< Timotheo II 2 >

1 Oo, Timotheo, morwaaka, tia mo nonofong e Keresete Jesu o go e neileng.
Tu, pois, meu filho, fortifica-te na graça que ha em Christo Jesus.
2 Gonne o tshwanetse go ruta ba bangwe dilo tse wena le ba bangwe lo nkutlwileng ke bua ka tsone. Ruta batho ba ba ikanyegang boammaaruri jo bogolo jo le bone ba tlaa bo rutang ba bangwe.
E o que de mim, d'entre muitas testemunhas, ouviste, confia-o a homens fieis, que sejam idoneos para tambem ensinarem os outros.
3 Tsaya seabe sa gago sa go boga jaaka lesole le le siameng la ga Jesu Keresete, fela jaaka ke dira,
Tu, pois, soffre as afflicções como bom soldado de Jesus Christo.
4 mme jaaka lesole la ga Keresete o se ka wa itlhakatlhakanya le dilo tsa selefatshe, gonne ga o kake wa itumedisa ene yo o go kwadileng mo mophatong wa batlhabani ba gagwe.
Ninguem que milita se embaraça com negocios d'esta vida, para agradar áquelle que o alistou para a guerra.
5 Latela melao ya Morena go dira tiro ya gagwe, felajaaka mosiani a ka latela melao kgotsa a bonwa molato mme a tlhoke go gapa sekgele.
E, se alguem tambem milita, não é coroado se não militar legitimamente.
6 Dira thata, jaaka molemi yo o duelwang sentle ka go roba thobo e kgolo.
O lavrador que trabalha deve ser o primeiro a gozar dos fructos.
7 Akanya ka ditshwantsho tse tharo tse, mme a Morena a go thuse go tlhaloganya gore di amana jang le botshelo jwa gago.
Considera o que digo: o Senhor, porém, te dê entendimento em tudo.
8 O se ka wa lebala ntlha ya botlhokwa ya gore Jesu Keresete e ne e le Motho, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide; le gore e ne e le Modimo, jaaka go supilwe ke boammaaruri jwa gore o tsogile gape mo baswing.
Lembra-te de que Jesus Christo, que é da descendencia de David, resuscitou dos mortos, segundo o meu evangelho;
9 Ke ka ntlha ya gore ke rerile boammaaruri jo bogolo jo, ke gone ka moo ke leng fano mo matshwenyegong ebile ke tsentswe mo kgolegelong jaaka serukhutlhi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa, le fa nna ke golegilwe.
Pelo que soffro trabalhos e até prisões, como um malfeitor; mas a palavra de Deus não está presa.
10 Ke rata thata go boga, fa moo go ka tlisa poloko le kgalalelo ya bosakhutleng ka Keresete Jesu mo go ba Modimo o ba tlhophileng. (aiōnios g166)
Portanto tudo soffro por amor dos escolhidos, para que tambem elles alcancem a salvação que está em Christo Jesus com gloria eterna. (aiōnios g166)
11 Ke gomoditswe ke boammaaruri jo, gore fa ke boga re bo re swela Keresete go raya gore re tlaa simolola go nna le ene kwa legodimong.
Palavra fiel é esta: que, se morrermos com elle, tambem com elle viveremos:
12 Mme fa re a kanya gore go mo direla ka nako eno go bokete, gakologelwang gore letsatsi lengwe re tlaa nna Nae re bo re busa Nae. Mme fa re lesa ka ntlha ya go boga, re fularela Keresete, mme le ene o tshwanetse go re fularela.
Se soffrermos, tambem com elle reinaremos: se o negarmos, tambem elle nos negará:
13 Mme le fa re le bokoa thata mo re se kakeng ra salelwa ke tumelo epe, o nna a le boikanyego mo go rona ebile otlaa re thusa, gonne ga a kake a re itatola rona ba re leng bontlha bongwe jwa gagwe, mme o tlaa diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mo go rona ka malatsi otlhe.
Se formos infiéis, elle permanece fiel: não pode negar-se a si mesmo.
14 Gakolola batho ba gago dintlha tse dikgolo tse, mme ba lae mo leineng la Morena gore ba se ka ba ganetsanya mo dilong tse di sa tlhokegeng. Dikganetsanyo tse di ntseng jalo di a timetsa ebile ga di na mosola, ebile di a bolaya.
Traze estas coisas á memoria, protestando diante do Senhor que não tenham contendas de palavras, que para nada aproveitam senão para perversão dos ouvintes.
