ θηρία, καὶ τὰ ἑρπετὰ, καὶ τὰ πετεινὰ τοῦ οὐρανοῦ.
7 Mme ke ne ka utlwa lentswe le re, ‘Bolaya mme o je tse o di ratang.’
Ἤκουσα δὲ καὶ φωνῆς λεγούσης μοι, ‘Ἀναστάς, Πέτρε, θῦσον καὶ φάγε.’
8 Mme ke ne ka fetola ka re, ‘Nnyaa, Morena, gonne ga ke ise ke ko ke je sepe se se idiwang ka melao ya rona ya Sejuta!’
Εἶπον δέ, ‘Μηδαμῶς, ˚Κύριε, ὅτι κοινὸν ἢ ἀκάθαρτον οὐδέποτε εἰσῆλθεν εἰς τὸ στόμα μου.’
9 “Mme lentswe la tla gape la re, ‘Se re ga go a siama go jewa fa Modimo One o re go siame.’
Ἀπεκρίθη δὲ φωνὴ ἐκ δευτέρου ἐκ τοῦ οὐρανοῦ, ‘Ἃ ὁ ˚Θεὸς ἐκαθάρισεν, σὺ μὴ κοίνου.’
10 “Mo go ne ga diragala gararo pele ga letsela le tsotlhe tse di neng di le mo go lone di nyelelela kwa legodimong.
Τοῦτο δὲ ἐγένετο ἐπὶ τρίς, καὶ ἀνεσπάσθη πάλιν ἅπαντα εἰς τὸν οὐρανόν.
11 Mme banna ba bararo ba ba neng ba tsile go ntsaya go ya Kaesarea ba goroga kwa tlung e ke neng ke nna mo go yone!
Καὶ ἰδοὺ, ἐξαυτῆς τρεῖς ἄνδρες ἐπέστησαν ἐπὶ τὴν οἰκίαν ἐν ᾗ ἦμεν, ἀπεσταλμένοι ἀπὸ Καισαρείας πρός με.
12 Mme Mowa O O Boitshepo o ne wa nthaya wa re ke tsamaye le bone le gone ke seka ka tshwenyega ka Bodichaba jwa bone! Bakaulengwe ba barataro ba, ba tsamaya le nna, mme ka bofefo ra goroga kwa mo-tseng wa monna yo o neng a romile barongwa.
Εἶπεν δὲ τὸ ˚Πνεῦμά μοι, συνελθεῖν αὐτοῖς, μηδὲν διακρίναντα. Ἦλθον δὲ σὺν ἐμοὶ καὶ οἱ ἓξ ἀδελφοὶ οὗτοι, καὶ εἰσήλθομεν εἰς τὸν οἶκον τοῦ ἀνδρός.
13 Mme a re bolelela ka fa moengele a neng a tla kwa go ene ka teng a mmolelela gore a rome barongwa kwa Jopa go batla Simone Petere.
Ἀπήγγειλεν δὲ ἡμῖν πῶς εἶδεν τὸν ἄγγελον ἐν τῷ οἴκῳ αὐτοῦ, σταθέντα καὶ εἰπόντα, ‘Ἀπόστειλον εἰς Ἰόππην, καὶ μετάπεμψαι Σίμωνα, τὸν ἐπικαλούμενον Πέτρον,
14 Moengele a mmolelela gore, ‘monna yoo o tlaa go bolelela ka fa wena le ba ntlo ya gago lo ka bolokwang ka teng.’
ὃς λαλήσει ῥήματα πρὸς σὲ, ἐν οἷς σωθήσῃ σὺ καὶ πᾶς ὁ οἶκός σου.’
15 Mme ka simolola go ba bolelela Mafoko a a Molemo, mme e rile fela jaaka ke simolola thero ya me, Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go bone, fela jaaka o ne wa fologela mo go rona pele!
Ἐν δὲ τῷ ἄρξασθαί με λαλεῖν, ἐπέπεσεν τὸ ˚Πνεῦμα τὸ Ἅγιον ἐπʼ αὐτοὺς, ὥσπερ καὶ ἐφʼ ἡμᾶς ἐν ἀρχῇ.
