< Timotheo II 1 >

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo, mo rongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Modimo go ya go bolelela banna le basadi gongwe le gongwe kaga botshelo jo bo sa khutleng jo o ba bo solofeditseng ka tumelo mo go Jesu Keresete.
Pavel, apostol al lui Isus Cristos prin voia lui Dumnezeu, conform cu promisiunea vieții care este în Cristos Isus,
2 Lo ya kwa go: Timotheo, morwaake yo o rategang. A Modimo Rara le Keresete Jesu Morena wa rona o go nosetse bopelonomi jwa one, kutlwelo-botlhoko le kagiso.
Lui Timotei, fiul meu preaiubit: Har, milă și pace, de la Dumnezeu Tatăl și de la Cristos Isus, Domnul nostru.
3 Ke leboga Modimo jang ka wena, Timotheo. Ke go rapelela malatsi otlhe, le ka nako tsotlhe mo masigong a maleele ke kopa Modimo wa me go go segofatsa mo go menaganyeng. Ke Modimo wa borre, le wa me, mme maikaelelo a me fela mo botshelong ke go o itumedisa.
Mulțumesc lui Dumnezeu, căruia îi servesc din strămoși cu o conștiință pură, că neîncetat îmi amintesc despre tine în rugăciunile mele, noapte și zi,
4 Ke tlhwaafaletse thata go go bona gape. Kana ke ka itumela thatajang, gonne ke gakologelwa selelo sa gago fa re kgaogana.
Dorind mult să te văd, amintindu-mi lacrimile tale, ca să fiu umplut de bucurie,
5 Ke itse gore o ikanya Morena go le kae, fela jaaka mmago Yunise le mmago-mogolo Loise ba mo ikanya; ebile ke tlhomamisa gore o santse o mo ikanya thata fela jaaka gale.
Aducându-mi aminte de credința neprefăcută care este în tine, care a locuit întâi în bunica ta Lois și în mama ta Eunice și sunt convins că și în tine.
6 Ka ntlha ya moo, ke batla go go gakolola gore o tlhotlheletse nonofo le bopelokgale jo bo mo teng ga gago, jo bo tsenyeng mo go wena ka nako e ke neng ke go baya diatla ka yone ke go segofatsa.
Din această cauză, îți aduc aminte să reaprinzi darul lui Dumnezeu care este în tine prin punerea mâinilor mele.
7 Gonne Mowa O O Boitshepo, neo ya Modimo, ga o rate gore wena o tshabe batho, mme e leng go nna botlhale le nonofo, le go ba rata le go itumelela go nna le bone.
Fiindcă Dumnezeu nu ne-a dat un duh de frică, ci de putere și de dragoste și de minte sănătoasă.
8 Fa o ka tlhotlheletsa nonofo e e mo teng ga gago ga o kitla o boifa go bolelela ba bangwe ka Morena, wa rona, Kgotsa go ba itsise gore ke tsala ya gago le fa ke le mo kgolegelong fano ka ntlha ya ga Keresete. O tlaa ipaakanyetsa go boga le nna ka ntlha ya Morena, gonne o tlaa go nonotsha mo dipogisong.
De aceea nu te rușina de mărturia Domnului nostru, nici de mine, prizonierul lui, ci fii părtaș al suferințelor evangheliei, conform puterii lui Dumnezeu,
9 Ke ene yo o re bolokileng le yo o re tlhophetseng tiro ya gagwe e e boitshepo, e seng ka ntlha ya gore e re tshwanetse mme e le ka ntlha ya gore e ne e le leano la One la bogologolo pele ga lefatshe le simologa, go supa lorato lwa One mo go rona le bopelotlhomogi ka Jesu Keresete. (aiōnios g166)
Care ne-a salvat și ne-a chemat cu o chemare sfântă, nu conform faptelor noastre, ci conform cu propriul lui scop și har, care ne-a fost dat în Cristos Isus, înainte ca lumea să înceapă, (aiōnios g166)
10 Mme jaanong o dirile mo gotlhe gore go bonale mo go rona sentle ka go tla ga Mmoloki wa rona Jesu Keresete, yo o robileng nonofo ya loso a bo a re bontsha tsela ya botshelo jo bo safeleng ka go mo ikanya.
Dar acum este făcut cunoscut prin arătarea Salvatorului nostru, Isus Cristos, care a abolit moartea și a adus viața și nemurirea la lumină prin evanghelie,
11 Mme Modimo o ntlhophile go nna morongwa wa one, go rerela Badichaba le go ba ruta.
Pentru care sunt rânduit predicator și apostol și învățător al neamurilor.
12 Ke ka moo ke bogang fano mo kgolegelong ebile ga go ntlhabise ditlhong, gonne ke itse yo ke mo ikanyang, ebile ke tlhomamisa gore o nonofile go tlhokomela tsotlhe tse ke di mo neileng go fitlhelela letsatsi la go bowa ga gagwe.
Din cauza căreia și sufăr acestea, însă nu mă rușinez, fiindcă știu în cine am crezut și sunt convins că el este în stare să păzească ce i-am încredințat pentru ziua aceea.
13 Tshegetsa thata sekao sa boammaaruri jo ke go bo rutileng, segolo thata jang tumelo le lorato lo Keresete Jesu a lo go neileng.
Ține strâns modelul cuvintelor sănătoase, pe care le-ai auzit de la mine, în credința și dragostea care este în Cristos Isus.
14 Tlhokomela thata, nonofo e o e amogetseng mo Modimong e le mpho e e tswang mo Moweng o o Boitshepo o o nnang mo teng ga gago.
Acel lucru bun care ți-a fost încredințat, păzește-l prin Duhul Sfânt care locuiește în noi.
15 Jaaka o itse, Bakeresete botlhe ba ba tsileng mono ba tswa kwa Asia ba mphatlalaletse; le e leng Fugalo le Hegemogenese tota ba tsamaile.
Știi aceasta, că toți cei din Asia s-au întors de la mine, între care sunt Figel și Hermogen.
16 A Morena a segofatse Onisiforo le botlhe ba ntlo ya gagwe, ka gore o ne a nketela a bo a nkgothatsa gantsi. Go nketela ga gagwe go ne ga ntsoseletsa jaaka mowa wa phefo e e monate, ebile go nna ga me mo kgolegelong ga go ise go mo tlhabise ditlhong.
Domnul să dea milă casei lui Onisifor, pentru că deseori m-a înviorat și nu s-a rușinat de lanțul meu,
17 Le gone erile a tla mo Roma o mpatlile gongwe le gongwe, a leka go bona kwa ke teng, mme la bofelo a mpona.
Ci, când a fost în Roma, m-a căutat stăruitor și m-a găsit.
18 A Modimo o mo nee lesego le le faphegileng motlhang Keresete a bowang. Ebile o itse botoka go na le jaaka ke ka go bolelela ka fa o nthusitseng ka teng kwa Efeso.
Domnul să îi dea să găsească milă de la Domnul în acea zi; și tu știi foarte bine în câte mi-a servit el în Efes.

< Timotheo II 1 >