15 Dira thata gore Modimo o tle o go reye o re, “O dirile sentle.” Nna modiri yo o siameng, yo o sa tlhokeng go tlhabiwa ke ditlhong fa Modimo o tlhatlhoba tiro ya gago. Itse se Lefoko la One le se buang le se le se rayang.
Procura apresentar-te a Deus approvado, como obreiro que não tem de que se envergonhar, que maneja bem a palavra da verdade.
16 O tshabe dikgang tsa boeleele tse di gogelang batho mo sebeng sa go galefelana.
Mas oppõe-te aos clamores vãos e profanos, porque produzirão maior impiedade.
17 Dilo di tlaa buiwa tse di tukang di bile di utlwisa ntho e e kekelang Humenaio le Feleto, mo go rateng dikganetsanyo, ke batho ba ba ntseng jalo.
E a sua palavra roerá como cancro; entre os quaes são Hymeneo e Phileto;
18 Ba tlogetse tsela ya boammaaruri, ba rera maaka a gore tsogo ya baswi e setse e diragetse; ebile ba koafaditse tumelo ya bangwe ba ba ba dumelang.
Os quaes se desviaram da verdade, dizendo que a resurreição era já feita, e perverteram a fé de alguns.
19 Mme boammaaruri jwa Modimo bo nitame jaaka lefika je legolo, ebile ga go na sepe se se ka bo tshikhinyang. Ke lefika la motheo le le nang le mafoko a mo go lone: “Morena o itse ba tota e leng ba gagwe,” mme “motho yo o ipitsang Mokeresete ga aa tshwanela go dira dilo tse di sa siamang.”
Todavia o fundamento de Deus fica firme, tendo este sello: O Senhor conhece os que são seus, e qualquer que nomeia o nome de Christo aparte-se da iniquidade.
20 Mo lwapeng lwa mohumi go na le dijana tse di dirilweng ka gauta le selefera le tse dingwe di dirilwe ka logong le ka letsopa. Dijana tse di tlhwatlhwa kgolo di dirisediwa baeng, mme tse di tlhwatlhwa e potlana di dirisiwa mo tlung ya kapeelo kgotsa go tsenya matlakala.
Ora n'uma grande casa não sómente ha vasos de oiro e de prata, mas tambem de pau e de barro, e uns para honra, outros, porém, para deshonra.
21 Fa o fularela sebe o tlaa nna jaaka sengwe sa dijana tse di dirilweng ka gauta e e itshekileng, tse e leng tsone tse di siameng mo tlung, gore Keresete a tle a go dirisetse maikaelelo a gagwe a magolo.
De sorte que, se alguem se purificar d'estas coisas, será vaso para honra, sanctificado e idoneo para uso do Senhor, e preparado para toda a boa obra.
22 Tshaba sengwe le sengwe se se ka go nayang dikgopolo tse di bosula tse makawana gantsi ba nang le tsone, mme o nne gaufi le sengwe le sengwe se se go dirang gore o batle go dira tshiamo. Nna le tumelo le lorato, mme o nne botsalano le ba ba ratang Morena ebile ba na le dipelo tse di itshekileng.
Foge tambem dos desejos da mocidade; e segue a justiça, a fé, a caridade, e a paz com os que, com um coração puro, invocam o Senhor.
23 Gape ka re, o se ka wa tsena mo dikganetsanyong tsa boeleele tse di tsosang kgang mo bathong di bo di ba galefisa.
E rejeita as questões loucas, e sem instrucção, sabendo que produzem contendas.
24 Batho ba Modimo ga ba a tshwanela go omana; ba tshwanetse go nna tshiamo, e le baruti ba ba pelotelele mo go ba ba molato.
E ao servo do Senhor não convém contender, mas sim ser manso para com todos, apto para ensinar e supportar os maus;
25 Ikokobetse fa o leka go ruta ba ba akabalang mabapi le boammaaruri. Gonne fa o bua le bone ka bonolo le ka maitseo ka thuso ya Modimo, go ka diragala gore ba tlogele megopolo ya bone e e sa siamang mme ba dumele se e leng boammaaruri.
Instruindo com mansidão os que resistem, se porventura Deus lhes der arrependimento para conhecerem a verdade,
26 Mme ba tlaa itharabologelwa mme ba falole mo serung sa botlhanka sa ga Satane sa go leofa, se o se dirisang go ba tshwara ka nako nngwe le nngwe e o e ratang, mme jalo ba ka simolola go dira go rata ga Modimo.
E tornarem a despertar, e se desprenderem dos laços do diabo, em que á vontade d'elle estão presos.

< Timotheo II 2 >