16 “Mme ke ne ka gopola mafoko a Morena fa a ne a re, ‘Ee, Johane o ne a kolobetsa ka metsi, mme lona lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo.’
Ἐμνήσθην δὲ τοῦ ῥήματος τοῦ ˚Κυρίου, ὡς ἔλεγεν, ‘Ἰωάννης μὲν ἐβάπτισεν ὕδατι, ὑμεῖς δὲ βαπτισθήσεσθε ἐν ˚Πνεύματι Ἁγίῳ.’
17 Mme ka e ne e le Modimo ka boone o o neileng Badichaba ba mpho e e tshwanang le ya rona fa re dumela mo go Morena Jesu Keresete, ke ne ke le mang yo ke ka ganetsang?”
Εἰ οὖν τὴν ἴσην δωρεὰν ἔδωκεν αὐτοῖς ὁ ˚Θεὸς, ὡς καὶ ἡμῖν πιστεύσασιν ἐπὶ τὸν ˚Κύριον ˚Ἰησοῦν ˚Χριστόν, ἐγὼ τίς ἤμην δυνατὸς κωλῦσαι τὸν ˚Θεόν;”
18 Mme erile fa ba bangwe ba utlwa kaga se, dikganetso tsa bone tsotlhe di ne tsa arabiwa mme ba simolola go galaletsa Modimo; ba ne ba re, “Ee, Modimo o neetse le Badichaba tshwanelo ya gore ba sokologele kwa go one le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng!”
Ἀκούσαντες δὲ ταῦτα, ἡσύχασαν καὶ ἐδόξασαν τὸν ˚Θεὸν λέγοντες, “Ἄρα καὶ τοῖς ἔθνεσιν ὁ ˚Θεὸς τὴν μετάνοιαν εἰς ζωὴν ἔδωκεν.”
19 Mme badumedi ba ba neng ba siile mo Jerusalema ka nako ya pogiso morago ga loso lwa ga Setefane ba tsamaya ba bo ba ya go fitlha kwa Fenikia, le kwa Kupero le kwa Antioka, ba gasa Mafoko a a Molemo mo Bajuteng fela.
Οἱ μὲν οὖν διασπαρέντες ἀπὸ τῆς θλίψεως τῆς γενομένης ἐπὶ Στεφάνῳ, διῆλθον ἕως Φοινίκης, καὶ Κύπρου, καὶ Ἀντιοχείας, μηδενὶ λαλοῦντες τὸν λόγον εἰ μὴ μόνον Ἰουδαίοις.
20 Le fa go ntse jalo, bangwe ba badumedi ba ba neng ba ya kwa Antioka ba tswa mo Kupero le mo Kurene le bone ba ile ba rerela Bagerika molaetsa wa bone kaga Morena Jesu.
Ἦσαν δέ τινες ἐξ αὐτῶν ἄνδρες, Κύπριοι καὶ Κυρηναῖοι, οἵτινες ἐλθόντες εἰς Ἀντιόχειαν, ἐλάλουν καὶ πρὸς τοὺς Ἑλληνιστάς, εὐαγγελιζόμενοι τὸν ˚Κύριον ˚Ἰησοῦν.
21 Mme Morena o ne a rotloetsa maiteko a gore Badichaba ba le bantsi ba nne badumedi.
Καὶ ἦν χεὶρ ˚Κυρίου μετʼ αὐτῶν, πολύς τε ἀριθμὸς ὁ πιστεύσας, ἐπέστρεψεν ἐπὶ τὸν ˚Κύριον.
22 Mme erile phuthego e e kwa Jerusalema e utlwa se se diragetseng, ba romela Barenabase kwa Antioka go thusa ba e leng gone ba sokologang.
