< Ditiro 10 >
1 Mme mo Kaesarea go ne go nna mo eteledipele wa mophato wa ntwa ya Seroma gotwe Korenelio, e le molaodi wa mophato wa Itale.
Now there was at Caesarea a man named Cornelius, a captain in the Italian regiment.
2 E ne e le motho yo o ratang Modimo, a bile a o tlotla thata, le ba ntlo ya gagwe ba ne ba ntse jalo. O ne a aba ka mowa o o gololesegileng a bile a le motho wa thapelo.
He was a devout man and God-fearing, and so were all his household. He gave many alms to the people, and constantly prayed to God.
3 Tshokologo nngwe ya letsatsi ya re a santse a ntse, ka nako e ka nna ya boraro, a bona ponatshegelo, mme mo ponatshegelong e, a bona moengele wa Modimo a tla kwa go ene a re, “Korenelio”.
About three o’clock one afternoon he had a vision, and distinctly saw an angel of God enter his house and say to him, "Cornelius."
4 Korenelio a re, “O batlang Morena!” Moengele a fetola a re, “Dithapelo tsa gago le dimpho tsa gago Modimo o di bonye.
He stared at him in terror, and said, "What is it, Lord?" "Your prayers and your alms have risen for a memorial before God," answered the angel;
5 Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go ya go batla mongwe yo o bidiwang Simone Petere, yo o nnang le Simone wa mosuga matlalo, go bapa le lotshitshi lwa lewatle, mme lo mo kope gore a lo etele.”
"and now send men to Joppa and fetch one Simon, who is called Peter.
"He is staying as a guest with Simon, a tanner, whose house is near the sea."
7 Erile moengele a sena go tsamaya, Korenelio a bitsa batlhanka ba ntlo ya gagwe ba le babedi le motlhabani yo o boifang Modimo, mongwe wa ba ba ikanyegang,
And after the angel who was speaking to him was gone, he called two of his household servants and a devout soldier who was in constant attendance upon him,
8 mme a ba bolelela se se diragetseng a bo a ba roma kwa Jopa.
and after telling them everything, he sent them to Joppa.
9 Erile letsatsi le le latelang, fa ba atamela motse, Petere a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo ya gagwe go rapela. Go ne go le motshegare ebile o ne a tshwerwe ke tlala, mme erile dijo tsa motshegare di sa ntse di baakanngwa a bona ponatshegelo.
The next day, while they were still on their way and were approaching the town, about noon, Peter went up to the housetop to pray.
He had become very hungry and longed for food; but while they were preparing it, he fell into a trance.
11 O ne a bona legodimo le bulega, mme a bona letsela le legolo le lepeleditswe ka dinaka tsa lone tse nne, le fitlha fa fatshe.
He beheld the sky opened, and a vessel descending like an enormous sail let down to earth by four corners.
12 Mme mo letseleng go ne go le diphologolo tsa mefuta yotlhe, dinoga le dinonyane (tse di idiwang Bajuta go di ja).
In it were all kinds of quadrupeds and creeping things of the earth, and wild birds.
13 Mme lentswe la mo raya la re, “Tsamaya o bolaye o je nngwe ya tsone e o e batlang.”
A voice came to him, saying, "Rise, Peter, kill and eat."
14 Petere a fetola a re, “Nnyaa, Morena, ga ke ise nke ke je diphologolo tse di ntseng jaana mo botshelong jwa me, gonne di a idiwa ka melao ya rona ya Sejuta.”
"Not so, my Lord," answered Peter, "for I have never yet eaten anything common and unclean."
15 Lentswe la bua gape, la re, “Se ganetsanye le Modimo! Fa o re selo se tshwanetse go jewa go raya gore se siame.”
And again a second time came to him a voice, saying, "What God has cleansed you must not call common."
16 Mme ponatshegelo e ya direga gararo. Mme letsela la boela gape kwa legodimong.
This happened three times; and immediately the sail was drawn up into the sky.
17 Petere o ne a akabala thata gore ponatshegelo e ka ne e raya eng? O ne a tshwanetse go dirang? Mme jaana banna ba ba romilweng ke Korenelio ba ne ba bone ntlo e, mme ba bo ba eme kwa ntle fa kgorong,
Now while Peter was greatly perplexed to know what the vision which he had been sent by Cornelius, and had made inquiries for the house of Simon, stood at the gate,
18 ba botsa gore a ntlo e ke yone e Simone Petere o nnang mo go yone.
and called and asked whether Simon who was called Peter was lodging there.
