< Johane III 1 >

1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Nna Johane, mogolwane wa phuthego. Ke lo kwalela: Gaeyo yo ke mo ratang ka boammaaruri.
我長老致書給可愛的加約,就是我在真理內所愛的。
2 Tsala e e rategang, ke rapelela gore o segofale mo dilong tsotlhe le gore mmele wa gago o itekanele fela jaaka ke itse ka fa mowa wa gago o itekanetseng ka teng.
親愛的,祝你諸事順利,並祝你健康,就如你的靈魂常順利一樣。
3 Bangwe ba bakaulengwe ba ba kileng ba tla kwano ba intumedisitse thata ka go mpolelela gore botshelo jwa gago bo phepa ebile bo boammaaruri ka nako tsotlhe, le gore o tshela kafa Mafokong a a Molemo.
有些弟兄來,證明你在真理內,就是說你怎樣在真理內生活,我很是高興。
4 Go ne go se na boitumelo bope jo ke neng ka nna najo go gaisa go utlwa dikgang tse di ntseng jalo ka bongwanake.
我聽說我的孩子們在真理內生活,我沒有比這再大的喜樂了。
5 Tsala e e rategang, o direla Modimo tiro e e molemo ka go tlhokomela baruti ba e leng batsamai le bareri ba ba fetang.
親愛的,凡你對弟兄,尤其對旅客所行的,都是真信徒的行為。
6 Ba boleletse phuthego kwano ka botsalano jwa lona le ditiro tsa gago tsa lorato. Ke itumela fa e a re ba tsamaya o ba fe dimpho ka bopelotshweu.
他們在教會前證明了你的愛德。你若以相稱天主的態度,幫助他們走上旅途,就是做了善事,
7 Gonne ba tsamaela Morena, mme ga ba tseye dijo, diaparo, mogope (tante) le fa e le madi mo go ba e seng Bakeresete, le fa tota ba ba reretse.
因為他們出發是為主的名字,並沒有從外教人接受什麼;
8 Jalo rona ka sebele re tshwanetse ra ba tlhokomela gore re tle re nne badiri le bone mo tirong ya Morena.
所以我們應當款待這樣的人,為叫我們成為與真理合作的人。
9 Ke romeletse phuthego lokwalo lo lo khutshwane ka selo se, mme Dioterefese wa moikgantshi, yo o ratang go itshusumeletsa kwa pele go nna moeteledipele wa Bakeresete teng koo, ga a batle ke mo laola ebile o gana go ntheetsa.
我給教會寫過信,但是那在他們中間愛作首領的狄約勒斐,卻不承認我們。
10 E tlaa re ke tsena koo ke tlaa go bolelela dingwe tsa dilo tse a di dirang le ka dilo tse di sa siamang tse a buang kaga me le ka puo e e tlhapatsang. Ga a gane fela go amogela batsamaisi ba Lefoko la Modimo, mme o raya ba bangwe a re ba seka ba ba amogela, mme fa ba dira jalo o leka go ba kgaola mo phuthegong.
為此,我若來到,必要指摘他所行的事,就是他用惡言惡語誹謗我們的事;但這為他還不夠:他自己不款待弟兄們,連那願意款待的,他也加以阻止,甚而將他們逐出教會。
11 Tsala e e rategang, o seka wa letla sekao se se maswe se go go tlhotlheletsa. Sala morago fela se se molemo. Gakologelwa gore ba ba dirang tshiamo ba supa gore ke bana ba Modimo; mme ba ba tswelelang ba dira bosula ba supa gore ba kgakala le Modimo.
親愛的,你不要效法惡,但要效法善:那行善的是出於天主,那作惡的是沒有見過天主。
12 Mme batho botlhe, le Boammaaruri tota ba bua ka Demeterio. Le nna ka sebele ke ka bua jalo kaga gagwe, mme oa itse gore ke bua boammaaruri.
眾人和真理本身都給德默特琉作證,我們自己也給他作證,而你也知道我們所作的證是真實的。
13 Ke na le go le gontsi mo ke ka go buang mme ga ke batle go go kwala,
我本來有許多事要寫給你,但是我不願意以筆墨給你寫;
14 gonne ke solofela go go bona mo bogautshwaneng mme ke gone re tlaa buang go le gontsi re le mmogo. Ke gone salang sentle. Ditsala kwano di a lo dumedisa, mme tswee-tswee o ntumedisetse mongwe le mongwe koo. Wa lona ruri, Johane.
只希望快見到你,我們好親口面談。 祝你平安!朋友都問候你。請你也一一問候各位朋友。

< Johane III 1 >