Ἠκούσθη δὲ ὁ λόγος εἰς τὰ ὦτα τῆς ἐκκλησίας τῆς οὔσης ἐν Ἰερουσαλὴμ περὶ αὐτῶν, καὶ ἐξαπέστειλαν Βαρναβᾶν ἕως Ἀντιοχείας·
23 Erile fa a goroga ebile a bona dikgakgamatso tse Modimo o neng o di dira, a tlala kgakgamalo le boitumelo, mme a kgothatsa badumedi gore le fa go ka nna jang, ba nne mo Moreneng.
ὃς παραγενόμενος, καὶ ἰδὼν τὴν χάριν τὴν τοῦ ˚Θεοῦ, ἐχάρη καὶ παρεκάλει πάντας τῇ προθέσει τῆς καρδίας προσμένειν τῷ ˚Κυρίῳ,
24 Barenabase e ne e le motho yo o bonolo a tletse Mowa O O Boitshepo a bile a nonofile mo tumelong. Mme ka ntlha ya gone mo, batho ba le bantsi ba ne ba oketsega mo Moreneng.
ὅτι ἦν ἀνὴρ ἀγαθὸς, καὶ πλήρης ˚Πνεύματος Ἁγίου καὶ πίστεως. Καὶ προσετέθη ὄχλος ἱκανὸς τῷ ˚Κυρίῳ.
25 Mme Barenabase o ne a ya kwa Tareso go batla Saulo.
Ἐξῆλθεν δὲ εἰς Ταρσὸν ἀναζητῆσαι Σαῦλον,
26 Erile a mmona a mmusetsa kwa Antioka; ka bobedi jwa bone ba nna koo ngwaga yotlhe, ba ruta badumedi ba basha. (Ke kwa Antioka kwa badumedi ba neng ba simolola go bidiwa “Bakeresete” teng.)
καὶ εὑρὼν, ἤγαγεν εἰς Ἀντιόχειαν. Ἐγένετο δὲ αὐτοῖς καὶ ἐνιαυτὸν ὅλον συναχθῆναι ἐν τῇ ἐκκλησίᾳ, καὶ διδάξαι ὄχλον ἱκανόν, χρηματίσαι τε πρώτως ἐν Ἀντιοχείᾳ τοὺς μαθητὰς, Χριστιανούς.
27 Ka nako e baporofiti bangwe ba ne ba tswa Jerusalema ba ya Antioka,
Ἐν ταύταις δὲ ταῖς ἡμέραις, κατῆλθον ἀπὸ Ἱεροσολύμων προφῆται εἰς Ἀντιόχειαν.
28 mme mongwe wa bone yo o bidiwang Agabuse, o ne a ema ka tlhotlheletso ya Mowa mo go nngwe ya dikopano a bolelela pele gore leuba le legolo le tlaa tla mo lefatsheng la Iseraele. (Mo go ne ga diragala ka nako ya puso ya ga Kalaudio).
Ἀναστὰς δὲ εἷς ἐξ αὐτῶν ὀνόματι Ἅγαβος, ἐσήμανεν διὰ τοῦ ˚Πνεύματος, λιμὸν μεγάλην μέλλειν ἔσεσθαι ἐφʼ ὅλην τὴν οἰκουμένην· ἥτις ἐγένετο ἐπὶ Κλαυδίου.
29 Mme jalo badumedi ba ikaelela go romela thuso kwa Bakereseteng mo Judea, mongwe le mongwe a ntsha kafa a ka kgonang ka teng.
Τῶν δὲ μαθητῶν καθὼς εὐπορεῖτό τις, ὥρισαν ἕκαστος αὐτῶν εἰς διακονίαν πέμψαι τοῖς κατοικοῦσιν ἐν τῇ Ἰουδαίᾳ ἀδελφοῖς·
30 Mme ba ile ba dira, ba isa dimpho tsa bone kwa go Barenabase le Saulo gore ba di ise kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Jerusalema.
ὃ καὶ ἐποίησαν, ἀποστείλαντες πρὸς τοὺς πρεσβυτέρους διὰ χειρὸς Βαρναβᾶ καὶ Σαύλου.

< Ditiro 11 >