19 Mme erile Petere a sa ntse a hakgamaletse ponatshegelo, Mowa O O Boitshepo wa mo raya wa re, “Banna ba bararo ba tsile kwa go wena.
So the Spirit said to Peter, who was still pondering over the vision.
20 Fologela kwa tlase o kopane le bone mme o tsamaye nabo. Sengwe le sengwe se siame, ke ba romile.”
"Three men are now looking for you. Rise, go down and go with them, nothing doubting; for it is I who have sent them."
21 Jalo Petere a fologa, mme a re, “Ke nna yo lo mmatlang. Jaanong ke eng se lo se batlang.”
So Peter went down to the men and said. "I am the man you are looking for. What is the reason of your coming?"
22 Mme jalo ba mmolelela kaga Korenelio molaodi wa Mo-Roma yo o siameng wa Modimo, yo o neng a itsege thata mo Bajuteng le jaaka moengele a ne a mo laetse go ya go bitsa Petere go tla go mmolelela se Modimo o batlang a se dira.
"Cornelius," they answered, "a captain, a devout man, and God- fearing, of whom the whole, Jewish nation speaks well, was instructed by a holy angel to send for you to come to his house, and to listen to your message."
23 Mme Petere a ba amogela a bo a ba fa boroko sigong joo. Letsatsi le le tlang a tsamaya nabo, ba na le (badumedi) ba ba tswang Jopa.
So he invited them in and gave them lodging. The next day he rose, and went off with them, and some of the brothers from Joppa accompanied them;
24 Ba goroga mo Kaesarea letsatsi le le latelang, mme Korenelio o ne a ba letile a bile a biditse ba losika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe tsa botlhokwa go nna le Petere.
and the day after that they reached Caesarea. There Cornelius was waiting for them, and had brought together all his relatives and intimate friends.
25 Erile fa Petere a tsena mo ga gagwe, Korenelio a wela fa fatshe fa pele ga gagwe a mo obamela.
When Peter entered the house Cornelius met him, fell at his feet, and worshiped him;
26 Mme Petere a re, “Ema! Le nna ka nosi ke motho!”
but Peter lifted him up. "Stand up," he said, "I am only a man, myself."
27 Mme a ema ba buisanya ka sebakanyana ba bo ba ya kwa ba bangwe ba neng ba phuthegetse teng.
And as he talked with him, he went in and found a large company assembled.
28 Mme Petere a ba raya a re, “Lo a itse gore go kgatlhanong, le melao ya Sejuta gore ke tsene mo lolwapeng lwa Modichaba. Mme Modimo o mpontshitse mo ponatshegelong gore ke seka ka ba ka lebela ope kwa tlase.
To them he said. "You know, yourselves, that it is illegal for a Jew to associate with or to visit one of another nation; but God has taught me that I should not call any man common or unclean. For this reason, when sent for, I came without demur.
29 Mme ka tla fela jaaka ke bidiwa. Jaanong mpolelelang se lo se batlang.”
"I ask therefore why you sent for me."
30 Mme Korenelio a fetola a re, “Malatsi a mane a a fetileng ke ne ke rapela jaaka gale ka nako e ya maitseboa, fa ka tshoganetso monna a ema fa pele ga me a apere seaparo se se galalelang!
Cornelius answered. "Three days ago, at this very hour, I was praying in my house at three o’clock in the afternoon, when suddenly a man in a shining robe stood by me,
31 Mme a nthaya a re, ‘Korenelio, thapelo tsa gago di utlwetse le dimpho tsa gago di lemogilwe ke Modimo!
and said. "‘Cornelius, your prayer is heard, and your alms are had in remembrance in the sight of God.
32 Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go itsise Simone Petere, yo o nnang mo motseng wa ga Simone, wa mosuga matlalo, fa lotshitshing lwa lewatle.’
"‘So send to Joppa and summon Simon, who is called Peter. He is lodging with Simon the tanner, in a house by the seaside.’
33 Mme ke ne ka re o ye go bidiwa, mme o dirile sentle ka go tla ka bonako. Jaanong ke rona ba, re letile fa pele ga Morena, re batla go itse se o se go boleletseng go se re bolelela!”
