< Timotheo II 4 >

1 Mme jalo ke go kgothatsa ka tlhwaafalo fa pele ga Modimo le fa pele ga ga Jesu Keresete yo e tlaa reng letsatsi lengwe a bo a atlhola batshedi le baswi fa a tla go tlhoma bogosi jwa gagwe,
Conjuro-te pois diante de Deus, e do Senhor Jesus Christo, que ha de julgar os vivos e os mortos, na sua vinda e no seu reino,
2 go rera Lefoko la Modimo ka tlhwaafalo ka nako tsotlhe, go le lobaka le go se lobaka, fa go siame le go sa siama. Siamisa o bo o kgalemele batho ba gago fa ba tlhoka kgalemelo, ba kgothatse go dira tshiamo, mme ka nako tsotlhe o ba otla ka Lefoko la Modimo ka bopelotelele.
Que pregues a palavra, instes a tempo e fóra de tempo, redarguas, reprehendas, exhortes, com toda a longanimidade e doutrina.
3 Gonne go tlaa tla lobaka lo batho ba se kitlang ba reetsa boammaaruri, mme ba tlaa tsamaya ba batla baruti ba ba tlaa ba bolelelang fela se ba batlang go se utlwa.
Porque virá tempo em que não soffrerão a sã doutrina; mas, tendo comichão nos ouvidos, amontoarão para si doutores conforme as suas proprias concupiscencias;
4 Ga ba kitla ba reetsa se Baebele e se buang mme ba tlaa latela megopolo ya bone e e foufetseng.
E desviarão os ouvidos da verdade, e se tornarão ás fabulas.
5 Ema o tsepame, mme o se ka wa tshaba go bogela Morena. Tlisa ba bangwe kwa go Keresete. O se ka wa tlogela sepe se sa dirwa se o tshwanetseng go se dira.
Porém tu vigia em todas as coisas, soffre as afflicções, faze a obra d'um evangelista, cumpre o teu ministerio.
6 Ke bua se ka gore ke tlaa bo ke seyo go go thusa ka lobaka lo loleele. Lobaka lwa me lo setse lo fitlhile. E tlaa re ka bonako ke bo ke le mo tseleng ya me go ya legodimong.
Porque a mim já agora me offereço por aspersão de sacrificio, e o tempo da minha partida está proximo.
7 Ga ke bolo go tlhabanela Morena thata ka lobaka lo loleele, mme mo go tsone tsotlhe ke ntse ke le boammaaruri mo go ene. Mme jaanong lobaka lo fitlhile lwa gore ke khutlise ntwa ke itapolose.
Combati o bom combate, acabei a carreira, guardei a fé.
8 Kwa legodimong serwalo se nkemetse se Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnayang ka letsatsi le legolo la go bowa ga gagwe. Mme e seng nna fela, e leng botlhe ba matshelo a bone a supang gore ba lebeletse ka tlhwaafalo go tla ga gagwe gape.
Pelo demais, a corôa da justiça está-me guardada, a qual o Senhor, justo juiz, me dará n'aquelle dia; e não sómente a mim, mas tambem a todos os que amarem a sua vinda
9 Tswee-tswee tla ka bonako le ka bofefo jo o ka bo kgonang,
Procura vir ter comigo depressa.
10 gonne Demase o ntlogetse. O ratile dilo tse dintle tsa lefatshe leno o ile Theselonika. Keresenese o ile Galalea, Tito o ile Dalamatia. (aiōn g165)
Porque Démas me desamparou, amando o presente seculo, e foi para Thessalonica, Crescente para Galacia, Tito para Dalmacia. (aiōn g165)
11 Ke Luke fela yo o nang le nna. Tla le Mareko fa o tla, gonne ke a mo tlhoka.
Só Lucas está comigo. Toma Marcos, e tral-o comtigo, porque me é muito util para o ministerio.
12 (Tukiko le ene o tsamaile, ke mo rometse kwa Efeso)
Tambem enviei Tychico a Epheso.
13 E re fa o tla, o se ka wa lebala go ntlela kobo e ke e tlogetseng kwa Teroase mo go mokaulengwe Karepo, le dikwalo, mme bogolo, thata tsa matlalo.
Quando vieres traze a capa que deixei em Troade, em casa de Carpo, e os livros, principalmente os pergaminhos.
14 Alekesanta mothudi wa kgotlho o nkutlwisitse botlhoko thata. Morena o tlaa mo otlhaya,
Alexandre, o latoeiro, occasionou-me muitos males; o Senhor lhe pague segundo as suas obras.
15 mme o mo tshabe, gonne o tlhabana le sengwe le sengwe se re se boletseng.
Tu guarda-te tambem d'elle; porque resistiu muito ás nossas palavras.
16 Erile lwa ntlha fa ke tlisiwa fa pele ga moatlhodi go ne go sena ope fano go nthusa, Mongwe le mongwe o ne a siile. Ke solofela gore ga ba kitla ba bewa molato kaga gone.
Ninguem me assistiu na minha primeira defeza, antes todos me desampararam. Oxalá isto lhes não seja imputado.
17 Mme Morena o ne a ema le nna, a nnaya lobaka lwa go rera thero yotlhe ke sena poifo gore lefatshe le utlwe. Mme o ne a mpoloka gore ke se latlhelwe mo ditaung.
Mas o Senhor assistiu-me e fortaleceu-me, para que por mim fosse cumprida a prégação, e todos os gentios a ouvissem; e fiquei livre da bocca do leão.
18 Ee, Morena o tlaa nna a nkgolola ka nako tsotlhe mo bosuleng jotlhe mme o tlaa ntlisa mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. A kgalalelo e nne go Modimo ka metlha le metlha. Amen. (aiōn g165)
E o Senhor me livrará de toda a má obra, e guardar-me-ha para o seu reino celestial; a quem seja gloria para todo o sempre. Amen. (aiōn g165)
19 Tswee-tswee “ntumedisetsa” Peresila le Akwila le ba ba nnang le Onesiforo.
Sauda a Prisca e Aquila, e á casa de Onesiphoro.
20 Eraseto o fetile a sala kwa Korintha, mme ke tlogetse Terofimose a lwala kwa Mileto.
Erasto ficou em Corintho, e deixei Trophimo doente em Mileto.
21 Leka gore o bo o le kwano pele ga mariga. Eubulo o a go dumedisa le Padense, le Lino, le Kalaudia le ba bangwe botlhe.
Procura vir antes do inverno. Eubulo, e Pudens, e Lino, e Claudia, e todos os irmãos te saudam.
22 A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago. Sala sentle, ke le, Paulo.
O Senhor Jesus Christo seja com o teu espirito. A graça seja comvosco. Amen.

< Timotheo II 4 >