< Timotheo II 3 >
1 Mme Timotheo gape itse se, gore mo malatsing a bofelo go tlaa nna bokete thata go nna Mokeresete.
Hoc autem scito, quod in novissimis diebus instabunt tempora periculosa:
2 Gonne batho ba tlaa nna baithati le barati ba madi a bone; ba tlaa nna maikgantsho le mabela, ba sotla Modimo, ba sa utlwe batsadi ba bone, ba sa ba tlotle, ebile ba le bosula gotlhelele.
erunt homines seipsos amantes, cupidi, elati, superbi, blasphemi, parentibus non obedientes, ingrati, scelesti,
3 Ba tlaa nna ditlhogo di thata ebile ba sa ineele mo go ba bangwe; ba tlaa nna baaki ba gale le dirukhutlhi ebile ba tlaa natefelwa ke mekgwa yotlhe e e bosula. Ba tlaa nna setlhogo, mme ba tlaa sotla ba ba lekang go dira tshiamo.
sine affectione, sine pace, criminatores, incontinentes, immites, sine benignitate,
4 Ba tlaa oka ditsala tsa bone; ba tlaa nna batenegi, baikgogomosi, e le barati ba dikgatlhego bogolo go go rata Modimo.
proditores, protervi, tumidi, et voluptatum amatores magis quam Dei:
5 Ba tlaa ya kerekeng (phuthegong), ee, mme ga ba kitla ba dumela sepe se ba se utlwang. O se ka wa tsena mo bathong ba ba ntseng jalo.
habentes speciem quidem pietatis, virtutem autem eius abnegantes. Et hos devita:
6 Ke ba ba kukunelang mo malwapeng a batho ba bangwe mme ba tsalane le basadi ba dieleele ba ba imelwang ke dibe, ba ba rute dithuto tsa bone tse dintsha.
ex his enim sunt, qui penetrant domos, et captivas ducunt mulierculas oneratas peccatis, quæ ducuntur variis desideriis:
7 Basadi ba mofuta oo ba saletse ruri morago baruti ba ba makgapha mme ga ba tlhaloganye boammaaruri.
semper discentes, et numquam ad scientiam veritatis pervenientes.
8 Mme baruti ba ba tlhabantsha boammaaruri fela jaaka Janese le Jamberese ba ne ba tlhabantsha Moshe. Ba na le megopolo e e leswe, e e sokameng ebile ba fapogile mo tumelong ya Sekeresete.
Quemadmodum autem Iannes, et Mambres restiterunt Moysi: ita et hi resistunt veritati, homines corrupti mente, reprobi circa fidem,
9 Mme ga ba kitla ba ya gope. Letsatsi lengwe tsietso ya bone e tlaa itsiwe sentle ke mongwe le mongwe jaaka boleo jwa ga Janese le Jamperese.
sed ultra non proficient: insipientia enim eorum manifesta erit omnibus, sicut et illorum fuit.
10 Mme wena o nkitse sentle gore ga ke motho yo o ntseng jalo. O itse se ke se dumelang le ka fa ke tshelang ka teng le se ke se batlang. O itse tumelo ya me mo go Keresete le ka fa ke bogileng ka teng. O itse lorato lwa me mo go wena, bobelotelele jwa me.
Tu autem assecutus es meam doctrinam, institutionem, propositum, fidem, longanimitatem, dilectionem, patientiam,
11 O itse matshwenyego a ke neng ka nna nao ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo. O itse gotlhe mo go ntiragaletseng fa ke etetse kwa Antioka, Ikonia le kwa Lusetere, mme Morena o ne a nkgolola.
persecutiones, passiones: qualia mihi facta sunt Antiochiæ, Iconii, et Lystris: quales persecutiones sustinui, et ex omnibus eripuit me Dominus.
12 Ee, pogiso e tlaa tlela botlhe ba ba ikaeletseng go tshela botshelo jwa Modimo go itumedisa Keresete Jesu, e tswa mo go ba ba mo ilang.
Et omnes, qui pie volunt vivere in Christo Iesu, persecutionem patientur.
13 Ke boammaaruri, batho ba ba bosula ba tsietso ba tlaa dira go fetisisa, ba tsietsa ba le bantsi, bone ka bo bone ba tsieditswe ke Satane.
Mali autem homines, et seductores proficient in peius, errantes, et in errorem mittentes.
14 Mme o tshwanetse go tswelela go dumela dilo tse o di rutilweng. O a itse gore di boammaaruri gonne o itse gore o ka ikanya bangwe ba rona ba ba go rutileng.
Tu vero permane in iis, quæ didicisti, et credita sunt tibi: sciens a quo didiceris.
15 O itse sentle, gore erile o sa le mmotlana, o ne wa rutwa Dikwalo tse di boitshepo; mme ke tsone tse di go tlhalefesitseng go amogela poloka ya Modimo ka go ikanya Jesu Keresete.
Et quia ab infantia sacras litteras nosti, quæ te possunt instruere ad salutem, per fidem, quæ est in Christo Iesu.
16 Baebele yotlhe re e neetswe ka tlhotlheletso ya Modimo gape e botlhokwa go re ruta se e leng boammaaruri le go re lemotsha se se sa siamang mo matshelong a rona; e a re tlhamalatsa ebile e re thusa go dira tshiamo.
Omnis Scriptura divinitus inspirata utilis est ad docendum, ad arguendum, ad corripiendum, et erudiendum in iustitia:
17 Ke tsela ya Modimo ya go re siamisa mo dilong tsotlhe, gore re felele mo go direleng batho botlhe tshiamo ka botlalo.
ut perfectus sit homo Dei, ad omne opus bonum instructus.