"So I sent for you without delay, and you have been kind enough to come. Now therefore we are all here present in the sight of God, to listen to what the Lord has commanded you to speak."
34 Mme Petere a fetola a re, “Ke bona sentle gore Bajuta ga se bone fela ba Modimo o ba ratang!
Then Peter began to speak. "Of a truth I begin to see quite plainly that God is no respecter of persons;
35 Mo chabeng nngwe le nngwe o na le ba ba mo obamelang ba bile ba dira dilo tse di siameng mme mo go ene ba a amogelesega.
"but in every nation he who fears him and works righteousness is acceptable to him.
36 Ke tlhomamisa gore lo utlwile kaga Mafoko a a Molemo a batho ba Iseraele, gore go na le kagiso mo Modimong ka Jesu, Mesia, yo e leng Morena wa (lobopo) lotlhe. Molaetsa o, o aname le Judea yotlhe, o simolotswe ke Johane wa Mokolobetsi mo Galalea.
"You cannot but know the message which he sent to the descendants of Israel, when he preached the gospel of peace by Jesus Christ who is Lord of all;
"you know the message spread throughout all Judea, beginning in Galilee, after the baptism which John preached;
38 Mme ga go belaesege go itse gore Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ke Modimo ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, mme o ne a tsamaya a dira molemo a bile a fodisa botlhe ba ba neng ba na le mewa e e maswe, gonne Modimo o ne o na nae.
"how God anointed Jesus of Nazareth with the Holy Spirit and with power, and how he went about everywhere doing good, and curing all who were oppressed by the devil; for God was with him.
39 “Mme rona baaposetoloi re basupi ba tsotlhe tse o di dirileng mo Iseraele yotlhe le mo Jerusalema kwa o neng a bolaelwa teng mo sefapaanong.
"And we were witnesses of all that he did, both in the land of the Jews and in Jerusalem. They killed him, hanging him on a tree.
40 Mme Modimo o ne wa mo tshedisa gape morago ga malatsi a mararo, mme wa mmontsha basupi bangwe ba Modimo o neng o sale o ba tlhopha pele, e seng mongwe le mongwe, mme e leng rona ba re neng ree ja re ba ree nwa nae a sena go tsoga mo baswing.
"But him God raised up on the third day, and permitted him to be made manifest,
"not to all the people, but to witnesses - men previously chosen by God - that is, to us, who ate and drank with him after he had risen from the dead;
42 Mme o ne a re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo gongwe le gongwe le go supa gore Jesu o beilwe go nna Moatlhodi wa botlhe, baswi le batshedi.
"when he charged us to preach to the people, and to testify that this was he whom God ordained to be the judge of the living and of the dead.
43 Mme le baporofiti botlhe ba kwadile ka ga gagwe, ba re mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tlaa itshwarelwa dibe ka leina la gagwe.”
"To him all the prophets bear witness, testifying that through his name every one that believes on him will receive remission of sins."
44 Mme erile Petere a sa ntse a bua dilo tse Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go botlhe ba ba neng ba reeditse!
While Peter was still speaking, the Holy Spirit fell on all who were listening to the message.
45 Mme Bajuta ba ba neng ba tsile le Petere ba ne ba hakgamala gore neo ya Mowa O O Boitshepo e ka newa le Badichaba!
And all the Jewish believers who had accompanied Peter were amazed, because the gift of the Holy Spirit was poured out upon the Gentiles also.
46 Mme go ne go ka se ka ga nna le pelaelo, gonne ba ba utlwile ba bua ka diteme ba bile ba galaletsa Modimo. Petere o ne a botsa a re, “A mongwe o ka gana gore ke ba kolobetse, ka gore jaanong ba amogetse Mowa O O Boitshepo fela jaaka re ne ra o amogela?”
For they heard them speak with tongues and magnify God.
Then Peter said, "Can any one refuse water for the baptism of these men who have received the Holy Spirit as well as we?"
48 Mme o ne a dira jalo, a ba kolobetsa mo leineng la ga Jesu, Mesia. Morago Korenelio a mo kopa go nna le bone malatsinyana.
And he commanded them to be baptized in the name of Jesus Christ. Then they begged him to remain with them for a time.